LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 3/1 ts. 3
  • Goreng re Tlhoka Mmoloki?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Goreng re Tlhoka Mmoloki?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Loso lo Tla Fedisiwa Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • A Loso Tota ke Bokhutlo?
    Tsogang!—2007
  • Go Sekaseka Dilo Dingwe Tse Batho ba di Dumelang ka Loso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • O Akanya Eng ka Loso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 3/1 ts. 3
Dithunya tse di tla felelang di swabile

SETLHOGO SA KA FA NTLE | JESU KE MMOLOKI—JANG?

Goreng re Tlhoka Mmoloki?

“Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego. O dule jaaka sethunya mme a kgaolwe, o tshaba jaaka moriti mme ga a tswelele a le teng.”—Jobe 14:1, 2.

E setse e le lobaka lo loleele batho ba ijesa dijo tsa ditoro ka go tshela botshelo jo bo monate ba sa swe. Mme boammaaruri ke gore: Re a swa. Mafoko a ga Jobe a a fa godimo a a builweng dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng, a sa ntse a le boammaaruri le gompieno.

Batho mo lefatsheng lotlhe ba eletsa go tshelela ruri. Baebele ya re Modimo o tsentse keletso ya go tshelela ruri mo dipelong tsa rona le ya go batla go itse gore botshelo joo bo tla nna jang. (Moreri 3:11) Ka jalo, a go a utlwala gore Modimo yo o lorato a tsenye keletso eo mo go rona mme e ka se diragadiwe? O nepile fa o re, nnyaa. Lefoko la Modimo la re loso ke mmaba e bile le solofetsa gore “lo tla nyelediwa.”—1 Bakorintha 15:26.

Ke boammaaruri gore loso ke mmaba ka gonne ga go ope yo o lo ratang. Fa go tlhaga kotsi re leka go e tila, re a iphitlha kgotsa re a tshaba. Fa re lwala, re batla kalafi. Re leka ka natla go tila dilo tse di ka re bolayang.

A go a utlwala go dumela gore mmaba yono yo o sa bolong go tshwenya batho o tla nyelediwa? Ee go a utlwala. Mmopi wa rona e bong Jehofa Modimo, ga a bopa batho ka boikaelelo jwa gore ba tshele dingwaga di le mmalwanyana fela ba bo ba swa. Go tswa fela kwa tshimologong, o ne a sa batle gore batho ba swe. O ne a batla gore ba tshelele ruri mo lefatsheng, tota e bile se a se ikaelelang o a se diragatsa.—Isaia 55:11.

Mme gone, loso lo tla nyelediwa jang? Mo dingwageng tse dintsi tse di fetileng, batho ba lekile go fedisa loso mme ba iteile sefololetse. Le gompieno, ba sa ntse ba le mo letsholong leo. Baitsesaense ba dirisitse mokento le dikalafi tse di fokoditseng malwetse mangwe. Ba sekasekile kafa ditshedi di bopegileng ka gone. Gompieno mo mafelong a mantsi, batho ba tshela lobaka lo loleele go feta mo makgolong a dingwaga a a fetileng. Le fa go ntse jalo, loso lo sa ntse lo le teng. Fela jaaka Baebele e bolela, “tsotlhe di boela mo loroleng.”—Moreri 3:20.

Se se itumedisang ke gore ga re tlhoke go ikaega ka botlhale jwa batho gore ba rarabolole bothata jono jo bo sa bolong go nna teng. Jehofa Modimo o setse a rulagantse go re boloka kgotsa go re golola mo losong a dirisa Jesu Keresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela