Pina 14
Dilo Tsotlhe di Dirwa Sesha
1. Bogosi jwa Modimo bo a busa.
Jesu ke ene kgosi ya jone.
Kwa legodimong Satane’o fentswe,
Le mo lefatsheng o tloga’a senngwa.
(KHORASE)
Batho botlhe a ba’ipele!
Jah o busa ’fatshe lotlhe.
Ga go tlhole go le botlhoko,
Selelo, loso di fe dile;
A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’
Tsa pele di fetile.
2. A batho ba bone Jerusalema,
Mo nyadwi wa Kwana o kgabile.
Ka majana a botlhokwatlhokwa,
Jehofa o ipela ka ene.
(KHORASE)
Batho botlhe a ba’ipele!
Jah o busa ’fatshe lotlhe.
Ga go tlhole go le botlhoko,
Selelo, loso di fe dile;
A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’
Tsa pele di fetile.
3. Dikgoro tsa motse o o rategang.
Ditla bulwa ka dinako tsotlhe.
Di tšhaba tsotlhe a ko lo yeng teng;
Lo bone kgalalelo’a Jehofa.
(KHORASE)
Batho botlhe a ba’ipele!
Jah o busa ’fatshe lotlhe.
Ga go tlhole go le botlhoko,
Selelo, loso di fe dile;
A re: ‘Bona tsotlhe di nna disha.’
Tsa pele di fetile.
(Bona le Math. 16:3; Tshen. 12:7-9; 21:23-25.)