LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 9/1 ts. 14-15
  • A o Swabisitswe ke Modimo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Swabisitswe ke Modimo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A MODIMO O NE A BATLA GORE RE BOGE?
  • GORENG RE BOGA?
  • KAFA MODIMO A RARABOLOLANG KGANG ENO KA GONE
  • GO FENYA BOIKUTLO JWA GO SWABISIWA
  • Ke Eng Fa Modimo O Letlile Pogo Gore E Tswelele?
    Kitso e e Isang botshelong Jo bo Sa Khutleng
  • Go Boga ga Batho—Ke Eng Fa Modimo A Go letleletse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Go Gomotsa ba ba Bogang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Goreng go Direga Dilo Tse di Bosula e Bile Batho ba Boga?
    Itumelele go Tshelela Ruri!—Ithute Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 9/1 ts. 14-15

A o Swabisitswe ke Modimo?

“GORENG NNA? Goreng Modimo a ne a letla seno go ntiragalela?” Tseno ke dipotso tse Sidnei wa dingwaga di le 24 wa kwa Brazil a neng a ipotsa tsone. O ne a tshwanelwa ke go dirisa setulo sa maotwana morago ga go bona kotsi ka go relela mo metsing.

Go boga ka ntlha ya kotsi, bolwetse, go swelwa ke mongwe yo o mo ratang, masetlapelo a tlholego kgotsa ntwa, go ka dira gore batho ba ikutlwe ba swabisitswe ke Modimo. Go tlwaelegile go ikutlwa jalo. Tlhogo ya lotso e bong Jobe o ne a welwa ke masetlapelo ka go latelana. E re ka a ne a sa itse gore dilo tseno di bakwa ke eng, o ne a bua jaana a tshwaya Modimo phoso: “Ke goela kwa go wena ke kopa thuso, mme ga o nkarabe; ke eme, gore o nkele tlhoko. O a iphetola gore o nne setlhogo mo go nna; o nna o ntlhoile ka thata yotlhe ya seatla sa gago.”—Jobe 30:20, 21.

Jobe o ne a sa itse gore dilo tseno di bakwa ke eng le gore ke eng fa di mo diragalela. Se se itumedisang ke gore Baebele e re naya lesedi la gore ke ka ntlha yang fa dilo tseo di direga le gore re ka itshwara jang fa di re diragalela.

A MODIMO O NE A BATLA GORE RE BOGE?

Baebele e bua jaana ka Modimo: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Ka jalo, a go a utlwala go re Modimo, ‘yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene e bile a thokgame’ o ikaeletse go bogisa batho kgotsa go ba tlisetsa masetlapelo e le go ba otlhaya kgotsa go dira gore ba nne phepa?

Go farologana le seo, Baebele ya re: “Fa mongwe a le mo tekong, a a se ka a re: ‘Ke lekwa ke Modimo.’ Gonne Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Tota e bile, re ithuta go tswa mo Baebeleng gore Modimo o bopile batho ba se na boleo. O ile a naya batho ba ntlha e bong Adame le Efa legae le lentle, dilo tsotlhe tse ba neng ba di tlhoka le tiro e e botlhokwa thata. Modimo o ne a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” Tota Adame le Efa ba ne ba se na lebaka la go re ba swabisitswe ke Modimo.—Genesise 1:28.

Mme gompieno maemo a botshelo a maswe le go feta. Tota e bile, maemo a batho ga a bolo go nna maswe. Mafoko ano a boammaaruri: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.” (Baroma 8:22) Matsapa di a tsere kae?

GORENG RE BOGA?

Gore re itse lebaka la go bo re boga, re tshwanetse go itse gore go simologile jang. Adame le Efa ba ne ba raelwa ke moengele wa motsuolodi, yo moragonyana a neng a bidiwa Satane Diabolo, gore ba se ka ba reetsa melao ya Modimo ya se se siameng le se se sa siamang ka a ne a ba laetse gore ba se ka ba ja “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” O ne a raya Efa a re ba ka se swe fa ba sa reetse Modimo, ka go dira jalo a latofatsa Modimo ka gore o buile maaka. Gape Satane o ne a latofatsa Modimo ka gore ga a batle batho ba itse se se siameng le se se sa siamang. (Genesise 2:17; 3:1-6) Satane o ne a re batho ba ka kgona go ipusa go na le go busiwa ke Modimo. Seno se ne sa tsosa kgang ya botlhokwa—A Modimo o ne a tshwanelega go busa?

Diabolo o ne a tsosa kgang e nngwe gape. O ne a latofatsa batho ka gore ba direla Modimo ka ntlha ya bopelotshetlha. Diabolo o ne a bolelela Modimo jaana ka Jobe yo o ikanyegang: “A wena ka bowena ga wa tlhoma legora go mo dikologa le go dikologa ntlo ya gagwe le go dikologa sengwe le sengwe se a nang le sone gotlhe fela? . . . Ntsha seatla sa gago, tsweetswee, o ame sengwe le sengwe se a nang le sone mme o bone gore a ga a na go go tlhapatsa fa pele ga gago.” (Jobe 1:10, 11) Le fa Satane a ne a bua ka Jobe, ntlha e ne e le gore batho botlhe ba direla Modimo ka ntlha ya bopelotshetlha.

KAFA MODIMO A RARABOLOLANG KGANG ENO KA GONE

Ke tsela efe e e molemo e go neng go ka rarabololwa dikgang tseno tsa konokono ka yone? Modimo yo o botlhale, o ne a na le tharabololo e e molemo e e ka se re swabiseng. (Baroma 11:33) O ne a letlelela batho gore ba ipuse ka nakwana gore go bonale gore ke mang yo o tshwanelegang go busa.

Maemo a a sa iketlang a lefatshe ke bosupi jwa gore batho ga ba kgone go ipusa. Dipuso tsa batho ga di a palelwa fela ke go dira gore go nne le kagiso, tshireletsego le boitumelo mme di dirile gore lefatshe leno le nne gaufi le go senngwa. Seno se bontsha gore mafoko ano a a kwadilweng mo Baebeleng a boammaaruri: “Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Ke tsela ya Modimo fela ya go busa e tla tlisang kagiso, boitumelo le masego a a nnelang ruri, ka gonne seo ke se Modimo a se batlang.—Isaia 45:18.

Ka jalo, Modimo o tla diragatsa jang maikaelelo a gagwe ka batho? Gakologelwa gore Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ee, ka nako e e siameng, Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore re boge. (Daniele 2:44) Khumanego, bolwetse le loso e tla bo e le dilo tsa maloba. Fa Baebele e bua ka bahumanegi ya re Modimo “o tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso.” (Pesalema 72:12-14) Mme Baebele e solofetsa jaana ka ba ba lwalang: “Mme ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tota le ba ba tlhokafetseng ba ba mo mogopolong wa Modimo, Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Ruri tseno ke ditsholofetso tse di itumedisang!

Monna yo o neng a dirisa setulo sa maotwana o a ema a bo a tsamaya

Go dumela gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe go re thusa go fenya boikutlo jwa go swabisiwa ke ene

GO FENYA BOIKUTLO JWA GO SWABISIWA

Sidnei, yo go builweng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno, o ne a bua jaana dingwaga di le 17 morago ga kotsi: “Ke boammaruri gore la ntlha ke ne ke ikutlwa ke swabisitswe ke Modimo mme ga ke ise ke ko ke mo tshwaye phoso ka ntlha ya kotsi eo. Ka dinako dingwe ke tle ke utlwe botlhoko, ke bo ke lela fa ke akanya ka bogole jwa me. Le fa go ntse jalo, Baebele e nthusitse go tlhaloganya gore kotsi eo e ne e se kotlhao e e tswang kwa Modimong. Mme jaaka Baebele e bua, ‘rotlhe re diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.’ Go rapela Jehofa le go bala ditemana tse di nkgomotsang go nonotshitse kamano ya me le Modimo ga bo ga dira gore ke lebe dilo sentle.”—Moreri 9:11; Pesalema 145:18; 2 Bakorintha 4:8, 9, 16.

Go nna re gakologetswe mabaka a go bo Modimo a letleletse pogo le ka fa ditlamorago tsa yone di tla fedisiwang ka gone, go re thusa go fenya boikutlo le fa e ka nna bofe jo re ka nnang le jone jwa go swabisiwa ke Modimo. Re tlhomamisegile gore Modimo ke “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” Ga go ope yo o dumelang mo go ene le Morwawe yo o tla swabisiwang.—Bahebera 11:6; Baroma 10:11.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela