Pina 94
Kgotsofalela Dimpho Tse di Molemo Tsa Modimo
E e Gatisitsweng
1. Dimpho tse di siameng tsotlhe,
Le tse di rategang,
Le tse e leng tsa botlhokwa,
Di tswa go Jehofa.
Yo o nang le maatla otlhe,
Le yo’o sa fetogeng.
Ke Motlamedi yo Mogolo,
Yo’o re fang botshelo.
2. Ga re tlhoke go tshwenyega
Ka tse re di tlhokang;
A re se gagamalele
Dilo tsa lefela.
Re itse gore Rraarona
O tla re tlamela.
A re kgotsofaleleng tsotlhe,
Tse re nang le tsone.
3. Dilo tsa lefatshe leno,
Go Jah ke lefela.
Re ntse re leka ka natla
Go bona botshelo.
Le fa gone jaanong re swa
Jah o tla re tsosa.
Ka metlha re kgotsofalele
Se re nang le sone.
(Bona le Jer. 45:5; Math. 6:25-34; 1 Tim. 6:8; Baheb. 13:5.)