THUTO 44
Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo
KA GONNE dipotso di tlhoka go arabiwa—e ka tswa e le ka molomo kgotsa ka mogopolo—di thusa go dira gore bareetsi ba gago ba nne le seabe mo motlotlong. Dipotso di ka go thusa go simolola metlotlo e bile di ka go thusa go utlwa se ba bangwe ba se akanyang. Jaaka sebui le morutisi, o ka dirisa dipotso go tsosa kgatlhego, go thusa motho yo mongwe go akanya ka kgang e go tlotlwang ka yone, kgotsa go gatelela se o se buang. Fa o dirisa dipotso sentle, o kgothaletsa ba bangwe go akanya go na le gore ba reetse fela. Akanya ka se o batlang go se fitlhelela, mme o botse dipotso tsa gago ka tsela e e tla go thusang go se fitlhelela.
Go Dira Gore Motlotlo o Tswelele. Fa o le mo bodireding jwa tshimo, nna o ntshitse matlho dinameng gore o bone kafa o ka dirang ka teng gore batho ba ntshe maikutlo a bone fa ba rata go dira jalo.
Basupi ba le bantsi ba simolola metlotlo e e kgatlhang ka go botsa fela ba re, “A o kile wa ipotsa . . . ?” Fa ba tlhopha potso e tota batho ba le bantsi ba e ipotsang, kwantle ga pelaelo ba tla itumelela tirelo ya bone ya tshimo. Le fa motho yo mongwe a ise a ke a ipotse potso eo, e ka nna ya dira gore a kgatlhege. O ka nna wa simolola motlotlo ka dilo tse di farologaneng ka go botsa dipotso tse di tshwanang le “O akanyang . . . ?,” “O ikutlwa jang ka . . . ?,” le “A o dumela gore . . . ?”
Fa moefangedi Filipo a ne a atamela modiredimogolo wa kgotla wa Moethiopia yo o neng a balela boporofeti jwa ga Isaia kwa godimo, Filipo o ne a botsa fela a re: “A tota o itse [kgotsa, a o tlhaloganya] se o se balang?” (Dit. 8:30) Potso eno e ne ya dira gore Filipo a kgone go tlhalosa boammaaruri ka Jesu Keresete. Basupi bangwe ba gompieno ba ile ba dirisa potso e e tshwanang le eo, mme ba bona batho ba ba neng ba nyoretswe go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e utlwalang.
Batho ba le bantsi ba tla rata go go reetsa fa ba neilwe sebaka sa go tlhalosa tsela e ba lebang dilo ka yone. Fa o sena go botsa potso, reetsa ka tlhoafalo. Nna pelonomi fa o bontsha gore o itumelela karabo ya motho yoo, o se ka wa mo tshwaya diphoso. Mo akgole fa o kgona go dira jalo go tswa pelong. Mo lekgetlong lengwe, fa mokwadi mongwe a sena go ‘araba ka botlhale,’ Jesu o ne a mo akgola, a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” (Mar. 12:34) Le fa o sa lebe dilo jaaka motho yo mongwe a di leba, o ka mo lebogela go bo a ntshitse maikutlo a gagwe. Se a se buileng se ka nna sa go thusa go bona boikutlo bongwe jo a nang le jone jo o tlhokang go bo akanyetsa fa o mmolelela boammaaruri jwa Baebele.
Go Tlhagisa Dintlha Tse di Botlhokwa. Fa o bua le setlhopha sa batho kgotsa o tlotla le motho a le mongwe, leka go dirisa dipotso go dira gore bareetsi ba bone dintlha tse di botlhokwa. O tlhomamise gore dipotso tsa gago di bo di bua ka dilo tse bareetsi ba gago ba di kgatlhegelang tota. Gape o ka nna wa botsa dipotso tse di tsosang kgatlhego tse go seng motlhofo go bona dikarabo tsa tsone. Fa o kgwa mowa go le gonnye morago ga go botsa potso, go ka direga gore bareetsi ba gago ba kgatlhegele thata se o tlileng go se bua.
Mo lekgetlong lengwe, moporofeti Mika o ne a dirisa dipotso di le mmalwa. Fa moporofeti yono a sena go botsa gore ke eng se Modimo a se lebeletseng mo go ba ba mo obamelang, o ne a botsa dipotso tse dingwe tse nnè, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e na le se e ka nnang ya bo e le karabo. Dipotso tseo tsotlhe di thusa babadi go lemoga karabo e a neng a digela karolo eno ya motlotlo wa gagwe ka yone. (Mik. 6:6-8) A o ka dira sengwe se se tshwanang le seo fa o ruta? Se leke.
Go Ntsha Mabaka A se Go Tlotliwang ka Sone. Dipotso di ka dirisiwa go thusa ba bangwe go tlhaloganya mabaka a kgang e e tlotliwang. Jaaka fa go bontshitswe mo go Malaki 1:2-10, Jehofa o ne a dira seno fa a ne a bolelela Baiseraele polelo e e masisi. O ne a simolola ka go ba bolelela jaana: “Ke lo ratile.” Ba ne ba se ka ba anaanela lorato loo, ka jalo a ba botsa a re: “A Esau e ne e se morwarraagwe Jakobe?” Go tswa foo Jehofa o ne a bontsha gore go kgakgabala ga Edoma e ne e le bosupi jwa gore Modimo o ne a sa tlhole a rata setšhaba seo ka ntlha ya boikepo jwa sone. Morago ga moo o ne a dirisa ditshwantsho, fa gongwe a botsa dipotso go gatelela ntlha ya gore Baiseraele ba ne ba paletswe ke go arabela ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a ba bontsha lorato. Dingwe tsa dipotso tseo di ne di bodiwa jaaka e kete di bodiwa ke baperesiti ba ba sa ikanyegeng. Tse dingwe ke dipotso tse Jehofa a neng a di botsa baperesiti. Puisano eno e tsosa kgatlhego e bile e dira gore re tlhome mogopolo mo go se se buiwang; mabaka a a ntshiwang ga se a a ka ganediwang; molaetsa wa teng ga o lebalesege.
Dibui dingwe di dirisa dipotso jalo ka tsela e e molemo. Le fa go ka nna ga bo go sa lebelelwa gore bareetsi ba arabe, seno se dira gore ba akanye, jaaka e kete le bone ba mo puisanong.
Fa re tshwara dithuto tsa Baebele, re dirisa mokgwa o o tla dirang gore moithuti a nne le seabe. Gone mme go nna molemo thata fa moithuti a sa bale fela dikarabo tse di kwadilweng. Ka bonolo, botsa dipotso tse di tlatseletsang go thusa moithuti go bona mabaka. Mo dintlheng tsa konokono, mo kgothaletse go araba a dirisa Baebele. Gape o ka nna wa botsa jaana: “Se re buang ka sone se amana jang le ntlha e nngwe e re e ithutileng? Ke ka ntlha yang fa se le botlhokwa? Se tshwanetse go ama matshelo a rona jang?” Mokgwa o o ntseng jalo o molemo thata go feta fa e le wena fela o buang se o se dumelang kgotsa e le wena o dirang tlhaloso e telele. Fa o dira jaana, o thusa moithuti go dirisa “maatla [a gagwe] a go akanya” fa a obamela Modimo.—Bar. 12:1.
Fa moithuti a sa tlhaloganye ntlha nngwe, nna pelotelele. A ka nna a bo a leka go bapisa se o se buang le se a nang le dingwaga tse dintsi a se dumela. Go ka nna ga thusa go tlhalosa ntlha ka tsela nngwe e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go tlhokega fela gore o tlhalose dilo ka tsela e e motlhofo thata. Dirisa Dikwalo thata. Dirisa ditshwantsho. Mo godimo ga moo, botsa dipotso tse di motlhofo tse di dirang gore motho a akanye ka bosupi jo bo ntshiwang.
Go Dira Gore Motho a Ntshe Maikutlo a Gagwe. Ga se ka metlha batho ba ntshang maikutlo a bone tota fa ba araba dipotso. Ba ka nna ba go naya fela karabo e ba akanyang gore o a e batla. Go tlhokega gore o nne le temogo. (Dia. 20:5) O ka nna wa botsa jaana jaaka Jesu a ne a botsa: “A o dumela seno?”—Joh. 11:26.
Fa ba le bantsi ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgopisiwa ke se a neng a se bua ba bo ba mo tlogela, o ne a kopa baaposetoloi ba gagwe gore ba bolele kafa ba neng ba ikutlwa ka teng. O ne a botsa jaana: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere o ne a tlhalosa tsela e ba ikutlwang ka yone, a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Joh. 6:67-69) Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Batho ba re Morwa motho ke mang?” Go tswa foo o ne a botsa potso e e neng e dira gore ba bolele se se neng se le mo dipelong tsa bone. “Mme, lona lwa re ke mang?” Petere o ne a araba ka gore: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.”—Math. 16:13-16.
Fa o tshwere thuto ya Baebele, o ka nna wa fitlhela go le molemo go dira ka tsela e e tshwanang mo dintlheng dingwe. O ka nna wa botsa jaana: “Batho ba o tsenang sekolo le bone (kgotsa ba o berekang le bone) ba leba jang kgang eno?” Go tswa foo o ka botsa jaana: “Wena o ikutlwa jang ka yone?” Fa o itse tsela e tota motho a ikutlwang ka yone, seno se dira gore wena jaaka morutisi o nne mo boemong jo bo molemo thata jwa go mo thusa.
Go Gatelela Ntlha. Gape dipotso di ka dirisiwa go gatelela dintlha. Moaposetoloi Paulo ne a dira seno jaaka go kwadilwe mo go Baroma 8:31, 32: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona? Yo o neng a se ka a dibela le Morwawe mme a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang gape fa ka bopelonomi a ka se ka a re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?” Ela tlhoko gore mo ntlheng nngwe le nngwe, potso e tswa mo polelong e e tlang pelenyana fela ga yone.
Fa moporofeti Isaia a sena go kwala dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le kgosi ya Babelona, o ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa wa masomosomo ka esi o dirile tshwetso, mme ke mang yo o ka e senyang? Seatla sa gagwe ke sone se se otlolotsweng, ke mang yo o ka se busetsang morago?” (Isa. 14:27) Tsela e dipotso tseo di bodiwang ka yone, e bontsha gore ntlha eo e ka se ganediwe. Ga go a lebelelwa gore yo go buiwang le ene a arabe.
Go Senola Dikgopolo Tse di Phoso. Gape dipotso tse di akanyeditsweng sentle di ka dirisiwa ka tsela e e maatla go senola dikgopolo tse di phoso. Pele ga Jesu a fodisa monna mongwe, o ne a botsa Bafarasai le baitse bangwe ba Molao jaana: “A go kafa molaong go alafa ka sabata kgotsa nnyaa?” Fa a sena go mo fodisa o ne a tswelela go botsa potso e nngwe: “Ke ofe wa lona, yo fa morwawe kgotsa poo ya gagwe e wela mo sedibeng, a se kitlang a mo ntshetsa kwa ntle ka yone nako eo ka letsatsi la sabata?” (Luke 14:1-6) Go ne go sa lebelelwa gore ope a arabe, e bile ga go na ope yo o neng a araba. Dipotso tseo di ne di senola tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone.
Ka dinako tse dingwe, tota le Bakeresete ba boammaaruri ba ka akanya ka tsela e e phoso. Bangwe ba kwa Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba isa bakaulengwe ba bone kwa kgotlatshekelo go rarabolola mathata a ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba ne ba kgona go a itharabololela. Moaposetoloi Paulo o ne a rarabolola jang kgang eno? O ne a botsa motseletsele wa dipotso tse di tlhamaletseng gore a baakanye tsela e ba neng ba akanya ka yone.—1 Bakor. 6:1-8.
Fa o itlwaetsa, o ka ithuta go botsa dipotso ka tsela e e molemo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore o bontshe tlotlo, bogolo jang fa o bua le batho ba bagolo, batho ba o sa ba itseng, le batho ba ba mo boemong jwa bolaodi. Dirisa dipotso go bolela boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e kgatlhang.