Pina 84
“Ke a Batla”
E e Gatisitsweng
1. Kreste o bontshitse ’rato,
Fa a ne’a tswa legodimong.
A tshela le batho,
A ruta ka Jah;
A ruta ka boammaaruri.
O ne a gomotsa batho,
A fodisa le malwetse.
O ne a dira thomo ya gagwe,
A bua a re: “Ke’a batla.”
2. Ruri Jah o re thusitse
Kago re romel’la Jesu,
Re dira le ene
re itumetse,
Gore re boloke batho.
Ba tota ba tlhokang thuso,
Ba bona ’rato lwa rona.
Fa bao ba ba tlhokang ba go kopa,
Ba reye o re: “Ke’a batla.”
(Bona le Joh. 18:37; Baef. 3:19; Bafil. 2:7.)