THUTO 34
E a Aga e Bile e a Kgothatsa
MOLAETSA o re romilweng go o rera ke dikgang tse di molemo. Jesu o ne a re: “Mo ditšhabeng tsotlhe dikgang tse di molemo di tshwanetse go rerwa pele.” (Mar. 13:10) Jesu ka boene o ile a tlhoma sekao ka go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo.” (Luke 4:43) Se baaposetoloi ba neng ba se rera le sone se tlhalosiwa e le “dikgang tse di molemo tsa Modimo” le “dikgang tse di molemo ka ga Keresete.” (1 Bathes. 2:2; 2 Bakor. 2:12) Molaetsa o o ntseng jalo o a aga e bile o a kgothatsa.
Tumalanong le go bolela “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” ga ‘moengele yo o fofang mo gare ga legodimo,’ re kgothatsa batho jaana: “Boifang Modimo lo bo lo mo neye kgalalelo.” (Tshen. 14:6, 7) Re bolelela batho gongwe le gongwe ka Modimo wa boammaaruri, leina la gagwe, dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo, ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang, boikaelelo jwa gagwe jo bo lorato, maikarabelo a rona mo go ene le gore ke eng se a batlang re se dira. Dikgang tse di molemo di akaretsa ntlha ya gore Jehofa Modimo o tla senya baikepi ba ba sa mo tlotleng ba ba dirang gore batho ba bangwe ba se ka ba itumelela botshelo. Mme ga se ga rona go atlhola batho ba re ba rerelang. Keletso e e nonofileng ya rona ke gore ba le bantsi ba bone ka mo go ka kgonegang ka gone ba arabele molaetsa wa Baebele ka tsela e e siameng gore o itshupe e le dikgang tse di molemo mo go bone.—Dia. 2:20-22; Joh. 5:22.
O se Ka wa Bua Dikgang Tse Dintsi Tse di Kgobang Marapo. Ke boammaaruri gore go na le dilo tse di kgobang marapo mo botshelong. Ga re di itlhokomolose. Re ka nna ra simolola motlotlo ka go umaka bothata jo batho ba le bantsi ba tshwenyegileng ka jone mo tshimong ya rona re bo re tlotla ka jone ka bokhutshwane fela. Mme gantsi ga go thuse sepe go tlotla ka jone lobaka lo loleele. Batho ba utlwa dikgang tse di hutsafatsang ka dinako tsotlhe, ka jalo go bua le bone ka dilo tse di seng monate go ka nna ga dira gore ba tswale dikgoro tsa bone kgotsa ditsebe tsa bone. Fa o sa ntse o simolola motlotlo, leka go lebisa megopolo ya bone kwa boammaaruring jo bo lapolosang jwa Baebele. (Tshen. 22:17) Morago ga moo, le fa motho a sa batle gore lo tswelele ka motlotlo wa lona, o tla bo o mo tlogeletse sengwe se se agang gore a sale a akanya ka sone. Seno se ka nna sa dira gore a rate go reetsa mo nakong e e tlang.
Ka tsela e e tshwanang, fa o kopiwa go neela puo, o se ka wa tlhatlhelela bareetsi ka tshedimosetso e e kgobang marapo fela ka gonne o na le yone ka bontsi. Fa sebui se bua lobaka lo loleele ka go palelwa ga dipuso tsa batho, dipego tsa bokebekwa le bothubaki, le go anama ga boitsholo jo bo sa siamang, seno se feleletsa fela se kgobile batho marapo. Tlotla ka dilo tse di kgobang marapo tsa puo ya gago fa fela e le gore go dira jalo go tla thusa ka sengwe. Go bua go sekae fela ka dilo tse di ntseng jalo go ka thusa bareetsi go bona gore ga o bue ka dilo tse di fetilweng ke nako. Gape di ka thusa bareetsi go bona dilo tsa konokono tse di bakang boemo jo bo rileng mme ka go rialo di dirisiwe go bontsha lebaka la go bo tharabololo e e tlhalosiwang mo Baebeleng e le mosola. Fa go kgonega, bua fela ka tlhamalalo mme o sa tlotle lobaka lo loleele ka mathata a boemo joo.
