LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 41 ts. 226-ts. 228 ser. 5
  • Ba Bangwe ba Tlhaloganya Se o Se Buang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Bangwe ba Tlhaloganya Se o Se Buang
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dira Gore Bareetsi ba Tlhaloganye Se o Se Buang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Kgang e e Rutang Bareetsi
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Go Baakanyetsa Dipuo Tsa Phatlalatsa
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ruta ka Tsela E e Sa Raraanang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 41 ts. 226-ts. 228 ser. 5

THUTO 41

Ba Bangwe ba Tlhaloganya Se o Se Buang

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Bua ka tsela e e tla dirang gore ba bangwe ba tlhaloganye motlhofo se o se buang.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Fa bareetsi ba tlhaloganya dintlha tsa gago tsa puo motlhofo, e tla ba solegela molemo thata.

FA O bua, o se ka wa naya bareetsi tshedimosetso fela. Leka go dira gore ba ba go reeditseng ba tlhaloganye se o se buang. Seno se ka go thusa go bua ka tsela e e nang le matswela, fa o bua le phuthego kgotsa le batho ba e seng Basupi.

Go na le dilo di le dintsi tse di amanang le puo e motho a kgonang go e tlhaloganya sentle. Dingwe tsa tsone go tlotlwa ka tsone mo go Thuto 26, e e reng “Go Tlhalosa Dintlha ka Tsela e e Utlwalang Sentle.” Go tlotliwa ka tse dingwe mo go Thuto 30, e e reng, “Go Bontsha go Kgatlhegela Motho yo Mongwe.” Mo thutong eno, re tlile go tlotla ka dintlha di sekae tse dingwe.

Dirisa Mafoko A a Sa Raraanang, Tsela E e Sa Raraanang ya go Bua. Mafoko a a sa raraanang le dipolelo tse dikhutshwane di ka dirisiwa ka tsela e e nonofileng mo puong. Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng ke sekai se sentle thata sa puo e batho ba ka kgonang go e tlhaloganya sentle go sa kgathalesege gore ke bomang kgotsa ba nna kae. Ba ka nna ba bo ba sa tlwaela ntlha ya dilo tse a di buang. Le fa go le jalo, ba kgona go tlhaloganya se Jesu a se buang ka gonne o ne a bua ka dilo tse di re amang rotlhe: kafa re ka itumelang ka gone, kafa re ka tokafatsang dikamano tsa rona le ba bangwe ka gone, kafa re ka itshokelang ditlhobaelo ka gone, le kafa re ka bonang se re se tshelelang ka gone. O ne a tlhalosa dintlha tsa gagwe ka tsela e e utlwalang sentle. (Math., dikg. 5-7) Gone mme, Baebele e na le dikai di le dintsi tsa dipolelo tsa boleele jo bo sa tshwaneng e bile di bopegile ka tsela e e sa tshwaneng. Boikaelelo jwa gago jo bogolo e tshwanetse ya nna go tlhalosa dintlha ka tsela e e utlwalang sentle le e e tlhaloganyesegang.

Tota le fa o tlotla ka dilo tse di thata, fa o dirisa mokgwa o o sa raraanang o tla thusa bareetsi go tlhaloganya motlhofo. O ka dira jang gore o bue ka tsela e e sa raraanang? O se ka wa naya bareetsi dintlha tse dintsintsi tse di sa tlhokegeng. Rulaganya dintlha tsa gago ka tsela e e leng gore di tla tlatsa dintlha tsa gago tsa konokono. Tlhopha ditemana tsa gago tsa konokono ka kelotlhoko. Go na le go itlhaganelela go tswa mo temaneng e nngwe go ya kwa go e nngwe, di bale o bo o tlotle ka tsone. O se ka wa fitlha ntlha e e molemo ka go dirisa mafoko a mantsintsi.

Fa o tshwere thuto ya Baebele ya legae, dirisa yone melaometheo eno. O se ka wa leka go tlhalosa ntlha nngwe le nngwe e nnye. Thusa moithuti go tlhaloganya dintlha tsa konokono sentle. Moragonyana, fa a ithuta a le esi le fa a le kwa dipokanong tsa phuthego, a ka kgona go ithuta dintlha tse dingwe.

E le gore o neele puo ka tsela e e sa raraanang, o tshwanetse go baakanyetsa sentle. Wena ka bowena o tshwanetse wa bo o tlhaloganya setlhogo sa gago sentle gore o dire gore ba bangwe ba se tlhaloganye. Fa o tlhaloganya sengwe sentle, o tla kgona go ntsha mabaka a go bo se ntse jalo. Gape o ka kgona go se tlhalosa ka mafoko a gago.

Tlhalosa Mafoko A a Sa Tlwaelegang. Ka dinako tse dingwe go dira gore bareetsi ba gago ba tlhaloganye dilo dingwe go tla tlhoka gore o tlhalose bokao jwa mafoko mangwe a ba sa a tlwaelang. O se ka wa tsaya gore bareetsi ba gago ba itse go le gontsi thata ka se o se buang, mme gape o se ka wa ba leba e le batho ba ba sa kgoneng go dirisa tlhaloganyo. Ka ntlha ya go ithuta ga gago Baebele, o ka nna wa dirisa mafoko mangwe a batho ba bangwe ba sa a itseng. Fa o sa tlhalose mafoko a a tshwanang le “masalela,” “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” “dinku tse dingwe,” le “boidiidi jo bogolo,” batho ba ba sa kopaneleng le Basupi ba ga Jehofa ga ba na go tlhaloganya gore mafoko ano a raya ditlhopha tse di rileng tsa batho. (Bar. 11:5; Math. 24:45; Joh. 10:16; Tshen. 7:9) Ka tsela e e tshwanang, fa motho a sa tlwaelana le mokgatlho wa Basupi ba ga Jehofa, a ka nna a se ka a tlhaloganya gore mafoko a a tshwanang le “mmoledi,” “mmulatsela,” “molebedi wa potologo,” le “Segopotso,” a kayang.

Mafoko mangwe a Baebele a a dirisiwang thata le ke batho ba e seng Basupi a ka nna a tlhoka go tlhalosiwa. Mo bathong ba le bantsi, “Aramagedona” e raya go gaila batho ka dibetsa tsa nuklea. Ba ka nna ba golaganya “Bogosi Jwa Modimo” le boemo jo bo mo teng ga motho kgotsa le legodimo mme e seng le goromente. Go bua ka “moya” go ka dira gore ba akanye ka se go tweng ke karolo nngwe ya semoya ya motho e e tswelelang e tshela fa mmele o swa. Go ya ka se dimilionemilione tsa batho di se rutilweng, “moya o o boitshepo” ke motho, karolo ya Tharonngwe. Ka gonne batho ba le bantsi thata ba sa tlhole ba tshela ka melao ya Baebele ya boitshwaro, ba ka nna ba bo ba tlhoka go thusiwa go tlhaloganya se Baebele e se kayang fa e re: “Tshabang kgokafalo.”—1 Bakor. 6:18.

Fa batho ba sa bale Baebele ka metlha, ba ka nna ba se ka ba go tlhaloganya fa o re fela, “Paulo o ne a kwala jaana . . . ” kgotsa “Luke o ne a re . . . ” Ba ka nna ba bo ba na le ditsala kgotsa baagelani ba ba nang le maina ao. O ka nna wa tshwanelwa ke go tsenya mafoko mangwe a a tlhalosang go bontsha gore motho yoo ke moaposetoloi wa Mokeresete kgotsa mokwadi wa Baebele.

Gantsi bareetsi ba motlha wa gompieno ba tlhoka go thusiwa go tlhaloganya ditemana tse di nang le ditekanyo kgotsa ditlwaelo tsa metlha ya bogologolo. Ka sekai, polelo e e reng araka ya ga Noa e ne e le boleele jwa dikubita di le 300, bophara jwa dikubita di le 50, le bogodimo jwa dikubita di le 30 e ka nna ya bo e sa bue sepe mo go bone. (Gen. 6:15) Mme fa o ne o tshwanelwa ke go tlhalosa tsone ditekanyo tseno o dirisa matshwao a lefelo la lona a a itsiweng, ka bonako fela bareetsi ba gago ba ne ba tla bona gore araka eno e ne e le bogolo bo kae.

Naya Tlhaloso e e Tlhokegang. Go dira gore bareetsi ba tlhaloganye ntlha sentle, ga se kgang fela ya go tlhalosa lefoko lengwe ka tsela e e tshwanetseng. Kwa Jerusalema mo metlheng ya ga Esera, e ne e re fa go balwa Molao, gape o ne o tla o tlhalosiwa. Go thusa batho go tlhaloganya se Molao o se kayang, Balefi ba ne ba o tlhalosa ba ba bo o dirisa mo maemong a batho ba neng ba lebana le one ka nako eo. (Neh. 8:8, 12) Ka tsela e e tshwanang, iphe nako ya go tlhalosa le go bontsha kafa ditemana tse o di balang di ka dirisiwang ka teng.

Morago ga loso lwa gagwe le tsogo, Jesu o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore se se sa tswang go direga se ne se diragatsa Dikwalo. Gape o ne a gatelela boikarabelo jo ba nang le jone jaaka basupi ba dilo tseno. (Luke 24:44-48) Fa o thusa batho go bona kafa se ba se rutilweng se tshwanetseng go ama matshelo a bone ka teng, ba tla tlhaloganya ka bonako se tota se se kayang.

Kafa Pelo e Amegang ka Teng. Gone mme, le fa ditlhaloso tsa gago di utlwala sentle, go na le dilo tse dingwe tse di ka laolang gore a motho yo mongwe o a tlhaloganya kgotsa nnyaa. Fa pelo ya motho e sa amogele se se buiwang, seno se tla mo kgoreletsa go tlhaloganya. (Math. 13:13-15) Mo bathong ba ba ikemiseditseng go leba dilo ka tsela ya senama fela, dilo tsa semoya ke boeleele mo go bone. (1 Bakor. 2:14) Fa motho a bontsha moya ono, go ka nna ga nna botlhale gore—gongwe ka lobaka lono—o emise motlotlo wa lona.

Le fa go ntse jalo, mo mabakeng a mangwe pelo ga e amogele se se buiwang, e le ka ntlha ya maemo mangwe a a thata a botshelo. Fa pelo ya motho yono e ka newa sebaka sa go utlwa boammaaruri jwa Baebele ka lobakanyana, e ka nna ya simolola go bo amogela. Fa Jesu a ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore o ne a tlile go kgwathisiwa le go bolawa, ba ne ba sa tlhaloganye. Ka ntlha yang? Ba ne ba sa lebelela seo e bile ba ne ba sa batle se direga! (Luke 18:31-34) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ile, ba le 11 ba baaposetoloi bano ba ne ba tlhaloganya, mme ba bontsha gore ba a tlhaloganya ka go dira tumalanong le se Jesu a neng a se ba rutile.

Matswela a Sekao se se Molemo. Batho ga ba thusiwe fela ke mafoko a rona go tlhaloganya mme gape ba thusiwa le ke ditiro tsa rona. Batho ba le bantsi fa ba bua ka lekgetlho la ntlha fa ba ne ba etetse kwa Holong ya Bogosi, ba re ba gakologelwa lorato lo ba neng ba lo bona, e seng se se neng se buiwa. Ka tsela e e tshwanang, boitumelo jo re bo bontshang bo thusitse beng ba matlo ba le bantsi go amogela boammaaruri jwa Baebele. Ba bangwe fa ba bona bopelonomi jo bo lorato jo batho ba ga Jehofa ba bo bontshanang, le tsela e ba akanyetsang ba bangwe ka bopelonomi ka teng fa ba lebane le mathata, ba feditse ka gore Basupi ba na le bodumedi jwa boammaaruri. Ka jalo fa o leka go thusa batho go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele, akanyetsa tsela e o bo tlhalosang ka yone le sekao sa gago.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Dirisa puo e e sa raraanang; tlhopha dipolelo tse dikhutshwane fa o bua dintlha tsa konokono.

  • Gatelela dintlha di sekae fela tsa konokono.

  • Tlhalosa mafoko a bareetsi ba gago ba sa a itseng.

  • Iphe nako ya go tlhalosa le go bontsha kafa ditemana di dirang ka teng.

  • Akanyetsa kafa sekao sa gago se ka amang ba o buang le bone ka teng.

IKATISO: Leka go bolelela mongwe wa losika, moagelani, yo o dirang le ene kgotsa yo o tsenang sekolo le ene yo e seng Mosupi ka sengwe se o se itumeletseng mo bekeng eno kwa pokanong ya phuthego. Dira gore o tlhalose mafoko a motho yono a ka nnang a se ka a a tlhaloganya.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela