-
Re ne Ra Gana go Itatola TumeloBuka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
-
-
INDONESIA
Re ne Ra Gana go Itatola Tumelo
Daniel Lokollo
O TSHOTSWE KA 1965
O KOLOBEDITSWE KA 1986
DINTLHA KA GA GAGWE Mmulatsela yo o kgethegileng yo o neng a nna a nitame le fa a ne a bogisiwa.
KA April 14, 1989, kwa Maumere, Flores Island, badiredipuso ba ne ba tsena mo ntlong fa ke ntse ke tshwere pokano ba bo ba re tshwara re le banè.
Batlhokomedi ba kwa kgolegelong ya Maumere ba ne ba leka go re pateletsa go dumedisa folaga. Fa re gana ba ne ba re itaya, ba re raga ba bo ba dira gore re eme malatsi a le matlhano mo mogoteng wa letsatsi. Re ne re lala re roroma bosigo, re robetse mo samenteng mo diseleng tse dinnye, re le leswe, re lapile e bile re le mo ditlhabing. Motlhokomedi yo o okametseng o ne a nna a re re obamele folaga mme rona re ne ra re: “Re a go swa re sa obamela folaga eo.” Fela jaaka Bakeresete ba le bantsi pele ga rona, re go tsaya e le tshiamelo “go boga ka ntlha ya tshiamo.”—1 Pet. 3:14.
-
-
Go Ikobela Ditaelo go Bolokile Matshelo a Rona!Buka ya Ngwaga ya Basupi ba ga Jehofa ya 2016
-
-
INDONESIA
Go Ikobela Ditaelo go Bolokile Matshelo a Rona!
Blasius da Gomes
O TSHOTSWE KA 1963
O KOLOBEDITSWE KA 1995
DINTLHA KA GA GAGWE Mogolwane yo o neng a tlhokometse letsomane ka lorato fa go ne go tsogile dikgotlhang tsa bodumedi kwa Ambon, Maluku.
KA January 19, 1999, dikilometara di ka nna tharo gaufi le kwa ke neng ke nna teng, dikgotlhang magareng ga Bamoseleme le Bakeresete di ne tsa ya magoletsa. Seemo se ne se le maswe tota.a
Fa ke sena go tlhomamisa gore ba lelapa la me ba sireletsegile, ke ne ka founela baboledi ba bangwe ke ba tlhola. Ke ne ka ba kgothaletsa gore ba nne ba wetse makgwafo le gore ba tile mafelo a a kotsi. Moragonyana bagolwane ba ne ba etela dinku ba ya go di nonotsha ka Dikwalo le go di kgothaletsa gore di obamele mmogo ka ditlhotswana.
Ofisi ya lekala e ne ya re kgothaletsa gore re fuduse baboledi ba ba nnang mo mafelong a a kotsi, mme re ne ra fetisetsa taelo eno kwa malapeng a le mantsi. Mokaulengwe mongwe yo o neng a gana go fuduga o ne a bolawa ke segopa se se tlhometseng. Mme mongwe le mongwe yo o neng a ikobela taelo ya ofisi ya lekala o ne a falola.
a Dikhuduego tseno di ne tsa tswelela ka dingwaga di le pedi mo porofenseng ya Maluku mme di ne tsa dira gore batho ba le diketekete ba fuduge mo magaeng a bone.
-