Pina 124
Amogelang Baeng
E e Gatisitsweng
1. Jehofa’o pelontle o tshola baeng.
O direla botlhe tse di molemo.
O re naya pula le tlhabo’a letsatsi;
O re naya dijo, boipelo.
Fa re tlhokomela bahumanegi,
Re etsa Modimo yo o lorato.
Wa re segofatsa,
fa fela re bontsha
Batho botlhe bopelonomi.
2. Re tla bo re dira se se molemo,
Fa re namola ba ba tlhokang thuso.
Lefa re sa ba’itse re ba amogeleng,
Re ba tlhokomeleng ka ’rato.
Re ba laletse mo matlong a rona.
Re etse Lidia re ba’amogeleng.
Jehofa o bona
mo lefatsheng lotlhe,
Batho ba ba lekang go mo’etsa.
(Bona le Dit. 16:14, 15; Bar. 12:13; 1 Tim. 3:2; Baheb. 13:2; 1 Pet. 4:9.)