Tsogo
Tlhaloso: Lefoko la Segerika le le ranoletsweng “tsogo,” a·naʹsta·sis, tota tota le raya “go emelela gape” mme le lebisa go go tsoga mo baswing. Polelwana e e feletseng ya “go coga ga bashwi” e dirisiwa gangwe le gape mo Dikwalong. (Math. 22:31; Dit. 4:2; 1 Bakor. 15:12) Lefoko la Sehebera le le rayang “go rulwa ga baswi,” ke techi·yathʹ ham·me·thimʹ. (Math. 22:23, ftn, NW Reference edition) Tsogo e kopanyeletsa go shafadiwa ga motlhala wa botshelo wa motho ka bongwe, motlhala wa botshelo o Modimo a o bolokileng mo kgakologelong ya gagwe. Go ya kafa thatong ya Modimo ka motho ka bongwe, motho yoo o busiwa e ka tswa e le ka mmele wa setho kana wa semoya mme a nne a itshupe gore ke mang, a na le botho jo bo tshwanang le dikgakologelo jaaka fa a ne a swa. Paakanyetso ya tsogo ya baswi ke tshupo e e gakgamatsang ya bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jehofa; e bontsha botlhale jwa gagwe le maatla mme ke tsela eo ka yone boikaelelo jwa gagwe jwa kwa tshimologong mabapi le lefatshe bo tla diragadiwang.
A tsogo ke go kopanngwa ga moya (soul) o o sa bonaleng le mmele wa nama?
Mme kana, gore seno se kgonagale, batho ba tshwanetse ba bo ba na le moya o o sa bonaleng o o ka farologanang le mmele. Bibela ga e rute selo sa go nna jalo. Kgopolo eo e ne ya adimiwa go tswa botlhajaneng jwa Segerika. Thuto ya Bibela malebana le moya (soul) e tlhalositswe mo ditsebeng 396-398. Fa e le kaga bosupi jwa tshimologo ya tumelo ya La-Bodumedi mo moyeng o o sa bonaleng, o o sa sweng, bona ditsebe 299, 300.
A Jesu o ne a tsosiwa ka mmele wa nama, a mme o na le one mmele oo kwa legodimong jaanong?
1 Pet. 3:18: “Ka Keresete le èna a bogile botlhoko gañwe hèla ka ntlha ea maleo, a le mosiami mo boemoñ yoa basiamolodi, gore a re lere mo Modimoñ; a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ [“ka Moya,” KJ] (Ka nako ya go tsoga ga gagwe mo baswing, Jesu o ne a tlisiwa ka mmele wa semoya. Mo mekwalong ya Segerika mafoko ‘nama’ le ‘moya’ a bewa ka go bapisiwa, mme ka bobedi a mo seemong sa sedirwa; jalo, fa moranodi a dirisa phetolelo ya “ka moya” o tshwanetse gape ka mo go tshwanang a re “ka nama,” kana fa a dirisa “mo nameñ” o tshwanetse gape a re “mo moeeñ.”)
Dit. 10:40, 41: “Èna [Jesu Keresete], Modimo o mo cositse ka letsatsi ya boraro, me oa mo naea gore a bōnadiwè, E señ mo bathuñ botlhe, ha e se mo bashupiñ ba ba itshenkecweñ galè ke Modimo.” (Ke ka baka lang fa ba bangwe ba se ka ba mmona? Ka go bo a ne a le sebopiwa sa moya mme fa, jaaka baengele ba ne ba dira mo nakong e e fetileng, a ne a ikapesa mebele ya senama go re a bonale, o ne a dira jalo mo pele ga barutwa ba gagwe fela.)
1 Bakor. 15:45: “Le gōna go kwadilwe yalo, ga twe, Motho oa pele, eboñ Adame, a dihwa motho eo o tshedileñ. Adame oa moragō [Jesu Keresete, yo a neng a itekanetse jaaka Adame fa a ne a bopiwa] a dihwa mōea o o tshedisañ.”
Luke 24:36-39 e rayang mabapi le mmele oo Jesu a neng a tsosiwa ka one?
Luke 24:36-39: “Ea re ba sa nntse ba [barutwa] bua dilō tse, Èna ka esi a èma ha gare ga bōnè a ba raea, a re, Kagishō e nnè le lona. Me ba rèrèga, ba choga, ba itlhoma ba bōna mōea. Me a ba raea, a re, Lo huduègèlañ? le dikabakanyō di cogèlañ mo dipeduñ tsa lona? Lebañ diatla tsa me, le dinaō tsa me, ha e le nna ka nosi: nkapaapañ, lo bōnè; gonne mōea ga o na nama le marapō yaka lo mpōna ke na le aōna.”
Batho ga ba ka ke ba bona meya, jalo go bonala barutwa ba ne ba akanya gore ba ne ba bona sedimo kana ponatshegelo. (Bapisa Mareko 6:49, 50.) Jesu o ne a ba tlhomamisetsa gore e ne e se sedimo; ba ne ba ka bona mmele wa gagwe wa nama mme ba mo tshwara, ba kgoma le marapo; gape o ne a ja mo pele ga bone. Ka mo go tshwanang, mo nakong e e fetileng, baengele ba ne ba ikapesa mebele e le gore ba tle ba bonwe ke batho; ba ne ba ja, bangwe ba bone ba bile ba ba ba nyala le eleng go tshola bana. (Gen. 6:4; 19:1-3) Morago ga tsogo ya gagwe, Jesu ga a ka a iponatsa ka metlha ka mmele o o tshwanang wa nama (ka gongwe e le go tiisetsa mo megopolong ya bone lebaka la gore o ne a le moya jaanong), mme jalo o ne a sa lemotshege ga motlhofo fela le eleng ke ditsala tse di atamalaneng le ene tota. (Yoh. 20:14, 15; 21:4-7) Lefa go ntse jalo, ka go iponatsa ga gagwe ga gangwe le gape ga mebele ya nama mme le go bua le go dira dilo tseo di neng di ka ba lemotsha gore ke Jesu yo ba neng ba mo itse, o ne a nonotsha tumelo ya bone mo lebakeng la gore eleruri o ne a ile a tsosiwa mo baswing.
Fa barutwa tota ba ne ba bona Jesu ka mmele o jaanong a nang le one kwa legodimong, Paulo o ne a ka se ka ya re morago a lebisa go Keresete yo o galaleditsweng jaaka “sechwanō sebele sa bomodimo yoa ōna [Modimo],” ka go bo Modimo ke Moya ebile ga a ise a ke a nne mo nameng.—Baheb. 1:3; bapisa 1 Timotheo 6:16.
Fa re bala dipego tsa diponalo tsa morago ga tsogo tsa ga Jesu, re thusiwa go di tlhaloganya sentle fa re gakologelwa 1 Petere 3:18 le 1 Bakorintha 15:45, tse di tsopotsweng mo tsebeng 428.
Bona gape ditsebe 204, 205, tlase ga ga “Jesu Keresete.”
Ke bomang ba ba tla tsosediwang go tlhakanela botshelo jwa selegodimo le Keresete, mme ba tla dirang koo?
Luke 12:32: “Lecomanyane, se boiheñ; gonne Rra eno o natehèlwa ke go lo naea bogosi.” (Bano ga ba akareletse botlhe ba ba ileng ba bontsha tumelo; palo ya bone e lekanyeditswe. Go nna ga bone kwa legodimong ke ka boikaelelo.)
Tshen. 20:4, 6: “Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō . . . Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”
Bona gape ditsebe 227-234, tlase ga setlhogo sa “Legodimo.”
A bao ba tsoseditsweng botshelo jwa selegodimo e tla re kgabagare ba nne le mebele e e galaleditsweng koo?
Bafil. 3:20, 21: “Morèna Yesu Keresete . . . o tla [bopa] sesha mmele oa boikokobeco yoa rona, gore o bopègè yaka mmele oa kgalalèlō ea gagwè, kaha go diheñ mo [go] nonohileñ.” (A seno se raya gore mebele ya bone ya nama e tla re kgabagare e galalediwe kwa magodimong? Kana seno se raya gore, mo boemong jwa go nna le mebele e e kwa tlase ya nama, ba tla apesiwa ka mmele wa semoya o o galalelang fa ba tsosediwa botshelong jwa selegodimo? Mma lokwalo lo lo latelang lo arabe.)
