Re ka Tsenya Jang go Nna Moyamontle mo Tumelong Ya Rona?
“Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go [nna moyamontle, NW].”—2 PETERE 1:5.
1, 2. Ke eng fa re ka lebelela gore batho ba ga Jehofa ba dire ditiro tse di supang gore ba moyamontle?
JEHOFA o moyamontle ka dinako tsotlhe. O dira se se siameng le se se molemo. Ka jalo, moaposetoloi Petere o ne a ka kgona go bua ka Modimo a re ke ene yo o bitsang Bakeresete ba ba tloditsweng ‘ka kgalalelo ya gagwe le ka [go nna moyamontle] ga gagwe.’ Kitso ya boammaaruri ya Rraabone yo o moyamontle wa selegodimo e ne ya ba bontsha gore go batlega eng gore ba nne ba tshele ka go boifa Modimo ka boammaaruri.—2 Petere 1:2, 3.
2 Moaposetoloi Paulo o kgothaletsa Bakeresete gore ba nne “baetsi ba Modimo, yaka bana ba ba ratègañ.” (Baefesia 5:1) Mme jaaka Rraabone wa selegodimo, baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna moyamontle mo maemong ape fela. Mme gone go nna moyamontle go kaya eng?
Se go Nna Moyamontle go Se Kayang
3. “Go nna moyamontle” go tlhalosiwa jang?
3 Dibukantswe tsa segompieno di tlhalosa “go nna moyamontle” jaaka “go itshwara ka tsela e e molemo; bomolemo.” Ke “go dira se se siameng le go akanya ka tsela e e siameng; go nna molemo ga motho.” Motho yo o moyamontle ke motho yo o siameng. Go nna moyamontle gape go tlhalositswe jaaka “go tlhomama mo go direng se se siameng.” Legale, Bakeresete bone Modimo o ba laela gore ba dire se se siameng ebile ba go bolelelwa sentle fela ka phepafalo mo Lefokong la gagwe Le Le Boitshepo eleng Bibele.
4. Ke dinonofo dife tse di umakilweng mo go 2 Petere 1:5-7 tse Bakeresete ba tshwanetseng go dira ka natla go di tlhagolela?
4 Bakeresete ba boammaaruri ba dira tumalanong le melao ya ga Jehofa Modimo ya tshiamo, mme ba amogela ditsholofetso tsa gagwe tse dikgolo ka go bontsha tumelo. Mme gape ba utlwa kgakololo ya ga Petere e e bolelang jaana: “Lo ko lo oketsè ka tlhōahalō, ke gore, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go [nna moyamontle], le mo go [nneng moyamontle] ga lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō; le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo; Le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakaulengwe: le mo go rateñ bakauleñwe ga lona lo tsenyè loratō.” (2 Petere 1:5-7) Mokeresete o tshwanetse go dira ka natla gore a tlhagolele dinonofo tseno. Seno ga se kake sa dirwa mo malatsing a le mmalwa fela kana ka dingwaga di sekae mme go na le moo go tlhokega gore motho a dire boiteko mo botshelong jwa gagwe jotlhe. Aitsane go tsenya go nna moyamontle mo tumelong ya rona gone ka bogone ga se selo se se bonolo!
5. Go ya ka Dikwalo go nna moyamontle go kaya eng?
5 Mokwadi mongwe wa bukantswe M. R. Vincent o bolela gore lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng jaaka “go nna moyamontle” le ne le kaya “ditiro tse di molemo thata tsa mofuta mongwe le mongwe.” Petere o ne a le dirisa le le mo bontsing fa a ne a bolelela Bakeresete gore ba tshwanetse gore ba itsise “ditiro tse di molemo thata” kana go nna moyamontle ga Modimo. (1 Petere 2:9, NW) Go ya ka Dikwalo, go nna moyamontle ga go tlhalosiwe jaaka selo se se sa direng sepe go na le moo o tlhalosiwa jaaka “maatla a go dira se se siameng, nonofo ya go dira se se siameng, thata ya moyasebele.” Fa a ne a umaka go nna moyamontle, Petere o ne a akantse ka boitsholo jo bontle jo bo supiwang ka bopelokgale joo go lebeletsweng gore batlhanka ba Modimo ba bo supe mme ba nne ba ntse ba na le bone. Ka jalo, ereka re sa itekanela, a tota re ka kgona go nna moyamontle mo matlhong a Modimo?
Ga Re A Itekanela mme Re Ka Nna Moyamontle
6. Lefa re sa itekanela, ke eng fa go ka twe re ka dira dilo tse di supang gore re moyamontle mo matlhong a Modimo?
6 Ereka re ruile bosaitekanelang le boleo, re ka nna ra ipotsa gore re ka kgona go supa jang ditiro tsa gore re moyamontle mo matlhong a Modimo. (Baroma 5:12) Tota re tlhoka thuso ya ga Jehofa gore dipelo tsa rona e tle e nne tse di itshekileng tse go tla tswang megopolo, mafoko, le ditiro tse di supang go nna moyamontle mo go tsone. (Bapisa Luke 6:45.) Morago ga fa mopesalema Dafide a sena go leofa le Bethesheba, o ne a ikwatlhaya a kopa jaana: “Bopa pelo e e itshekileñ mo go nna; u bo u shahatsè mōea o o siameñ mo teñ ga me.” (Pesalema 51:10) Modimo o ne a itshwarela Dafide mme a mo fa thuso e a neng a e tlhoka gore a tle a kgone go tshela a ntse a supa gore o moyamontle. Ka jalo, fa e le gore le rona re ile ra leofa ka tsela nngwe e e masisi mme ra ikwatlhaya ra amogela thuso ya Modimo le ya bagolwane ba phuthego, re ka kgona go boela mo tseleng ya go nna moyamontle mme ra nna mo go yone.—Pesalema 103:1-3, 10-14; Yakobe 5:13-15.
7, 8. (a) Re tlhoka go dira eng gore re nne re le moyamontle? (b) Bakeresete ba thusiwa ke eng gore ba nne moyamontle?
7 Ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng re tshwanetse go nna re lwa ntwa ya semoya gore re tle re dire se se batlegang gore re supe go nna moyamontle ga rona. Ga re kake ra bo ra ineela go nna batlhanka ba boleo fa re batla go nna re ntse re le moyamontle. Go na le moo, re tshwanetse go nna “batlhanka ba tshiamō” ka dinako tsotlhe re akanya, re bua le go dira ditiro tse di supang go nna moyamontle. (Baroma 6:16-23) Gone mme, dikeletso tsa rona tsa nama le go sekamela ga rona go dira boleo di maatla, ebile re lwa ntwa kgatlhanong le go ineela mo go tsone le go dira ditiro tse di supang go nna moyamontle tse Modimo a batlang gore re di dire. Ka jalo, ke eng seo se ka dirwang?
8 Sa ntlha, re tshwanetse go latela kaelo ya moya o o boitshepo kana maatla a a dirang a ga Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go tsaya tsia kgakololo ya ga Paulo e e reng: “Sepelañ ka Mōea, me ga lo ketla lo dihatsa thatō ea nama. Gonne dithatō tsa nama di tlhabana le Mōea, le Mōea o tlhabana le nama; gonne dilō tse dia tlhabana; e le gore lo se ka loa diha dilō tse lo di ratañ hèla.” (Bagalatia 5:16, 17) Ee, maatla a a re tlhotlheletsang go dira se se siameng ke moya wa Modimo wa go dira tshiamo, mme Lefoko la gagwe le re kaela go itshwara ka tsela e e tshwanetseng. Mme gape re thusiwa ka lorato ke phuthego ya ga Jehofa le ke kgakololo e e tswang go “motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Ka jalo, re ka kgona go atlega mo ntweng e re e lwang kgatlhanong le go rata ga rona go dira boleo. (Baroma 7:15-25) Gone mme, fa e le go re re nna le kakanyo nngwe e e sa siamang mo megopolong ya rona, re tshwanetse go e tlosa ka bonako mme re rapele Modimo gore o re thuse gore re se ka ra dira dilo dipe tse di tla supang gore ga re moyamontle.—Mathaio 6:13.
Go Nna Moyamontle le Se Re Se Akanyang
9. Motho o tshwanetse go akanya jang gore a dire ditiro tse di supang gore o moyamontle?
9 Go nna moyamontle go simolola ka tsela eo motho a akanyang ka yone. Gore re tle re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse go akanya ka dilo tse di siameng, tse di molemo, le tse di supang go nna moyamontle. Paulo o ne a bolela jaana: “Ba ga echo, dilō cotlhe tsa boamarure, dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa, dilō cotlhe tse di itshekileñ, dilō cotlhe tse di ratègañ, dilō cotlhe tse di [dirilweng ka ntlha ya go nna moyamontle, NW], me ha go na le pakō, lo gopolè dilō tse.” (Bafilipi 4:8) Re tshwanetse go tlhoma megopolo ya rona mo dilong tse di siameng, tse di itshekileng, mme ga re a tshwanelwa go kgatlhwa ke sepe se se sa supeng go nna moyamontle. Paulo o ne a bolela jaana: “Dilō tse lo di ithutileñ, loa ba loa di amogèla, loa ba loa di utlwa, loa ba loa di bōna mo go nna, dilō tseuō, lo di dihè.” Fa re tshwana le Paulo—re akanya, re bua, le go dira dilo tse di supang gore re moyamontle—re tla nna ditsala tse di molemo, re tlhoma sekao mo go tsheleng ga rona jaaka Bakeresete, mme ‘Modimo wa kagiso o tla nna le rona.’—Bafilipi 4:9.
10. Fa motho ka namana a dirisa 1 Bakorintha 14:20 go tla mo thusa jang gore a nne a le moyamontle?
10 Fa e le gore re batla go nna re akantse dilo tse di supang go nna moyamontle mme ka go dira jalo re itumedisa Rraarona wa selegodimo, go botlhokwa gore re dirise kgakololo ya ga Paulo e e bolelang jaana: “Se nneñ banyana mo tlhaloganyoñ: leha go nntse yalo, mo kiloñ lo nnè banyana, me mo tlhaloganyoñ lo nnè banna.” (1 Bakorintha 14:20) Se se raya gore jaaka Bakeresete ga re a tshwanela go batla go itse kana go nna le maitemogelo mo go direng bosula. Go na le gore re letle megopolo ya rona go nna bosula ka tsela eno, ka tsela e e botlhale re tla itlhophela go sa itse le go tlhoka molato jaaka banyana mo kgannyeng eno. Ka nako e e tshwanang, re tlhaloganya sentle gore boitsholo jo bo sa siamang le bosula ke boleo mo matlhong a ga Jehofa. Fa re eletsa ka pelo yotlhe go mo itumedisa ka go nna moyamontle go tla re solegela molemo, ka gore go tla dira gore re tile mefuta e e seng phepa ya boitlosobodutu mmogo le ditlhotlheletso tse dingwe tse di senyang mogopolo tsa lefatshe leno le le namaletseng kafa tlase ga ga Satane.—1 Yohane 5:19.
Go Nna Moyamontle le Se Re Se Buang
11. Go nna moyamontle go tlhoka gore motho a bue ka tsela efe, mme, Jehofa Modimo le Jesu Keresete ba re tlhometse dikao dife mo go seno?
11 Fa dilo tse re di akanyang di supa go nna moyamontle, seno se tshwanetse go ama thata tsela e re buang ka yone. Go nna moyamontle go a tlhokega gore re bue dilo tse di phepa, tse di itshekileng, tse di boammaaruri le tse di agang. (2 Bakorintha 6:3, 4, 7) Jehofa ke “Modimo oa boamarure.” (Pesalema 31:5) O a ikanyega mo go tsotlhe tseo a di dirang, mme ditsholofetso tsa gagwe di boammaaruri ka go bo a ka se ka a aka. (Dipalō 23:19; 1 Samuele 15:29; Tito 1:2) Morwa Modimo ebong Jesu Keresete, o “tletse tshegōhaco le boamarure.” Ka nako ya fa a ne a santse a le mo lefatsheng, ka metlha o ne a bua boammaaruri jaaka a bo amogetse mo go Rraagwe. (Yohane 1:14; 8:40) Mo godimo ga moo, Jesu ga a ‘ka a dira boleo bope, le boferefere ga bo a ka jwa fitlhelwa mo molomong wa gagwe.’ (1 Petere 2:22) Fa e le gore tota re batlhanka ba Modimo le ba ga Keresete, re tla bua boammaaruri mme re tla itshwara ka tsela e e siameng jaaka ekete re “itlamile mo dithekeñ ka boamarure.”—Baefesia 5:9; 6:14.
12. Gore re tle re nne moyamontle, ke mefuta efe ya puo eo re tshwanetseng go e tila?
12 Fa e le gore re moyamontle, go na le mefuta ya puo eo re tla e tilang. Re tla laolwa ke kgakololo ya ga Paulo e e bolelang jaana: “A go latlhwè mañadiñadi, le kgakalō, le bogale, le kōmañ, le go kgala, le kilō eotlhe.” “Me boaka, le mashwè aotlhe, leha e le boiphètlhō, go se ka ga ba ga umakwa mo go lona, yaka go chwanetse baitshepi; Leha e le matlhapa, leha e le puō ea dinyana, leha e le dinyaō, tse e leñ dilō tse di sa chwanelañ: me bogolo go ntshiwè malebogō.” (Baefesia 4:31; 5:3, 4) Ba bangwe ba tla itumelela go nna gare ga rona ka gore dipelo tsa rona tse di siameng di re tlhotlheletsa go tila puo e e seng ya Bokeresete.
13. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go laola loleme?
13 Go eletsa go itumedisa Modimo le go bua dilo tse di supang go nna moyamontle go tla re thusa go laola loleme lwa rona. Ka ntlha ya go sekamela ga rona mo boleong, rotlhe re a tle re bue dilo tse di sa tshwanelang ka nako nngwe. Lefa go ntse jalo, morutwa Jakobe o bolela gore “ha re tsenya dipitse mogala mo ganoñ” di ya kwa re di kaelang teng bonolo. Ka jalo, re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go laola loleme lwa rona mme re leke go le dirisa fela ka ditsela tse di supang go nna moyamontle. Loleme lo lo sa laolweng ke “lobopō loa tshiamololō.” (Yakobe 3:1-7) Mokgwa mongwe le mongwe o o bosula wa lefatshe le le boikepo leno o amangwa le loleme lo lo sa katisiwang. Lo nna le molato wa dilo tse di senyang tse di tshwanang le go pateletsa, go kgala le go senya leina. (Isaia 5:20; Mathaio 15:18-20) Mme fa loleme lo lo sa laolweng lo tlhapatsa, lo kgala, kana lo senya leina, lo tletse more o o bolayang.—Pesalema 140:3; Baroma 3:13; Yakobe 3:8.
14. Ke boitimokanyi bofe jo Bakeresete ba tshwanetseng go bo tila mo puong?
14 Jaaka fa Jakobe a ile a bontsha, go ka se utlwale go “baka Morèna” ka go bua sentle ka Modimo mme go tswa foo re bo re dirisa loleme ka tsela e e sa tshwanelang ka go ‘hutsa batho’ ka go ba eleletsa bosula. Abo e le boleo jang ne go opela dipako tsa Modimo kwa dipokanong mme morago ga moo re bo re ya go bua bosula ka badumedi ka rona! Ga go ke go tswa metsi a a monate le a a botlhoko mo motsweding o le mongwe fela. Fa re direla Jehofa, batho ba bangwe ba tshwanetse go lebelela gore re bue dilo tse di supang go nna moyamontle go na le go bua dilo tse di sa itumediseng. Ka jalo, a re tileng puo e e leswe mme ka metlha re bue dilo tse di tla solegelang ditsala tsa rona molemo le tse di tla ba agang semoyeng.—Yakobe 3:9-12.
Go Nna Moyamontle le Dilo Tse Re Di Dirang
15. Ke eng fa go le botlhokwa jaana go tila go fapogela mo ditseleng tsa bolotsana?
15 Ereka dilo tse Bakeresete ba di akanyang le tse ba di buang di tshwanetse go supa gore ba moyamontle, go tweng ka dilo tse ba di dirang? Modimo o ka re amogela fela fa re itshwara ka tsela e e supang gore re moyamontle. Ga go na motlhanka ope wa ga Jehofa yo o ka lesang go nna moyamontle, a bo a simolola go nna bolotsana le go tsietsa, mme a bo a santse a akanya gore dilo tse di ntseng jalo di tla amogelwa ke Modimo. Diane 3:32 e bolela jaana: “Gonne eo o logwadi ke mohedisa pelo mo go Yehofa: me leōma ya gagwè le na le eo o thōkgameñ.” Fa e le gore re anaanela kamano e re nang le yone le Jehofa Modimo, mafoko a a amang maikutlo ao a tla re thibela go loga maano a a gobatsang kana go dira boferefere. Aitsane, gare ga dilo tse supa tse di fedisang Jehofa pelo ke “pelo e e logañ ditlhatlhanyō tsa boikèpō”! (Diane 6:16-19) Ka jalo he, a re tileng go dira dilo tse di ntseng jalo mme re dire dilo tse di supang gore re moyamontle tse di tla solegelang batho ba bangwe molemo le go galaletsa Rraarona wa selegodimo.
16. Ke eng fa Bakeresete ba sa tshwanela go dira sepe sa boitimokanyi?
16 Re tshwanetse go ikanyega gore re kgone go supa gore re moyamontle. (Bahebera 13:18) Motho yo o itimokanyang, yo mafoko a gagwe a sa dumalaneng le se a se dirang, ga a moyamontle. Lefoko la Segerika le le ranolwang ka gore “moitimokanyi” (hy·po·kri·tesʹ) le raya “motho yo o tshwayang phoso” mme gape le raya motho yo o tshamekang mo seraleng. Ereka batshameki ba Bagerika le ba Baroma ba ne ba ipipa difatlhego ka mmaseke, lefoko leno le ne la dirisediwa go tshwantshetsa motho yo o itshemang go nna seo a seng sone. Baitimokanyi ke “ba ba senañ boikañō.” (Bapisa Luke 12:46 le Mathaio 24:50, 51.) Boitimokanyo (hy·poʹkri·sis) bo ka raya gape go nna bosula le go nna bolotsana. (Mathaio 22:18; Mareko 12:15; Luke 20:23) Abo go utlwisa botlhoko jang ne fa motho yo o ikanyegang a tsiediwa ke monyenyo, pako e e eseng yone le ditiro tse di seng boammaaruri! Mo letlhakoreng le lengwe re a itumela fa re itse gore re dirisana le Bakeresete ba ba ikanyegang. Mme Modimo o a re segofatsa fa re le moyamontle mme re sa itimokanye. O amogela bao ba ‘ratang bakaulengwe ka tsela e e senang boitimokanyo’ mme ba na le “tumèlō e e senañ boitimokanyō.”—1 Petere 1:22; 1 Timotheo 1:5.
Go Nna Moyamontle Ke go Dira Ditiro Tse Di Molemo
17, 18. Fa re supa gore re na le loungo lwa moya eleng go nna molemo, re tla dirisana jang le ba bangwe?
17 Fa re tsenya go nna moyamontle mo tumelong ya rona, re tla tila go akanya, go bua, le go dira dilo tse Modimo o sa di amogeleng. Lefa go ntse jalo, go nna moyamontle jaaka Bakeresete re tshwanetse gape ra dira ditiro tse di molemo. Totatota, go nna moyamontle go tlhalosiwa jaaka go nna molemo. Mme molemo ke loungo lwa moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme ga se selo se motho a ka nnang le sone fela ka maatla a gagwe. (Bagalatia 5:22, 23) Fa re nna re supa loungo lwa moya eleng molemo, re tla tlhotlheletsega go akanya dilo tse di siameng ka ba bangwe le go ba akgolela dinonofo tsa bone tse di molemo le mororo ba itekanelang ga bone. A ba diretse Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga di le dintsi? He, re tshwanetse go ba tlotla le go bua sentle ka bone le ka tirelo ya bone mo Modimong. Rraarona wa selegodimo o bona lorato lo ba ratang la gagwe ka lone le ditiro tse di supang go nna moyamontle tsa tumelo tse ba di dirang, mme le rona re tshwanetse go dira jalo.—Nehemia 13:31b; Bahebera 6:10.
18 Go nna moyamontle go dira gore re nne pelotelele, re nne batho ba ba kutlwelobotlhoko, le go nna pelotlhomogi. Fa moobamedi yo mongwe wa ga Jehofa a tshwenyegile mo maikutlong kana a utlwile botlhoko, re tla bua le ene ka tsela e e mo gomotsang mme re batle tsela ya go ka mo gomotsa fela jaaka Rraarona wa selegodimo a re gomotsa. (2 Bakorintha 1:3, 4; 1 Bathesalonia 5:14) Re lela le ba ba utlwileng botlhoko, gongwe e le ka ntlha ya go swelwa ke mongwe yo o rategang. Fa e le gore re ka kgona go dira sengwe go fedisa go boga re tla go dira, ka gonne go nna moyamontle go re tlhotlheletsa go dira ditiro tse di lorato tse di mosola.
19. Ba bangwe ba tla re tshwara jang fa re akanya, re bua le go dira dilo tse di supang gore re moyamontle?
19 Fela jaaka re baka Jehofa ka go bua molemo ka ene, batho ba bangwe le bone ba tla re baka fa re akanya, re bua le go dira dilo tse di supang go nna moyamontle. (Pesalema 145:10) Seane sengwe se se botlhale se bolela jaana: “Masegō a mo tlhogoñ ea mosiami: me thubakō e bipa moikepi molomo.” (Diane 10:6) Motho yo o bosula le yo o nnang le thubakanyo ga a moyamontle se e leng selo se se neng se tla dira gore batho ba bangwe ba mo rate. O roba se a se jalang, ka gore batho ba ka se ka ba mo eleletsa masego ka bopeloephepa ka go mmua sentle. (Bagalatia 6:7) Abo bao ba akanyang, ba buang ebile ba dira dilo tse di supang gore ba moyamontle ba solegelwa molemo jang ne jaaka batlhanka ba ga Jehofa! Ba dira gore batho ba ba ikutlwang gore ba ba bake le go bua sentle ka bone ba ba rate, ba ba ikanye le go ba tlotla. Mo godimo ga moo, go nna moyamontle ga bone go dira gore ba amogele masego a a seng kana ka sepe go tswa mo go Jehofa.—Diane 10:22.
20. Go akanya, go bua le go dira dilo tse di supang gore re moyamontle go ka ama phuthego ya batho ba ga Jehofa jang?
20 Go akanya, go bua le go dira dilo tse di supang go nna moyamontle tota go tla solegela phuthego ya batho ba ga Jehofa molemo. Fa badumedi mmogo ba akanya ka dilo tse di supang lorato le tse di tlotlegang ka ba bangwe, lorato lwa bokaulengwe lo tla gola gare ga bone. (Yohane 13:34, 35) Go bua ka tsela e e supang gore motho o moyamontle, mmogo le dikakgolo le dikgothatso tse di tswang pelong le go kgothatsana, go dira gore go nne le moya wa go dirisana mmogo le wa kutlwano. (Pesalema 133:1-3) Ditiro tse di itumedisang le tse di dirwang ka ntlha ya go nna moyamontle di tlhotlheletsa ba bangwe gore le bone ba dire ditiro tse di tshwanang. Mo godimo ga moo, go supa gore re moyamontle jaaka Bakeresete go dira gore Rraarona yo o moyamontle wa selegodimo ebong Jehofa a re amogele a bo a re segofatse. Ka jalo, ekete re ka go dira mokgele wa rona go amogela ditsholofetso tse botlhokwa tsa Modimo ka go bontsha tumelo. Mme a re lekeng thata kafa re ka kgonang ka teng go tsenya go nna moyamontle mo tumelong ya rona.
O Tla Araba Jang?
◻ O ka tlhalosa jang “go nna moyamontle” mme batho ba ba sa itekanelang ba ka nna moyamontle jang?
◻ Motho o tshwanetse go akanya ka tsela efe gore a supe gore o moyamontle?
◻ Go nna moyamontle go tshwanetse ga ama jang tsela e re buang ka yone?
◻ Go nna moyamontle go tshwanetse ga dira gore re dire ditiro tse di ntseng jang?
◻ Melemo e mengwe ya go nna moyamontle ke efe?
[Setshwantsho mo go tsebe 21]
Ereka metsi a a monate le a a botlhoko a sa kgone go tswa mo motsweding o le mongwe, go a tshwanela gore batho ba bangwe ba lebelele gore batlhanka ba ga Jehofa ba bue fela dilo tse di supang gore ba moyamontle