Gantsi ga go kgonege e bile ga go monate go ntsha dintlha tsotlhe tse di kgobang marapo mo puong ya gago. Kgwetlho e o lebaneng le yone ke go tlotla ka dilo tse di molemo le tse di bosula ka tsela e e dirang gore puo ka kakaretso e nne e e agang. Gore o kgone go fitlhelela seo, o tshwanetse go sekaseka go bona gore ke eng se o ka se tsenyang, ke eng se o ka se ntshang, le gore ke kae fa o tshwanetseng wa gatelela gone. Mo therong ya mo thabeng, Jesu o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba se ka ba latela ditsela tsa bakwadi le Bafarasai tsa go itlamela, mme a tlhagisa ntlha eno ka go umaka dikai di le mmalwa. (Math. 6:1, 2, 5, 16) Le fa go ntse jalo, go na le gore Jesu a bue thata ka dikai tse di sa siamang tsa baeteledipele bao ba bodumedi, o ne a gatelela go tlhaloganya ditsela tsa boammaaruri tsa Modimo le go tshela ka tsone. (Math. 6:3, 4, 6-15, 17-34) Diphelelo tsa seno e ne ya nna tse di molemo thata.
Bua ka Lentswe le le Kgothatsang. Fa o abetswe go neela puo mo phuthegong ya lona ka karolo nngwe ya tiro ya Bokeresete, leka go bua ka tsela e e kgothatsang e seng e e kgobang marapo. Tlhomamisa gore o dira se o kgothaletsang ba bangwe go se dira. (Bar. 2:21, 22; Baheb. 13:7) Dira gore lorato e nne lone lo lo go tlhotlheletsang go bua se o se buang, e seng go tenega. (2 Bakor. 2:4) Fa o tlhwatswegile pelo gore badumedi ka wena ba batla go itumedisa Jehofa, se o se buang se tla bontsha gore o tlhatswegile pelo ka seo mme seno se tla nna le matswela a a molemo. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a neng a bontsha ka gone gore o tlhwatswegile pelo ka tsela eo, jaaka go kwadilwe mo go 1 Bathesalonika 4:1-12; 2 Bathesalonika 3:4, 5; le Filemone 4, 8-14, 21.
Ka dinako tse dingwe, go a tlhokega gore bagolwane ba tlhagise ba bangwe ka boitshwaro jo bo sa siamang. Mme boikokobetso bo tla dira gore ba dirisane le bakaulengwe ba bone ka moya wa boikokobetso. (Bagal. 6:1) Tsela e dilo di buiwang ka yone e tshwanetse go bontsha gore batho ba ba mo phuthegong ba a tlotlwa. (1 Pet. 5:2, 3) Baebele e gakolola makawana gore a ele seno tlhoko fela thata. (1 Tim. 4:12; 5:1, 2; 1 Pet. 5:5) Fa go tlhokega gore bangwe ba kgalemelwe, ba otlhaiwe, go lolamisiwe dilo, seno se tshwanetse sa dirwa tumalanong le se Baebele e se buang. (2 Tim. 3:16) Sebui ga se a tshwanela go dirisa Dikwalo ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa go di sokamisa go tshegetsa kgopolo nngwe e se nang le maikutlo a a nonofileng thata ka yone. Tota le fa go tshwanetse ga newa kgakololo, puo e ka dirwa gore e nne e e kgothatsang segolobogolo fa go gatelelwa thata tsela ya go tila go nna le seabe mo go direng phoso, ya go rarabolola mathata, go fenya mathata, go baakanya mokgwa mongwe o o sa siamang le kafa melao ya ga Jehofa e re sireletsang ka gone.—Pes. 119:1, 9-16.
Fa o baakanyetsa puo ya gago, akanya ka mo go kgethegileng gore o tla konela jang ntlha nngwe le nngwe ya konokono le gore o tla konela jang puo yotlhe. Gantsi selo sa bofelo se o se buang ke sone se batho ba se gakologelwang lobaka lo loleele. A e tla nna se se kgothatsang?
Fa o Tlotla le Badumedi ka Wena. Batlhanka ba ga Jehofa ba itumelela ditshono tsa go kopana mmogo le ba bangwe kwa dipokanong tsa Bokeresete. Tseno ke dinako tsa go lapolosiwa semoyeng. Baebele e re kgothaletsa gore re ‘kgothatsane’ fa re kopana mmogo kwa mafelong a rona a kobamelo. (Baheb. 10:25) Seno ga se dirwe ka dipuo fela le dikarabo tse di ntshiwang ka nako ya dipokano mme gape se dirwa ka go tlotla mmogo pele ga dipokano le morago ga tsone.
Le mororo go se na molato ope ka go tlotla ka dilo tsa botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, go tlotla ka dilo tsa semoya ke gone go tla re kgothatsang thata. Dilo tseno di akaretsa go tlotla ka maitemogelo a re nnileng le one mo tirelong e e boitshepo. Go kgatlhegelana ka tsela e e siameng le gone go a aga.
Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore lefatshe le le re dikologileng le se ka la re tlhotlheletsa. Paulo o ne a bua jaana fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Efeso: “E re ka jaanong lo latlhile maaka, a mongwe le mongwe wa lona a bue boammaaruri le moagelani wa gagwe.” (Baef. 4:25) Go bua boammaaruri, e seng maaka, go akaretsa go se galaletse dilo le batho ba lefatshe le ba obamelang. Ka tsela e e tshwanang, Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Math. 13:22) Ka jalo, fa re tlotla mmogo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra tlotlomatsa tsietso eo ka go bua bontle ka dithoto tse di bonalang go feta jaaka fa tota di ntse.—1 Tim. 6:9, 10.
Fa moaposetoloi Paulo a re gakolola ka botlhokwa jwa go aga ba bangwe, o re kgothaletsa gore re se ka ra atlhola kgotsa ra nyatsa mokaulengwe yo o ithibang mo dilong dingwe ka ntlha ya “makoa mo tumelong ya gagwe,” e le ka ntlha ya go bo a sa tlhaloganye kgololesego ya Bokeresete ka botlalo. Eleruri, gore motlotlo wa rona o age ba bangwe, re tshwanetse ra akanyetsa maemo a ba tswang mo go one le gore ba godile go le kana kang semoyeng. A bo go tla bo go utlwisa botlhoko jang ne go “baya sekgopi fa pele ga mokaulengwe [kgotsa, kgaitsadi] se se ka mo digang”!—Bar. 14:1-4, 13, 19.
Ba ba nang le mathata a a masisi—ka sekai, bolwetse jo bo sa foleng—ba itumelela metlotlo e e agang. Motho yoo a ka nna a iteka ka natla go nna teng kwa dipokanong. Ba ba lemogang boemo jwa gagwe ba ka nna ba botsa jaana: “O ikutlwa jang?” Ga go na pelaelo gore o tla itumelela go bona gore ba amega ka ene. Le fa go ntse jalo, a ka nna a fitlhela go sa kgothatse go bua ka botsogo jwa gagwe. Mafoko a a bontshang kanaanelo le kakgolo a ka mo itumedisa thata. A o bona sengwe mo go ene se se bontshang gore o sa ntse a rata Jehofa le gore o itshoketse boemo jo bo thata? A dikarabo tsa gagwe di a go kgothatsa? A e ka se nne selo se se agang go tlhoma mogopolo mo melemong e a e dirang le tsela e a nnang le seabe mo dipokanong ka yone go na le go o tlhoma mo makoeng a gagwe?—1 Bathes. 5:11.
Gore motlotlo wa rona e nne o o agang, go botlhokwa thata gore re akanyetse gore Jehofa o leba jang se re tlotlang ka sone. Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a galefela mo go botlhoko ba ba neng ba bua baemedi ba gagwe ka go ba nyatsa le ba ba neng ba ngongorega ka mana. (Dip. 12:1-16; 21:5, 6) Re bontsha gore dikai tseo di re solegetse molemo fa re tlotla bagolwane e bile re anaanela dijo tsa semoya tse re di newang ke motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.—1 Tim. 5:17.
Gantsi ga re nne le bothata jwa go bona dilo tse dintle tse re ka tlotlang le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ka tsone. Le fa go ntse jalo, fa mongwe a bua ka ba bangwe ka tsela e e sa siamang, wena fetola motlotlo o o dire o o agang.
E ka ne re neela ba bangwe bosupi, re bua re le mo seraleng, kgotsa re tlotla le badumedi ka rona, e kete re ka dirisa temogo gore mo letlotlong la pelo ya rona, re ntshe “lefoko le fa e le lefe le le molemo go aga kafa go tlhokegang ka gone, gore le tle le abele bautlwi se se rategang.”—Baef. 4:29.