LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 11/1 ts. 18-22
  • Lo Seka lwa Ikopanya le ba ba sa Dumeleng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lo Seka lwa Ikopanya le ba ba sa Dumeleng
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka la go bo ba Bangwe ba Senka go Sele
  • Tshupo ya Tlhokomelo e e Lorato ya Modimo
  • Dipotso tse ka Tlwaelo di Bodiwang
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
  • Dipotso Tse Di Tswang Go Babadi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Lenyalo—Mpho e e Tswang Kwa Modimong yo o Lorato
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Kaelo ya Modimo mo go Tlhopheng Molekane wa Lenyalo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 11/1 ts. 18-22

Lo Seka lwa Ikopanya le ba ba sa Dumeleng

“Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ: gonne . . . eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?”—2 BAKORINTHA 6:14, 15.

1. Go ne ga tla jang gore Kgaitsadi mongwe a nyalane le yo o sa dumeleng?

MONGWE wa Basupi ba ga Jehofa yo a neng a nna kafa bophirima-gare jwa United States o ne a latlhegelwa ke monna wa gagwe mo kotsing ya koloi dingwaga di sekae tse di fetileng. “Ke ne ke utlwile botlhoko fela thata kwa tshimologong,” o gakologelwa jalo, “mme ke ne ke ikemiseditse gore ga nkitla ke letla seno go kgoreletsa tirelo ya me mo go Jehofa. Lefa go le jalo, morago ga dingwaga di sekae, ke ne ka simolola go ikutlwa jaaka kgomo e e sa panang mo banyalaning mo phuthegong. Nna le morwadiake re ne re sa lalelediwe kwa maitisong a malapa. Fa ke ne ke bona banyalani ba Bakeresete ba bontshana lorato, ke ne ke ikutlwa gore ga ke tlhokomelwe. Go ne go lebega go se ope yo a neng a lemoga gore ke ne ke ntse ke nna bokoa mo semoyeng. Jalo fa monna mongwe wa lefatshe yo ke neng ke mo itse go tswa kwa tirong a ntaleletsa dijo tsa maitseboa, ke ne ka tsamaya. Fa ke thanya, ke fitlhela ke setse ke mo rata. Kgabagare, ke ne ke setse ke le bokoa mme ke ne ka fekeediwa ke go jewa ke bodutu mme ka dumela go nyalana nae.”

2. Ke ka ntlhayang fa keletso ya go nyala e le ya tlholego, mme lenyalo le ne le diretswe go bopa eng?

2 Ee, keletso ya go pataganela botshelo le molekane e ka nna e e nonofileng thata, mme gape ke ya tlholego. Ke fela jaaka Jehofa Modimo ka boene a ne a bua jaana ka gone: “Ga go molemō ha monna a ka nna a le esi; ke tla mo dihèla thushō [“yo o tshwanang nae,” sengwe se se mo tshwanetseng] e e mo lebanyeñ.” (Genesise 2:18, New World Translation Reference Bible, mokwalo o o kwa tlase) Lenyalo le ne le diretswe go nna kgolagano e e atamalaneng, le ya goyagoile fa gare ga monna le mosadi. E ne e se Adame mme e ne e le Jehofa yo a neng a re: “Ke gōna ka mouō monna o tla tlogèlañ rragwè le mmagwè, me o tla ñaparèla mosadi oa gagwè: me ba tla nna nama e le ñwe hèla.” (Genesise 2:22-24; bapisa Mathaio 19:4-6) Gongwe pelo ya gago e eletsa mongwe yo o ntseng jalo yo o tshwanang le wena.

3, 4. (a) Bibela e tlhagisa jang kgatlhanong le go nna le dikamano tse di atamalaneng thata le ba ba sa dumeleng? (b) Kgakololo ya ga Paulo kaga go nna le jokwe e e sa lekalekaneng e ka dirisiwa ka tsela efe mo lenyalong? (c) Bakeresete ba kwa Korintha ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhaloganya lereo “ba ba sa dumeleñ” jang? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

3 Lefa go le jalo, Bibela e tlhagisa kgatlhanong le go nna le dikamano tse di atamalaneng le ba ba sa dumeleng. Ke fela jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bua jaana ka gone: “Se pataganeleñ yokwe [“Lo seka lwa ikgolaganya lo le setlhopha se se sa lekalekaneng,” The Jerusalem Bible] le ba ba sa dumeleñ, e le mo go sa lekalekaneñ:a gonne . . . eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?”b (2 Bakorintha 6:14, 15) Paulo a ka tswa a ne a akantse ka molao wa ga Moshe o o neng o thibela kgatlhanong le go golega poo le esela fa go lengwa. (Duteronome 22:10) Esela e nnye ebile ga e a nonofa mme ka gone e ne e tla utlwisiwa botlhoko ke go tsenngwa mo jokweng e e ntseng jalo e e sa lekalekaneng. Ereka lenyalo le tshwana le jokwe e e tshwaraganyang monna le mosadi, fa Mokeresete a nyala motho yo o sa dumeleng go tla felela ka jokwe e e sa lekalekaneng. (Mathaio 19:6) Jokwe e e ntseng jalo gantsi e tlisa kgatelelo e e oketsegileng gammogo le matshwenyego mo lenyalong.—Bapisa 1 Bakorintha 7:28.

4 Lefa go le jalo, jaaka sekai se se kwa tshimologong se ne sa bontsha, Bakeresete ba bangwe ba ne ba itlhophela go nyalana le ba ba sa dumeleng. Ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba fitlhela go le bokete go nyala “mo Moreneñ hèla”?—1 Bakorintha 7:39.

Lebaka la go bo ba Bangwe ba Senka go Sele

5. Tshwantsha gore ke ka ntlhayang fa ba bangwe ba ratana le ba ba sa dumeleng.

5 Ga se gore ba tloga ba ntse ba batla go itlhokomolosa kgakololo eno ya Modimo. A o ko o akanyetse seemo sa kgaitsadi wa Mokeresete yo a ka neng a eletsa go nyalwa. A ka nna a eletsa go nna le monna wa Mokeresete, mme go se ope mo bakaulengweng ba bantsi ba ba leng gone ba ba dumelang ba ditsala tsa gagwe yo a tshwanelang. O tshwenyega ka dingwaga tsa gagwe. A ka nna a eletsa go nna le lelapa. Poifo ya go tsofala a le esi le go tlhoka ga gagwe go ratiwa go ka mmaya mo kotsing. Mme fa e le gore monna mongwe wa lefatshe o a mo kgatlhegela, go ka nna thata gore a gane. A ka nna a tswa a lebega a le pelonomi le bonolo. A ka nna a tswa a sa goge motsoko kana a sa dirise puo e e leswe. Jaanong go bo go tla diipato tseno: ‘Ebu, o molemo go gaisa bakaulengwe ba bantsi ba ke ba itseng!’ ‘O rata go ithuta.’ ‘Ke itse ka dikgang tsa bokgaitsadi ba bantsi ba ba neng ba nyetswe ke batho ba ba sa dumeleng bao kgabagare ba neng ba fetoga badumedi.’ ‘Go na le manyalo mangwe a Bakeresete ao a sa atlegeng!’—Bona Yeremia 17:9.

6, 7. (a) Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang o ne a tlhalosa go tshwenyega ga gagwe jang? (b) Re tshwanetse go sekaseka potso efe?

6 Ee, go ka tshwenya fela thata mo Mokereseteng yo o sa nyalwang yo a batlang go nyalwa. Ba bangwe ba ikutlwa ba tlaletswe. “Palo ya bakaulengwe ba ba tshwanelegang e nnye fela thata,” go ne ga bua jalo kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang fa a ne a tlhalosa boemo jwa mo lefelong la bone. “Mme palo ya bokgaitsadi ba ba sa nyalwang e kgolo fela thata. Fa kgaitsadi a bona bosha jwa gagwe bo feta, o sala a lebanwe fela ke gore a seka a nyalwa gotlhelele kana a nyalane le ope fela yo a ka kopanang nae lantlha.”

7 Lefa go ntse jalo, kgakololo eno ya Bibela e phepafetse: “Se pataganeleñ yokwe le ba ba sa dumeleñ.” (2 Bakorintha 6:14) A tlhagiso eno ya bomodimo e gagametse kana ke e e sa akanyetseng?

Tshupo ya Tlhokomelo e e Lorato ya Modimo

8. Jehofa o ne a bontsha jang gore o re kgatlhegela fela thata mo pelong?

8 Jehofa o amega tota kaga go nna ga rona re itumetse. A ga se ene, yo a neng a duela segolo, ka go neela Morwawe “go nna thèkololō ea batho ba le bantsi”? (Mathaio 20:28) A ga se ene yo o ‘re rutang gore re solegelwe molemo’? (Isaia 48:17) A ga a re solofetse gore ga a ‘kitla a letla gore re lekiwe go feta ka moo re nonofileng go itshoka ka gone’? (1 Bakorintha 10:13) Go a utlwala, he gore fa a re raya a re re seka ra ikopanya le ba ba sa dumeleng, o tshwanetse a bo a re kgatlhegela fela thata mo pelong! Tlhokomela ka moo tlhagiso eno e supang tlhokomelo ya gagwe e e lorato mo go rona ka gone.

9. (a) Ke tlhagiso efe eo Paulo a e nayang e e kgatlhanong le gore Mokeresete a bofagane le motho yo o sa dumeleng? (b) Lefoko la Segerika le le dirisitsweng jaaka “kutlwanō” le raya eng, mme le tshwantsha bothata jo bo nnang gone fa Mokeresete a ikopanya le yo o sa dumeleng jang?

9 Boikaelelo jwa Mmopi ka lenyalo e ne e le gore le nne kgolagano e e gaufi thata fa gare ga batho, e ka yone monna le mosadi ba fetogang “nama e le ñwe.” (Genesise 2:24) A go botlhale gore Mokeresete a ka dira kgolagano e e ntseng jalo e e atamalaneng le yo o sa dumeleng? Paulo o araba seno ka go tsosa dipotso tse di gwetlhang, tseo nngwe le nngwe ya tsone karabo ya yone e leng nnyaa: “Tshiamō e na le bolekane bohe le tshiamololō? kgotsa lesedi le na le kabalanō ehe le lehihi? Me Keresete o na le kutlwanō [ka Segerika, sym·phoʹne·sis] ehe le Beliale [Satane]? kgotsa eo o dumèlañ o na le kabèlō ehe le eo o sa dumeleñ?” (2 Bakorintha 6:14, 15) Lefoko la Segerika sym·phoʹne·sis ka mmatota le raya “modumo o o nyalanang” (go tswa go syn, “gammogo le” pho·neʹ, “modumo”). E supela go kutlwano ya modumo wa diletso tsa mmino. Eleruri, ga go na kutlwano epe fa gare ga ga Keresete le Satane. Ka mo go tshwanang, mo jokweng e e sa lekalekaneng, go bokete thata gore monna le mosadi ba kgone ‘go opela nnoto e e tshwanang.’ Ba tshwana fela le diletso tse pedi tsa mmino tse di sa nyalaneng, tseo di ntshang medumo e e sa nyalaneng go na le go ntsha mmino.

10. Ke dikarolo dife tseo di leng botlhokwa thata mo lenyalong le le itumetseng, mme ke melemo efe eo e nnang gone fa jokwe e lekalekana?

10 He, motho wa semoya a ka ipelela tirisanommogo e e tletseng le motho wa senama jang? (1 Bakorintha 2:14) Go dumela dilo tse di tshwanang, melao-metheo e e tshwanang, le go nna le mekgele e e tshwanang ke dilo tsa botlhokwa mo lenyalong le le itumetseng. Ga go sepe se se nonotshang lenyalo go na le fa botlhe ba boifa Mmopi. Fa jokwe e lekalekana, monna le mosadi ba ka kgona go kgothatsana mo kobamelong. Ba ka dirisa Dikwalo go rarabolola go sa utlwaneng gope ga bone. A ga go supe he go bo Jehofa o re bolelela gore re seka ra ikopanya le ba ba sa dumeleng ka gonne o batla gore re ipelele kgolagano e e atamalaneng thata le balekane ba rona ba lenyalo?

11. Ke ka ntlhayang fa go nyalana le ba ba sa dumeleng kwa Iseraeleng go ne go thibelwa, mme ke potso efe e e gwetlhang e e bodiwang?

11 Go reetsa tlhagiso eno ya Bibela gape go re sireletsa mo diphelelong tse di botlhoko tseo gantsi di diragalang fa Mokeresete a ikopanya le yo o sa dumeleng. Ka sekai, yo o sa dumeleng a ka nna a faposa molekane wa Mokeresete mo go direleng Jehofa. Tlhokomela ka moo Jehofa a neng a tlhagisa Baiseraele ba bogologolo ka gone. Go nna le dikamano tsa lenyalo le ba eseng baobamedi go ne go thibelwa. Ka ntlhayang? “Gonne o tla haposa morwao mo go ntshaleñ moragō,” Jehofa o ne a tlhagisa jalo, “gore ba dihèlè medimo e sele.” (Duteronome 7:3, 4) Fa o lebane le go ganediwa ke molekane yo o sa dumeleng, o ka nna wa sekamela mo go tseyeng tsela ya go sa ganelane nae. Go motlhofo go akanya gore ‘seo ga se kitla se ntiragalela!’ Mme se ne sa diragalela monna yo o botlhale jaaka Solomone. A le wena o ka seka wa diragalelwa ke se se tshwanang?—1 Dikgosi 11:1-6; bapisa 1 Dikgosi 4:29, 30.

12. Molao wa Modimo o o neng o thibela go nyalana le baeng o ne o sireletsa Baiseraele jang? Tshwantsha.

12 Le eleng lefa modumedi a sa faposiwe mo kobamelong ya boammaaruri, go santse go na le mathata le dikgatelelo tseo gantsi di leng gone mo magaeng ao a kgaoganeng mo bodumeding. Tlhokomela gape molao wa Modimo kwa Iseraeleng. A re re gongwe mosetsana wa Moiseraele o ne a dumela go nyalwa ke monna wa Mokanana. Ka ntlha ya ditiro tsa tlhakanelo-dikobo tse di neng di tletse mo lefatsheng la Kanana, a o ne a tla tlotla molao wa Modimo wa gagwe? Ka sekai, a o ne a tla seka a tlhakanela le ene dikobo fa a le mo kgweding, jaaka Molao wa ga Moshe o ne o laola?c (Lefitiko 18:19; 20:18; bapisa Lefitiko 18:27.) Mo kgannyeng ya monna wa Moiseraele yo a neng a nyetse mosadi wa Mokanana, a o ne a tla mo tshegetsa fa a tsaya maeto a go ya kwa Jerusalema gararo ka ngwaga go ya kwa meletlong? (Duteronome 16:16) Go phepafetse he gore molao wa Modimo o o neng o thibela manyalo a a ntseng jalo o ne o sireletsa Baiseraele.

13. (a) Ke ka ntlhayang fa motho wa lefatshe a sena segakolodi se se katisitsweng ka Bibela sa Bokeresete? (b) Ke dikgatelelo dife le mathata afe a bangwe ba nang nao mo magaeng a a kgaoganeng ka bodumedi?

13 Go tweng ka gompieno? Ditekanyetso tsa batho ba lefatshe di kgakala fela thata le tsa Bibela. Go sa kgathalesege gore batho bangwe ba lefatshe ba ka lebega ba le phepa jang, ga ba na segakolodi se se katisitsweng ka Bibela, sa Bokeresete. Ga ba a fetsa dingwaga ba ithuta Bibela, ‘ba fetola megopolo ya bone’ le ‘go apola motho wa bogologolo.’ (Baroma 12:2; Bakolosa 3:9) Ka gone, Mokeresete yo o ikopanyang le motho yo o sa dumeleng gantsi o ipaya mo kotsing ya go nna pelobotlhoko le go hutsafala. Bangwe ba lebagana le kgatelelo e e tswelelang ya go tsenelela mo ditirong tse di sa siamang tsa tlhakanelo-dikobo kana go keteka malatsi a lefatshe a boikhutso. Ba bangwe ba ngongorega le eleng ka bodutu. Jaaka kgaitsadi mongwe a ne a kwala jaana: “Bodutu jo o bo utlwang fa o nyetswe ke mongwe yo o sa rateng Jehofa bo feta bodutu bope fela jo bo ka akanngwang. Bona, ga o na ope yo o ka abalanang boammaaruri le ene, eleng seo e leng selo sa botlhokwa fela thata mo botshelong jwa gago.”

14. (a) Mo legaeng le le kgaoganeng, ke ka ntlhayang fa go le bokete go godisetsa bana mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna”? (b) Seno se ka ama bana ba ba leng mo legaeng le le kgaoganeng jang?

14 Mo legaeng le le kgaoganeng, go ka nna bokete fela thata go godisetsa bana mo “koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Ka sekai, a yo o sa dumeleng o tla dumela go letla bana ba gagwe go ya kwa dipokanong kana go tsaya karolo mo bodiheding jwa tshimo? Gantsi bana ba iphitlhela ba le fa gare—ba rata batsadi boobabedi, mme ke motsadi a le mongwe fela yo o ratang Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo o neng a nyetswe ke motho yo o sa dumeleng o ne a bua jaana: “Ke ne ke tlhola ke le pelobotlhoko mo dingwageng tse 20 tsa lenyalo la me. Bomorwaake ba ne ba gola ba sa itumela ebile maikutlo a bone a tlhakatlhakane mme jaanong ba ile le lefatshe. Morwadiake gantsi ga a itumelele go bo nako le nako a kgaogana le nna ka ntlha ya tshwanelo ya ga rraagwe ya gore a mo etele. Mathata otlhe ano a gone ka gore fa ke le 18, ke ne ka itlhophela go tlhokomologa mongwe wa melao-metheo ya ga Jehofa.” Molao-motheo ofe? Lo seka lwa ikopanya le ba ba sa dumeleng!

15. Ke ka ntlhayang fa Jehofa a re naya kgakololo ya gore re seka ra ikopanya le ba ba sa dumeleng?

15 Ka phepafalo, Jehofa o batla gore re bone se se gaisang mo botshelong. Seo a se re kopang, go kopanyeletsa le kgakololo ya gagwe ya go sa ikopanyeng le batho ba ba sa dumeleng se molemong wa rona. (Duteronome 10:12, 13) Go nyalana le yo o sa dumeleng ke go itlhokomolosa kgakololo eno ya Dikwalo, go itlhokomolosa botlhale jo bo solegelang molemo, le boitemogelo jo bo utlwisang botlhoko jo gantsi bangwe ba nnang najo.

Dipotso tse ka Tlwaelo di Bodiwang

16, 17. (a) Fa re se kelotlhoko, maikutlo a rona a ka faposa go akanya ga rona jang? (b) A kgakololo ya Modimo e tshwanetse go itlhokomolosiwa ka ntlha ya maemo ape fela ao a sa tlwaelegang ao mo go one Mokeresete a neng a nyetse mongwe yo o sa dumeleng mme jaanong bobedi jwa bone bo direla Jehofa? Tlhalosa.

16 Lefa go le jalo, fa re se kelotlhoko, boikutlo bo ka tlhakatlhakanya go akanya ga rona. Re ka nna ra simolola go ikutlwa gore go ka nna ga dirwa se se sa tlwaelegang mabapi le rona. Tlhokomela dingwe tsa dipotso tseno tseo di neng tsa bodiwa gantsi.

17 Go tweng ka seemo seo mo go sone mokaulengwe kana kgaitsadi a neng a nyala yo o sa dumeleng, mme jaanong botlhe ba direla Jehofa? Lefa go le jalo, melao-metheo ya ga Jehofa e ne ya tlolwa. A bofelelo jwa selo bo dira gore tsela e se dirilweng ka yone go twe e siame? Kgang ya Bajuda ba ba neng ba tswa kwa botshwarong kwa Babelona e supa pono ya Modimo ka bao ba itlhokomolosang kgakololo ya gagwe. Fa bangwe ba ne ba tsaya basadi ba baheitane, bakwadi ba Bibela Esere le Nehemia ga ba a ka ba senya nako go kgala tiro eo ya bone. Bajuda bao ba ne ba “tlodile,” ba ne ba dirile “boshula yotlhe yo bogolo,” mme ba ne ba le “molato.” (Esere 10:10-14; Nehemia 13:27) Sengwe gape se se tshwanetseng go tlhokomelwa ke seno: Fa re itlhokomolosa kgakololo ya Modimo, re ka nna ra intsha kotsi mo semoyeng, ra gobatsa segakolodi sa rona. Kgaitsadi mongwe yo kgabagare monna wa gagwe yo o sa dumeleng a neng a fetoga modumedi o ne a bua jaana: ‘Ke santse ke fodisa mabadi a boikutlo. Ga ke kgone go bolela ka moo ke utlwang botlhoko ka gone fa ba bangwe ba re supa mme ba re, “Mme bone ba ne ba atlega.”’

18. Ke tsela efe e e botlhale e o tshwanetseng go e tsaya fa o kgatlhegela mongwe yo a iseng a kolobediwe, mme o tla bo o supa eng ka seo?

18 Go tweng fa o kgatlhegela mongwe yo o ithutang Bibela ebile a tla dipokanong lefa a ise a kolobediwe? Re a ipela fa mongwe a kgatlhegela boammaaruri jwa Bibela. Lefa go le jalo, potso ke go re: A o tshwanetse go ganelela mo tshekamelong eo ya gago? Ka tlhamalalo fela, tsela e e botlhale ke go leta nako e e rileng morago ga fa tsala ya gago e sena go kolobediwa e bile e setse e dira botswelelopele mo go bontsheng maungo a moya wa Modimo pele o ka simolola go itlwaelanya nae. (Bagalatia 5:22, 23) Go ka nna ga seka ga nna motlhofo go dirisa kgakololo eno, mme go dira jalo go tla bo go supa go boifa ga gago melao-metheo ya Bibela; mme seno se tla thaa motheo o o molemo wa lenyalo leo ka boammaaruri le itumetseng. Fa e le gore tsala ya gago e go kgatlhegela ka mmatota mme ka boammaaruri e rata Jehofa, ga go pelaelo ya gore e tla batla go leta go fitlha fa lo setse lo le “mo Moreneñ” lotlhe—lo ineetse lo bile lo kolobeditswe—pele lo simolola go ratana. Gakologelwa gape gore lorato lwa boammaaruri ga lo kgorelediwe ke go feta ga nako.—1 Bakorintha 7:39; Genesise 29:20.

19. Ke eng seo o tshwanetseng go nna o ntse o se gakologelwa fa o na le bothata jwa go bona molekane wa lenyalo mo badumeding-ka-wena?

19 Go tweng he fa e le gore o na le bothata jwa go bona molekane yo o tshwanetseng wa lenyalo mo badumeding-ka-wena? “Ke na le dingwaga di le 26, ga ke a nyalwa, mme ke jewa ke bodutu tota,” go ne ga bua jalo kgaitsadi mongwe. Ke boammaaruri gore go nna o sa nyalwa go ka nna bokete mo go wena, mme mathata a a nnang gone mo jokweng e e sa lekalekaneng ya lenyalo a ka nna bokete le eleng go feta! Go reetsa kgakololo eno ya Modimo go ka tlhoka tumelo, boikgapo, bopelotelele, mme tlhomamisega gore Jehofa o a itse ebile o go eleletsa se se molemo se se go tshwanetseng. (1 Petere 5:6, 7) Go rapelele, mme o bo o lebelela kwa go Jehofa. (Pesalema 55:22) Mo tsamaisong eno ya dilo, ga go ope yo o nang le botshelo jo bo kgotsofatsang ka botlalo. Pelo ya gago e ka eletsa go nna le molekane. Lefa go le jalo, ba bangwe, ba na le mathata, ao mangwe a one a ka sekeng a rarabologa mo tsamaisong eno. Ke fela mo lefatsheng je lesha je le tlang koo “keleco ea ditshedi cotlhe” e tla kgotsofadiwang ka botlalo.—Pesalema 145:16.

20. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang o ne a tlhalosa boikemisetso jwa gagwe jang, mme ka go nna le boikemisetso jo bo tshwanang, o ka bona kgotsofalo efe?

20 Fa go ntse jalo, ikemisetse gore o seka wa ikopanya le yo o sa dumeleng. Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o dingwaga di 36 o ne a bua boikemisetso jwa gagwe ka tsela eno: “Ke rapelela go nna le molekane mo go Jehofa letsatsi le letsatsi. Ga ke eletse go leba ka kwantle ga phuthego ya ga Jehofa, mme diteko di ntse di le gone. Mo nakong eno, ke batla go direla mo go nneng le dinonofo tseo di tla ntokafatsang jaaka motho gore ke tle ke nne mofuta wa mosadi wa semoya yoo monna wa semoya a mmatlang.” A le wena o ikemiseditse ka mo go tshwanang? Fa go le jalo, o ka nna le kgotsofalo eo e bonwang ka go itshupa o ikanyega mo Modimong wa tshiamiso ya bomodimo.—Pesalema 37:27, 28.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Mo go 1 Bakorintha 14:22, Paulo o dirisitse lereo “ba ba sa dumeleñ” leo le farologanang le “ba ba dumèlañ,” kana batho ba ba kolobeditsweng. Bakorintha, he ba ne ba tla tlhaloganya gore lefoko “ba ba sa dumeleñ” le raya batho ba ba sa kolobediwang.—Bona Ditihō 8:13; 16:31-34; 18:8.

b “Fa o atolositswe, molao-motheo o ka bewa gape jaana: ‘Lo seka lwa nna le kamano epe, lefa e le ya nakwana kana ya goyagoile, le ba ba sa dumeleng e e ka dirang gore lo latlhe ditekanyetso tsa lona tsa Bokeresete kana lo tsenye go tlhomama ga bosupi jwa Bokeresete mo kotsing. Mme ke ka ntlhayang fa go tshwanetse ga nna le kgaogano eo? Ka gonne yo o sa dumeleng ga a dire go ya ka ditekanyetso tsa Mokeresete, tumalanong le ene, kana le mekgele ya gagwe.’”—The Expositor’s Bible Commentary, Volume 10, tsebe 359.

c Bona The Watchtower ya September 15, 1972, ditsebe 575-6.

A O ka Tlhalosa?

◻ Bibela e tlhagisa jang kgatlhanong le go nna le dikamano tse di atamalaneng le ba ba sa dumeleng?

◻ Ke ka ntlhayang fa bangwe ba Bakeresete ba ba ineetseng ba batla balekane ba lenyalo ka kwantle ga phuthego?

◻ Tlhagiso ya ga Jehofa ka jokwe e e sa lekalekaneng eleruri e supa jang tlhokomelo ya gagwe e e lorato mo go rona?

◻ Ke dipotso dife tseo ka tlwaelo di bodiwang mabapi le go batliwa ga molekane, mme o ne o ka di araba jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela