Pina 80
Nonofo ya Bomolemo
E e Gatisitsweng
1. Bomolemo jwa Modimo
Ke boipelo jwa rona.
Ke Modimo le Rraarona,
Tsela tsa ’gwe di tshiamo.
O re utlwela botlhoko,
O re bontsha lorato;
O tshwanelwa ke go bakwa
Mme re mo obamele.
2. Re tshwane le Mmopi’a rona
Re nne le nonofo’eno,
A re’e bontsheng ka botlalo
Mme re’etse Mmopi’a rona.
Bomolemo jwa Modimo,
Bo a re’itumedisa.
Re kopa gore le rona,
Re nne le nonofo’eno.
3. A re bontsheng bomolemo
Mo phuthegong tsa rona,
A re kgatlhegeleng botlhe,
Re rate batho botlhe.
Fa re rera ka Bogosi,
Re naya tsholofelo,
A re se ke ra ba tlhaola;
Mme re dire molemo.
(Bona le Pes. 103:10; Mar. 10:18; Bagal. 5:22; Baef. 5:9.)