LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ip-1 kgao. 25 ts. 329-341
  • Kgosi le Dikgosana Tsa Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgosi le Dikgosana Tsa Yone
  • Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Busa Gore go Nne le Tshiamo le Tshiamiso
  • Go Tlhwaya Tsebe ka Matlho, Ditsebe le Dipelo
  • “Yo o Se Nang Tlhaloganyo”
  • Phapaang e e Galalelang!
  • Nna o Lebeletse mo go Jehofa
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
  • A O Tla re, “Ke Hano, Roma Nna”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Buka ya Bibela ya bo 23—Isaia
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Poloko le Boipelo mo Pusong ya ga Mesia
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
ip-1 kgao. 25 ts. 329-341

Kgaolo ya Masomeamabeditlhano

Kgosi le Dikgosana Tsa Yone

Isaia 32:1-20

1, 2. Go ka bolelwa eng ka mafoko a Momeno wa Lewatle le le Suleng wa ga Isaia?

GO ELA kwa bokhutlong jwa bo1940, go ne ga fitlhelwa motlobo o o kgatlhisang wa memeno mo magageng a a gaufi le Lewatle le le Suleng, kwa Palesetina. E ile ya bidiwa Memeno ya Lewatle le le Suleng mme go dumelwa gore e kwadilwe nako nngwe fa gare ga 200 B.C.E. le 70 C.E. O o itsegeng thata mo go yone ke momeno wa ga Isaia o o kwadilweng ka Sehebera mo letlalong le le sa onaleng motlhofo. Momeno ono o batla o feletse, mme mafoko a one ga a farologane thata le a memeno ya mekwalo ya Masora e go bolelwang fa e kwadilwe dingwaga di ka nna 1 000 moragonyana. Ka gone, momeno ono o bontsha kafa mafoko a Baebele a ntseng a fetisiwa ka nepo ka teng.

2 Ntlha nngwe e e kgatlhisang ka Momeno wa Lewatle le le Suleng wa ga Isaia ke gore karolo e gompieno e leng Isaia kgaolo 32 e tshwailwe ka “X” yo o kgwarintsweng kafa thoko ke mokwadi mongwe. Ga re itse gore ke ka ntlha yang fa mokwadi a ne a dira letshwao leo, mme gone re a itse gore go na le sengwe se se kgethegileng ka karolo eno ya Baebele e e Boitshepo.

Go Busa Gore go Nne le Tshiamo le Tshiamiso

3. Ke tsamaiso efe ya puso e e porofetiwang mo dibukeng tsa Isaia le Tshenolo?

3 Isaia kgaolo 32 e simolola ka boporofeti jo bo kgatlhang jo bo diragadiwang ka tsela e e kgatlhisang gompieno: “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso.” (Isaia 32:1) Ee, “Bona!” Lelatlhelwa leno le re gopotsa lelatlhelwa lengwe le le tshwanang le lone le le fitlhelwang mo bukeng ya bofelo ya boporofeti ya Baebele: “Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: ‘Bona! Ke dira dilo tsotlhe disha.’” (Tshenolo 21:5) Dibuka tsa Baebele tsa Isaia le Tshenolo, e nngwe ya tsone e kwadilweng dingwaga di le 900 morago ga e nngwe, ka bobedi di neela tlhaloso e e monate ya tsamaiso e ntšha ya puso—“legodimo le lesha,” le le bopilweng ka Kgosi, Keresete Jesu, yo o beilweng bogosi kwa magodimong ka 1914, le babusimmogo nae ba ba 144 000 ‘ba ba rekilweng mo bathong’—mmogo le “lefatshe le lesha,” setšhaba sa lefatshe lotlhe sa batho ba ba utlwanang.a (Tshenolo 14:1-4; 21:1-4; Isaia 65:17-25) Thulaganyo eno yotlhe e kgonega ka ntlha ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete.

4. Ke motheo ofe wa lefatshe le lesha o o leng teng jaanong?

4 Fa moaposetoloi Johane a sena go bona ponatshegelo ya go kanelwa ga bofelo ga babusimmogo bano ba ba 144 000, o bega jaana: “Ka leba, mme, bona! boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana.” Ono ke motheo wa lefatshe le lesha—boidiidi jo bogolo jo jaanong bo balwang ka dimilione, jo bo phuthetsweng fa thoko ga masalela a a seng kae a ba ba 144 000, ba bontsi jwa bone ba setseng ba godile. Boidiidi jono jo bogolo bo tla falola pitlagano e kgolo e e ntseng e atamela ka bofefo mme mo lefatsheng la Paradaise bo tla kopana le batho ba ba ikanyegang ba ba tsositsweng le dibilione tsa ba bangwe ba ba tla newang sebaka sa go bontsha tumelo. Botlhe ba ba dirang jalo ba tla segofadiwa ka botshelo jo bo sa khutleng.—Tshenolo 7:4, 9-17.

5-7. “Dikgosana” tse go boleletsweng pele ka tsone di na le seabe sefe mo letsomaneng la Modimo?

5 Le fa go ntse jalo, fa fela lefatshe la gone jaanong le le tletseng letlhoo le sa ntse le le teng, maloko a boidiidi jo bogolo a tlhoka go sirelediwa. “Dikgosana” tse di ‘busang gore go nne le tshiamiso’ ke tsone tseo segolobogolo di dirang jalo. A thulaganyo e e molemo ruri! “Dikgosana” tseno di tlhalosiwa gape ka mafoko a a molemo a boporofeti jwa ga Isaia: “Mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.”—Isaia 32:2.

6 Gone jaanong mo motlheng ono wa mathata a a aparetseng lefatshe lotlhe, go tlhokega “dikgosana,” ee, bagolwane ba ba tla ‘tlhokomelang letsomane lotlhe,’ ba tlhokomela dinku tsa ga Jehofa le go diragatsa tshiamiso tumalanong le melaometheo ya ga Jehofa ya tshiamo. (Ditiro 20:28) “Dikgosana” tsa go nna jalo di tshwanetse tsa nna jaaka fa go tlhalosiwa mo go 1 Timotheo 3:2-7 le Tito 1:6-9.

7 Mo boporofeting jwa gagwe jo bogolo jo bo tlhalosang “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo” jo bo tletseng mathata, Jesu o ne a re: “Bonang gore lo se ka lwa tshoga.” (Mathaio 24:3-8) Ke ka ntlha yang fa balatedi ba ga Jesu ba sa tshosiwe ke maemo a a kotsi a gompieno a lefatshe? Lebaka lengwe ke ka gonne “dikgosana”—le fa ba ka tswa ba tloditswe kana e le ba “dinku tse dingwe”—ba tlhokometse letsomane ka boikanyegi. (Johane 10:16) Ba tlhokomela bomorwarraabone le bomorwadiarraabone ba se na poifo, tota le fa go na le dilo tse di tsitlisang marapo tse di jaaka dintwa tsa ditso le go gailwa ga merafe. Mo lefatsheng leno le le mo leubeng la semoya, ba tlhomamisa gore meya e e ngomogileng e lapolosiwa ka boammaaruri jo bo agang jwa Lefoko la Modimo, Baebele.

8. Jehofa o thapisa le go dirisa jang “dikgosana” tse e leng tsa ba dinku tse dingwe?

8 Mo dingwageng tse 50 tse di fetileng, “dikgosana” di ile tsa lemotshega sentle. “Dikgosana” tse e leng tsa ba dinku tse dingwe di thapisiwa go nna setlhopha se se golang sa “kgosana” gore morago ga pitlagano e kgolo, ba ba tshwanelegang mo go bone ba bo ba siametse go ka tlhomiwa gore ba direle mo maemong a go laola mo ‘lefatsheng le lesha.’ (Esekiele 44:2, 3; 2 Petere 3:13) Ka go neela kaelo ya semoya le go lapolosa fa ba ntse ba eteletse pele mo tirelong ya Bogosi, ba itshupa gore ba ntse “jaaka moriti wa lefika le legolo thata,” o o tlisang kgololo mo letsomaneng malebana le kobamelo ya lone.b

9. Ke maemo afe a a bontshang kafa go tlhokegang “dikgosana” ka teng gompieno?

9 Mo metlheng eno ya bofelo e e kotsi ya lefatshe la ga Satane le le boikepo, Bakeresete ba ba ineetseng ba tlhoka tshireletso e e ntseng jalo thata. (2 Timotheo 3:1-5, 13) Go foka diphefo tse di nonofileng tsa dithuto tsa maaka le dipolelo tse di sokameng. Go na le matsubutsubu a dintwa tse di lowang fa gare ga dinaga le mo teng ga tsone mmogo le go tlhaselwa ga baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa Modimo ka tlhamalalo. Mo lefatsheng leno le le omeletseng ka ntlha ya leuba la semoya, Bakeresete ba tlhoka thata metswedi ya metsi a boammaaruri jo bo itshekileng, jo bo se nang selabe gore ba itimole lenyora la semoya. Se se itumedisang ke gore, Jehofa o solofeditse gore Kgosi ya gagwe e e busang, e dirisa barwarraayone ba ba tloditsweng le “dikgosana” tse di ba emang nokeng tsa ba dinku tse dingwe, ba tla kgothatsa le go kaela ba ba gateletsweng mo maikutlong le ba ba kgobegileng marapo mo nakong eno e ba tlhokang kgothatso ka yone. Ka gone Jehofa o tla tlhomamisa gore go rena tshiamo le tshiamiso.

Go Tlhwaya Tsebe ka Matlho, Ditsebe le Dipelo

10. Jehofa o dirile dithulaganyo dife gore batho ba gagwe ba tle ba kgone go ‘bona’ le go ‘utlwa’ dilo tsa semoya?

10 Boidiidi jo bogolo bo ile jwa tsibogela thulaganyo ya ga Jehofa ya puso ya Modimo jang? Boporofeti bo tswelela jaana: “Matlho a ba ba bonang ga a kitla a ngaparaganngwa, le ditsebe tsa ba ba utlwang di tla tlhwaya tsebe.” (Isaia 32:3) Mo dingwageng tse di ntseng di feta, Jehofa o ntse a rulaganyetsa gore batlhanka ba gagwe ba ba rategang ba rutiwe ba bo ba thusiwe gore ba gole. Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le dipokano tse dingwe tse di dirang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe; dikopano tsa kgaolo, tsa naga, le tsa boditšhabatšhaba; mmogo le go thapisiwa mo go kgethegileng ga “dikgosana” gore di tlhokomele letsomane ka lorato, tsotlhe di thusitse go bopa setšhaba sa bakaulengwe ba ba utlwanang ba lefatshe lotlhe ba ba dimilione. Gongwe le gongwe kwa badisa bano ba leng teng mo lefatsheng, ba butse ditsebe tsa bone gore ba utlwe le go amogela diphetogo tse di malebana le go tlhaloganngwa ga lefoko la boammaaruri le le tswelelang pele. Ka digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele, ba nna ba iketleeditse go utlwa le go dira jaaka ba utlwile.—Pesalema 25:10.

11. Ke ka ntlha yang fa batho ba Modimo jaanong ba bua ka go itshepa, ba sa kwakwaetse ka go se tlhomamisege?

11 Go tswa foo boporofeti bo tlhagisa jaana: “Pelo ya ba ba mafega e tla akanyetsa kitso, le loleme lwa ba ba kwakwaetsang lo tla nna bonako go bua dilo tse di utlwalang sentle.” (Isaia 32:4) A ope a se ka a nna mafega go dira ditshwetso malebana le se se siameng le se se sa siamang. Baebele ya re: “A o bone motho yo o potlakang ka mafoko a gagwe? Go na le tsholofelo ka sematla go na le ka ene.” (Diane 29:20; Moreri 5:2) Pele ga 1919, tota le batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwaeditswe ke dikgopolo tsa Sebabelona. Mme go simologa ka ngwaga oo, Jehofa o ile a ba naya tsela e e botoka ya go tlhaloganya maikaelelo a gagwe. Ba fitlhetse gore dilo tse a di senotseng ga di a senolwa ka mafega, mme di akantswe sentle, e bile jaanong ba bua ba tlhomamisega ka se ba se dumelang, ga ba kwakwaetse ka go sa tlhomamisege.

“Yo o Se Nang Tlhaloganyo”

12. ‘Ba ba se nang tlhaloganyo’ gompieno ke bomang, mme ga ba na bopelotshweu jang?

12 Go tswa foo boporofeti jwa ga Isaia bo bontsha phapaang: “Yo o se nang tlhaloganyo ga a kitla a tlhola a bidiwa motho yo o pelotshweu; mme fa e le motho yo o sa laegang, ga go kitla go twe ke motlotlegi; ka gonne yo o se nang tlhaloganyo o tla bua se se se nang tlhaloganyo fela.” (Isaia 32:5, 6a) “Yo o se nang tlhaloganyo” ke mang? Kgosi Dafide o bolela karabo gabedi, jaaka e kete o direla go gatelela: “Yo o se nang tlhaloganyo o buile jaana mo pelong ya gagwe: ‘Ga go na Jehofa.’ Ba dirile bosula, ba dirile ka tsela e e makgapha mo ditirong tsa bone. Ga go na ope yo o dirang molemo.” (Pesalema 14:1; 53:1) Gone ke boammaaruri, batho ba ba ipolelang e le balatolamodimo ba re ga go na Jehofa. E bile tota, go rialo le bone “batlhalefi” le ba bangwe ba ba dirang dilo jaaka e kete Modimo ga a yo, ba dumela gore ga ba ikarabele mo go ope. Batho ba ba ntseng jalo ga ba na boammaaruri. Ga ba na bopelotshweu. Ga ba na efangele ya lorato. Ga ba tshwane le Bakeresete ba boammaaruri, ka gonne ba goga dinao kana ga ba itshwenye gotlhelele fa ba tshwanetse go thusa batho ba ba tlhokang ba ba tshwenyegileng mo maikutlong.

13, 14. (a) Batlhanogi ba motlha wa gompieno ba dira se se utlwisang botlhoko jang? (b) Batlhanogi ba leka go tima batho ba ba tshwerweng ke tlala le ba ba nyorilweng eng, mme go tla felela ka eng?

13 Batho ba bantsi ba ba se nang tlhaloganyo jalo ba tlhoa batho ba ba buelelang boammaaruri jwa Modimo. “Pelo ya gagwe e tla dira se se utlwisang botlhoko, go dira botlhanogi le go bua kgatlhanong le Jehofa selo sa boitaolo.” (Isaia 32:6b) A bo mafoko ao a tlhalosa batlhanogi ba motlha wa gompieno sentle jang ne! Mo dinageng di le mmalwa kwa Yuropa le kwa Asia, batlhanogi ba ikgolagantse le baganetsi ba bangwe ba boammaaruri, ba bua maaka ka tlhamalalo mo babusing, ba batla gore Basupi ba ga Jehofa ba thibelwe kana ba beelwe melao. Ba bontsha moya wa “motlhanka yo o bosula,” yo Jesu a neng a porofeta jaana ka ene: “Fa go direga gore motlhanka yo o bosula yoo a itheye mo pelong a re, ‘Mong wa me o a diega,’ mme a simolola go itaya batlhankammogo le ene mme a ja a ba a nwa le matagwa a a padileng, mong wa motlhanka yoo o tla tla ka letsatsi le a sa le lebelelang le ka ura e a sa e itseng, mme o tla mo otlhaya ka bopeloethata jo bogolo thata e bile o tla mo laolela karolo le baitimokanyi. Ke gone koo selelo sa gagwe le phuranyo ya meno a gagwe di tla nnang gone.”—Mathaio 24:48-51.

14 Go ntse go le jalo, motlhanogi o dira “moya wa yo o tshwerweng ke tlala lolea, mme o dira gore le ene yo o nyorilweng a nne a se na senō.” (Isaia 32:6c) Baba ba boammaaruri ba leka go tima batho ba ba nang le tlala ya boammaaruri dijo tsa semoya, mme ba leka go thibela ba ba nyorilweng gore ba se ka ba nwa metsi a a lapolosang a molaetsa wa Bogosi. Mme go tla felela ka se Jehofa a se bolelelang batho ba gagwe a dirisa yo mongwe wa baporofeti ba gagwe: “Ruri ba tla tlhabana le wena, mme ga ba na go go fenya, gonne ‘Ke na le wena,’ go bua Jehofa, ‘go go golola.’”—Jeremia 1:19; Isaia 54:17.

15. Gompieno, ke bomang ba segolobogolo e leng ba ba “sa laegang,” ba rutile ‘mafoko afe a maaka,’ mme ga felela ka eng?

15 Fa e sa le mo dingwageng tsa bogare tsa lekgolo la bo20 la dingwaga, boitsholo jo bo maswe bo ntse bo anama mo dinageng tsa Labokeresete. Ka ntlha yang? Boporofeti jono bo ne jwa bolelela pele lengwe la mabaka a gone: “Fa e le motho yo o sa laegang, didirisiwa tsa gagwe di bosula; o gakolotse gore go dirwe ditiro tsa boitshwaro jo bo repileng, go senya ba ba bogisiwang ka mafoko a maaka, le fa motho yo o humanegileng a bua se se siameng.” (Isaia 32:7) Fela jaaka mafoko ano a boletse, baruti ba le bantsi segolobogolo ba setse ba na le mokgwa wa go amogela sengwe le sengwe malebana le go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo, go nna mmogo ga batho ba ba sa nyalanang, bosodoma—ee ruri, “kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe.” (Baefeso 5:3) Ka gone, ba “senya” matsomane a bone ka dipolelo tsa bone tsa maaka.

16. Ke eng se se itumedisang Bakeresete ba boammaaruri?

16 Go fapaana le seo, a bo go diragadiwa ga mafoko a a latelang a moporofeti go lapolosa jang ne! “Fa e le yo o pelotshweu ene, o gakolotse malebana le dilo tsa bopelotshweu; mme o tla nanogela dilo tsa bopelotshweu.” (Isaia 32:8) Jesu ka boene o ne a kgothaletsa gore batho ba nne pelotshweu fa a ne a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa. Gonne ka selekanyo se lo lekanyang ka sone, le bone ba tla lo lekanyetsa ka sone.” (Luke 6:38) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bua ka masego a a tlelang batho ba ba pelotshweu fa a ne a re: “Lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’” (Ditiro 20:35) Bakeresete ba boammaaruri ga ba itumedisiwe ke go nna le khumo ya dilo tse di bonalang kana ke go nna le maemo mo setšhabeng, mme ba itumedisiwa ke go nna pelotshweu—fela jaaka Modimo wa bone, Jehofa, a le pelotshweu. (Mathaio 5:44, 45) Ba itumedisiwa thata ke go dira thato ya Modimo, ba ineela ka bopelotshweu gore ba itsise ba bangwe “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng.”—1 Timotheo 1:11.

17. Gompieno ke bomang ba ba tshwanang le “bana ba ba botlhaswa ba basetsana” ba Isaia a buang ka bone?

17 Boporofeti jwa ga Isaia bo tswelela pele jaana: “Lona basadi ba lo iketlileng, nanogang, reetsang lentswe la me! Lona bana ba ba botlhaswa ba basetsana, sekegelang lefoko la me tsebe! Mo ngwageng le malatsi a sekae lona ba lo botlhaswa lo tla fuduega, ka gonne go fulwa ga morara go tla bo go khutlile mme ga go kitla go tsena maungo ape a a fudilweng. Roromang, lona basadi ba lo iketlileng! Fuduegang, lona ba lo botlhaswa!” (Isaia 32:9-11a) Boikutlo jwa basadi bano bo ka re gopotsa batho ba gompieno ba ipolelang gore ba direla Modimo mme ba sa tlhoafala mo tirelong ya gagwe. Batho ba ba ntseng jalo ba fitlhelwa mo ditumelong tsa “Babelona o Mogolo, mmadiaka.” (Tshenolo 17:5) Ka sekai, maloko a ditumelo tsa Labokeresete a ntse fela jaaka Isaia a tlhalosa “basadi” bano. Ba ‘iketlile,’ ga ba tshwenyege ka katlholo le bogale jo bo tla tlogang bo ba wela.

18. Ke bomang ba ba laelwang gore ba “ikgatlhe ka letsela la kgetsi mo mathekeng,” mme ka ntlha yang?

18 Go tswa foo, go tswa lefoko le le yang kwa bodumeding jwa maaka: “Apolang lo itire ba ba sa ikategang, lo ikgatlhe ka letsela la kgetsi mo mathekeng. Ititeyeng dihuba lo lela selelo sa khutsafalo ka ntlha ya masimo a a eletsegang, ka ntlha ya mofine o o ungwang. Mo mmung wa batho ba me go tlhoga mitlwa fela, ditlhatshana tse di tlhabang, gonne di mo matlong otlhe a boitumelo, ee, motse o o itumetseng thata.” (Isaia 32:11b-13) Polelwana e e reng “Apolang lo itire ba ba sa ikategang” ga go lebege e kaya go apola gotlhelele. Bogologolo batho ba ne ba tlwaetse go apara seaparo sa kafa ntle mo godimo ga seaparo sa kafa teng. Gantsi seaparo sa kafa ntle e ne e le sone se motho a itsiweng ka sone. (2 Dikgosi 10:22, 23; Tshenolo 7:13, 14) Ka gone boporofeti jono bo laela maloko a bodumedi jwa maaka gore a tlose diaparo tsa one tsa kafa ntle—mokgwa wa go itira e kete ke batlhanka ba Modimo—mme mo boemong jwa moo a apare diaparo tsa letsela la kgetsi, matshwao a go hutsafalela katlholo e e tlogang e ba wela. (Tshenolo 17:16) Ga go na go ungwa gope mo go siameng mo go ka fitlhelwang mo mekgatlhong ya bodumedi ya Labokeresete, e e ipolelang e le “motse o o itumetseng thata” wa Modimo, kana mo gare ga maloko a mangwe a mmuso wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. Tiro ya bone e tlisa “mitlwa fela, ditlhatshana tse di tlhabang” tsa go tlhokomologiwa le go latlhiwa.

19. Isaia o senola boemo bofe jwa “Jerusalema” wa motlhanogi?

19 Tlhaloso eno ya matlhotlhapelo e ama dikarolo tsotlhe tsa “Jerusalema” wa motlhanogi: “Tora ya bonno e tlogetswe, tlhatlharuane ya motse e tlogetswe; Ofele le tora ya tebelo e setse e le masimo a a lolea, e tla nna boitumelo jwa dipitse tsa naga ka bosakhutleng, mafulo a metlhape.” (Isaia 32:14) Ee, le Ofele tota o a akarediwa. Ofele ke karolo e e goletseng kwa godimo ya Jerusalema e e ba thusang go bona tshireletso e e nonofileng. Fa go twe Ofele e nna masimo a a lolea go bontsha gore motse ono o swafadiwa gotlhelele. Mafoko e ga Isaia a bontsha gore “Jerusalema” wa motlhanogi—Labokeresete—ga e ele tlhoko go dira thato ya Modimo. E kgakgabetse semoyeng, ga e na boammaaruri bope le tshiamiso—e na le bobatana jo bo feteletseng.

Phapaang e e Galalelang!

20. Go tshololelwa ga moya wa Modimo mo bathong ba gagwe go nna le matswela afe?

20 Go tswa foo Isaia o bontsha tsholofelo e e itumedisang ya batho ba ba dirang thato ya ga Jehofa. Go swafadiwa gope fela ga batho ba Modimo go tla tswelela pele “go fitlha re tshololelwa moya go tswa kwa godimo, le naga e tla bo e fetogile tshingwana ya maungo, le tshingwana ya maungo e kaiwa e le sekgwa tota.” (Isaia 32:15) Se se itumedisang ke gore, fa e sa le ka 1919, moya wa ga Jehofa o ntse o tshololelwa ka bontsi mo bathong ba gagwe, jaaka e kete o tsosolosa tshingwana e e tlhagisang maungo ya Basupi ba ba tloditsweng, e e tla latelwang ke sekgwa se se ntseng se gola sa dinku tse dingwe. Gompieno phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng e bonala thata ka go atlega le go gola. Mo paradaiseng e e tsosolositsweng ya semoya, “kgalalelo ya ga Jehofa, bontlentle jwa Modimo wa rona,” bo bonala mo bathong ba gagwe fa ba ntse ba bolela mo lefatsheng lotlhe ka Bogosi jwa gagwe jo bo tlang.—Isaia 35:1, 2.

21. Gompieno tshiamo, tidimalo le polokesego di bonwa kae?

21 Jaanong, reetsa tsholofetso eno e e molemo ya ga Jehofa: “Tshiamiso ruri e tla aga mo nageng, le tshiamo e tla nna mo tshingwaneng ya maungo. Mme tiro ya tshiamo ya boammaaruri e tla nna kagiso; le tirelo ya tshiamo ya boammaaruri, e nne tidimalo le polokesego ka bosakhutleng.” (Isaia 32:16, 17) Mafoko ao a tlhalosa boemo jwa gompieno jwa semoya jwa batho ba ga Jehofa sentle tota! Go fapaana le bontsi jwa batho, ba ba kgaogantsweng ke letlhoo, thubakanyo, le tlala e e feteletseng ya semoya, Bakeresete ba boammaaruri ba a utlwana mo lefatsheng lotlhe, le mororo ba “tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” Ba tshela tumalanong le tshiamo ya Modimo, e bile ba bereka le go mo direla tumalanong le yone, ba dira jalo ba tshepa gore kgabagare ba tla nna le kagiso ya boammaaruri le polokesego ka bosakhutleng.—Tshenolo 7:9, 17.

22. Batho ba Modimo ba farologana jang le ba ba mo bodumeding jwa maaka?

22 Mo paradaiseng ya semoya, Isaia 32:18 e setse e diragadiwa. Ya re: “Batho ba me ba tla nna mo lefelong la bonno le le nang le kagiso le mo maagong a tshepo e e feletseng le mo mafelong a boikhutso a a nnang a sa tshwenyege.” Mme mo Bakereseteng ba tsietso gone, “ruri go tla na sefako fa sekgwa se wa le motse o kokobela o le mo seemong sa go kokobediwa.” (Isaia 32:19) Ee, katlholo ya ga Jehofa e setse e eme sentle jaaka matsubutsubu a diphefo le sefako gore e wele motse wa maitirelo wa bodumedi jwa maaka, e senye “sekgwa” sa one sa batshegetsi, e ba nyeleletsa ruri!

23. Ke tiro efe ya lefatshe lotlhe e e setseng e ya kwa bowelong, mme ba ba nnang le seabe mo go yone ba ka bolelwa jang?

23 Karolo eno ya boporofeti e konela jaana: “Go itumela lona ba lo jalang peo fa thoko ga metsi otlhe, lo romela dinao tsa poo le tsa esele.” (Isaia 32:20) Poo le esele e ne e le diphologolo tse di belesiwang tse bogologolo batho ba Modimo ba neng ba di dirisetsa go lema kwa masimong le go jala peo. Gompieno, batho ba ga Jehofa ba dirisa metšhine e e gatisang, didirisiwa tsa motlakase, dikago tsa segompieno le dipalangwa, mme segolobogolo ba dirisa mokgatlho o o utlwanang, wa puso ya Modimo go gatisa le go anamisa dikgatiso tsa Baebele di le dibilione. Badiri ba ba iketleeditseng ba dirisa didirisiwa tseno go jala peo ya boammaaruri jwa Bogosi mo lefatsheng lotlhe, “fa thoko ga metsi otlhe” tota. Go setse go bonwe banna le basadi ba ba boifang Modimo ba le dimilione mo thobong, mme bontsintsi jo bongwe bo tla go ba thusa. (Tshenolo 14:15, 16) Eleruri botlhe ba ka bolelwa gore ba ‘itumetse’!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “Kgosi” e e umakiwang mo go Isaia 32:1 e ka tswa la ntlha e ne e lebisitse go Kgosi Hesekia. Le fa go ntse jalo, go diragadiwa ga konokono ga Isaia kgaolo 32 go malebana le Kgosi, Keresete Jesu.

b Bona Tora ya Tebelo, March 1, 1999, ditsebe 13-18, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Ditshwantsho mo go tsebe 331]

Mo Memenong ya Lewatle le le Suleng, Isaia kgaolo 32 e tshwailwe ka “X”

[Ditshwantsho mo go tsebe 333]

‘Kgosana’ nngwe le nngwe e ntse jaaka boitiketso mo phefong, botshabelo mo puleng, metsi mo sekakeng, le moriti mo letsatsing

[Setshwantsho mo go tsebe 338]

Mokeresete o itumelela thata go abela batho ba bangwe dikgang tse di molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela