LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w01 1/15 ts. 3
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Nnang Molemo ka Teng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • A o Latelela Bomolemo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Re ka Tsenya Jang go Nna Moyamontle mo Tumelong Ya Rona?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Amogela Ditsholofetso tsa Modimo ka go Supa Tumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
w01 1/15 ts. 3

Ke Eng fa re Tshwanetse go Nna Molemo?

BOSHENG jaana monna mongwe wa Mojapane wa dingwaga tsa magareng yo o bidiwang Kunihito o ne a fudugela kwa United States.a Dibeke fela a sena go goroga, ke fa a tsena mo seemong se se batlileng se mo senyetsa tiro ya gagwe ya botshelo jotlhe. Kunihito o bolela jaana: “Fa mookamedi a ne a mpotsa gore a nka sikara maikarabelo mangwe, ke ne ke se na pelaelo gore nka a kgona. Le fa go ntse jalo, e re ka ke godile ke rutiwa gore boingotlo ke selo se se molemo, ke ne ka araba jaana: ‘Ga ke itse gore a nka kgona, mme gone ke tla dira bojotlhe jwa me.’ Mookamedi wa me wa Moamerika ene o ne a tsaya seo se raya gore ga ke na bokgoni e bile ga ke itshepe. Fa ke bona seo, ke ne ka lemoga gore ke ne ke tlhoka go dira diphetogo dingwe.”

Maria, yo o nnang kwa New York City, e ne e le moithuti yo o setswerere, a rata go thusa baithutikaene ka dinako tsotlhe. Juan e ne e le moithutikaene yo o neng a tle a kope thuso ya ga Maria. Mme gape Juan o ne a mo kgatlhegela e bile a leka go mo kgatlha. Le fa Maria a ne a batla go nna a le phepa mo boitsholong, o ile a ineela fa a hepisiwa ke Juan mme a wela mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Ruri go thata go nna molemo mo lefatsheng la gompieno le le nang le ditso tse di farologaneng le maitsholo a a maswe. Ka jalo ke eng fa re tshwanetse go nna molemo? Ka gonne boitsholo jo bo molemo bo itumedisa Modimo, mme kwantle ga pelaelo bontsi jwa rona re batla go ratiwa ke ene.

Lefoko la Modimo, Baebele, le kgothaletsa ba ba le balang gore ba nne molemo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Mme moaposetoloi Petere o re rotloetsa go tsenya ‘boiteko ka tlhoafalo gore re tsenye molemo mo tumelong ya rona.’ (2 Petere 1:5) Mme gone, go nna molemo go kaya eng? A motho a ka go rutiwa mo phaposing ya sekolo? Re ka dira jang gore re nne jalo?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Maina mangwe a fetotswe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela