LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • yb13 ts. 42-77
  • Go Rera le go Ruta mo Lefatsheng Lotlhe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Rera le go Ruta mo Lefatsheng Lotlhe
  • Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2013
Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2013
yb13 ts. 42-77

Go Rera le go Ruta mo Lefatsheng Lotlhe

Maine, U.S.A.: Bakaulengwe ba rona ba etsa Jesu ka go nna “batshwari ba batho”

LEFATSHE LOTLHE

  • DINAGA 239

  • BABOLEDI 7 782 346

  • PALOGOTLHE YA DIURA TSA BODIREDI JWA TSHIMO 1 748 697 447

  • DITHUTO TSA BAEBELE 8 759 988

AFRICA

  • DINAGA 58

  • PALO YA BAAGI 968 989 710

  • BABOLEDI 1 312 429

  • DITHUTO TSA BAEBELE 2 999 639

O ne A Swetsa ka Gore A se Ka a Senya Mpa

Kwa Addis Ababa, motsemogolo wa Ethiopia, go ne go na le mong wa lebenkele a bidiwa Saba. Letsatsi lengwe, bokgaitsadi ba le babedi ba ne ba mmontsha makasine wa Tsogang! o o neng o bua ka go senya mpa. Saba o ne a re bokgaitsadi bano ba tsene mo ntlong mme a ba bolelela a ntse a lela gore o ne a akanya go senya mpa. Fa ba ntse ba tlotla ka kgang eno, ba ne ba fekeediwa ke maikutlo thata jaana mo ka boraro jwa bone ba neng ba lela. Mo letsatsing leo, Saba o ne a dira tshwetso ya gore a se ka a senya mpa mme a bolelela monna wa gagwe a nitame gore ke ka ntlha yang fa a dirile tshwetso eo. Moragonyana o ne a belega ngwana yo montle wa mosetsana. Gape o ne a simolola go ithuta Baebele a bo a kolobediwa. Jaanong ke mmulatsela yo o itumetseng. Monna wa gagwe le ene o ne a ithuta a bo a nna mokaulengwe wa rona mme ka April 2012, bana ba bone ba bangwe ba le babedi le bone ba ne ba kolobediwa.

‘A re Ka Bua le Ene?’

Kaokoland, Namibia: Didiriswa tsa go ithuta tse di kgatlhang di ngoka bagolo le bana. Jaanong boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri bo teng ka dipuo di le 452!

Molebedi mongwe wa potologo kwa Ethiopia o ne a tsamaya le mokaulengwe mongwe ba rera ka ntlo le ntlo. Fa ba fitlha kwa ntlong nngwe, ba ne ba fitlhela mosadi yo o thusang ka ditiro tsa mo gae mme ba mmotsa gore a ba ka bua le rre wa mo ntlong. Fa a ba raya a re go ka se kgonege, ba ne ba mmotsa gore a ba ka mo tlogelela dikgatiso. O ne a ya go kopa tetla kwa go ene mme fa a boa a ba bolelela gore rre yoo o batla go di bona pele.

Ka jalo bakaulengwe ba ne ba mo naya makasine mongwe gore a o mmontshe. Morago ga metsotso e se kae, o ne a boa mme a ba bolelela gore o rile o tla o bala. Mme mongwe wa bakaulengwe bano o ne a re: “Fa e le gore ga a kgone go tswa, a re ka tsena gore re bue le ene?” Mosadi yono o ne a tsamaya gape a ya go mmotsa. Mo lekgetlhong leno o ne a tsamaya lobakanyana go feta pele, mme bakaulengwe ba ne ba ipotsa gore a o tla tlhola a boa gape. Kgabagare o ne a boa mme a re ba tsene mo ntlong. Jaanong bakaulengwe ba ne ba fitlhela gore mong wa ntlo e bong Yirgu, e ne e le rre yo o godileng yo o ntseng a lwala thata dingwaga di le lesome e bile a sa kgone go tswa mo bolaong kgotsa le e leng go nna. Lebaka la go bo mosadi yono a ne a ile lobaka lo loleele jaana ke gore o ne a ntse a mo thusa go apara a bo a hapha mo phaposing.

Bakaulengwe ba ne ba mmolelela dikgang tse di molemo. Yirgu o ne a itumelela se a neng a se utlwa mme a dumela go rutiwa Baebele. Fa a ntse a ithuta, botsogo jwa gagwe bo ne jwa tokafala. Moragonyana o ne a kgona go tswa mo bolaong le go tsamayatsamaya ka setulo sa maotwana. Go ise go ye kae o ne a simolola go ya dipokanong mme a kolobediwa mo kopanong ya kgaolo bosheng jaana.

Kereke ya Dibuka Tsa ga Rraagwe

Calvin, yo o nnang kwa Zimbabwe, o ne a na le dingwaga di le nnè fa rraagwe a tlhokafala, mme rraagwe o ne a mo tlogelela kgetsana e na le Thanolo ya Lefatshe le Lesha le buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe, Bolumo 1. Rraagwe Calvin o ne a mo raya a re: “Nna o ikgolagantse le kereke ya dibuka tseno. E ruta boammaaruri.”

Fa mmaagwe Calvin a tlhokafala, Calvin o ne a ya go nna le nkokoagwe. Calvin o ne a fetsa dingwaga di le robongwe a gana go ya kwa kerekeng ya ga nkokoagwe, a eme ka la gore letsatsi lengwe o tla bona “kereke” ya dibuka tse rraagwe a neng a di mo tlogeletse.

Letsatsi lengwe nkokoagwe mosimane yono o ne a kopana le mongwe wa bokgaitsadi ba rona. E re ka a ne a sa itse gore kgaitsadi yono ke Mosupi, o ne a mmolelela gore o na le setlogolo se se bodipa se se ganang go ya kerekeng le ene. Go na le go ya kerekeng, ka boSontaga mosimane yono o ne a bala buka e a neng a e tlogeletswe ke rraagwe. Kgaitsadi o ne a botsa gore buka eo e bidiwang. Nkoko o ne a re o akanya gore ke “nngwe ya dibuka tse di se nang tlhaloganyo tsa Watchtower.”

Kgaitsadi o ne a re a ka rata go kopana le mosimane yoo. Mme Calvin o ne a itumela fela thata fa ba kopana. Ka yone nako eo, kgaitsadi yono o ne a simolola thuto ya Baebele le ene a dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? mme ka bonako fela Calvin o ne a simolola go ya kwa dipokanong le fa nkokoagwe a ne a mo ganetsa mo go botlhoko. Calvin o ikemiseditse go ngaparela boammaaruri mme o lebeletse pele ka tlhoafalo e kgolo kwa nakong ya tsogo e ka yone a solofelang go kopana gape le mmaagwe le rraagwe. Ka August 2012, Calvin o ne a kolobediwa.

“Modimo Yo o Mo Direlang o Maatla”

Caro o nna kwa Uganda. Kgwedi fela fa a sena go simolola go ithuta Baebele, monna wa gagwe yo o neng a dirisa boloi e bong Martin o ne a mo ganetsa mo go botlhoko. O ne a mo raya a re: “Badimo ga ba tlhole ba kgona go tsena mo ntlong ka ntlha ya dibuka tsa gago.” O ne a mo sotla a ba a mo tshosetsa ka go re o tla mmolaya fa a sa tlogele go ithuta Baebele. Gape o ne a tlogela go tlamela lelapa. Caro o ne a nna a digile makgwafo, a tlamela lelapa ka go lema tshingwana mme a tswelela a ithuta boammaaruri. Moragonyana fa go ne go bonala gore tota botshelo jwa ga Caro bo ne bo le mo kotsing, o ne a inaya naga. O ne a kgaratlha gore a itshedise. Mme fa a ne a utlwa gore bana ba gagwe ba a lwala, o ne a tsaya madi a mannye a a neng a na le one a bo a ba rekela melemo.

Morago ga nakwana Caro o ne a founelwa ke monna wa gagwe. O ne a raya Caro a re: “Ke kopa gore o boele gae. Ke bone gore Modimo yo o mo direlang o maatla le gore o ntse a go tlhokometse. Ke kopa gore o bolelele batho ba ba go rutang gore le nna ba tle go nthuta. Ruri ke batla go fetola botshelo jwa me.” Martin o ne a tlhoafetse. Jaanong lelapa la bone le seoposengwe e bile le itumetse. Martin le Caro ba ne ba kolobediwa mmogo kwa kopanong ya kgaolo ka August 2012.

O ne A Rera a le Nosi mo Toropong e e Kwa Kgakala

David o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa fa a ne a nna mo toropong e e kgakala le motse wa gaabo kwa Kenya. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o ne a tshwanelwa ke go boela kwa motseng wa gaabo wa Lokichar, mo lefelong le le kwa kgakala le le kwa ntlheng e e kwa bokonebophirima jwa Kenya. Phuthego e e fa gaufi e ne e le sekgala sa dikilometara di ka nna 165 kwa toropong ya Lodwar. Go ne ga feta dingwaga di le nnè David a sa kopane le Basupi, mme o ne a rerela baagelani le ba masika a ba bolelela dilo tse a neng a di ithutile ka nako e khutshwane e a neng a ithuta Baebele ka yone. Bangwe ba ne ba rata go ithuta mme go ise go ye kae o ne a tshwara dithuto di le mmalwa tsa Baebele. Ka 2007 o ne a ikgolaganya le bakaulengwe ba kwa Lodwar mme a simolola go ithuta gape. O ne a tsaya mosepele wa go ya koo gabedi ka kgwedi ka sethuthu, thekisi le khombi.

Fa kitso ya ga David e ntse e oketsega, tlhoafalo ya gagwe mo bodireding le yone e ne ya oketsega. Le fa a ne a ise a kolobediwe, o ne a aga kago ya dipota tsa mmu e e ruletsweng ka bojang gaufi le legae la gagwe a bo a e bitsa Holo ya Bogosi mme o ne a tshwara dipokano le batho ba ba kgatlhegang mo go yone. Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe mo motseng ba ba neng ba rata tiro ya gagwe ya go rera mme go ne ga feta dingwaga tse pedi a kgobiwa ka mafoko le go itewa. Ka lekgetlho lengwe, batho bangwe ba motse ba ne ba mo itaya gore a bo a idibale ba mo latofatsa ka gore o tlisa “kobamelo ya ga Diabolo” mo motseng. Le fa go ntse jalo, fa David a sena go kopa thuso kwa modireding mongwe wa puso, batho ba ne ba tlogela go mmogisa mme o ne a tswelela ka go rera. David o ne a re: “Ke tshelela boammaaruri. Nka se tlogele go rera le fa nka ganediwa go le kana kang.”

David o ne a kolobediwa ka 2009, mme jaanong ke motlhanka wa bodiredi e bile ke mmulatsela wa ka metlha. Ene le morwawe wa dingwaga di le 15 ke bone fela baboledi mo kgaolong eno mme ka April 2012, baagi ba mo motseng ono ba ka nna 60 ba ne ba tla Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se se neng se tshwaretswe mo holong ya mmu gaufi le legae la ga David.

“Bontsha ka Dikwalo Gore ga a Bue Boammaaruri”

Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa ka metlha kwa Ghana e bong Janet, o ne a bala buka ya Baebele e Ruta Eng? fa a ne a tsere loeto lo loleele ka bese. Moreri mongwe o ne a palama bese a bo a simolola go rera, go tswa foo a bo a kopa bapalami gore ba ntshe koleke go duelela thero ya gagwe. Janet o ne a mo raya a re: “Wa re Jesu ke ene Modimo. Jaanong fa Jesu a ne a kolobediwa ke mang yo o neng a bua le ene?”

Moreri o ne a re: “Seo ke masaitseweng.”

Janet o ne a bula kgaolo 4 ya buka ya Baebele e Ruta Eng? a bo a tlhopha ditemana dingwe tse a neng a kopa bapalami ba se kae gore ba di bale. O ne a tlhalosa pharologanyo fa gare ga ga Jesu le Modimo Mothatayotlhe, Jehofa.

Moreri o ne a mo raya a re: “O moloi.”

Gone fela foo, bapalami ba ne ba buelela Janet ba re: “O tshwanetse go bontsha ka Dikwalo gore ga a bue boammaaruri, go na le gore o mmitse moloi.” Fa bese e ema mo setopong se se latelang sa dibese, moreri o ne a fologa a shakgetse. Lekgarebe lengwe le le neng le ntse fa thoko ga ga Janet le ne la mo raya la re: “Ke ne ke ithaya ke re Jehofa ke leina la kago ya kereke ya Basupi. Ke ne ke sa itse gore ke leina la Modimo go fitlha ke utlwa motlotlo wa gago le moreri.”

Motlotlo wa bone o ne wa tswelela mme Janet o ne a tsaya nomoro ya mogala ya lekgarebe leo a bo a le solofetsa gore o tla le leletsa. Fa lekgarebe leno le fitlha kwa gae le ne la tlotlela nkokoalone ka tiragalo eo. Nkoko le ene o ne a gakgamalela go utlwa gore leina la Modimo ke Jehofa. Moragonyana Janet o ne a rulaganya gore Basupi bangwe ba tsweletse motlotlo le lekgarebe leno mmogo le nkokoalone. Jaanong boobabedi ba tla dipokanong.

DINAGA TSA AMERIKA

  • DINAGA 57

  • PALO YA BAAGI 946 087 916

  • BABOLEDI 3 861 145

  • DITHUTO TSA BAEBELE 4 196 922

O Bone Boammaaruri Kwa a Neng a sa Solofela Gone

Batlhokomedi ba kgolegelo kwa Bolivia ba ne ba mekamekana le Andrea, lekgarebe lengwe la dingwaga di le 20, ba mo tsenya mo jarateng ya kgolegelo a ntse a goa a ba tlhapatsa le go ba tshosetsa. E re ka a ne a le dikgoka e bile a nonofile, o ne a lebega e le seganka mme batho ba ne ba mmoifa. Leidy, Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o neng a tsentswe mo kgolegelong ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka, o ne a sa boife Andrea, go na le moo o ne a mo tlhomogela pelo. Leidy o ne a tlwaetse gore moso le moso a bale pina nngwe mo kopelong ya rona, a e balela kwa godimo. Fa Andrea a mo utlwa, o ne a mmotsa a re: “A o Mosupi wa ga Jehofa?”

Peru: Ba rerela balemi kwa karolong e e kwa godimo ya Mokgatšha wa Utcubamba

Fa Leidy a sena go dumela gore ke ene, Andrea o ne a re: “Mmè ke Mosupi wa ga Jehofa mme ke ne ke tlhola ke ya le ene kwa dipokanong. O ne a ithuta Baebele le nna.” Andrea o ne a thubega ka selelo. Mo malatsing a a latelang a se kae, Leidy o ne a tlotla le Andrea ka dilo tse di boteng tsa semoya mme fa nako ya tsheko ya ga Andrea e tla, ba ne ba rapela mmogo ba kopa thuso ya ga Jehofa le kaelo ya gagwe. Andrea o ne a gololwa mme a tswelela a ithuta ka ga Jehofa. Go ise go ye kae o ne a tshwanelegela go nna mmoledi yo o sa kolobediwang mme gone jaanong o ipaakanyetsa go kolobediwa.

Leidy o ne a sola molemo nako e a e ntseng mo kgolegelong ka ntlha ya ditatofatso tsa maaka mme a simolola dithuto tsa Baebele di le 21 pele a gololwa. Jaanong o nna a ya kwa kgolegelong malatsi a le mararo mo bekeng go ya go bua le batho ba ba kgatlhegang.

Ba Thusitswe ke Aterese ya Internet ya www.pr418.com

Ka Sontaga mongwe wa dikgakologo tsa 2011, go ne ga goroga banyalani bangwe ba ba neng ba apere sentle ba na le bana ba bone ba bannye ba babedi kwa Holong ya Bogosi kwa Canada. Mongwe le mongwe o ne a akanya gore ke Basupi ba ga Jehofa ba ba etileng ba tswa kwa toropong e nngwe. Fela fa rre wa lelapa leno la baeng a kopana le Dominic, yo e leng motlhanka wa bodiredi mo phuthegong, ba ne ba lemoga gore ba a itsane. Dominic o ne a kile a ithuta Baebele le rre yono dingwaga di le 17 pele ga foo. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, Marc-André le mosadi wa gagwe, Josée, ba ne ba ntse ba itseela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo atereseng ya Internet ya www.pr418.com ba bo ba di bala mme ba lemoga gore lelapa lotlhe le tshwanetse go ya kwa Holong ya Bogosi. Ka bonako fela ba ne ba simolola go tshwarelwa thuto ya Baebele mme ba simolola go ya dipokanong tsotlhe e le lelapa. Morago ga gore ba tshwarelwe thuto ya Baebele ka dikgwedi di le pedi fela, ba ne ba simolola go tshwara Kobamelo ya Lelapa ya maitseboa beke le beke. Ba sa ntse ba gatela pele sentle mme Josée o ne a neela puo ya gagwe ya ntlha mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka May 2012.

‘O ne A Mpha Dijo Tsa Gagwe le Hutshe ya Gagwe’

Fa Marcelo wa dingwaga di le lesome a ne a le kwa kopanong ya kgaolo ya 2010 kwa Chile, o ne a lemoga gore rre mongwe yo o godileng yo o neng a ntse go bapa le ene o ne a se na dibuka.

O ne a sebela mmaagwe a re: “Rre yo ga a na Baebele.”

Mmaagwe le ene o ne a mo sebela a re: “Bala le ene mo go ya gago.” Ka jalo, Marcelo o ne a sutelela gaufi le rre yono yo o bidiwang Victor a bo a bala le ene mo Baebeleng ya gagwe ditemana tsotlhe tse di umakwang. Fa nako ya boikhutso e simolola, Marcelo o ne a raya mmaagwe a re: “Ga a na dijo.” Mmaagwe o ne a akantsha gore a je le Victor. Ka jalo, Marcelo o ne a mo naya sengwe sa go ja le tee e e fisang. Fa Victor a ntse a ja, Marcelo o ne a mmontsha ditemana tsotlhe tsa Baebele tse a neng a di gopola.

Fa go nna motshegare, letsatsi le ne le lela. Marcelo o ne a leba mmaagwe gape a bo a re: “Ga a na hutshe.”

Mmaagwe o ne a mo raya a re: “Mo neye ya gago.” Ka jalo o ne a mo naya ya gagwe. Morago ga thulaganyo Marcelo le Victor ba ne ba laelana.

Mo kopanong ya kgaolo ya ngwaga o o latelang, Marcelo o ne a tsamayatsamaya a batla go bona gore a Victor o ne a tlile. O ne a itumela thata fa a mmona e bile a tsentse thae! Fa Victor a bona Marcelo o ne a re: “Fa lo mpona ke le fano gompieno, ke ka ntlha ya lekawana le. Ngogola ke ne ka lalediwa go tla kopanong mme ka tla. Mosimane yono o ne a bala Baebele ya gagwe le nna mme a mpha dijo tsa gagwe le hutshe ya gagwe. Jaanong ke ithuta Baebele!” Victor e setse e le mmoledi yo o sa kolobediwang.

Mokwaladikgang O ne A Mmua Bontle

Mokwaladikgang mongwe yo o itsegeng kwa Venezuela o ne a kwala mo karolong ya gagwe ya lokwalodikgang, a tlhalosa se se mo diragaletseng fa a ne a founetse lefapha le le thusang bareki la khampani nngwe ya difouno a kopa thuso ya botegeniki. Modiri yo o neng a araba mogala wa gagwe ga a ka a mo thusa ka sepe, go na le moo o ne a mo araba ka bokhutshwane e bile a se maitseo. Fa a founa ka lekgetlho la bobedi, o ne a arabiwa ke lekawana le le neng la re ke lone “Misael” mme la bua le ene ka maitseo la bo la mo thusa ka se a neng a se tlhoka. Mokwaladikgang o ne a tlhalosa jaana mo pegong ya gagwe: “Fa ke ntse ke bua le lekawana leno ka founo, le ne le le pelonomi, le bontsha tlotlo e bile le ikemiseditse go nthusa ka tsela e e molemo tota. O ne a nthusa go rarabolola bothata jo ke neng ke na le jone a bo a mpontsha gore nka rarabolola jang mathata a a ntseng jalo mo isagweng.”

Fa mosadi yono a ne a mo akgola, Misael o ne a tlhalosa gore e re ka e le Mosupi wa ga Jehofa, o leka go dirisana le baagelani ba gagwe ka tsela e Jesu a rutileng gore go dirwe ka yone. Mokwaladikgang yono o ne a kopa go bua le mookamedi wa ga Misael. O ne a bua Misael bontle ka ntlha ya tiro e e molemo e a e dirang. Mo pegong e a e kwadileng, o ne a tlhalosa gore Misael ke Mo-Venezuela yo o tlhomang sekao e bile ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a konela ka go re: “Re tlhoka batho ba ba tshwanang le ene mo ditirong tsotlhe tse go dirisanwang le batho mo go tsone.”

“Lo se Ka Lwa Nna Tlhogoethata!”

Mexico City, Mexico: Bontsi jwa dithuto tsa Baebele tse di fetang milione mo nageng eno di simolotswe ke baboledi ba ba neng ba neela bosupi mo mmileng

Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 e bong Gabriela, yo o sa utlweng mo ditsebeng, o ne a itumela fa a ne a kolobediwa ka October 2011 kwa kopanong ya kgaolo ya puo ya diatla kwa Ecuador. O ne a itumetse mo e leng gore ka Mantaga fa a boela kwa sekolong se segolwane se a tsenang kwa go sone, o ne a kopa tetla mo morutabaneng wa gagwe gore a bolelele baithuti ka ene kitsiso e khutshwane. Morutabana o ne a dumela mme Gabriela a ema fa pele ga bana ba bangwe mo tlelaseng, a ba bolelela jaana ka boitumelo ka puo ya diatla: “Ke lo itsise gore ka Labotlhano, Matlhatso le Sontaga yo o fetileng, ke ne ke le kwa kopanong mme ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Gape ke batla go lo bolelela gore re tshela mo motlheng wa bofelo jwa tsamaiso eno ya dilo. Nako e ile! Lo tshwanetse go dira diphetogo tse di tlhokegang gone jaanong. Ka jalo lo se ka lwa nna tlhogoethata. Boifang Modimo!” Seo se ne sa kgatlha baithuti ka ene.

Moragonyana mo go lone letsatsi leo ka nako ya dijo tsa motshegare, Katty, Mosupi yo o tsidifetseng yo o sa utlweng mo ditsebeng, o ne a ya kwa go Gabriela a ya go mmotsa ka kopano. Gabriela o ne a araba jaana a bua puo phaa: “Go ne go le monate! Mme jaanong e re ka ke le Mosupi yo o kolobeditsweng, ke batla go nna ke ikanyega mo go Jehofa. Ka jalo ke batla go go bolelela gore nka se tlhole ke nna tsala ya gago ka gonne o tshela botshelo jo bo sa siamang. Go nna tsala ya gago go ka ama kamano ya me le Modimo. O tshwanetse go fetoga. Go botlhokwa gore o rapele Jehofa o bo o bue le bagolwane. Ke a itse gore o ka fetoga mme wa nna motho yo o botoka.” Ka ntlha ya kgakololo ya ga Gabriela e e sa potapoteng mme e le lorato, Katty o ne a bua le bagolwane, a thusiwa semoyeng mme a tlhagafala gape mo bodireding.

O ne A Dirisa Laptop ya Morutabana wa Gagwe

Bana botlhe ba ba neng ba tsena le kgaitsadi mongwe wa dingwaga tse 16 mo tlelaseng kwa United States ba ne ba mmotsa dipotso ka bodumedi jwa gagwe mme o ne a sa tshola dikgatiso dipe, le fa e le yone Baebele ya gagwe. E re ka a ne a batla go dirisa ditemana go araba dipotso tsa baithuti ka ene, o ne a adima laptop ya morutabana wa gagwe mme a bula aterese ya Internet ya www.pr418.com. O ne a araba dipotso tsa bone tsotlhe mme mo godimo ga moo, o ne a ba bontsha gore ba ka dirisa aterese eno ya Internet jang. O ne a ba bolelela gore fela fa ba na le dipotso tsa Baebele mme go se na Basupi bape fa gaufi go ba thusa, ba ka ikela kwa atereseng ya Internet go bona dikarabo. Fa malatsi a ntse a feta, o ne a lemoga gore baithuti ka ene ba ne ba sa tlhole ba na le dipotso tse dintsi jaaka pele. Fa a botsa gore seo se bakwa ke eng, bangwe ba ne ba re ba ntse ba ya kwa atereseng eo ya Internet ba dirisa difouno tsa bone. Tota le morutabana wa gagwe o ne a ntse a dira jalo!

ASIA LE BOTLHABAGARE

  • DINAGA 48

  • PALO YA BAAGI 4 222 869 785

  • BABOLEDI 674 608

  • DITHUTO TSA BAEBELE 662 736

Ga ba A ka Ba Tlhola ba Lwa

Fa setlhopha sengwe sa Basupi se ne se ya phitlhong se ne sa ralala motsana mongwe kwa Indonesia. Mokaulengwe mongwe wa mmulatsela o ne a bona setlhopha sa basha fa thoko ga tsela. O ne a tlotla le bone a bo a ba naya boroutšhara jwa Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri. Nakwana morago ga foo, kgaitsadi mongwe o ne a feta mo go lone lefelo leo fa a boela gae. Monna mongwe yo o neng a tshwere boroutšhara jwa Reetsa Modimo o ne a mo atamela a bo a mo leboga go bo a neile bana ba gagwe boroutšhara jono. O ne a re: “Boroutšhara jono bo namotse bongwanake!” E re ka kgaitsadi a ne a sa itse ka puisano e e nnileng gone pelenyana, o ne a botsa gore go diragetseng. Rre yoo o ne a mo tlhalosetsa gore basha bao ba ne ba ikaeletse go tlhasela motse mongwe. Jaaka go ne go tlwaelegile mo lefelong leo, ba ne ba ikaeletse go ipusolosetsa ka gonne mongwe wa ditsala tsa bone o ne a ketekilwe. Le fa go ntse jalo, fa basimane bano ba bala boroutšhara ba ne ba utlwa gore batho ba ba lwang le ba bangwe ba ka se rue Paradaise e e tlang. Ka jalo ba ne ba diga makgwafo, ba tlogela se ba neng ba se ikaeletse ba bo ba ya gae. Ntwa e e ka bong e ntshitse batho kotsi e ne ya tilwa ka ntlha ya molaetsa wa Baebele o o mo boroutšhareng.

Monna yo o Aparang Jaaka Basadi o Fetola Botshelo Jwa Gagwe

Shau Kei Wan, Hong Kong: Ba rerela lekgarebe kwa marekisetsong

Rek o goletse mo lelapeng le le tlwaelegileng kwa Cambodia, mme fa e sa le ene le morwarraagwe wa lewelana ba sa le bannye thata, ba ne ba na le boikutlo jwa gore ke basetsana. Ba ne ba tshameka ka bompopi e bile ba rata go apara diaparo tsa basetsana. Mmaabone o ne a tlhakane tlhogo e bile a tlhabiwa ke ditlhong mme a sa itse gore a ka ba thiba jang. Fa ba ya kwa sekolong ba ne ba tsamaya ba apere diaparo tsa basimane mme fela fa ba fitlha koo ba ne ba di apola ba bo ba apara tsa basetsana. Fa mawelana ano a na le dingwaga di le 16, a ne a tsenela kgaisano ya bommabontle ba basimane ba ba aparang jaaka basetsana mme koo a ne a kgatlha ba tsa boitlosobodutu. Seno se ne sa felela ka gore ba tlhagelele mo mananeong a thelebishene le a metlae. Go ise go ye kae, Rek o ne a simolola go tshela jaaka batho ba ba tlhakanelang dikobo le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone a bo a tsalana le batho ba bangwe ba ba aparang jaaka basadi.

Mmaagwe Rek o ne a simolola go ya kerekeng mme a pateletsa Rek gore a tsamaye le ene. Le fa Rek a ile a dumela go apara diaparo tsa banna, o ne a gana go kera moriri wa gagwe o moleele. Gantsi moruti o ne a bua le Rek ka mafoko a a sotlang e bile a kgala tsela e a tshelang ka yone. Le fa go ntse jalo, Rek o ne a ipoleletse gore o tla leka go ithuta Baebele kwa kerekeng. Mo bekeng ya ntlha o ne a tsoga go sa le makuku mme a tsamaya ka baesekele sekgala sa dikilometara di le mmalwa go ya kerekeng, mme moruti o ne a mo raya a re a ka se kgone go mo ruta ka nako eo. Mo bekeng ya bobedi moruti ga a ka a itshwenya le ka go tla mme Rek o ne a tenega thata.

Le fa go ntse jalo, fa Rek a fitlha kwa gae lewelana la gagwe le ne la mmolelela gore go ne go tlile mosadi mongwe mme o ne a ithaopetse go ithuta Baebele le bone mahala. Mosadi yoo o ne a mo tlogeletse buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Mawelana a ne a simolola go ithuta le kgaitsadi yono le monna wa gagwe. Morago ga dikgwedi di le thataro, morwarraagwe Rek o ne a tlogela go ithuta ka gonne o ne a ise a batle go tlogela tsela e a tshelang ka yone. Mme Rek ene o ne a amilwe thata ke 1 Bakorintha 6:9, 10 a ba a lemoga sentle gore o tshwanetse go dirang. Go ithuta ka tlhoafalo, go bala Baebele, go rapela le go ya dipokanong go ne ga mo thusa go tlogela mekgwa e e sa siamang. Mmaagwe Rek le ene o a ithuta e bile o gatela pele sentle. Fa Rek a kolobediwa, mmaagwe o ne a bua jaana a geletse dikeledi mo matlhong: “Ke itumela thata go bona morwaake a kolobediwa e le monna.” Gompieno Rek ke mmulatsela wa ka metlha.

Mosadi yo o Dirisanang le Meya o Tlogela Mekgwa ya Gagwe

Or-Ya o ne a buisana le meya, a fodisa, a naya batho kgakololo e bile a bolelela isagwe pele. Banyalani bangwe ba babulatsela ba ba kgethegileng ba ba direlang kwa Haifa, kwa Iseraele, ba ne ba kopana le ene ba le mo bodireding jwa ntlo le ntlo. O ne a ba amogela ka mafoko a a reng: “Fa lo tlile go bua ka Modimo, tsenang!” Legae la gagwe le ne le tletse dilo tse di amanang le tirisabadimo le tumelo ya masaitseweng. O ne a re o amogela melaetsa e e tswang kwa Modimong, a re mengwe ya melaetsa eno e tla ka se a neng a re ke moya wa rabi mongwe yo o suleng.

O ne a itumelela go utlwa gore a ka rutiwa Baebele kwa gae ka buka ya Baebele e Ruta Eng? Malatsi a le mabedi fela pele banyalani bao ba mo etela, o ne a rapela Modimo gore a mo romelele mongwe yo o neng a ka mo ruta Baebele a sa dirise ditlhaloso dipe tsa dithuto tsa baruti ba bodumedi jwa Sejuda. Mo lobakeng lwa kgwedi, o ne a botsa a re: “A go na le batho ba bangwe ba ba dumelang se lo se dumelang?” O ne a ya kwa pokanong ya phuthego mme a kgatlhwa thata ke lorato lo a neng a lo bontshiwa. Fa e sa le ka nako eo, o ntse a tla ka metlha kwa dipokanong.

“O saletswe ke dikgwedi di le pedi fela gore o nthuse ke ipaakanyetse go kolobediwa!”

Morago ga go ithuta ka dikgwedi di le pedi, Or-Ya o ne a botsa jaana ka kopano e e neng e atamela: “A dikopano ga se tsone tse batho ba kolobediwang kwa go tsone? Fa e le gore go ntse jalo, o saletswe ke dikgwedi di le pedi fela gore o nthuse ke ipaakanyetse go kolobediwa!” Kgato ya ntlha e a neng a e tsaya e ne ya nna go latlha dilwana tsa gagwe tsotlhe tse di amanang le tirisabadimo tse di neng di jele madi a mantsi. Go tswa foo o ne a tlogela tiro e e amanang le tirisabadimo mme a simolola go rerela ba bangwe, a bontsha batho botlhe ba a kileng a ba alafa le ba ba neng ba kile ba kopa thuso mo go ene buka ya Baebele e Ruta Eng? le dimakasine. Fa a lwala ga a ka a boela mo mekgweng ya gagwe ya pele ya go fodisa. Morago ga go tlogela tiro e a neng a e dira o ne a sala a se na madi a lotseno ka dikgwedi di le nnè. Le fa go ntse jalo, o ne a dira tshwetso ya gore o tla dira tiro e a ka e berekang ka dinako tse di rileng fela—malatsi a le manè ka beke, diura di le thataro ka letsatsi—e le gore a nne le nako ya go ithuta, go ya dipokanong le go rera mme kgabagare o ne a bona yone tiro e e ntseng jalo. Go tswa foo o ne a rekisa ntlo ya gagwe e kgolo mme a hira ntlo e nnye ya bonno.

Fa nako e ntse e ya, Or-Ya o ne a tshwanelegela go kolobediwa, mme o ne a robega leoto beke pele ga kopano. Ga a ka a kgobega marapo mme o ne a kolobediwa le fa leoto la gagwe le ne le tsentswe samente. Gompieno Or-Ya ke mmoledi yo o tlhoafetseng, mme o rerela batho ba ba kileng ba bo ba tla mo go ene ba batla thuso e bile o tshwara dithuto tsa Baebele.

Leloko la Lekoko le le Belaetsang la Bodumedi le Amogela Boammaaruri

Barwarraamotho ba mawelana ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba tshwarelwa thuto ya Baebele kwa kgaolong e e kwa thoko e e dithaba kwa Philippines. Ka bobedi jwa bone e ne e le maloko a lekoko le le belaetsang la bodumedi le le dumelang gore dibetsa di ka se gobatse maloko a lone fa fela a tsentse dipheko dingwe le disekafo go itshireletsa. Ba ne ba thapiseditswe go dirisa dithipa, dithipa tse dikgolo (di-panga) le ditlhobolo e bile ba ne ba nnile le seabe mo dintweng di le dintsi kgatlhanong le ditlhopha tsa batsuolodi kwa dithabeng. Lekoko leno le le belaetsang le ne la ba letla go ithuta le Basupi fa fela ba ne ba ka se pateletse mawelana ano go tlogela lekoko leno.

Mme gone bakaulengwe ba ne ba kgothaletsa mawelana ano go itirela ditshwetso ka se a neng a se ithuta mo Baebeleng. Mongwe wa mawelana ano o ne a bona a ka se kgone go dira diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gagwe gore a direle Modimo ka tsela e a e amogelang. Mme yo mongwe ene o ne a tswelela a ithuta. Mokaulengwe yo o neng a ithuta le ene o ne a mo kgothatsa ka go mmulela Baebele a bo a mo tlhalosetsa jaana ka puo ya diatla: “Leina la gago, Samuel, le teng mo Baebeleng. Samuele yo go buiwang ka ene mo Baebeleng o ne a direla Modimo wa boammaaruri, Jehofa, go fitlha a tsofala. Le wena o ka kgona go obamela Jehofa ka boikanyegi.” Seno se ne sa ama Samuel fela thata. O ne a swetsa ka go re: “Fa e le gore leina la me le teng mo Baebeleng, le nna ke tshwanetse go direla Jehofa.” O ne a itsise lekoko gore o ne a tlogela botshelo jwa kwa dithabeng mme a fisa dipheko tsotlhe tsa gagwe le dilo tsa tirisabadimo mme a gatela pele ka bofefo. Jaanong ke motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa, mme o dira ka tlhoafalo go thusa batho ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng go ithuta boammaaruri jwa Baebele.

Ngwana o a Bogisiwa

Erdenet, Mongolia: Mosadi yo o nnang kwa dipoeng tse di kgakala o tshwaretswe thuto ya Baebele

Rajiv o nna mo motseng o o kwa thoko kwa bokone jwa India. Fa a ne a na le dingwaga di le robongwe mme a le mo mophatong wa bonè, morutabana wa gagwe yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a ruta bana melao ya boitsholo a dirisa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Rajiv o ne a amogela tshedimosetso eno mme a simolola go e dirisa. O ne a bolelela morutabana wa gagwe gore o ne a tlogetse go bua maaka le go lwa le bana ba bangwe e bile o ne a arolelana dijo tsa gagwe tsa motshegare le ba ba se nang tsone.

“O dirile gore tlhogo ya me e obege fa pele ga setshwantsho seno, mme le ka motlha o ka se ka wa oba pelo ya me”

Fa a ntse a ithuta go ya pele ka tsholofetso ya gore lefatshe le tla nna Paradaise, o ne a simolola go bolelela ba bangwe mo motseng wa gaabo dikgang tseno tse di molemo mmogo le batho ba a neng a kopana le bone fa a ntse a tsamaya ka terena. Seno se ne se tena batsadi ba gagwe e bile se ba tlhabisa ditlhong. Ba ne ba mo raya ba re a tlogele go bua ka ga Jehofa le Jesu. Mme e re ka a ne a sa tlogele, ba ne ba simolola go mo itaya, mme mmaagwe o ne a fitlha diaparo tsa gagwe fa a tswa kwa sekolong, gore a se ka a tswa a ya go bua le ba bangwe ka tsholofelo e a sa tswang go nna le yone. Batsadi ba gagwe ba ne ba gana a robala mo bolaong e bile ba ne ba mo ngotlela dijo. Fa maiteko ano le one a ne a retela, ba ne ba bitsa moruti gore a tle go bua le ene.

Moruti yono o ne a nna mo legaeng leno malatsi a le mmalwa a leka go pateletsa Rajiv go obamela modingwana mongwe. Fa Rajiv a re modingwana oo ke letlapa fela ga se modimo o o tshelang, moruti o ne a re Rajiv o tshwanetse ‘go leba dilo ka leitlho la moya.’ O ne a re fa a dira jalo ke gone a tla bonang gore setshwantsho seno tota ke modimo. Rajiv o ne a tsaya pampitshana a bo a kwala “100 rupees [madi a kwa India]” mo go yone. O ne a e naya moruti gore a ye go reka ditšhokolete a bo a busa tšhentšhi. Moruti o ne a mo raya a re ga a sematla; o ne a re ke pampitshana fela e e se nang boleng. Rajiv o ne a re: “Fa o ka leba pampitshana eno ka leitlho la moya, o tla bona gore ke madi a mmatota.” Moruti yono o ne a galefa mme a tlobelela tlhogo ya mosimane yono kwa tlase fa pele ga modingwana. Rajiv o ne a re: “O dirile gore tlhogo ya me e obege fa pele ga setshwantsho seno, mme le ka motlha o ka se ka wa oba pelo ya me.” Kgabagare moruti o ne a tsamaya mme a re mosimane yono a ka se sokologe a bo a re fa a ka se tsamaye, le ene o tla felelwa ke tumelo. Go tswa foo batsadi ba ga Rajiv ba ne ba mo fudusetsa kwa sekolong se sengwe. Mme ga a ise a tlogele go bolelela mongwe le mongwe yo a ka mo reetsang ka ga Jehofa le tsholofetso ya Paradaise. Jaanong o na le dingwaga di le lesome mme o sa ntse a ikaegile ka Jehofa gore a mo thuse go nna a na le tumelo e e nonofileng.

O ne A Bona Baebele e a Neng a Ntse a e Batla

Fa Larisa a ntse a rerela morekisi wa mo lebenkeleng lengwe la dibuka kwa Armenia, mosadi mongwe o ne a tsena mme a kopa morekisi yono gore a mo neye Baebele ya “Lefatshe le Lesha.” Morekisi o ne a mmolelela gore ga a na Baebele eo mme a ka mo naya thanolo ya Se-Armenia. Moreki o ne a botsa a re: “A e motlhofo go tlhaloganngwa?” Morekisi o ne a bala ditemana di se kae a bo a re: “E utlwala e tlhaloganyega.” Moreki o ne a sa dumele sentle mme a ema ka la gore o batla Baebele ya “Lefatshe le Lesha.” Ka yone nako eo Larisa o ne a gopola gore o ne a tshotse Baebele ya gagwe ya Se-Armenia mo kgetsaneng. O ne a e bontsha mosadi yono mme a mo kopa gore a bale setlhogo sa yone. Mosadi yoo o ne a bala mafoko ano: “Thanolo ya Lefatshe le Lesha.” E ne e le yone Baebele e a neng a ntse a e batla!

Mosadi yono o ne a tlhalosa gore morwadie le mogwe wa gagwe ba ba kwa Gerika ba ne ba sa tswa go simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. E re ka ba ne ba ise ba ithute Segerika, ba ne ba kopa mmaabone gore fa a ba etela mo nakong e e tlang a ba tlele Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Se-Armenia. Kgaitsadi wa rona o ne a naya mosadi yoo Baebele a bo a re: “Tsweetswee, o fitlhe o ba e neele mme o ba bolelele gore ke mpho e e tswang kwa go Jehofa.” Gape Larisa o ne a ithaopa go ithuta Baebele le mosadi yono mme mosadi yono o ne a itumelela seo. Ba ne ba naana dinomoro tsa mogala gore fela fa mosadi yono a boa kwa Gerika a simolole go ithuta.

YUROPA

  • DINAGA 47

  • PALO YA BAAGI 738 679 198

  • BABOLEDI 1 595 888

  • DITHUTO TSA BAEBELE 841 260

O ne A Busa Sepatšhe

Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela wa ka metlha kwa Bosnia e bong Nina, o ithuta le lelapa lengwe la Ba-Romany. Nako nngwe fa ngwana wa mosetsana wa dingwaga di le lesome wa lelapa leno a ntse a tsamaya mo mmileng, o ne a sela sepatšhe se se nang le madi, dikarata tsa sekoloto le ditlankana. Fa a ne a ise a ithute boammaaruri, a ka bo a ile a tsaya seo e le mpho e e botlhokwa mme go na le go dira jalo o ile a buisana le mmaagwe a bo a swetsa ka gore a se neele mapodise. Tshwetso eno e ne e tlhomologile ka gonne lelapa leno le ne le humanegile mme le se na le fa e le madi a a lekaneng go reka borotho. Ba ne ba isa sepatšhe seo kwa seteisheneng sa mapodise ba bo ba se naya lepodise mme lepodise leo le ne la gakgamala thata. Morago ga mo e ka nnang diura di le pedi ba tsamaile, ba ne ba amogela mogala o o neng o re ba boele kwa seteisheneng sa mapodise. Mong wa sepatšhe o ne a ba emetse koo a batla go ba leboga le go ba naya mpho. O ne a ba naya madi a a kana ka R240, e leng madi a a lekanang le dituelo tsa tiro ya malatsi a mabedi.

O ne a Kgatlhiwa ke Setlhogo

Gjógv, Faroe Islands: Ditlhaketlhake tseno di ne tsa nna le tlhora ya baboledi ba le 118 ka 2012

Nihad yo o nnang kwa Bosnia, o ne a sa tswa go wetsa tirelo ya tshimo. Fa a fitlha fa koloing ya gagwe, o ne a fitlhela monna mongwe a eme fa thoko ga yone. Fa Nihad a mo dumedisa, monna yono o ne a re: “Intshwarele, ke bone makasine wa setlhogo se se reng, ‘Kafa o ka Nnang Rre yo o Molemo ka Teng’ mo koloing ya gago. Ruri nka rata go nna le one. Ke ntse ke eme fano mo e ka nnang lobaka lwa ura ke letetse gore mongwe a tle. Ke a o kopa tsweetswee.” Nihad o ne a itumelela fela thata go mo naya makasine ono mme a dirisa tshono eo go mo rerela.

Batho ba ba Dirang mo Sekepeng ba a Gomodiwa

Fa banyalani bangwe ba ne ba rera mo tshimong ya boemakepe jwa Rotterdam kwa Netherlands, ba ne ba tsena mo sekepeng se segolo, mme ba fitlhela batho ba ba berekang mo go sone ba tlhontse. Moenjiniri yo mogolo o ne a ba bolelela a itshekile dikeledi gore sekepe seno se ne se diragaletswe ke masetlapelo ka go tlhomagana, e bile ba ne ba batlile go thula ka sone ka makgetlho a le mmalwa mme se ne se senyegile. Ka jalo o ne a re, “A lo ka re rapelela?” Banyalani bano ba ne ba ithaopela go naya badiri puo e e kgothatsang ya Baebele. Mo maitseboeng a letsatsi le le latelang ka ura ya bosupa, baboledi bano mmogo le baboledi ba bangwe ba le banè ba ne ba amogelwa mme ba isiwa kwa karolong e e kwa pele ya sekepe. Gone koo go ne go phuthegile badiri ba le 15 mo go ba le 16 ba sekepe seno. Go ne ga bulwa ka thapelo mme go tswa foo mokaulengwe mongwe o ne a neela puo ya setlhogo se se reng “Ditiragalo Tsa Masetlapelo—A di Bakwa ke Modimo?” Badiri ba ne ba kgona go bala ditemana tse di umakiwang tsa Baebele ka gonne baboledi bano ba ne ba tlile ka Dibaebele tse di oketsegileng mme ba thusa mongwe le mongwe go bula ditemana tseo. Morago ga thapelo e e konelang, badiri botlhe ga ba a ka ba tsamaya mme ba ne ba nna ba tlotla le bakaulengwe. Badiri bano ba mo sekepeng ba ne ba gomotsegile e bile ba tletse ditebogo. Mongwe wa bone o ne a re: “Dithapelo tsa rona di arabilwe.” Ba ne ba tsaya dibuka di le 20 mmogo le Dibaebele le dikgatiso tse dingwe, mme morago ga moo kapotene o ne a naya baboledi enfolopo e e nang le R1 600 e le moneelo wa dikgatiso tseno.

O ne A Rapelela Gore a Thuse Mongwe

Irene, yo o nnang kwa Sweden, o ne a tlhalosa jaana mo lekwalong: “Ke na le dingwaga di le 80 mme ka ntlha ya ditlhabi ga ke kgone go ya tirelong ya tshimo. Ke ne ka rapela Jehofa ke re e kete nka thusa mongwe yo nkileng ka mo etela bogologolo yo o ka ratang go tlotla le nna kgotsa yo o ka ratang gore ke mo etele.

“Letsatsi lengwe mogala o ne wa lela mme monna wa me a o araba. Go ne go leditse mosadi mongwe yo o neng a mo raya a re: ‘Intshwareleng, ke lona fela ke ileng ka lo gakologelwa ke bo ke lo leletsa. A mosadi wa gago a ka rata go nketela go tla go tlotla le nna ka Lefoko la Modimo? Ke ne ke ithuta Baebele dingwaga di le 15 kgotsa 20 tse di fetileng mme fa monna wa me a sa ntse a tshela o ne a nkganetsa ke bo ke tlogela go ithuta.’

“Ke ne ka gopola gore ke ne ke kile ka etela mosadi yono ke tsamaya le kgaitsadi yo mongwe yo o neng a ithuta le ene. Mme ke ne ka gakgamadiwa ke gore mosadi yono o ne a sa ntse a nkgopola. Ke ne ke itumetse mme ka rulaganya go kopana le ene. Fa e sa le ka nako eo, re ntse re ithuta gangwe fela ka beke. O ne a nna gone kwa Segopotsong le kwa puong e e kgethegileng. Gape o ntse a tla dipokanong. Ke leboga Jehofa letsatsi le letsatsi go bo a arabile thapelo ya me.”

Tšhokolete ga e Tsene mo Lebokoseng la Meneelo

Sergio wa dingwaga tse robedi yo o nnang kwa Italy, o ne a batla gore bagolwane ba dumele gore o setse a siametse go nna mmoledi yo o sa kolobediwang. Letsatsi lengwe o ne a tsamaya le rraagwe yo tiro ya gagwe e neng e tlhoka gore a ye go baakanyetsa banyalani bangwe ba ba mo dingwageng tsa bo70 loko. Sergio o ne a tsamaya a tshotse dimakasine. O tlhalosa jaana: “Fa papa a ntse a bereka, ke ne ka fa rre wa lelapa leno dimakasine mme ka gakgamala fa a bitsa mosadi wa gagwe a bo a di mmontsha. Go tswa foo ke ne ka kwala maina a bone, aterese le dinomoro tsa mogala gore ke kgone go ba etela gape. Mmè yoo o ne a mpha tshedimosetso yotlhe a bo a nnaya tšhokolete e kgolo.” Malatsi a se kae moragonyana, Sergio le mongwe wa bagolwane ba ne ba boela kwa banyalaning bao. Sergio o ne a letsa bele e e fa kgorong mme fa mmè wa lelapa a bula kgoro, Sergio o ne a tlhalosa gore o batla go ba naya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? Mmè yono o ne a e amogela ka boitumelo. O ne a mo naya tšhokolete e nngwe gape. Sergio a re: “Ke ne ke sa kgone go tsenya tšhokolete mo lebokoseng la meneelo, ka jalo ke ne ka e ja. Kgabagare bagolwane ba ne ba tlhaloganya gore ruri ke batla go nna mmoledi yo o sa kolobediwang.”

Moruti O ne A Batla go Ithuta mo go Oketsegileng

Simeon e ne e le moruti wa kereke nngwe kwa Gurkovo, Bulgaria, kwa go se nang Basupi gone. Go ithuta Baebele go ne go mo thusitse go lemoga pharologanyo fa gare ga se Baebele e se rutang le se kereke e se rutang. Letsatsi lengwe o ne a newa dingwe tsa dimakasine tsa rona fa a ntse a tsamaya ka terena. Simeon o ne a itumelela go utlwa gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri le gore ga go na Tharonngwe. E re ka a ne a batla go ithuta mo go oketsegileng, o ne a kwalela ofisi ya lekala le dikereke tsotlhe tse a neng a di itse. Go ne ga araba kereke e le nngwe fela e re a se ka a itshwenya ka dilo tse di ntseng jalo ka gonne ke “dilo di sele.” Mme ofisi ya lekala yone e ne ya rulaganya gore Basupi ba le babedi ba tseye mosepele wa dikilometara di ka nna 35 go tswa kwa Kazanlŭk gore ba mo etele. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Simeon le lelapa la gagwe. Simeon o ne a rata se a neng a se ithuta, ka jalo o ne a laletsa baagelani ba gagwe le ditsala tsa gagwe gore le tsone di nne gone. Go ise go ye kae batho ba le 25 ba ne ba nna gone mo thutong ya Baebele ya beke le beke. Fa moagelani wa gagwe wa dingwaga di le 75 a sena go nna gone mo thutong eno ya Baebele lekgetlho la ntlha, o ne a bua mafoko ano a itshekile dikeledi: “Ke ithutile dilo di le dintsi ka ura e le nngwe go feta tse ke di ithutileng mo dingwageng tse 30 ke tsena kereke.” Go ne go tla batho ba ka nna 60 mo dipokanong tse bakaulengwe ba ba tswang kwa Kazanlŭk ba neng ba di tshwarela mo Gurkovo kgwedi le kgwedi, mme ba le 79 ba ne ba tla Segopotsong.

“Ke ithutile dilo di le dintsi ka ura e le nngwe go feta tse ke di ithutileng mo dingwageng tse 30 ke tsena kereke”

“Tswelela o Tshela ka Tsela Eno”

Kgaitsadi mongwe wa dingwaga di le 15 kwa Ukraine e bong Valya o ne a lemoga gore morutabana wa gagwe o ne a tlile sekolong a apere bontsho le gore o ne a ntse a lela. Fa Valya a sena go utlwa gore morutabana o tlhokafaletswe ke mmaagwe, o ne a swetsa ka gore a mo gomotse a dirisa ditemana tse di buang ka tsogo. Valya o ne a tsaya Baebele le diboroutšhara di le pedi, jwa Go Direga Eng ka Rona fa re Swa? le jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala mme a swetsa ka gore a kopane le morutabana morago ga sekolo. A re: “Fa ke ntse ke letile fa kgorong ya ofisi ya gagwe, ke ne ke tshogile tota mme ka rapela Jehofa gore a nthuse.”

Fa Valya a tsena mo ofising ya morutabana, morutabana o ne a mmotsa a re: “O batlang?”

“Ke batla go go gomotsa ka gonne ke itse kafa o ikutlwang ka teng. Ke ne ka tlhokafalelwa ke rremogolo dingwaga di se kae tse di fetileng.”

Georgia: Ba rera mo tshimong ya mofine

Morutabana o ne a kgatlhiwa ke go bo Valya a ne a amega ka ene. O ne a bua a ntse a lela gore ba masika a gagwe le fa e le badirikaene ba ne ba sa mmontsha kutlwelobotlhoko go tswa pelong jaaka Valya. Mme Valya o ne a bala Tshenolo 21:3, 4 a bo a e tlhalosa. Go tswa foo morutabana o ne a tsaya diboroutšhara a bo a re: “O farologane thata le baithuti ba bangwe.”

Valya o ne a tlhalosa jaana: “Ke leka ka natla go bala Baebele le go tshela go dumalana le yone e bile ke reetsa batsadi ba me.”

Moragonyana Valya o ne a mo tlisetsa Baebele le buka ya Baebele e Ruta Eng? jaaka a ne a di kopile. Morutabana o ne a leboga Valya gape a bo a mo raya a re: “O mo bodumeding jwa boammaaruri, e bile o na le batsadi ba ba siameng ba ba go rutang go dira se se siameng. Tswelela o tshela ka tsela eno.”

O ne A Founela Nomoro e e Phoso

Ka letsatsi la ntlha la kopano ya kgaolo ya 2011 e e neng e tshwaretswe kwa Malakasa, kwa Gerika, Natalie o ne a dirisa founo ya gagwe ya selula go founela rraagwe mabapi le mosepele wa go ya kwa lefelong la kopano. Le fa go ntse jalo, o ne a founela nomoro e e phoso mme ga se ka ga araba ope. Moragonyana, motho yo a neng a mo founetse ka phoso o ne a founela kgaitsadi yono go utlwa gore ke mang yo o neng a mo founetse. Le fa go ntse jalo, thulaganyo ya kopano e ne e setse e simologile mme fa Natalie a ne a re o tima founo, o ne a e tobetsa ka phoso mo go arabiwang gone. Ka jalo monna yono o ne a reetsa karolo ya puo ya modulasetulo Natalie a sa lemoge, mme e ne ya tsosa kgatlhego ya gagwe.

Moragonyana, monna yono o ne a romela molaetsa ka founo a re: “O mang? A o moruti?” Fa thulaganyo ya mo mosong e fela, Natalie o ne a bona molaetsa ono mme a araba a re: “Ga ke moruti. Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme ke mo kopanong.”

Pittenweem, Scotland: O rera kwa boemakepeng

Monna yono o ne a founa gape ka Matlhatso a botsa gore a kopano e sa ntse e tsweletse. Rraagwe Natalie o ne a kgona go mo rerela mme morago ga moo monna yono o ne a tlhalosa jaana: “Mo metsotsong e se kae fela, puo e ke e utlwileng mo founong e arabile dipotso di le dintsi tse di ntseng di ntshwenya.” Lelapa la monna yono le ne le ntse le tshwenngwa ke madimona mme le sa itse gore meya eno ke bomang le gore ke eng fa e ba tlhasela. O ne a tlhalosa jaana: “Go tla go fitlha gompieno, ke ntse ke sa batle go bua le Basupi ba ga Jehofa, mme fa go kgonega nka rata go bua le monna yo o neng a neela puo.”

Ruri go ne go ka kgonega. Monna yono o ne a tla kopanong ka Sontaga mme a gakgamadiwa ke se a neng a se bona koo—malapa a a apereng sentle le batho ba ba itumetseng. Go ne go se na matlakala a a tletsetletseng, batho ba ba buang matlhapa, e bile go sa gogwe motsoko. O ne a re: “Ke ne ke sa itse gore batho ba ba tshwanang le lona ba teng mo lefatsheng! E kete ke mo lefatsheng le sele.” Rraagwe Natalie o ne a isa monna yono kwa ofising ya modulasetulo gore a tlotle le ene. Kopano ka boyone le dikarabo tse di neng tsa newa monna yono di ne tsa mo kgatlha thata. O ne a tsaya buka ya Baebele e Ruta Eng?, Baebele le dimakasine dingwe tse a neng a di newa mme ga rulaganngwa gore a etelwe.

OCEANIA

  • DINAGA 29

  • PALO YA BAAGI 38 495 300

  • BABOLEDI 94 924

  • DITHUTO TSA BAEBELE 59 431

“Pina e e Monate go Gaisa Tsotlhe Tse Nkileng ka di Utlwa”

Kwa Savaii, Samoa, go tlwaelegile gore moso le moso bana botlhe ba sekolo ba simolole letsatsi ka go kokoana ba bo ba opela sefela. Mme Celina wa dingwaga tse tlhano le Levaai wa dingwaga tse thataro ba ne ba bolelela mogokgo ka tlotlo gore ba ne ba ka se opele ka gonne e le Basupi ba ga Jehofa. Go gana go opela go ne go ka felela ka gore moithuti a otlhaiwe mo go botlhoko. Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore mogokgo o ne a akanya gore a ka ba tlhabisa ditlhong gore ba bo ba opele sefela, ka jalo o ne a re: “Go siame, fa lo sa opele pina ya rona, opelang nngwe ya dipina tsa lona.” Ka jalo, Celina le Levaai ba ne ba opela pina 111, “O Tla Bitsa,” e ba neng ba sa tswa go e ithuta bosheng mo maitseboeng a Kobamelo ya Lelapa. Fa ba fetsa, mogokgo o ne a itshekile dikeledi. O ne a re: “Eno ke pina e e monate go gaisa tsotlhe tse nkileng ka di utlwa. A ko lo e opeleng gape.” Ba ne ba e opela gape. Go tswa foo o ne a ba raya a re: “Go tloga jaanong, ke tla nna ke re lo opele dipina tsa lona, e seng tsa rona.”

“Go tloga jaanong, ke tla nna ke re lo opele dipina tsa lona, e seng tsa rona”

Nako Eno Yotlhe O ne A Ntse a Rapela Jesu

Timor-Leste: Naga eno e e kileng ya bo e kgautlhantswe ke ntwa e nnile le koketsego ya baboledi ya diperesente di le 9

Monna mongwe yo e neng e le moruti mo kerekeng nngwe kwa Fiji o ne a nna fa fatshe a reetsa fa mongwe a tshwaretswe thuto ya Baebele. Mo thutong eo, o ne a utlwa gore Jesu ga se Modimo. Kgang eno e ne ya mo tshwenya thata mo a neng a tlhorega boroko. Fa mosadi wa gagwe a bona kafa a tshwenyegileng thata ka teng, o ne a re: “O se ka wa ya go reetsa batho bale gape!” Le fa go ntse jalo, o ne a sa kgone go lebala kgang eno. Mo bekeng e e latelang, o ne a ya gape kwa thutong eo ya Baebele. Malatsi a se kae morago ga thuto eno, o ne a ya kwa kerekeng a ya go tlogela tiro ya gagwe ya boruti, tota le pele ene a tshwarelwa thuto. Seno se ne sa gakgamatsa ba masika le maloko a kereke sa bo sa ba galefisa. O ne a sa tlogele kereke fela mme gape o ne a tlogela tiro e e duelang madi a mantsi. Baebele e ne ya mo thusa go bona boammaaruri ka ga Jesu mme o ne a thatafalelwa ke go rapela Jehofa ka gonne nako eno yotlhe o ne a ntse a rapela Jesu. Kgabagare morago ga dikgwedi di le dintsi, o ne a kgona go rapela Jehofa. Jaanong o bolelela ba bangwe dikgang tse di molemo e bile o ba thusa gore ba itse Jehofa ba bo ba mo rate.

Baagi ba Motse o Monnye ba Amogela Boammaaruri

Setlhaketlhake sa Makatea kwa South Pacific se na le baagi ba le 62 fela. Phuthego nngwe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Tahiti e ruta batho bano ka ga Jehofa. Baagi ba le robongwe ba motse ono ba tshwarelwa thuto ya Baebele ka metlha ka founo. Batho ba ka nna 15 ba kopanela mo legaeng la mongwe wa baithuti bano ba Baebele ba bo ba reetsa ka founo dipokano tse di tshwarelwang kwa Tahiti. Mongwe wa batho ba jaanong ba ithutang Baebele ke mosadi mongwe yo mosha yo o neng a tlhoafetse e bile a na le seabe sa botlhokwa kwa kerekeng ya gagwe mme go ne go lebeletswe gore o tla tlhomiwa go nna motiakone. Bosheng jaana, o ne a ya kwa kerekeng ya gagwe a ya go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a sa tlhole a ya kerekeng. O ne a dirisa Baebele go bontsha gore ke ka ntlha yang fa mosadi a sa tshwanela go ruta mo phuthegong. Gape o ne a tlhalosa seabe sa ga Jesu Keresete le bokao jwa Selalelo sa Morena, se se tshwanetseng go tshwarwa gangwe ka ngwaga e seng Sontaga mongwe le mongwe. Mo godimo ga moo, o ne a kgona go tlhalosa gore batho ba le 144 000 ke bone fela ba tla nnang le Keresete kwa legodimong le gore ke bone fela ba tshwanetseng go ja ditshwantshetso tsa Segopotso. Mosadi mongwe o ne a kgothadiwa ke sekao sa gagwe a bo a tlogela kereke mme jaanong o ithuta Baebele ka metlha le Basupi.

Lelapa Le ne La Amogela Taletso

Bagolwane ba babedi kwa Solomon Islands, ba ba neng ba le mo letsholong la go laletsa batho ba ba tsidifetseng gore ba tle Segopotsong sa loso lwa ga Keresete, ba ne ba etela Joshua, yo o neng a feleleditse go tla dipokanong ka 1998. Joshua le ba lelapa la gaabo ba le 20 ba ne ba tsamaya ka maoto diura di le pedi ba ya Segopotsong. Tsela e e lorato e ba neng ba amogelwa ke phuthego ka yone e ne ya dira gore Joshua a rothise keledi. Bontsi jwa ba lelapa la gaabo Joshua ba ne ba tla le kwa puong e e kgethegileng mme morago ga foo ba itsise bagolwane gore ba ka rata go tshwarelwa thuto ya Baebele. Go ne ga rulaganngwa gore ba le 15 ba bone ba tshwarelwe thuto.

O ne A Itse Karabo

Mo tshimong e e tlhokometsweng ke lekala la Guam, go na le ditlhaketlhake di feta 1 000, mme tse di fetang 100 tsa tsone di na le batho ba ba nnang mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ke ditlhaketlhake di le 13 fela tse di leng gaufi le phuthego nngwe. E re ka go na le ditlhaketlhake di le dintsi jaana tse Basupi ba ga Jehofa ba iseng ba ke ba ye kwa go tsone, bakaulengwe ba sa ntse ba batla ditsela tsa go rera kwa go tsone. Ka April 2012, setlhopha sa baboledi se ne sa tsamaya ka mokoro go ya kwa Polowat, sengwe sa ditlhaketlhake tse di kgakala thata le tse dingwe. Tsela e baagi ba setlhaketlhake sa Polowat ba tshelang ka yone ga e tlhotlhelediwe go le kalo ke dinaga tse dingwe. Banna ba ikgatlha ka matsela mo mathekeng, ba itirela mekoro e e gabilweng ya legong e bile ba itshedisa ka temothuo.

Mongwe wa baboledi ba ba neng ba etile o ne a botsa lekawana lengwe le le neng le le foo a re: “Go diragalang ka rona fa re swa?”

Moagi yono wa mo setlhaketlhakeng o ne a re: “Ke itse karabo ya potso eo!” Go tswa foo o ne a ema ka bonako, a somola buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka Se-Chuuk mo shelofong ya gagwe mme a bula mo tsebeng ya diteng. O ne a supa kgaolo 8 ya setlhogo se se reng, “Go Diragalang Fa Motho Aa Swa?” mme a tlhalosa ka matlhagatlhaga se a neng a se ithutile mo bukeng eno.

Kingston, Norfolk Island: Ba rera mo mmileng o mogolo, Quality Row

Mme o ne a tsere buka eo kae? Ka 2009, baboledi ba ba mo setlhaketlhakeng se segolo sa Chuuk ba ne ba rera mo boemakepeng ba leka go fitlhelela batho ba ba neng ba ya kwa ditlhaketlhakeng tse di kgakala mme ba ba naya dibuka tsa Tshelela Ruri. Mongwe yo o neng a ya kwa Polowat o ne a dumetse go tsaya lebokose la dibuka tseo gore a di abele baagelani ba gagwe, ba mongwe wa bone e neng e le lekawana leno.

Pele bakaulengwe ba tloga kwa Polowat, ba ne ba etela lekawana leno makgetlho a le mmalwa gore ba mo kgothatse le go mmontsha kafa a ka solegelwang molemo ka gone ke go nna le thulaganyo ya go ithuta. Gape ba ne ba mo ruta go bula ditemana mo Baebeleng le go kwala dintlha tsa konokono mo matlhakoreng a ditsebe tsa buka ya gagwe.

A bo go itumedisa jang ne go itse gore tota le kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa kgakala kwa go se nang thelebishene, radio, makwalodikgang kgotsa Internet gone, dikgatiso tsa rona di thusa batho go ithuta boammaaruri ka dipuo tsa bone!

Marumo a Mararo, Mabaka a Mararo

Anna e ne e le mmoledi yo o sa kolobediwang fa a ne a simolola dingwaga tsa bo20 ka nako ya fa ntwa ya selegae kwa Bougainville e e kwa Papua New Guinea e ne e ya magoletsa. Ka 1991 o ne a le mo setlhopheng sa Basupi sa bagolo ba le barataro le bana ba le supa go tswa kwa Phuthegong ya Arawa ba ba neng ba patelesega go tshabela kwa sekgweng ba tshwere dilwana di se kae fela. Go ne ga feta dingwaga di le pedi ba nna mo matlotleng e bile ba iphataphatela se ba ka se jang. Ba ne ba tshwara dipokano ba dirisa dibuka tse pedi fela tse ba neng ba na le tsone—Baebele ya ga Anna le buka ya Go Utlwana mo Kobamelong ya Modimo o o Osi wa Boammaaruri. Ba ne ba rapela mmogo, ba opela dipina tsa Bogosi e bile ba rerela batho ba ba neng ba kopana le bone.

Ba ne ba fitlhelwa ke masole a bamenolapuso a a neng a batla gore bakaulengwe ba babedi ba ba mo setlhopheng seno e nne maloko a sesole sa bone. Le fa go ntse jalo ba ne ba tlotla Basupi ka go se tseye letlhakore ga bone. Nako nngwe lesole lengwe le ne la bontsha Anna marumo a le mararo mme la mo raya la re: “Fa o sa dumele ke go nyala, ke a go bolaya.” Anna o ne a mo naya mabaka a le mararo—a a lekanang le marumo ao a mararo—a go bo a ne a ka se ka a nyalana le ene, mme la konokono e le la gore Baebele ya re re nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakor. 7:39) Monna yono o ne a tsamaya.

“Ga go sepe se se ka emisang tiro ya ga Jehofa, le fa e le yone ntwa ya selegae tota”

Ka 2012, fa Anna yo jaanong e leng mmulatsela wa ka metlha a utlwa gore go tlhokega baboledi ba Bogosi kwa Arawa, o ne a boela teng a tsamaya le mmulatsela yo a berekang le ene go ya go thusa go tlhoma setlhopha se se kwa thoko. O ne a bodiwa gore a o ne a sa tshosiwe ke go boela mo lefelong le a neng a bone batho ba bantsintsi ba gailwa mo go lone e bile a ne a bogisitswe thata mo go lone ka nako ya ntwa. O ne a re: “Go boela kwano go ntlisetsa boitumelo fela. Ga go sepe se se ka emisang tiro ya ga Jehofa, le fa e le yone ntwa ya selegae tota.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela