THUTO 46
Ditshwantsho ka Dilo Tse Bareetsi ba di Itseng
GONE mme go botlhokwa gore setshwantsho le fa e le sefe se o se dirisang se tshwanele dintlha tse o tlotlang ka tsone. Le fa go ntse jalo, gore se nne le matswela thata, gape go botlhokwa gore se bo se tshwanela bareetsi ba gago.
Fa o bua le setlhopha sa batho, batho bao ba tla ama jang ditshwantsho tse o tlhophang go di dirisa? Jesu Keresete o ne a dira jang? Le fa Jesu a ne a bua le boidiidi jwa batho kgotsa a bua le barutwa ba gagwe, o ne a sa dirise dikai tse di buang ka botshelo jwa dinaga tse di ka kwa ntle ga Iseraele. Dikai tse di ntseng jalo e ne e tla nna tse bareetsi ba gagwe ba sa di itseng. Ka sekai, Jesu ga a ka a bua sepe ka botshelo jwa segosi jwa Egepeto kgotsa ka ditlwaelo tsa bodumedi tsa India. Le fa go ntse jalo, ditshwantsho tse a neng a di dirisa di ne di bua ka dilo tse batho ba dinaga tsotlhe ba di itseng. O ne a bua ka go roka diaparo, go dira kgwebo, go latlhegelwa ke sengwe se o se ratang thata le go nna teng kwa meletlong ya manyalo. O ne a itse kafa batho ba itshwarang ka gone mo maemong a a farologaneng, mme o ne a dirisa kitso eo ka tsela e e molemo. (Mar. 2:21; Luke 14:7-11; 15:8, 9; 19:15-23) E re ka Jesu a ne a rera thatathata mo bathong ba Iseraele, gantsi ditshwantsho tsa gagwe di ne di bua ka dilo le ditiro tse di neng di ama matshelo a bone a letsatsi le letsatsi. Ka jalo, o ne a bua ka dilo tse di tshwanang le go lema, tsela e dinku di itshwarang ka yone mo modiseng wa tsone le go dirisa matlalo a diphologolo go boloka beine. (Mar. 2:22; 4:2-9; Joh. 10:1-5) Gape o ne a bua ka dikai tse bareetsi ba gagwe ba di itseng tsa hisitori—go bopiwa ga batho ba ntlha ba babedi, Morwalela wa motlha wa ga Noa, go senngwa ga Sodoma le Gomora, loso lwa mosadi wa ga Lote, fa re umaka di sekae fela. (Math. 10:15; 19:4-6; 24:37-39; Luke 17:32) Fa o tlhopha ditshwantsho, a le wena o akanyetsa ka kelotlhoko dilo tse bareetsi ba gago ba di tlwaetseng le maemo a ba tswang mo go one?
Go tweng fa e le gore ga o bue le setlhopha se segolo mme o bua le motho a le mongwe kgotsa ba le mmalwa fela? Leka go tlhopha setshwantsho se se tshwanelang setlhopha se sennye seo sa bareetsi. Fa Jesu a ne a neela mosadi wa Mosamarea bosupi kwa sedibeng gaufi le Sikara, o ne a bua ka “metsi a a tshelang,” ‘go sa tlhole motho a nyorwa gape,’ le “motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng”—tsotlhe tseno e le dikapuo tse di amanang ka tlhamalalo le se mosadi yoo a neng a se dira. (Joh. 4:7-15) Mme fa a ne a bua le banna ba ba neng ba tlhatswa matloa a bone a go tshwara ditlhapi, sekapuo se a neng a se tlhopha se ne se amana le tiro ya go tshwara ditlhapi. (Luke 5:2-11) Mo go lengwe la makgetlo ano, o ne a ka nna a bua ka go lema, e re ka ba ne ba nna mo lefelong la temothuo, mme a bo go ne go le molemo thata gore a bue le bone ka tiro e ba e dirang fa a ntse a ba tlhalosetsa selo se ba kgonang go se bona mo mogopolong! A o leka go dira jalo?
Le mororo Jesu a ne a lebisa tlhokomelo ya gagwe kwa “dinkung tse di latlhegileng tsa ntlo ya Iseraele,” moaposetoloi Paulo ene o ne a sa romelwa kwa Iseraele fela mme gape le kwa go Baditšhaba. (Math. 15:24; Dit. 9:15) A seno se ne sa ama tsela e Paulo a neng a bua le bone ka yone? Ee. Fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Korintha, o ne a bua ka kgaisano ya lobelo lwa maoto, a umaka tlwaelo ya go ja dijo mo ditempeleng tsa medingwana, a bo a bua ka mekoloko ya phenyo, e leng dilo tse Baditšhaba bao ba neng ba di itse.—1 Bakor. 8:1-10; 9:24, 25; 2 Bakor. 2:14-16.
A o kelotlhoko fela jaaka Jesu le Paulo ba ne ba ntse fa o tlhopha ditshwantsho le dikai tse o batlang go di dirisa fa o ruta? A o akanyetsa maemo a bareetsi ba gago ba tswang mo go one le ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi? Ke boammaaruri gore dilo di fetogile mo lefatsheng fa e sa le ka lekgolo la ntlha la dingwaga. Batho ba le bantsi ba kgona go bona dikgang tsa lefatshe mo thelebisheneng. Gantsi ba itse ka dilo tse di diregang kwa dinageng tse dingwe. Mo go ntseng jalo teng, ga go na molato ope ka go dira ditshwantsho ka dilo tse ba di bonang mo dikgannyeng. Le fa go ntse jalo, dilo tse di amang batho thata gantsi ke tse di amanang le matshelo a bone ka namana—magae a bone, malapa a bone, ditiro tsa bone, dijo tse ba di jang, maemo a bosa mo lefelong la bone.
Fa e le gore setshwantsho sa gago se batla gore o se tlhalose sebaka se seleele, go ka nna ga bo go raya gore o bua ka selo se bareetsi ba gago ba sa se itseng. Go ka nna motlhofo fela gore setshwantsho se se ntseng jalo se hupetse ntlha e o e rutang. Ka ntlha ya seno, bareetsi ba gago ba ka nna ba gakologelwa setshwantsho sa gago mme ba se ka ba gakologelwa boammaaruri jwa Dikwalo jo o neng o leka go ba ruta jone.
Go na le gore Jesu a dirise dipapiso tse di raraaneng, o ne a dirisa dilo tse di motlhofo fela tsa letsatsi le letsatsi. O ne a dirisa dilo tse dinnye go tlhalosa dilo tse dikgolo le dilo tse di motlhofo go tlhalosa dilo tse di thata. Ka go nyalanya ditiragalo tsa letsatsi le letsatsi le boammaaruri jwa semoya, Jesu o ne a thusa batho go tlhaloganya ka bonako boammaaruri jwa semoya jo a neng a bo ruta e bile o ne a ba thusa go bo gakologelwa. Seno ke sekao se se molemo thata se re ka se latelang!