LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 44 ts. 236-ts. 239 ser. 4
  • Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Dipotso
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Rona mo Bodireding—Go Dirisa Dipotso fa re Ruta
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2018
  • Etsa Morutisi yo Mogolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • A o Letla Jehofa a go Botsa Dipotso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 44 ts. 236-ts. 239 ser. 4

THUTO 44

Go Dirisa Dipotso ka Tsela e e Molemo

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Dirisa dipotso ka tsela e e tla dirang gore o fitlhelele se o batlang go se fitlhelela. O ka nna wa bo o batla gore motho a go arabe; kgotsa o batla go dira gore a akanye. Se o se botsang le tsela e o se botsang ka yone se tla laola gore o atlega go le kana kang fa o botsa dipotso.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Dipotso tse di molemo di thusa bareetsi go nna le seabe mo motlotlong. Dikarabo tsa dipotso tse di tlhophilweng sentle di ka thusa morutisi go itse se ba bangwe ba se akanyang.

KA GONNE dipotso di tlhoka go arabiwa—e ka tswa e le ka molomo kgotsa ka mogopolo—di thusa go dira gore bareetsi ba gago ba nne le seabe mo motlotlong. Dipotso di ka go thusa go simolola metlotlo e bile di ka go thusa go utlwa se ba bangwe ba se akanyang. Jaaka sebui le morutisi, o ka dirisa dipotso go tsosa kgatlhego, go thusa motho yo mongwe go akanya ka kgang e go tlotlwang ka yone, kgotsa go gatelela se o se buang. Fa o dirisa dipotso sentle, o kgothaletsa ba bangwe go akanya go na le gore ba reetse fela. Akanya ka se o batlang go se fitlhelela, mme o botse dipotso tsa gago ka tsela e e tla go thusang go se fitlhelela.

Go Dira Gore Motlotlo o Tswelele. Fa o le mo bodireding jwa tshimo, nna o ntshitse matlho dinameng gore o bone kafa o ka dirang ka teng gore batho ba ntshe maikutlo a bone fa ba rata go dira jalo.

Basupi ba le bantsi ba simolola metlotlo e e kgatlhang ka go botsa fela ba re, “A o kile wa ipotsa . . . ?” Fa ba tlhopha potso e tota batho ba le bantsi ba e ipotsang, kwantle ga pelaelo ba tla itumelela tirelo ya bone ya tshimo. Le fa motho yo mongwe a ise a ke a ipotse potso eo, e ka nna ya dira gore a kgatlhege. O ka nna wa simolola motlotlo ka dilo tse di farologaneng ka go botsa dipotso tse di tshwanang le “O akanyang . . . ?,” “O ikutlwa jang ka . . . ?,” le “A o dumela gore . . . ?”

Fa moefangedi Filipo a ne a atamela modiredimogolo wa kgotla wa Moethiopia yo o neng a balela boporofeti jwa ga Isaia kwa godimo, Filipo o ne a botsa fela a re: “A tota o itse [kgotsa, a o tlhaloganya] se o se balang?” (Dit. 8:30) Potso eno e ne ya dira gore Filipo a kgone go tlhalosa boammaaruri ka Jesu Keresete. Basupi bangwe ba gompieno ba ile ba dirisa potso e e tshwanang le eo, mme ba bona batho ba ba neng ba nyoretswe go tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e utlwalang.

Batho ba le bantsi ba tla rata go go reetsa fa ba neilwe sebaka sa go tlhalosa tsela e ba lebang dilo ka yone. Fa o sena go botsa potso, reetsa ka tlhoafalo. Nna pelonomi fa o bontsha gore o itumelela karabo ya motho yoo, o se ka wa mo tshwaya diphoso. Mo akgole fa o kgona go dira jalo go tswa pelong. Mo lekgetlong lengwe, fa mokwadi mongwe a sena go ‘araba ka botlhale,’ Jesu o ne a mo akgola, a re: “Ga o kgakala le bogosi jwa Modimo.” (Mar. 12:34) Le fa o sa lebe dilo jaaka motho yo mongwe a di leba, o ka mo lebogela go bo a ntshitse maikutlo a gagwe. Se a se buileng se ka nna sa go thusa go bona boikutlo bongwe jo a nang le jone jo o tlhokang go bo akanyetsa fa o mmolelela boammaaruri jwa Baebele.

Go Tlhagisa Dintlha Tse di Botlhokwa. Fa o bua le setlhopha sa batho kgotsa o tlotla le motho a le mongwe, leka go dirisa dipotso go dira gore bareetsi ba bone dintlha tse di botlhokwa. O tlhomamise gore dipotso tsa gago di bo di bua ka dilo tse bareetsi ba gago ba di kgatlhegelang tota. Gape o ka nna wa botsa dipotso tse di tsosang kgatlhego tse go seng motlhofo go bona dikarabo tsa tsone. Fa o kgwa mowa go le gonnye morago ga go botsa potso, go ka direga gore bareetsi ba gago ba kgatlhegele thata se o tlileng go se bua.

Mo lekgetlong lengwe, moporofeti Mika o ne a dirisa dipotso di le mmalwa. Fa moporofeti yono a sena go botsa gore ke eng se Modimo a se lebeletseng mo go ba ba mo obamelang, o ne a botsa dipotso tse dingwe tse nnè, tse nngwe le nngwe ya tsone e neng e na le se e ka nnang ya bo e le karabo. Dipotso tseo tsotlhe di thusa babadi go lemoga karabo e a neng a digela karolo eno ya motlotlo wa gagwe ka yone. (Mik. 6:6-8) A o ka dira sengwe se se tshwanang le seo fa o ruta? Se leke.

Go Ntsha Mabaka A se Go Tlotliwang ka Sone. Dipotso di ka dirisiwa go thusa ba bangwe go tlhaloganya mabaka a kgang e e tlotliwang. Jaaka fa go bontshitswe mo go Malaki 1:2-10, Jehofa o ne a dira seno fa a ne a bolelela Baiseraele polelo e e masisi. O ne a simolola ka go ba bolelela jaana: “Ke lo ratile.” Ba ne ba se ka ba anaanela lorato loo, ka jalo a ba botsa a re: “A Esau e ne e se morwarraagwe Jakobe?” Go tswa foo Jehofa o ne a bontsha gore go kgakgabala ga Edoma e ne e le bosupi jwa gore Modimo o ne a sa tlhole a rata setšhaba seo ka ntlha ya boikepo jwa sone. Morago ga moo o ne a dirisa ditshwantsho, fa gongwe a botsa dipotso go gatelela ntlha ya gore Baiseraele ba ne ba paletswe ke go arabela ka tsela e e tshwanetseng fa a ne a ba bontsha lorato. Dingwe tsa dipotso tseo di ne di bodiwa jaaka e kete di bodiwa ke baperesiti ba ba sa ikanyegeng. Tse dingwe ke dipotso tse Jehofa a neng a di botsa baperesiti. Puisano eno e tsosa kgatlhego e bile e dira gore re tlhome mogopolo mo go se se buiwang; mabaka a a ntshiwang ga se a a ka ganediwang; molaetsa wa teng ga o lebalesege.

Dibui dingwe di dirisa dipotso jalo ka tsela e e molemo. Le fa go ka nna ga bo go sa lebelelwa gore bareetsi ba arabe, seno se dira gore ba akanye, jaaka e kete le bone ba mo puisanong.

Fa re tshwara dithuto tsa Baebele, re dirisa mokgwa o o tla dirang gore moithuti a nne le seabe. Gone mme go nna molemo thata fa moithuti a sa bale fela dikarabo tse di kwadilweng. Ka bonolo, botsa dipotso tse di tlatseletsang go thusa moithuti go bona mabaka. Mo dintlheng tsa konokono, mo kgothaletse go araba a dirisa Baebele. Gape o ka nna wa botsa jaana: “Se re buang ka sone se amana jang le ntlha e nngwe e re e ithutileng? Ke ka ntlha yang fa se le botlhokwa? Se tshwanetse go ama matshelo a rona jang?” Mokgwa o o ntseng jalo o molemo thata go feta fa e le wena fela o buang se o se dumelang kgotsa e le wena o dirang tlhaloso e telele. Fa o dira jaana, o thusa moithuti go dirisa “maatla [a gagwe] a go akanya” fa a obamela Modimo.—Bar. 12:1.

Fa moithuti a sa tlhaloganye ntlha nngwe, nna pelotelele. A ka nna a bo a leka go bapisa se o se buang le se a nang le dingwaga tse dintsi a se dumela. Go ka nna ga thusa go tlhalosa ntlha ka tsela nngwe e e farologaneng. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe go tlhokega fela gore o tlhalose dilo ka tsela e e motlhofo thata. Dirisa Dikwalo thata. Dirisa ditshwantsho. Mo godimo ga moo, botsa dipotso tse di motlhofo tse di dirang gore motho a akanye ka bosupi jo bo ntshiwang.

Go Dira Gore Motho a Ntshe Maikutlo a Gagwe. Ga se ka metlha batho ba ntshang maikutlo a bone tota fa ba araba dipotso. Ba ka nna ba go naya fela karabo e ba akanyang gore o a e batla. Go tlhokega gore o nne le temogo. (Dia. 20:5) O ka nna wa botsa jaana jaaka Jesu a ne a botsa: “A o dumela seno?”—Joh. 11:26.

Fa ba le bantsi ba barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgopisiwa ke se a neng a se bua ba bo ba mo tlogela, o ne a kopa baaposetoloi ba gagwe gore ba bolele kafa ba neng ba ikutlwa ka teng. O ne a botsa jaana: “Ga lo batle go tsamaya le lona, ga ke re?” Petere o ne a tlhalosa tsela e ba ikutlwang ka yone, a re: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng; mme re dumetse ra ba ra itse gore wena o Moitshepi wa Modimo.” (Joh. 6:67-69) Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Batho ba re Morwa motho ke mang?” Go tswa foo o ne a botsa potso e e neng e dira gore ba bolele se se neng se le mo dipelong tsa bone. “Mme, lona lwa re ke mang?” Petere o ne a araba ka gore: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.”—Math. 16:13-16.

Fa o tshwere thuto ya Baebele, o ka nna wa fitlhela go le molemo go dira ka tsela e e tshwanang mo dintlheng dingwe. O ka nna wa botsa jaana: “Batho ba o tsenang sekolo le bone (kgotsa ba o berekang le bone) ba leba jang kgang eno?” Go tswa foo o ka botsa jaana: “Wena o ikutlwa jang ka yone?” Fa o itse tsela e tota motho a ikutlwang ka yone, seno se dira gore wena jaaka morutisi o nne mo boemong jo bo molemo thata jwa go mo thusa.

Go Gatelela Ntlha. Gape dipotso di ka dirisiwa go gatelela dintlha. Moaposetoloi Paulo ne a dira seno jaaka go kwadilwe mo go Baroma 8:31, 32: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona? Yo o neng a se ka a dibela le Morwawe mme a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang gape fa ka bopelonomi a ka se ka a re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?” Ela tlhoko gore mo ntlheng nngwe le nngwe, potso e tswa mo polelong e e tlang pelenyana fela ga yone.

Fa moporofeti Isaia a sena go kwala dikatlholo tsa ga Jehofa kgatlhanong le kgosi ya Babelona, o ne a bua jaana a tlhatswegile pelo: “Jehofa wa masomosomo ka esi o dirile tshwetso, mme ke mang yo o ka e senyang? Seatla sa gagwe ke sone se se otlolotsweng, ke mang yo o ka se busetsang morago?” (Isa. 14:27) Tsela e dipotso tseo di bodiwang ka yone, e bontsha gore ntlha eo e ka se ganediwe. Ga go a lebelelwa gore yo go buiwang le ene a arabe.

Go Senola Dikgopolo Tse di Phoso. Gape dipotso tse di akanyeditsweng sentle di ka dirisiwa ka tsela e e maatla go senola dikgopolo tse di phoso. Pele ga Jesu a fodisa monna mongwe, o ne a botsa Bafarasai le baitse bangwe ba Molao jaana: “A go kafa molaong go alafa ka sabata kgotsa nnyaa?” Fa a sena go mo fodisa o ne a tswelela go botsa potso e nngwe: “Ke ofe wa lona, yo fa morwawe kgotsa poo ya gagwe e wela mo sedibeng, a se kitlang a mo ntshetsa kwa ntle ka yone nako eo ka letsatsi la sabata?” (Luke 14:1-6) Go ne go sa lebelelwa gore ope a arabe, e bile ga go na ope yo o neng a araba. Dipotso tseo di ne di senola tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone.

Ka dinako tse dingwe, tota le Bakeresete ba boammaaruri ba ka akanya ka tsela e e phoso. Bangwe ba kwa Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba isa bakaulengwe ba bone kwa kgotlatshekelo go rarabolola mathata a ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba ne ba kgona go a itharabololela. Moaposetoloi Paulo o ne a rarabolola jang kgang eno? O ne a botsa motseletsele wa dipotso tse di tlhamaletseng gore a baakanye tsela e ba neng ba akanya ka yone.—1 Bakor. 6:1-8.

Fa o itlwaetsa, o ka ithuta go botsa dipotso ka tsela e e molemo. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore o bontshe tlotlo, bogolo jang fa o bua le batho ba bagolo, batho ba o sa ba itseng, le batho ba ba mo boemong jwa bolaodi. Dirisa dipotso go bolela boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e kgatlhang.

KAFA O KA GO DIRANG KA GONE

  • Go tsweletsa motlotlo, botsa dipotso tse di amanang le dikgang tse motho yo mongwe a bonang di le botlhokwa tota.

  • Pele o ntsha ntlha ya botlhokwa leka go botsa potso e e tla dirang gore ba bangwe ba batle go utlwa ntlha eo.

  • Dirisa dipotso go thusa batho go bona lebaka la se o se buang, gore se boammaaruri go le kana kang le gore se ka nna molemo go le kana kang mo go bone.

  • Botsa dipotso tse di tla dirang gore moithuti a se ka a bua fela se a se itseng, mme a tlhalose kafa a ikutlwang ka teng ka se a se ithutang.

IKATISO: (1) O akantse ka lefelo le o neelang bosupi mo go lone, baakanyetsa dipotso tse o ka di dirisang go simolola motlotlo o o molemo le batho. (2) Bala Baroma kgaolo 3, o ele tlhoko thata tsela e Paulo a dirisang dipotso ka teng go tlotla ka boemo jwa Bajuda le Baditšhaba mo pele ga Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela