LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 1/1 ts. 25-29
  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa re Tshwanetse go sa Lape?
  • ‘Ba tla Utlwa Jang?’
  • Go Tila Molato wa Madi
  • “Tsamayang Mme lo Dire Batho ba Ditšhaba Tsotlhe Barutwa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Tswelelang Pele lo Rera!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Bodiredi Jwa Ntlo le Ntlo—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa Gone Jaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 1/1 ts. 25-29

Tswelelang Pele Lo Rera Kaga Bogosi

“Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—MATHAIO 24:14.

1, 2. (a) Tiro e e botlhokwa thata mo lekgolong leno la dingwaga ke efe, mme e dirwa go ya bokgakaleng bofe? (b) Go na le bosupi bofe jwa gore Jehofa o segofatsa tiro eno?

Go RERA mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo ke tiro e e botlhokwa thata mo lekgolong leno la dingwaga. Ke se Modimo Mothatayotlhe a batlang se dirwa jaanong, mme se dirwa tiragatsong ya Lefoko la gagwe la boperofeti. Karabelo ya gago go yone e tla ama isagwe ya gago ya bosakhutleng.—1 Bakorintha 9:16, 23.

2 Go a kgatlha go bona gore palo e e nang le seabe mo tirong eno ya go rera e ntse e oketsega, ka ba jaanong ba fetang dimilione tse tharo ba tsaya karolo. Dipalō tse dikgolo tsa bone go feta pele ba tsena mo bodiheding jwa nako e e tletseng. Mme batho ba bantsintsi ba ba kgatlhegang ba amogela thuto ya Bibela ba bile ba dira boiteko jwa go ithuta go dira go rata ga Modimo.

3. Bangwe ba ka nna ba reng kaga tlhokafalo ya go tswelela ka go rera mafoko a a molemo?

3 Lefa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bangwe ba ka nna ba ‘lapa mo go direng molemo’ mme ba ‘lapisiwa’ ke tiro ya go rera. (Bagalatia 6:9; Bahebera 12:3) Ba ka nna ba re mafoko a a molemo a setse a rerilwe thata mo tshimong ya bone le gore batho ba setse ba ikatlhotse mme jaanong baa tenega fa re tsena kwa magaeng a bone. Bao ba dirang tiro ya go rera koo ba bona matswela a mannye kana ga baa bone gotlhelele. Jalo, ba ikutlwa gore, gongwe tiro tota e setse e dirilwe, mme ga go sa tlhole go na tlhokafalo ya go tswelela pele. Ke eng se se phoso ka tsela eno ya go akanya?

Ke Eng fa re Tshwanetse go sa Lape?

4. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go tswelela pele re rera le eleng mo tshimong eo karabelo eseng ntle?

4 Santlha, go itshoka ka boikanyegi mo tirong ya go rera ga go a tshwanela go ikaega ka gore a batho baa re reetsa kana nnyaa. Jeremia o ne a rera ka dingwaga tse 40 mo Jerusalema lemororo ba sekae fela ba ne ba reetsa mme ba le bantsi ba mo ganetsa thata. Ke ka ntlhayang fa a ne a sa lape? Ka gonne o ne a dira tiro e Jehofa a neng a e laotse le ka ntlha ya gore kitso ya gagwe kaga boperofeti jwa seo se neng se tlile go diragalela Jerusalema e ne e mo pateletsa go tswelela pele a ntse a bua. (Yeremia 1:17-19) O ne a re: “Hoñ go bo go nne mo peduñ ea me ekete molelō o o shañ o cwalecwe mo marapoñ a me, me ke bile ke lapile ka go iphapaanya, ke be ke retelèlwe ke go ichōka.” (Yeremia 20:7-10) Seemo sa rona se a tshwana. Ke Jehofa, ka Jesu Keresete, yo o laotseng gore “Mahoko a a Molemō” a tshwanetswe go rerwa mo lefatsheng jotlhe je le agilweng. (Mathaio 24:14) Fa batho ba gana go reetsa, seno se re neela sebaka sa go bontsha boteng jwa lorato lwa rona le boineelo go Jehofa ka go sa lape go dira se se siameng. (1 Yohane 5:3) Gape, fa re tlhatlhanya ka se isagwe e e gaufi e se tsholetseng setho, re ka ikgogona jang mo go lekeng go tlhagisa baagelani ba rona?—2 Timotheo 4:2.

5. (a) Re tshwanetse go itshoka mo tirong ya go rera ka ntlha ya lebaka lefe le lengwe? (b) Tiro ya go rera ke motheo wa katlholo jang?

5 Mo godimo ga moo, tota go rera ga ga Jeremia e ne e le tiro ya katlholo. Ka 607 B.C.E., ga go na ope wa bao ba neng ba bolawa le bao ba neng ba le mo bokgobeng fa Jerusalema a ne a wa yo o ka iphakang gore o ne a sa itse gore ke ka ntlhayang fa seno se ne se ba diragalela. Mo dingwageng tse 40 pele ga moo, Jeremia o ne a ntse a ba tlhagisa ka yone phelelo eo tota fa ba ne ba tswelela pele ka go tsuologela Jehofa. (Bapisa Esekiele 2:5.) Gompieno ka mo go tshwanang, go rerwa ga mafoko a a molemo jaaka “chupō mo merahiñ eotlhe” ke gone go atlholang batho. Moaposetoloi Paulo o phepafatsa seno fa a tlhalosa gore Keresete Jesu o tla ipusolosetsa “mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathesalonia 1:8, 9) Batho ba tla atlholwa kafa ba arabelang mafoko a a molemo ka teng. Ka gone he, tiro ya go rera e tshwanetse go tswelela pele ya ya magoletsa le go phepafala go ya fela kwa bokhutlong. (Tshenolō 14:6, 7) Ga go na sepe se se tshwanetseng go kgoreletsa molaetsa ono wa botlhokwa gore o seka wa isiwa kwa bathong gantsi ka mo go ka kgonegang ka teng. Seno se baya boikarabelo jo bo boima mo batlhankeng botlhe ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

6. Lemororo molaetsa wa rona o ka tswa o itsege ka bophara, ke ka ntlhayang fa re tlhokega go tswelela pele re rera?

6 Ke boammaaruri, re ka nna ra tswa re setse re rerile mafoko a a molemo ka bophara mo karolong ya rona. Mme go na le dilo di le dintsi thata tse di diragalang mo lefatsheng mo eleng gore lemororo batho ba utlwile molaetsa wa rona, ba ka o lebala ka bofefo fa re emisa go rera. Akanya ka diphetogo, ditiro tsa borukutlhi, boingaodi, dipego tse di tshosang le ditiragalo tse dingwe tse di anamisiwang phatlalatsa. Go tswa foo go bo go nna le mefuta e mentsi ya boitloso-bodutu jo bo tlwaelegileng le dilo tse dingwe tse di ba gapang tlhokomelo. Re tshwanetse go tswelela pele re rera gore batho ba nne ba itse molaetsa wa rona go sa kgathalesege dilo tsotlhe tse dingwe tseno tse di ba itayang tsebe.

7. Maitseo a ba le bantsi gompieno a tshwana jang le a Baiseraele mabapi le go perofesa ga ga Isaia, mme ke ka ntlhayang fa seno se sa tshwanela go re kgoba marapo mo go rereng?

7 Fa ba le bantsi ba leka go re itlhokomolosa, re tshwanetse go gakologelwa mofuta wa batho bao moperofeti Isaia a neng a tshwanelwa ke go ba rerela. Jehofa o ne a mo raya a re: “Gonne ke chaba e e cuololañ, bana ba ba akañ, bana ba ba ganañ go utlwa molaō oa ga Yehofa: Ba ba raeañ baboni ba re, Se boneñ: le baperofeti, ba re, Se re boleleleñ dilō tse di siameñ, buañ le rona ka dilō tse di borethe, lo re bolèlèlè ditsieco: ba re, Tlogañ mo tseleñ, lo hapogè, khutlisañ Moitshepi oa Iseraela ha pele ga rona.” Lefa go le jalo, ka boikanyegi Isaia o ne a bolelela batho ka go re: “Yehofa ke Modimo oa katlholō; go segō botlhe ba ba mo letañ.” (Isaia 30:9-11, 18) Re tshwanetse go dira se se tshwanang. Fa fela re sa lape, molaetsa wa rona o tla fitlha kwa bokgakaleng jo bo rileng. Bangwe ba tla reetsa mme ba bangwe ga ba na go reetsa. Mme botlhe ba tla nna le sebaka sa go utlwa.

‘Ba tla Utlwa Jang?’

8. Lemororo batho ba ka nna ba bonala ba le kgatlhanong le boammaaruri, ke maemo afe a a ka nnang a fetola megopolo ya bone?

8 Gongwe re ikutlwa gore batho mo tshimong e e rileng ba setse ba feditse megopolo ya bone mme ba ikemiseditse go gana molaetsa wa rona kana le eleng go o ganetsa. Mme gakologelwa, maemo mo matshelong a batho a fetoga gangwe le gape. Ba ka nna ba lebana le mathata a masha kana maemo ka moso, beke e e tlang, kana kgwedi e e tlang ao a ka ba dirang gore ba amogele boammaaruri. Ba ka nna ba utlwalela ka ditiragalo tse di sa jeseng di welang mo lefatsheng kana gongwe ba tshela mo seemong se se maswe sa itsholelo, bolwetsi, kana loso mo lelapeng. Dilo tsa go nna jalo di ka ba dira gore ba thanye mme ba batle go itse seo se bakang tlalelo ya bone. Fa re tswelela ka go rera, ba tla itse koo ba ka lebang teng.

9. Tiro ya rona ya go rera e ka tshwantshanngwa jang le ya bafalotsi mo lefelong la kudumedi?

9 Seemo sa rona se ka nna sa bapisiwa le sa bafalotsi mo lefelong leo go nnileng le kudumedi mo go lone, jaaka morago ga thoromo ya lefatshe. Bangwe ba ka tswa ba fata moo go bonwang bafalodi ba sekaenyana fela teng, mme lebaka la go bo badiri-ka-bone ba bona bafalodi ba bantsi mo lefelong le lengwe le ka se dire gore ba repise tiro le go e lesa. Go na le moo, bafalotsi botlhe ba itshoka kwantle ga go nyema moko le eleng fa ba bona gore go ka nna ga tswa go sa tlhole go na le bafalodi bape mo karolong ya bone e ba e abetsweng. Mme, ka gone, ka dinako tse dingwe ba bone mofalodi yo mongwe gape. Go senka go khutlisiwa fela fa nako e e fitileng e senola gore ga go sa tlhole go na le tsholofelo epe. Ebu, go senka ga rona ga go ise go emisiwe, mme re santse re bona dikete mo godimo ga dikete tsa bao ba batlang go falodisiwa mo lefatsheng le legologolo leno le go falola ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolō 7:9, 14) Le eleng mo mafelong a a dirilweng ka botlalo le koo batho ka bontsi ba sa arabeleng teng, go sant se go na le matswela mangwe. Mme go na le mabaka a mangwe a go tswelela re rera.

10. Go ya ka Baroma 10:13, 14, ke jang fela batho ba ka itseng koo ba ka lebang gone fa ba batla go senka boammaaruri?

10 Batho ba tlhoka go gakololwa ka metlha gore “leha e le mañ eo o tla bitsañ leina ya Morèna o tla bolokwa.” Lefa go ntse jalo, jaaka moaposetoloi Paulo a tswelela mo lokwalong lwa gagwe go Baroma, “ba tla bitsa yañ èna eo ba e señ ba dumele mo go èna? me ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè? me ba ka utlwa yañ ha ba sena morèredi?” (Baroma 10:13, 14) Mafoko ano a tshwanetse go gatelela mo go mongwe le mongwe wa rona tlhokafalo ya go sa lape go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo.”

11. Re na le boikarabelo bofe mo basheng bao ba golang go nna bagolo?

11 Jaaka motlha wa bokhutlo o ntse o tswelela, go ile ga tsalwa bana mme ba gola go nna bagolo kana mo dingwageng tsa boikarabelo. Gantsi batho ba basha bano ga ba ise ba ke ba tlhokomele boammaaruri. Batsadi ba bone ba ka nna ba tswa ba ile ba gana molaetsa le eleng go bua kgatlhanong le one. Mme jaanong basha bano ba godile mo go lekaneng gore ba ka ikakanyetsa ka tlhoafalo kaga maemo a lefatshe, kaga isagwe, le kaga boikaelelo jwa bone mo botshelong. Le bone ba tlhoka go bitsa leina la ga Jehofa fa e le gore ba tla bolokwa. Mme “ba ka dumèla yañ mo go èna eo ba e señ ba utlwe kaga gagwè?” (Baroma 10:14) Mo mabakeng a le mantsi basha bano le bagolo ba babotlana ba arabela sentle mo boammaaruring, ka gone re tlhoka go ba senka le go ba rerela.

12. Go tswelela pele ga rona ka tiro ya go rera go bontsha kutlwelo botlhoko ya ga Jehofa jang?

12 Lebaka la go bo tsela ya go rera e santse e bulegile ke pontsho ya boutlwelo botlhoko jwa ga Jehofa. Moaposetoloi Petere o kwala jaana: “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaeè bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa batle gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ. Me lo kaeè, go re, bopelotelele yoa Morèna ke poloka.” (2 Petere 3:9, 15) Keletso ya ga Jehofa ya gore mefuta yotlhe ya batho ba bolokwe e bontshiwa eseng fela ke go letlelela nako ka bopelotelele ga gagwe pele ga a diragatsa katlholo mme gape le ka go tswelela pele ga gagwe a ikuela mo bathong gore ba sokologele kwa go ene mme ba bolokwe. (1 Timotheo 2:4) Jaaka re tswelela pele go rera mafoko a a molemo, re tlotlomatsa boutlwelo botlhoko jwa Modimo, mme ka tsela eno re a mo galaletsa.

Go Tila Molato wa Madi

13, 14. (a) Tiro ya rona ya go rera e ka tshwantshanngwa jang le tiro ya molebeledi, jaaka go umakilwe mo boperofeting jwa ga Esekiele? (b) Ke ka ntlhayang fa Paulo a ne a ka re o ne a “sena molato mo madiñ a [batho botlhe],” mme ke jang fela Basupi ba ga Jehofa ba ka buang seno gompieno?

13 Boikarabelo jwa Basupi ba ga Jehofa ba ba ineetseng jwa go tlhagisa batho ka katlholo e e tlang ya Modimo bo ka tshwantshanngwa le jwa ga Esekiele ka nako ya gagwe. O ne a beilwe jaaka molebedi wa ntlo ya Iseraele. Kabelo ya gagwe e ne e le go tlhagisa Baiseraele gore katlholo e ne e ba tlela fa ba ne ba sa sokologe mo ditseleng tsa bone tse di maswe. Fa ene jaaka molebedi a ne a palelwa ke go isa tlhagiso, katlholo e ne e ntse e tla tlela batho ba ba boikepo, mme madi a bone a ne a tla nna mo tlhogong ya molebedi yo o itsemeletsang. Ka tsela eno Jehofa o bontsha boikutlo jwa gagwe tebang le go diragatsa katlholo: “Ga ke na kgatlhè-gō epè mo loshuñ loa moikepi; ha e se go re, moikepi a shokologè mo tseleñ ea gagwe, me a tshelè: shokologañ, shokologañ mo ditseleñ tsa lona tse di boshula: gonne lo ratèlañgo shwa, lona ba ntlo ea Iseraela?”—Esekiele 33:1-11.

14 Moaposetoloi Paulo o ne a bolela boikarabelo jwa gagwe jaaka molebedi, fa a ne a tlhalosetsa bagolwane go tswa kwa Efeso ka go re: “Me ke gōna, ke shupa mo go lona gompiyeno kaga batho botlhe, ha ke sena molato mo madiñ a bōnè.” Ke eng fa a ne a ka rialo? O a tswelela: “Gonne ga kea ka ka boiha go lo bolèlèla kgakololō eotlhe ea Modimo.” (Ditihō 20:26, 27) Go ntse fela jalo ka setlhopha sa molebedi gompieno, masalela a balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu Keresete. Botlhe bano, gammogo le bapati ba bone ba ba fetang dimilione tse tharo ba ba nang le tsholofelo ya go falola bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng, ga baa tshwanela go repisa mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go tlhagisa kaga tiragatso e e tlang ya katlholo ya gagwe. Ka tsela eno ba tila molato wa madi.

15. Go ya ka Esekiele kgaolo ya 9, ke bomang ba ba neng ba tshwaiwa, mme ke mang yo o neng a ba tshwaya?

15 Tiro ya go rera gompieno e tlhalosiwa ka boperofeti mo go Esekiele kgaolo ya 9. Mono, kotlhao ya ga Jehofa e ne e lebisitswe kwa motseng wa Jerusalema. Pele ga tiragatso ya katlholo eo, monna yo o apereng leloba mme a tshotse pene ya mokwaledi mo lothekeng lwa gagwe o tewa go twe a ralale motse a ba a tshwae diphatla tsa botlhe ba ba hegelwang ka baka la dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang koo. Fa tiro eno ya go tshwaya e weditswe, botlhe mo motseng oo kwantle ga bao ba tshwaetsweng phalolo ba ne ba tla bolawa. Morago ga go di gela tiro ya gagwe ya go tshwaya ka katlego, monna yoo o ne a bega jaana: “Ke dihile hèla yaka o ntaotse.” (Esekiele 9:11) O ne a dirile kabelo ya gagwe ka boikanyegi go fitlhela a e fetsa.

16. (a) Monna yo o apereng leloba o tshwantshetsa mang? (b) Kgang ya go galalediwa ga bolaodi jwa ga Jehofa e re rotloetsa jang go tswelela pele re rera?

16 Monna yo o apereng leloba o tshwantshetsa masalela a a tloditsweng a balatedi ba ga Keresete, mme ba kopana le ba “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele.” Kgangkgolo gompieno, jaaka mo motlheng wa ga Esekiele, ke go galalediwa ga bolaodi jwa ga Jehofa. Malebana le bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya gompieno ka ntwa ya letsatsi je legolo ja Modimo Mothatayotlhe, Jehofa a re: “Me merahe e tla itse ha ke le Yehofa.” (Tshenolō 7:9; Yohane 10:16; Esekiele 39:7) Gore merafe e itse seno, go a patelesega gore batlhanka ba ga Jehofa mo lefatsheng ba tswelele pele ba rera kaga leina ja gagwe le boikaelelo go nna tshupo mo merafeng yotlhe.

17, 18. (a) Go tswelela ga rona re rera go re thusa jang go nna re lebeletse? (b) Ke pego efe eo rotlhe re batlang go e neela Jehofa fa a emisa tiro ya go rera, mme re ka dira seno jang fela?

17 Ka go tswelela pele re rera mafoko a a molemo a Bogosi, re boloka tlhagafalo ya rona. Re nna re et se tlhoko botlhokwa jwa leina la Modimo le boikaelelo. Fa re ngodiega, tsholofelo ya rona ya Bogosi e ne e ka nna ya koafala, mme re ne re ka nna ra phepheulwa ke “ditlhodiègō, le mahumō, le ditlhapèlō tsa botshelō yono . . . me [re sa] uñwe louñō lopè lo lo itekanetseñ.” (Luke 8:14) Ka go itshoka ka tlhoafalo mo go boleleng “Mahoko a a Molemō” re latela ka boikanyegi ditaelo tsa Morena wa rona, Jesu Keresete: “Itiseñ, lo lebèlèlè . . . gonne ga lo itse lobaka, go re, ke lohe. Mme se ke se raeañ lona, ke se raea botlhe hèla, ka re, Lebèlèlañ.”—Mareko 13:10, 33, 37.

18 Jalo he, a rotlhe re se lape mo go batleng ‘botlhe ba ba hegelwang’ fa fela Jehofa a santse a letlile nako ya gone. Ekete rotlhe, e ka tswa re le ba masalela a a tloditsweng kana ba “dinku di sele” re ka ikanyega mo go direng kabelo ya rona ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi mo lefatsheng lotlhe le le agilweng go nna tshupo mo merafeng yotlhe. (Mathaio 24:14) Fa Jehofa ka boene a khutlisa tiro eno ka go simolola “sepitla se segolo, ” ekete mongwe le mongwe wa rona o ka kgona go raya Jehofa a re, ‘Re dirile fela jaaka o laotse.’

A o a Gakologelwa?

◻ Matswela a bontsha eng malebana le thero ya rona?

◻ Ke ka ntlha ya mabaka afe a mangwe go bo re tshwanetse go tswelela re rera?

◻ Thero ya rona ke pontsho ya boutlwelo botlhoko jwa ga Jehofa jang?

◻ Re ka nna re le phepa mo mading a batho botlhe jang?

◻ Go rera ga rona go re thusa jang go nna re lebeletse?

[Tšhate mo go tsebe 28]

MATSWELA A THERO MO DINGWAGENG TSE SUPA

Palo ya ba Batla Palo ya Dithuto

ba Kolobeditsweng Segopotsong tsa Bibela

1981 119.836 5.987.893 1.475.177

1982 138.540 6.252.787 1.586.293

1983 161.896 6.767.707 1.797.112

1984 179.421 7.416.974 2.047.113

1985 189.800 7.792.109 2.379.146

1986 225.868 8.160.597 2.726.252

1987 230.843 8.965.221 3.005.048

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela