LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/95 ts. 3
  • Nnang ba ba Agelelang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nnang ba ba Agelelang
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlotla ka Dilo Tsa Semoya Go a Aga
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • E a Aga e Bile e a Kgothatsa
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Kgothatsana Fa re Le mo Bodireding
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2008
  • Re ka Tsenya Jang go Nna Moyamontle mo Tumelong Ya Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 7/95 ts. 3

Nnang ba ba Agelelang

1 E re ka re tshela mo metlheng ya “dipaka tse di tlhokofatsang,” rotlhe re tlhoka kgothatso. (2 Tim. 3:1) E re ka Paulo a ne a kgona go bona seno le e leng mo metlheng ya gagwe, o ne a dirisa dinako tsa fa a ne a kopana le bakaulengwe ba gagwe jaaka tshono ya gore ba “gomotsege mmogo.” O ne a kgothaletsa bakaulengwe ba gagwe gore ba ‘latele . . . dilo tse ba ka agelelanang ka tsone.’ (Bar. 1:11, 12; 14:19) Maiteko ano a ne a kgona go “nitamisa mewa ya barutwa, ba ba [kgothatsa, NW] gore ba nnele ruri mo tumelong.” (Dit. 14:22) Re tlhoka kgothatso e e ntseng jalo tota gompieno.

2 Re ka nna batho ba ba agelelang ba bangwe ka se re se buang. Fa re dirisa mafoko a rona ka tsela e e tshwanetseng e ka nna “boapole ba gouta mo dirotong tsa selefera.” (Dia. 25:11) Fa re nna le seabe mo dipokanong re a ‘kgothatsana.’ (Baheb. 10:25) Re ka kgona go dirisa loleme lwa rona ka tsela e e siameng fa re anela ba bangwe maitemogelo, re ba akgola, kana fa re tlotla ka dilo tsa semoya. Go dirisa loleme ka tsela e e ntseng jalo, e e molemo go ‘molemo go agelela gore go tle go neye ba ba utlwang lesego.’—Baef. 4:29.

3 Bua ka Dilo Tse di Agelelang: Mo go Bafilipi 4:8, Paulo o re neela ditsela tse di molemo tse di ka re thusang mo puong ya rona. O ne a re re akanye ka dilo tsotlhe tse di boammaaruri, tse di tshwanetseng go tlotlwa, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di bolelwang ka molemo, tse di bolelwang ka moyamontle, le tse di ka bakwang. Re ka tlhomamisega ka metlha gore dilo tse re di buang di boammaaruri e bile di tla solegela ba bangwe molemo fa di thailwe mo Lefokong la Modimo. (Joh. 17:17) Boineelo jwa rona jwa Bokeresete, dilo tse re di ithutang kwa dipokanong tsa Bokeresete, tsela e re swetsang bodiredi jwa rona ka yone, le dilo tse dingwe tse di ntseng jalo ke dilo tse di tshwanetseng go tlotlwa. Fa re tlotla ka tsela e e agelelang ka melao le melaometheo ya Lefoko la Modimo go tla re thusa tota go re “tlhalefisetsa polokong.” (2 Tim. 3:15) Re ka nna ra bolela ka moo re ka anaanelang ka teng boitsholo jo bo phepa jwa batho ba ba mo mokgatlhong wa ga Jehofa o o itshekileng. Re ka baka bakaulengwe ba rona ka ntlha ya ditiro tsa bone tse di lerato tsa bopelonomi. (Joh. 13:34, 35) Dilo tse di bolelwang ka molemo di akaretsa dinonofo tse di molemo tsa Bokeresete e leng tumelo, boitumelo, kagiso, le bopelotelele tse re di bonang mo bakaulengweng ba rona. Motlotlo o o buang ka dilo tsa bomoyamontle le tse di ka bakwang di ‘molemo go agelela’ batho ba bangwe.—Bar. 15:2.

4 Letsatsi le letsatsi re lebana le ditlhobaelo tsa lefatshe leno tse di kgobang marapo. A bo go lapolosa jang ne go lebala ka dilo tseno mme re itumelele bokopano jo bo lerato le bakaulengwe ba rona! Nako e e molemolemo e re ka kgonang go e dirisa re le mmogo ke selo se re ka se anaanelang thata. Fa ka metlha re le batho ba ba kgothatsang le ba ba agelelang, ba bangwe ba tla bua jaana ka boammaaruri ka rona: “Ba lapolositse mowa wa me.”—1 Bakor. 16:18.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela