Pina 75
Mabaka a Rona a go Ipela
1. Re na le mabaka’a go’ipela,
A tshwana le khumo’e kgolo.
Phuthegong tsa rona go tletse
Batho ba merafe yotlhe.
Boipelo jwa rona bo theilwe,
Mo Lefokong la Modimo.
Re rutwa ke lone ka metlha,
Le re tiisa mo tumelong.
Re na le mabaka a mantsi,
A go nna re itumetse.
Le fa re lebana le teko,
Jah o re fa boitshoko.
(KHORASE)
Boipelo jwa rona ke Jah,
Le popo yotlhe ya gagwe.
Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,
Di molemo mme di maatla!
2. Re’ipelela popo ya gagwe,
Magodimo le lefatshe.
Fa re ntse re lebile popo,
Re mmaka ka ntlha ya yone.
Re naya bosupi ka ene,
Lego rera ka Bogosi.
Dikgang tsa gore bo a busa,
Di rerwa lefatsheng lotlhe.
Jaanong nako e gorogile,
Ya go ipelela ruri.
Mo lefatsheng la Paradaise
Re’ipela ka bosakhutleng.
(KHORASE)
Boipelo jwa rona ke Jah,
Le popo yotlhe ya gagwe.
Dikakanyo le ditiro tsa ’gwe,
Di molemo mme di maatla!
(Bona le Dute. 16:15; Isa. 12:6; Joh. 15:11.)