LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 37-ts. 42
  • Bajuda

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bajuda
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Boporofeti Jwa Baebele bo Bolelela Pele ka Setšhaba sa Iseraele sa Segompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Modimo O Go Amogela O le Moagi Kana O le Moditšhaba!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Basupi ba Bakeresete ba Motse wa Bone o Kwa Legodimong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 37-ts. 42

Bajuda

Tlhaloso: Jaaka le dirisiwa ka tlwaelo gompieno, lereo leno le lebisa go batho ba lotso lwa Sehebera le ba bangwe ba ba sokololetsweng mo Sejudeng. Bibela gape e tlhokomedisa lebaka la gore go na le Bakeresete bao eleng Bajuda kafa semoyeng le ba ba dirang “Iseraela oa Modimo.”

A Bajuda ba tlholego ba gompieno ke batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo?

Eo ke tumelo ya Bajuda ba le bantsi. Encyclopaedia Judaica (Jerusalem, 1971, Bol. 5, kol. 498) e re: “BATHO BA BA ITLHOPHETSWENG, leina le le tlwaelegileng le le tlhaolang batho ba Iseraele, le tlhalosa mogopolo wa gore batho ba Iseraela ba na le kamano e e kgethegileng le e e leng ya mofuta wa yone fela le Modimo wa lobopo lotlhe. Mogopolo ono o sa le o nnile o o kwa pele thata mo hisitoring yotlhe ya dithuto tsa Sejuda.”—Bona Duteronome 7:6-8; Ekesodo 19:5.

Ba le bantsi mo go Labodumedi ba na le dipono tse di tshwanang. Karolo ya “Bodumedi” ya Journal and Constitution ya Atlanta (January 22, 1983, ts. 5-B) e ne ya bega ka gore: “Phapaanong le dithuto tsa segologolo tsa dikereke tsa gore Modimo o ‘latlhile batho ba gagwe ba Iseraele,’ le go ba emisetsa ka ‘Iseraele yo mosha,’ ene [Paul M. Van Buren, moithuta-bomodimo mo Temple University mo Philadelphia] a re dikereke jaanong di tlhomamisa gore ‘kgolagano magareng ga Modimo le batho ba Bajuda ke ya bosaeng kae. Phetolo eno e e gakgamatsang e dirilwe ke Maporosetanta le Makatoliki, mo matlhakoreng oo-mabedi a Atlantic.’” The New York Times (February 6, 1983, ts. 42) e okeditse ka go re: “‘Go a gakgamatsa go bo boefangele bo tshegetsa Iseraele le tumelo ya gore sengwe le sengwe se Iseraele a se dirang se tshwanetswe go engwa nokeng, ka gonne Modimo o mo letlhakoreng la Iseraele,’ ga bua jalo Timothy Smith, moporofesa wa thuto-bomodimo kwa Johns Hopkins University ebile e le moefangele wa Wesele.” Bangwe mo go Labodumedi ba lebeletse tshokololo le poloko ya Iseraele otlhe wa tlholego. Bangwe ba dumalana le mogopolo wa gore go sa le go nnile le sebofo se se sa kgaogeng magareng ga Modimo le Iseraele, jalo ba tlhalosa gore ke Baditšhaba fela ba ba tla letlanngwang ka Keresete.

Akanyetsa seno: Fa Iseraele e ne e tsosolosediwa mo lefatsheng la yone morago ga go isiwa botshwarwa kwa Babelona, batho ba ne ba tshwanetse go tsosolosa kobamelo ya boammaaruri mo lefatsheng le ba neng ba le neilwe ke Modimo. Nngwe ya ditiro tsa ntlha tse di neng di tshwanetswe go dirwa e ne e le go agiwa gape ga tempele ya ga Jehofa mo Jerusalema. Lefa go ntse jalo, fa e sa le go senngwa ga Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E., tempele e ne ya se ka ya tlhola e agiwa gape. Go na le moo, mo setsheng seo pele e neng e le sa tempele go eme sehikantswe sa Iselamo. Fa Bajuda, bao ba reng ba ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba ne ba le mo Jerusalema gompieno jaaka batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo, a tempele e e neng e neetswe go kobamelo ya gagwe e ka bo ne ne e sa agiwa gape?

Math. 21:42, 43: “Yesu a ba raea, a re [ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Bajuda mo Jerusalema], A ga lo e se lo ko lo bale mo dikwaloñ, ha go tweñ, Lencwè ye baagi ba le ganneñ, e bile ke yeōna ye le dihilweñ lencwè ya kgōkgōchō: go mo ga cwa kwa go Yehofa, me goa gakgamatsa mo matlhoñ a rona? Ke gōna ke lo raeañ, ke re, Bogosi yoa Modimo lo tla bo tlosediwa, me bo tla nèwa morahe o o tla ntshañ mauñō a yōna.”

Math. 23:37, 38: “Yerusalema wè! Yerusalema wè! eo o bolaeañ baperofeti, a kgobotletse ba ba romilweñ kwa go èna! Ke ratile gantsintsi yañ go phutha bana ba gago, hèla yaka koko e tle e phuthe mamphorwana a eōna mo diphukeñ tsa eōna, me lo ganne! Bōnañ, ntlo ea lona lo e tlogelecwe e ropehetse hèla.”

A kgolagano ya Modimo le Aberahame e neela tlhomamisetso ya gore Bajuda ba ntse ba tsweletse ka go nna batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo?

Bagal. 3:27-29: “Gonne lotlhe ba lo kolobeledicweñ mo go Keresete, lo apere Keresete. Ga go kake ga nna Moyuda le Mogerika, ga go kake ga nna motlhanka le mogololwa, ga go kake ga nna monna le mosadi: gonne lotlhe lo motho a le moñwe hèla mo go Keresete Yesu. Me ha lo le ba ga Keresete, hoñ lo losika loa ga Aberahame, lo baruaboshwa kaha poleloñ ea choloheco.” (Jalo he, go tswa tebong ya Modimo ya dilo, ga e sa tlhole e le lotso lwa tlholego go tswa go Aberahame leo le tlhomamisang bao eleng losika lwa ga Aberahame.)

A Bajuda botlhe ba tla sokololelwa tumelong go Keresete mme ba bone poloko ya bosakhutleng?

Bar. 11:25, 26: “Gonne ba ga echo, ga ke rate loa tlhōka go itse bosaitsiweñ yo, e se re kgotsa loa ikgopola ha lo le botlhale; ke go re, ka ntlha e ñwe, bokgwaralalō yoa pelo bo wetse Iseraela, go ba go tsamaea go tlalèdiwa ga Badichaba go tsèna pele: Me yalo [“ke kafa,” TEV; “ka gone,” CC, By; Segerika, houʹtos] ba Iseraela botlhe ba tla bolokwa.” (Elatlhoko gore go bolokwa ga “ba Iseraela botlhe” go fitlhelelwa, eseng ka tshokololo ya Bajuda botlhe, mme ka ‘go tlisiwa’ ga batho go tswa merafeng ya Baditšhaba. Baranodi bangwe ba fetolela temana ya 26 ka go re: “Mme hong morago ga seno Iseraele yotlhe e tla bolokwa.” Mme A Manual Greek Lexicon of the New Testament [Edinburgh, 1937, G. Abbott-Smith, ts. 329] e tlhalosa houʹtos jaaka e e rayang “ka tsela e, jalo he, ka gone.”)

Go fitlha kutlwisisong e e siameng ya se se kwadilweng go Baroma 11:25, 26, re tshwanetse gape ra akanyetsa dipolelo tseno tsa pele tse di mo go Baroma: “Gonne eo o leñ Moyuda ka bokahantlè hèla, e be e se èna; le go rupa mo go leñ kaha ntlè, eboñ mo nameñ hèla, e be e se gōna; Me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.” (2:28, 29) “Gonne ga se go re, ba ba cwañ mo go Iseraela, ke Baiseraela botlhe.—9:6.

A go a tlhokega ka Bajuda go dumela mo go Jesu Keresete e le gore ba tle ba bolokwe?

Isaia 53:1-12 e boleletse-pele ka loso lwa ga Mesia ‘go sikara maleo a ba le bantsi le go rapelela baleofi.’ Daniele 9:24-27 e ne ya golaganya go tla ga ga Mesia le loso lwa gagwe le ‘go fedisiwa ga boleo le go itshwarelwa ditlolo.’ (JP) Mela yoo-mebedi e bontsha gore Bajuda ba ne ba tlhoka thapelelo e e ntseng jalo le boitshwarelo. A ba ne ba ka gana Mesia mme ba lebelela go amogelwa ke Ene yo o mo romileng?

Dit. 4:11, 12: “[Malebana le Jesu Keresete, moaposetoloi Petere o ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go bua le babusi ba Bajuda le banna bagolo mo Jerusalema:] Ke èna lencwè ye le nyadicweñ ke lona baagi, ye le bileñ le dihilwe ya tlhōgō ea kgōkgōchō. Me ga go nna poloka mo go ōpè o sele; le gōna ga go leina lepè le sele ha tlhatse ga legodimo, ye batho ba le neilweñ, ye re nañ le go bolokwa mo go yeōna.” (Lemororo morafe wa Iseraele wa tlholego o sa tlhole o itumelela kamogelo e e kgethegileng ya bomodimo, tsela e bulegetse Mojuda ofe le ofe fela motho-ka-bongwe, fela jaaka go ntse le ka batho ba merafe yotlhe, go solegelwa molemo go tswa polokong e e nnang gone ka Mesia Jesu.)

A ditiragalo tse di diragalang kwa Iseraele gompieno di diragatsa boperofeti jwa Bibela?

Esek. 37:21, 22: “Morèna Modimo o bua yana: a re, Bōnañ, ke tla tlosa bana ba Iseraela kwa merahiñ, kwa ba ileñ gōna, ke tla ba phutha mo ntlheñ cotlhe, ke ba isa mo lehatshiñ ya ga bōnè: Ke tla ba diha morahe o le moñwe hèla mo lehatshiñ, mo dithabeñ tsa Iseraela; me kgosi e le ñwe hèla e tla nna kgosi e e ba busañ botlhe hèla.” (Iseraele gompieno ga se morafe o o tlase ga kgosi ya mola wa segosi wa ga Dafide. Wa bone ke repaboliki.)

Isa. 2:2-4: “Me go tla dihala mo metlheñ e e tla tlañ kwa pele pele, go re, thaba ea ntlo ea ga Yehofa e tla tlhōñwa mo setlhoeñ sa dithaba, e tla golediwa godimo ga makhuyana, me merahe eotlhe e tla oologèla kwa go eōna. Me dichaba di le dintsi di tla ea di re, Ntloñ, a re tlhatlogeleñ kwa thabeñ ea ga Yehofa, kwa tluñ ea Modimo oa ga Yakobe; me o tla re ruta ditsela tsa gagwè, me re tla sepela mo ditselaneñ tsa gagwè: . . . me di tla thula dichaka tsa bōnè magale a megoma, le marumō a cōna dithipa tsa mabèlè: morahe ga o ketla o èkèla morahe chaka; le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta tlhabanō gopè.” (Mo Jerusalema gompieno, kwa tempele e neng e le gone pele, ga go na ‘ntlo ya Modimo wa ga Jakobe,’ mme, go na le moo, go sehikantswe sa Iselamo. Ebile ga go na kgato epe e e tsewang ke Iseraele kana baagelani ba yone go “thula dichaka tsa bōnè magale a megoma.” Phalolo ya bone ba e beile mo nonofong ya bosole.)

Isa. 35:1, 2: “E e leñ naga hèla e tla ipela le lehatshe ya lokgèrè; le sekaka se tla itumèla se nyakalala yaka sesheshe. Se tla nyakalala segolo thata, se ipela, E, le ka boitumèlō le tuduecō: kgalalèlō ea Lebanona e tla se nèwa, le boitlotlomaco yoa Karamela le Sharona; ba tla bōna kgalalèlō ea ga Yehofa le boitlotlomaco yoa Modimo oa rona.” (Go godisa sekgwa mo go gakgamatsang le dithulaganyo tsa nosetso-masimo di ile tsa tsweledisiwa ka katlego mo Iseraele. Mme baeteledipele ba yone ga ba neye Morena Modimo tlotlo. Jaaka tona-kgolo wa pele ebong David Ben-Gurion a ile a bua: “Iseraele e ikaeletse . . . go fenya sekaka le go se ungwisa ka maatla a boitseanape le moya wa go bula-tsela, le go fetola naga go nna kago ya phemelo e e nonofileng ya puso ya batho ka batho.”)

Seka. 8:23: “Mo metlheñ euō go tla dihala, go re, batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe, ba tla chwara, E, ba tla chwara lokoye loa eo e leñ Moyuda, ba re, Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.” (Boperofeti jono bo lebisitse go Modimo ofe? Mo puong ya Sehebera leina la gagwe [יהוה le gantsi le ranoletsweng Jehofa] le bonala makgetlo a a ka fetang 130 mo bukeng eno e nngwe ya Dikwalo tse di Boitshepo. Gompieno fa mongwe a dirisa leina leo, a batho ba fetsa ka gore motho yoo ke Mojuda? Nnyaa; ka go bo ka makgolo a dingwaga tumelo-botlhodi e ile ya dira gore batho ba Bajuda botlhe ba ikgogone mo go bueng ka leina la Modimo la sebele. Go tlhagoga ga kgatlhegelo ya bodumedi e e amang Iseraele wa tlholego gompieno ga e tshwanele boperofeti jono.)

