Pina 33
Se ba Boifeng!
1. Tswelang pele batho ba me,
Bolelang ka Bogosi.
Lo se nne magatlapa.
Itsiseng batho botlhe.
Gore Kreste,Morwa wa me,
O digile Diabolo,
Mme o tloga a golegwa
gore go nne kagiso.
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba ka lo tshosa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Mme ke tla lo falotsa.
2. Le fa baba ba le maatla,
le fa ba ka lo tshosa,
Ba bua ka go sotla,
kgotsa ba lo ngongola.
Lona batlhabani ba me,
Lwang mme lo se boifeng,
Gonne ke tla lo golola
go fitlha ntwa e fela.
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba ka lo tshosa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Mme ke tla lo falotsa.
3. Lo se ka lwa boifa sepe;
Lo re ke lo latlhile.
Gonne le fa lo ka swa,
Ruri ke tla lo tsosa.
Se ba boifeng batho
ba me gonne ga ba na maatla.
Tswelelang lo ikanyega;
Mme ke tla lo falotsa!
(KHORASE)
Se ba boifeng, batho ba me,
Le fa ba ka lo tshosa.
Lo thaka ya leitlho la me,
Mme ke tla lo falotsa.
(Bona le Dute. 32:10; Neh. 4:14; Pes. 59:1; 83:2, 3.)