1 Bakor. 15:40, 42-44, 47-50: “Go bile go na le mebele ea selegodimo, le mebele ea selehatshe: me kgalalèlō ea mebele ea selegodimo e sele, le kgalalèlō ea mebele ea selehatshe e sele. Go coga ga bashwi le gōna go nntse yalo. . . . Go yalwa e le mmele oa tlhōlègō; go cosiwe e le mmele oa semōea. . . . Motho oa pele [Adame] ke oa mbu, oa selehatshe: motho oa bobedi [Jesu Keresete] ke oa legodimo. Yaka oa selehatshe a nntse, ba ba leñ ba selehatshe le bōnè ba nntse yalo: me yaka oa selegodimo a nntse, ba ba leñ ba selegodimo le bōnè ba nntse yalo. Me yaka re ne re nntse mo chwanoñ ea oa selehatshe, re tla nna yalo mo chwanoñ ea oa selegodimo. Me yana, ba ga echo, ke bua lehoko ye, ka re, nama le madi ke dilō tse di sa kakeñ tsa rua bogosi yoa Modimo.” (Ga go na tumelelo fano ya go kopanya mebele e mebedi e e farologaneng kana go tsaya mmele wa selefatshe go ya legodimong.)
Jesu o ne a supa jang seo tsogo e tla se rayang go setho ka kakaretso?
Yoh. 11:11, 14-44: “[Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re:] Lasaro, tsala ea rona, o robetse; me kea ea gore ke mo cosè mo borokoñ, . . . Yesu a ba bolèlèla ka thanolō, a re, Lasaro o shule. . . . Yalo ea re Yesu a tla, a hitlhèla a [Lasaro] bile a setse a nntse malatsi a le manè mo phupuñ. . . . Yesu a mo raea [Maratha, kgaitsadia Lasaro], a re, Ke nna cogō le botshelō . . . A goa ka lencwe ye le godileñ, a re, Lasaro, cwa. Eo o na a shule a cwa, a sa hapilwe mabōgō le maoto ka matsela a phitlhō; sehatlhōgō sa gagwè le shōna se hapilwe ka letsela. Yesu a ba raea, a re, Mo hapololeñ, lo mo lesè a tsamaeè.” (Fa Jesu ka gone a ne a bitsa Lasaro go tswa seemong sa boitumelo jo bogolo mo botshelong jo bongwe, seo e ne e tla bo e se bopelontle. Mme go tsosa ga ga Jesu Lasaro go tswa seemong se se se nang botshelo e ne e le bopelontle go ene le go bokgaitsadie. Lasaro o ne a boa gape a nna motshedi.)
Mar. 5:35-42: “Bañwe ba tla ba cwa kwa tluñ ea molaodi oa ntlo ea thutō, ba re, Morwadio o shule: ana u sa nntse u lapisetsañ Moruti? Me Yesu, ka a tlhokomologa lehoko ye le buiwañ, a raea molaodi oa ntlo ea thutō, a re, U se ka ua boiha, dumèla hèla. . . . A tsaea rra ñwana le mmagwè, le bōnè ba o nañ nabō, a tsèna kwa ñwana o leñ gōna. Me a chwara ñwana ka seatla, a mo raea, a re, Talitha kumi: ke go re, ha go phuthololwa, Morweetsana, kea gu raea, Coga. Me ka bonakō morweetsana a coga, a tsamaea ka dinaō, gonne o na a le dinyaga di le shomè le bobedi. Me ba gakgamala ka kgakgamalō e kgolo.” (Fa tsogo ya kakaretso e diragala mo lefatsheng ka nako ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete, kwantle ga pelaelo dimilione tsa batsadi ba bantsi le bana ba bone ba tla itumela thata fa ba kopanngwa mmogo.)
Ke ditebelelo dife tse di emetseng bao ba tsosediwang botshelo mo lefatsheng?
Luke 23:43: “Amarure, kea gu raea, u tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (Lefatshe lotlhe le tla fetolelwa go nna paradaise tlase ga puso ya ga Keresete jaaka Kgosi.)
Tshen. 20:12, 13: “Me ka bōna bashwi, bagolo le bannye, ba eme ha pele ga setulō sa bogosi; me dikwalō diñwe tsa menololwa, me lokwalō lo loñwe loa menololwa, lo e leñ lokwalō loa botshelō: me bashwi ba atlholwa ka dilō tse di kwadilweñ mo dikwaloñ, kaha ditihoñ tsa bōnè. . . . Me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè.” (Go menololwa ga dikwalo eleruri go supela go nako ya go ruta batho thato ya bomodimo, tumalanong le Isaia 26:9. Lebaka la gore “lokwalō loa botshelō” lo a menololwa le supa gore go na le sebaka sa bao ba tsayang-tsia thuto eo gore maina a bone a kwalwe mo lokwalong loo. Mo pele ga bone go tla nna le tebelelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo boitekanelong jwa botho.)
Bona gape ditsebe 85-89, tlase ga “Bogosi.”
A bangwe ba tla tsosediwa katlholo fela e be e re go tswa foo ba bolawa ka loso lwa bobedi?
Yohane 5:28, 29 e kaya eng? E re: “Botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla [utlwa] lencwe ya gagwè . . . Me ba tla cwa; ba ba dihileñ molemō ba cwèle cogeloñ ea botshelō; me ba ba dihileñ boshula ba cwèle cogeloñ ea tshekishō.” Seo Jesu a neng a se raya fano se tshwanetswe sa utlwisisiwa mo leseding la tshenolo e moragonyana a neng a e neela Johane. (Bona Tshenolō 20:12, 13, e e tsopotsweng mo tsebeng 431.) Ka bobedi ba pele ba neng ba dira dilo tse di molemo le bao pele ba neng ba dira dilo tse di bosula ba tla “atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè.” Ditiro dife? Fa e le gore re ne re ka nna le pono ya gore batho ba ne ba tla go atlholwa mo motheong wa ditiro tsa bone tsa botshelo jwa pele, seo se ne se se ketla se dumalana le Baroma 6:7: “Gonne eo o kileñ a shwa o siamisicwe kaga boleo.” Gape go ne go se ketla go utlwala go tsosa batho fela e le gore ba tle ba senngwe. Jalo, mo go Yohane 5:28, 29a, a Jesu o ne a supela go tsogo e e kwa pele; go tswa foo, mo bofelelong jwa temana ya 29, o ne a bontsha matswela a morago ga ba se na go tsosediwa boitekanelong jwa setho mme ba ile ba bewa mo katlholong.
Tshenolō 20:4-6 e supang kaga ba ba tla tsosediwang mo lefatsheng?
Tshen. 20:4-6: “Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō; me ka bōna meōea ea ba ba kgaocweñ ditlhōgō ka ntlha ea chupō ea ga Yesu, le ka ntlha ea lehoko ya Modimo, . . . Me ba tshela, ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di makgolo a shomè. Me bashwi ba ba setseñ ba se ka ba tshela ga ba ga tla ga tsamaea dinyaga tse di makgolo a shomè tsa heta pele. E ke eōna cogō ea ntlha. Go segō, go bile go boitshèpō èna eo o nañ le kabèlō mo cogoñ ea ntlha: bauō, losho loa bobedi ga lo na thata mo go bōnè; me ba tla nna baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.”
Seele sa ntlha sa temana ya 5 go NW le go Mo se se tsentsweng mo masakaneng a a ageletsweng se thusa mmadi go tshwaraganya seo se latelang polelwana e e mo masakeng le se se fa godimo. Jaaka go tlhalositswe sentle, ga se “bashwi ba ba setseñ” ba ba tlhakanelang mo tsogong ya ntlha. Tsogo eo ke ya ba ba tla busang le Keresete ka dingwaga tse di sekete. A seno se raya gore ga go bape ba setho ba ba tla bong ba tshela ka dingwaga tse di sekete kwantle ga ba ba tla busang kwa legodimong le Keresete? Nnyaa; ka go bo, fa e le gore go ne go ka bo go nntse jalo, seno se ne se tla raya gore ba ne ba se ketla ba direla jaaka baperesiti mo boemong jwa ga ope, le bobusi jwa bone e ne e tla bo e le kgolokwe e e se nang motho.
Jalo he, “bashwi ba ba setseñ” ke bomang? Ke setho sotlhe se se suleng ka ntlha ya boleo jwa ga Adame le bao, e re ntswa e le bafalodi ba sepitla se segolo kana bao ba tla bong ba tsetswe ka Dingwaga tse di Sekete, ba tlhokang gore ba gololwe mo diphelelong tse di bolayang tsa boleo jo bo ntseng jalo.—Bapisa Baefesia 2:1.
Ke ka tsela efe ba ileng “ba se ka ba tshela” go fitlhelela dingwaga tse di sekete di fela? Seno ga se reye tsogo ya bone. Go ‘tshela mono’ go kopanyeletsa mo go fetang fela go nna gone jaaka batho. Go raya go bona boitekanelo jwa setho, go gololesega mo diphelelong tsotlhe tsa boleo jwa ga Adame. Elatlhoko gore go buiwa ka seno mo temaneng 5 morago fela ga fa temana e e fa godimo e se na gore bao ba tla bong ba le kwa legodimong “ba tshela.” Mo ntlheng ya bone go raya botshelo jo bo gololesegileng mo diphelelong tsotlhe tsa boleo; ba filwe le eleng bosasweng ka mo go kgethegileng. (1 Bakor. 15:54) Ka “bashwi ba ba setseñ,” he, e tshwanetse ya raya botshelo jo bo tletseng ka boitekanelo jwa setho.
Ke bomang ba ba tla akarelediwang mo tsogong ya selefatshe?
Yoh. 5:28, 29: “Se gakgamaleleñ mo: gonne lobaka loè tla, lo botlhe ba ba mo diphupuñ ba tla utlwañ lencwe ya gagwè [lentswe la ga Jesu] ka lōna, Me ba tla cwa.” (Lefoko la Segerika le le ranoletsweng “diphupu” ga se bontsi jwa sebopego sa taʹphos [lebitla, lefelo la phitlho la mongwe le mongwe] kana haiʹdes [bobipo, lebitla le le itsegeng la setho se se suleng] mme ke bontsi jwa sebopego sa sedirwa sa mne·meiʹon [kgakologelo, phupu]. Le otlelela mo go bolokeng kgakologelo ya motho yo o suleng. Eseng bao kgakologelo ya bone e neng ya phimolwa mo Gehenna ka ntlha ya maleo a a sa itshwarelweng mme batho bao ba neng ba gakologelwa ke Modimo ba tla tsosiwa ka sebaka sa go tshelela ruri.—Math. 10:28; Mar. 3:29; Baheb. 10:26; Mal. 3:16.)
Dit. 24:15: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, . . . ea go re, go tla nna cogō ea basiami le ea basiamolodi.” (Botlhe bao ba ileng ba tshela tumalanong le ditsela tsa tshiamo tsa Modimo le batho bao, ka botlhoka-kitso, ba neng ba dira dilo tse di sa siamang ba tla tsosiwa. Bibela ga e arabele dipotso tsotlhe tsa rona kaga batho bangwe ba ba suleng gore a ba tla tsosiwa. Mme re ka tlhomamisega gore Modimo, yo o itseng mabaka otlhe, ga a ketla a dira tshiamololo, ka tshiamiso e e laolwang ke kutlwelo botlhoko eo e sa tlhokomologeng ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Bapisa Genesise 18:25.)
Tshen. 20:13, 14: “Me lewatlè ya ntsha bashwi ba ba mo go yeōna; le losho loa ntsha bashwi ba ba mo go lōna, le Bobipō yalo: me ba atlholwa botlhe kaha ditihoñ tsa bōnè. Me losho loa latlhèlwa mo bodibeñ yoa molelō, le Bobipō yalo. Lo ke lōna losho loa bobedi, eboñ bodiba yoa molelō.” (Jalo, bao loso lwa bone lo neng lwa tla ka boleo jwa ga Adame ba tla tsosiwa, e ka tswa ba ne ba fitlhiwa mo lewatleng kana mo Hades, lebitla la selefatshe le le itsegeng la batho ba ba suleng.)
Bona gape setlhogo se segolo “Poloko.”
Fa e le gore dibilione di tla tsosiwa mo baswing, ba tla nna kae botlhe?
Kakanyetso e e ikgopolelwang ya batho bao ba kileng ba tshela mo lefatsheng ke 20 000 000 000. Jaaka re setse re bone, ga se botlhe ba bano ba ba tla tsosiwang. Mme, le eleng fa re ne re ka gopola gore ba ne ba tla tsosiwa, go ne go tla nna le phatlha e e lekanetseng. Selekanyo sa naga sa lefatshe jaanong ke se se ka nnang 57 000 000 square miles (147 600 000 sq km). Fa e le gore halofo ya seo e ne e ka dirisediwa ditiro tse dingwe, go ne go sa ntse go tla bo go na le selekanyo se se kwa tlasenyana fela ga ekere (mo e ka nnang 0.37 ha) go dirisiwa ke motho mongwe le mongwe, moo go ka baakanyetsang ka dijo tse di lekanetseng thata thata. Mathata a mantsi a tlhaelo ya dijo gompieno ga se go sa kgone ga lefatshe go ntsha tse di lekanetseng mme, go na le moo, kgadikano ya sepolotiki le bogagapa jwa papadi.
Bona gape tsebe 212, tlase ga setlhogo sa “Kgolokwe-Lefatshe.”