Jalo, ke jang, ditiragalo tsa Iseraele wa motlha wa segompieno di tshwanetsweng go lejwa ka gone? Fela jaaka karolo ya ditiragalo tsa kgolokwe tse di boleletsweng pele mo Bibeleng. Tseno di akaretsa ntwa, boganana, go tsidifala ga lorato mo Modimong, le lorato lwa madi.—Math. 24:7, 12; 2 Tim. 3:1-5.

Dipolelelo-pele tsa tsosoloso ya Iseraele di bona tiragatso ya tsone gareng ga bomang gompieno?

Bagal. 6:15, 16: “Gonne, go le bogwèra ga se sepè, go le bokgola ga se sepè, ha e se sebopiwa se sesha hèla. Me botlhe ba ba tla sepelañ kaha molaoñ o, a kagishō e nnè mo go bōnè, le boutlwèlō botlhoko, le mo go Iseraela oa Modimo.” (Jalo he “Iseraela oa Modimo” ga a sa tlhole a tlhomamisiwa mo motheong wa go dirisa patlafalo e e neng ya bewa mo go Aberahame ya gore banna botlhe ba ntlo ya gagwe ba rupisiwe. Go na le moo, jaaka go tlhalositswe go Bagalatia 3:26-29, bao eleng ba ga Keresete le bao eleng barwa ba ba tsetsweng ka moya ba Modimo ke “losika loa ga Aberahame.”)

Yer. 31:31-34: “Bōnañ, metlha ee tla, go bua Yehofa, e ke tla dihañ kgōlaganō e ncha ka eōna le ba ntlo ea Iseraela, le ba ntlo ea Yuda: . . . Me ga ba ketla ba tlhōla ba ruta moñwe le moñwe oa ga gabō, le moñwe le moñwe ñwana a rragwè, ba re, Itse Yehofa: gonne ba tla nkitse botlhe hèla, go simolola ka eo mmōtlana go ea go eo mogolo mo go bōnè, go bua Yehofa.” (Kgolagano eo e ntšha e ne ya dirwa, eseng le morafe wa Iseraele wa tlholego, mme le balatedi ba ba ikanyegang ba ga Jesu Keresete bao ba neng ba bewa pele tsholofelo ya botshelo jwa selegodimo. Fa a ne a simolola Segopotso sa loso lwa gagwe, Jesu o ne a ba neela senwelo sa beine mme a re: “Senwèlō se ke kgōlaganō e ncha mo madiñ a me.” [1 Bakor. 11:25])

Tshen. 7:4: “Me ka utlwa palō ea bōnè ba ba chwailweñ, e le bothousanda ba le lekgolo, le ba mashomè a manè le ba le banè, e le ba locō loñwe le loñwe loa bana ba Iseraela.” (Mme mo ditemaneng tse di latelang, go umakiwa ba “loco loa Lefi” le “lotso lwa ga Josefa,” (NW). Tseno di ne di sa akarelediwa mo mananeong a ditso tse 12 tsa Iseraele wa tlholego. Se se tshwaegang ke gore, lefa go twe batho ba tla ‘tshwaiwa e le ba lotso longwe le longwe,’ ditso tsa ga Dane le Eferaime ga di a umakiwa. [Bapisa Dipalō 1:4-16.] Go tshwanetswe fano ga bo go lebisitswe go Iseraele wa semoya wa Modimo, go bao Tshenolō 14:1-3 e bontshang gore ba tla arola le Keresete mo Bogosing jwa gagwe jwa selegodimo.)

Baheb. 12:22: “Me lona lo tsile mo thabeñ ea Siona, le mo motsiñ oa Modimo o o tshedileñ, mo Yerusalema oa selegodimo, le mo mashomōshomoñ a a senañ palō a baengele.” (Ka gone ga se go Jerusalema wa selefatshe mme e leng “Yerusalema oa selegodimo” oo Bakeresete ba boammaaruri ba lebang go ene go diragatsa ditsholofetso tsa Modimo.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela