Go Tlhatloga ka Diphuka Jaaka Bontsu
MOTHO o ikutlwa jang fa a se na go itshoka dingwaga tse tlhano kwa dikampeng tsa pogisetso tsa Bonasi? A o ikutlwa a kgobegile marapo? A le bogale? A batla go ipusolosetsa?
Lefa gone go ka nna ga gakgamatsa, monna mongwe yo le ene a neng a le koo o ne a kwala jaana: “Botshelo jwa me bo ne jwa nonotshiwa go gaisa jaaka ke ne ke lebeletse.” Ke ka ntlha yang fa a ne a ikutlwa ka tsela eo? O ne a tlhalosa: “Ke ne ka tshabela kafa tlase ga diphuka tsa Mogodimodimo, mme mafoko a moporofeti Isaia a ne a ntiragalela, fa a ne a re: ‘Ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone; ba tlaa tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona; ba tlaa . . . tsamaya ka dinao, ba sa idibale.’”—Isaia 40:31.
Monna yono wa Mokeresete, yo mmele wa gagwe o neng wa tlhokofadiwa ka tsela e e tsitsibanyang mmele e motho a ka e akanyang, o ne a na le moya o o neng o tlhatloga ka tsela ya tshwantshetso, e leng moya o bosetlhogo jwa Banasi bo neng bo ka se ka jwa o fenya. Fela jaaka Dafite, o ne a tshabela mo moriting wa “diphuka” tsa Modimo. (Pesalema 57:1) Mokeresete yono o ne a dirisa papiso nngwe e e neng ya dirisiwa ke moporofeti Isaia, a bapisa nonofo ya gagwe ya semoya le nonofo ya ntsu yo o nnelang go tlhatlogela kwa loaping.
A o a tle o ikutlwe o imetswe ke mathata? Ga go belaetse gore le wena o tla rata go tshabela kafa tlase ga diphuka tsa Mogodimodimo, go “tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona.” Gore re tlhaloganye gore seno se ka kgonega jang, go mosola go itse sengwe ka ntsu, yo gantsi a dirisiwang thata mo Dikwalong go tshwantshetsa sengwe.
Kafa Tlase ga Folaga e e Tshwantshitsweng Ntsu
Mo dinonyaneng tsotlhe tse batho ba bogologolo ba neng ba di lebelela, gongwe ntsu ke nngwe ya dinonyane tse di neng di ratiwa thata ka ntlha ya maatla a yone le tsela e e kgonang go fofela kwa godimo ka yone. Batlhabani ba le bantsi ba bogologolo, go akaretsa le ba Babilone, Peresia le Roma, ba ne ba gwanta kafa tlase ga folaga e e tshwantshitsweng ntsu. Batlhabani ba ga Kurose yo Mogolo e ne e le ba bangwe ba ba neng ba dira jalo. Baebele e ne ya porofeta gore kgosi eno ya Peresia e ne e tla tshwana le nonyane e e jang nama e tswa kwa botlhabatsatsi go tla go ja Mmusomogolo wa Babilone. (Isaia 45:1; 46:11) Dingwaga di le 200 morago ga gore boporofeti jono bo kwalwe, masole a ga Kurose, a difolaga tsa one tsa ntwa di neng di tshwantshitswe bontsu, a ne a tlhasela motse wa Babilone ka bofefo jo bogolo jaaka ntsu a phamola dijo tsa gagwe.
Bosheng thata jaana, batlhabani ba ba jaaka Charlemagne le Napoleon le dinaga tse di jaaka United States le Jeremane le tsone di tlhophile ntsu e le setshwantsho sa tsone. Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba se ka ba obamela ditshwantsho tsa bontsu kana tsa sebopiwa sepe fela. (Ekesodo 20:4, 5) Lefa go ntse jalo, bakwadi ba Baebele ba ne ba umaka mekgwa ya ntsu ka boikaelelo jwa go tlhalosa molaetsa wa bone. Ka gone ntsu, e leng nonyane e go buiwang ka yone kgapetsa mo Dikwalong, e dirisiwa go tshwantshetsa dilo tse di jaaka botlhale, go sirelediwa ke Modimo le bofefo jo bogolo.
Leitlho la Ntsu
Go tlwaelegile gore go buiwe thata ka tsela e ntsu a bonang thata ka yone. Le mororo ntsu yoo wa mmala wa gouta a ka nna bokete jwa go feta dikilogerama di le tlhano ka sewelo fela, tota leitlho la gagwe le feta la motho mme tsela e a bonang ka yone e bogale thata. Fa Jehofa ka boene a ne a tlhalosetsa Jobe kafa ntsu a kgonang ka teng go ipatlela dijo, o ne a re: “Matlho a gagwe a [bonela] kgakala.” (Jobe 39:27, 29) Alice Parmelee, mo bukeng ya gagwe ya All the Birds of the Bible, o bega gore “ka nako nngwe ntsu o kile a bona tlhapi e e neng e sule e kokobetse mo godimo ga letšha a le kwa godimo ka sekgala sa dimaele di le tharo [dikilometara di le 5] mme a tla a kodumela ka letlhakore a e tsubula mo e neng e le teng tota. Ntsu yono o ne a kgona go bona selonyana se se neng se le kgakala go feta jaaka motho a ka bona, mme gape nonyane eno e ne ya tlhoma tlhapi matlho le go kodumela go tswa bokgakaleng jwa dimaele tse tharo [dikilometara di le 5].”
E re ka ntsu a bona ka tsela e e bogale, o tshwantshetsa sentle botlhale, e leng nngwe ya dinonofo tsa ga Jehofa tse dikgolo. (Bapisa Esekiele 1:10; Tshenolo 4:7.) Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Botlhale bo akaretsa go bonela kwa pele diphelelo tsa kgato epe e re ka nnang ra e tsaya. (Diane 22:3) E re ka ntsu a kgona go bona kgakala, o ka bona kotsi go santse go na le nako a bo a iphemela, fela jaaka monna yo o botlhale yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, yo o neng a bonela kwa pele gore go ka nna ga tla dipula tsa matlakadibe mme a aga ntlo ya gagwe mo lefikeng. (Mathaio 7:24, 25) Se se kgatlhang ke gore ka puo ya Se-Spain, fa o tlhalosa motho gore o tshwana le ntsu, o a bo o raya gore o na le temogo kana o botlhale.
Fa o ka nna le sebaka sa go bona ntsu a le gaufi, ela tlhoko tsela e a dirang matlho a gagwe ka yone. Ga a go tadinye fela ka leitlho; go na le moo, o lebega a sekaseka tsela yotlhe e o lebegang ka yone. Ka mo go tshwanang, monna yo o botlhale o tlhotlhomisa kgang pele ka kelotlhoko pele a dira tshwetso mo boemong jwa go ikanya tsela ya tlholego e a ikutlwang ka yone kana maikutlo a gagwe. (Diane 28:26) Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela e e bogale e ntsu a lebang ka yone e tshwantshetsa sentle nonofo ya Modimo ya botlhale, gape tsela e e botswerere e a fofang ka yone e dirisiwa ke bakwadi ba Baebele ka tsela ya tshwantshetso.
“Tsela ya Ntswi yo Motona mo Loaping”
“Tsela ya ntswi yo motona mo loaping” e gakgamatsa ka bofefo jwa yone mmogo le tsela e a bonalang a fofa a sa lape ka yone, a sa latele tsela epe e e beilweng e bile a sa tlogele motlhala ope kwa morago. (Diane 30:19) Bofefo jwa ntsu bo umakiwa mo go Dikhutsafalo 4:19, koo masole a Bababilone a tlhalosiwang jaana gone: “Bakonatedi ba rona ba ne ba le bofefo bogolo go bontswi ba batona ba loapi; ba re lelekile mo dithabeng.” Fa ntsu a ntse a potologa mo godimo a bo a bona dijo tsa gagwe, o phutholola diphuka tsa gagwe a bo a kodumela, ka nako eo a ka fofa ka lobelo lo lo ka fitlhang go dikilometara di le 130 ka ura, jaaka dipego dingwe di bontsha. Ga go gakgamatse go bo Dikwalo di dirisa ntsu go tshwantshetsa lobelo lo logolo, segolobogolo fa go buiwa ka batlhabani.—2 Samuele 1:23; Jeremia 4:13; 49:22.
Mo letlhakoreng le lengwe, Isaia o bolela ka go fofa ga ntsu a sa lape. “Ba ba lebelelang mo go Jehofa ba tlaa šafatsa thata ya bone; ba tlaa tlhatloga ka diphuka jaaka bontswi ba batona; ba tlaa siana ba sa lape; ba tlaa tsamaya ka dinao, ba sa idibale.” (Isaia 40:31) Ke eng se se dirang gore ntsu a fofe a ibile diphuka fela? Go tlhatloga go tlhoka maatlanyana fela e re ka ntsu a dirisa moya o o bothito o o tsholetsegelang kwa godimo. Moya o o bothito oo ga o bonale, mme ntsu o kgona go o lemoga sentle fa o leng teng. Fa ntsu a ka lemoga gore moya o o bothito oo o fa kae, o o dirang gore ntsu a tsholetsegele kwa godimo thata, ntsu o simolola go iba diphuka tsa gagwe le mogatla a bo a dikologa mo go one moya oo o o bothito. Fa a le kwa bogodimong jo a bo batlang, o fofela kwa moyeng o mongwe o o bothito o o tsholetsegelang kwa godimo, koo a fitlhang a dira se se tshwanang. Ka tsela eno ntsu o ka kgona go nna a le kwa godimo ka nako e telele a sa tlhoke go dirisa maatla a magolo thata.
Kwa Iseraele, segolobogolo kwa Rift Valley e e kafa ntlheng ya Ezion-geber kwa dintshing tsa Lewatle le Lehibidu e ya kafa ntlheng ya Dan kwa bokone, go bonala bontsu thata teng. Ba nna bantsi thata ka nako ya dikgakologo le ka letlhafula fa ba falala. Dingwaga tse dingwe go kile ga balwa bontsu ba ka tshwara 100 000 gone koo. Fa letsatsi la mo mosong le thuthafatsa moya, o ka kgona go bona makgolokgolo a dinonyane tse di jang nama a fofa mo godimo ga magaga a a dikologileng Rift Valley.
Tsela e ntsu a fofang a sa lape ka yone e bontsha sentlentle kafa maatla a ga Jehofa a ka re godisang mo semoyeng le mo maikutlong ka teng e le gore re ka tswelela pele mo tirong ya rona. Fela jaaka ntsu a ka se ka a fofela kwa godimodimo jalo a dirisa maatla a gagwe, re ka se kgone go dira sepe fa e le gore re ikaega ka dinonofo tsa rona fela. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Nka dira dilo tsotlhe ka ene yo o nnonotshang.” (Bafilipi 4:13) Fela jaaka ntsu yo ka metlha a batlang moya o o bothito o o sa bonaleng, re ka nnela go ‘lopa’ maatla a a dirang a a sa bonaleng a ga Jehofa ka dithapelo tsa rona tse di tlhoafetseng.—Luke 11:9, 13.
Gantsi bontsu ba ba falalang ba lemoga fa moya o o bothito o o tsholetsegelang kwa godimo o leng teng ka go lebelela dinonyane tse dingwe tse di jang nama. D. R. Mackintosh wa moithutatlhago o ne a bega gore ka nako nngwe go bonwe bontsu mmogo le manong a le 250 a dikologa a ya kwa godimo mo moyeng o o tshwanang o o bothito. Gompieno Bakeresete ba ka ithuta ka tsela e e tshwanang gore ba ikaege ka maatla a ga Jehofa ka go etsa dikao tse di ikanyegang tsa batlhanka ba bangwe ba ba ratang Modimo.—Bapisa 1 Bakorinthe 11:1.
Mo Moriting wa Diphuka Tsa Ntsu
Nngwe ya dinako tse di diphatsa thata mo botshelong jwa ntsu ke fa a ithuta go fofa. Go swa bontsu ba le mmalwa fa ba leka go ithuta go fofa. Setšhaba sa Iseraele se se neng se se na maitemogelo le sone se ne se le mo kotsing fa se tloga kwa Egepeto. Ka gone mafoko ano a Jehofa a neng a a bolelela Baiseraele a ne a tshwanela tota: “Lo bonye se ke se diretseng Baegepeto, le jaaka ke lo rwele ka diphuka tsa bontswi ka lo lere mo go nna.” (Ekesodo 19:4) Go begiwa gore bontswi ba a tle ba belege lemphorwana ka nako e khutshwane e le gore le se ka la wela fa fatshe fa le simolola go ithuta go fofa. Fa G. R. Driver a ne a akgela mo bukeng ya Palestine Exploration Quarterly malebana le dipego tseo, o ne a re: “Tsela eo [Baebele] e bolelang ka yone he ga se go fofa fela mo go ikakanyediwang mme go theilwe mo lebakeng la mmatota.”
Gape bontsu ke batsadi ba ba tlhomang dikao ka ditsela tse dingwe. Ntsu wa mmè o neela lemphorwana dijo ka metlha mme gape o ngathoganya nama ka kelotlhoko e ntsu yo motonanyana a tlileng le yone mo sentlhageng e le gore ntsu yo monnye a kgone go metsa. E re ka gantsi dintlhaga tsa bone di agiwa mo magageng kana mo ditlhareng tse ditelele, mamphorwana a nna mo kotsing ya maemo a bosa. (Jobe 39:27, 28) Letsatsi le le bogale, le le neng le tlwaelegile mo dinageng tsa Baebele, le ne le ka bolaya lemphorwana fa e le gore le tlhokomologilwe ke batsadi ba lone. Ntsu yo motona o phukalatsa diphuka tsa gagwe, ka dinako tse dingwe a dira jalo ka nako e telele a sa di robatse, e le gore a direle lemphorwana le lenana la gagwe moriti.
Ka gone go a tshwanela tota go bo diphuka tsa ntsu di dirisiwa mo Dikwalong go tshwantshetsa tshireletso ya Modimo. Duteronome 32:9-12 e tlhalosa kafa Jehofa a neng a sireletsa Baiseraele ka teng fa ba le mo loetong lwa bone kwa nageng ya sekaka: “Gonne kabelo ya ga Jehofa ke batho ba gagwe; Jakobe ke kabo e e lekantsweng ya boswa jwa gagwe. O mo fitlhetse mo lefatsheng le le sekaka, mo nageng e e bobidibidi fela, e e dumadumang; a mo dikanyetsa, a mo disa, a mo direla jaaka nyetse ya leitlho la gagwe. Jaaka ntswi yo motona yo o tleng a fudue setlhaga sa gagwe a bokabokele mo godimo ga mamphorwana a gagwe, ene a ba tsharololele diphuka tsa gagwe, a ba tsaya, a ba rwala mo diphukeng tsa gagwe; Jehofa a le esi a ba goga.” Jehofa o tla re sireletsa ka lorato ka tsela e e tshwanang fa re mo ikanya.
Tsela ya go Falola
Fa ka dinako tse dingwe re lebane le mathata, re ka nna ra iphitlhela re batla go fofela kgakala le mathata otlhe a rona. Eo ke tsela e Dafite a neng a ikutlwa ka yone tota. (Bapisa Pesalema 55:6, 7.) Mme lefa Jehofa a re solofeditse go re thusa fa re lebane le diteko le dipogo mo tsamaisong eno, ga a re o tla re falodisa ka tsela e e feletseng. Re tlhomamisediwa jaana mo Baebeleng: “Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.”—1 Bakorinthe 10:13.
“Kgoro ya phalolo” kana “tsela ya go falola” (King James Version) e akaretsa go ithuta go ikanya Jehofa. Ke sone se Max Liebster a se lemogileng, yo dikakgelo tsa gagwe di nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Mo dingwageng tsa fa a le kwa dikampeng tsa pogisetso, o ne a simolola go itse Jehofa le go ikaega ka ene. Fela jaaka Max a ne a lemoga, Jehofa o re nonotsha ka Lefoko la gagwe, ka moya wa gagwe le ka mokgatlho wa gagwe. Tota le kwa dikampeng, Basupi ba ne ba batla badumedikabone le go ba thusa mo semoyeng, ba abelana dintlha tsa Dikwalo le dibuka dipe tsa Baebele tse ba neng ba na le tsone. Mme jaaka bafalodi ba ba ikanyegang ba ile ba supa gangwe le gape, Jehofa o ne a ba nonotsha. Max o tlhalosa jaana: “Ke ne ke kopa ka metlha gore Jehofa a nthuse, mme moya wa gagwe o ne wa nthatafatsa.”
Go sa kgathalesege gore re lebana le teko efe, le rona re ka ikaega ka moya o o boitshepo wa Modimo, fa fela re nna re o kopa. (Mathaio 7:7-11) Fa re kgothadiwa ke “bogolo jo bo leng bogolo thata jwa nonofo” eno, re tla ya kwa godimo go na le go fekeediwa ke mathata a rona. Re tla tswelela pele re tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa, mme ga re ne re lapa. Re tla tlhatloga ka diphuka jaaka bontsu.—2 Bakorinthe 4:7; Isaia 40:31.
[Mafoko a a mo go tsebe 10]
Ga a go tadinye fela ka leitlho
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]
Foto: Cortesía de GREFA
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]
Foto: Cortesía de Zoo de Madrid