“O Tlhome Pelo ya Gago” mo Tempeleng ya Modimo!
“Morwa motho, . . . o tlhome pelo ya gago mo go sotlhe se ke se go bontshang . . . Bolelela ntlo ya Iseraele sengwe le sengwe se o se bonang.”—ESEKIELE 40:4, NW.
1. Batho ba Modimo ba ile ba iphitlhela ba le mo boemong bofe ka 593 B.C.E.?
ENE e le ka ngwaga wa 593 B.C.E., e le ngwaga wa bo14 wa botshwarwa jwa Iseraele. Mo Bajudeng ba ba neng ba nna kwa Babilone, nagagae ya bone e ba neng ba e rata e tshwanetse ya bo e ne e lebega e le kgakala tota. Lekgetlo la bofelo le bontsi jwa bone ba neng ba bona Jerusalema e ne e le fa e lailwa ka molelo, mabota a yone a magolo a thubilwe, meago ya yone e e tlotlometseng e le matlotla fela. Tempele ya ga Jehofa—e e kileng ya bo e le serwalo sa kgalalelo sa motse oo, e le yone fela boremelelo jwa kobamelo e e itshekileng mo lefatsheng lotlhe—e ne e fetogile matlotla fela. Gone jaanong Iseraele e sa ntse e saletswe ke dingwaga di le dintsi mo botshwarong. Go tla tsaya dingwaga di le 56 pele ba gololwa jaaka go solofeditswe.—Jeremia 29:10.
2. Ke eng fa Esekiele a ile a hutsafala fa a akanya ka tempele ya Modimo kwa Jerusalema?
2 Go tshwanetse ga bo go ile ga hutsafatsa moporofeti yo o ikanyegang Esekiele fa a akanya gore tempele ya Modimo e ntse matlotla fela dikilometara tse di makgolokgolo go tswa mo a neng a le teng, e le marope fela a a kailang dibatana tsa naga. (Jeremia 9:11) Rraagwe e bong Busi e ne e kile ya bo e le moperesiti koo. (Esekiele 1:3) Esekiele le ene o ka bo a ile a nna le tshiamelo eo, mme o ile a isiwa botshwarwa le batlotlegi ba Jerusalema ka 617 B.C.E., a sa le monnye. Jaanong fa Esekiele a setse a ka nna dingwaga di ka nna 50, o ka tswa a ne a itse gore a ka se tlhole a bona Jerusalema gape e bile a ka se nne le seabe sepe mo go agiweng sesha ga tempele ya yone. Ka jalo, a ko o akanye fela gore e tshwanetse ya bo e ne e le selo se se kana kang mo go Esekiele go bona ponatshegelo ya tempele e e galalelang!
3. (a) Boikaelelo jwa ponatshegelo ya tempele ya ga Esekiele e ne e le bofe? (b) Dikarolo tse nnè tsa konokono tsa ponatshegelo ke dife?
3 Ponatshegelo eno e e tseneletseng, e e bopang dikgaolo tse robongwe tsa buka ya Esekiele, e ile ya neela Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa tsholofelo e e neng e nonotsha tumelo ya bone. Kobamelo e e itshekileng e ne e tla tsosolosiwa! Mo makgolong a dingwaga fa e sa le ka nako eo, go fitlha le mo motlheng wa rona, ponatshegelo eo e ile ya kgothatsa batho ba ba ratang Jehofa. Jang? Mma re sekasekeng se ponatshegelo ya boporofeti ya ga Esekiele e neng e se kaya mo Baiseraeleng ba ba neng ba le kwa botshwarwa. E na le dikarolo tse nnè tsa konokono: tempele, boperesiti, kgosana le lefatshe.
Go Tsosolosiwa ga Tempele
4. Esekiele o isiwa kae mo tshimologong ya ponatshegelo, o bona eng koo, mme ke mang yo o mo bontshang lefelo leo?
4 Sa ntlha, Esekiele o isiwa kwa “thabeng nngwe e e godileng.” Kafa ntlheng ya borwa ya thaba eo go na le tempele e kgolo, e e tshwanang le motse o o ageletsweng ka mabota. Moengele mongwe yo “ponalo ya gagwe e ntseng jaaka ponalo ya kgotlho,” o bontsha moporofeti lefelo leo ka botlalo. (Esekiele 40:2, 3) Fa ponatshegelo e ntse e tsweletse, Esekiele o bona moengele a lekanya dikgoro tse thataro tsa tempele ka kelotlhoko tse di tshwanang mmogo le matlwana a tsone a tebelo, le lelwapa lwa ka kwa ntle, lelwapa lwa ka fa teng, matlwana a bojelo, aletara le lefelo le le boitshepo la tempele le lefelo la yone la Maitshepo le la Boitshepo Jwa Maitshepo.
5. (a) Jehofa o tlhomamisetsa Esekiele ka eng? (b) “Ditoto tsa dikgosi tsa bone” tse di tshwanetseng go tlosiwa mo tempeleng e ne e le eng, mme ke eng fa seno se ne se le botlhokwa?
5 Morago go foo, Jehofa ka boene o a tlhaga mo ponatshegelong. O tsena mo tempeleng mme a bo a tlhomamisetsa Esekiele gore O tla nna gone moo. Mme O kopa gore ntlo ya Gagwe e itshekisiwe ka go bolela jaana: “Jaana a ba tlose go akafala ga bone, le ditoto tsa dikgosi tsa bone, go nne kgakala le nna, mme ke tlaa aga mo gare ga bone ka bosakhutleng.” (Esekiele 43:2-4, 7, 9) Go bonala fa “ditoto tsa dikgosi tsa bone” di ne di kaya medimo ya disetwa. Babusi le batho ba Jerusalema ba ba tsuologang ba ne ba kgotletse tempele ya Modimo ka medimo ya disetwa, mme e bile e ne e ntse jaaka dikgosi mo go bone. (Bapisa Amose 5:26.) Medimo eno kana dikgosi, e ne e sa tshele, go na le moo e ne e sule, e le dilo tse di makgapa mo matlhong a ga Jehofa. E tshwanetse go tlosiwa.—Lefitiko 26:30; Jeremia 16:18.
6. Go lekanngwa ga tempele go ne go emela eng?
6 Karolo eno ya ponatshegelo e ne e tlhalosa eng? E ne e tlhomamisetsa batshwarwa gore kobamelo e e itshekileng e tla tsosolosiwa ka botlalo kwa tempeleng ya Modimo. Mo godimo ga moo, go lekanngwa ga tempele go ne go ba tlhomamisetsa gore ruri Modimo o ne a tla diragatsa ponatshegelo eo. (Bapisa Jeremia 31:39, 40; Sekaria 2:2-8.) Kobamelo yotlhe ya medimo ya disetwa e ne e tla tlosiwa. Jehofa o ne a tla boa a segofatsa ntlo ya gagwe.
Boperesiti le Kgosana
7. Go bolelwa eng malebana le Balefi le baperesiti?
7 Boperesiti le jone bo ne bo tshwanetse go phepafadiwa kana go itshekisiwa. Balefi ba ne ba tla kgalemelelwa go ineelela kobamelo ya medimo ya disetwa, fa barwa ba baperesiti ba ga Satoke ba ne ba tla akgolwa le go duelelwa go nna ba itshekile.a Le fa go ntse jalo, ditlhopha tseno ka bobedi di ne di tla nna le tshono ya go direla mo ntlong e e tsosolositsweng ya Modimo—ga go pelaelo gore seo se ne se tla ikaega ka go ikanyega ga mongwe le mongwe wa bone. Mo godimo ga moo, Jehofa o ile a laela jaana: “Ba tlaa ruta batho ba me go farologanya dilo tse di itshepileng le tse e leng dilo fela, ba ba ba lemotsha se se itshekologileng le se se itshekileng.” (Esekiele 44:10-16, 23) Ka jalo, boperesiti bo ne bo tla tsosolosiwa, mme baperesiti ba ne ba tla duelwa ka ntlha ya go itshoka ka boikanyegi.
8. (a) Dikgosana tsa Iseraele wa bogologolo e ne e le bomang? (b) Kgosana ya ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e tshwaregile ka ditsela dife mo kobamelong e e itshekileng?
8 Ponatshegelo e bua gape ka mongwe yo o bidiwang kgosana. Fa e sa le ka motlha wa ga Moshe, setšhaba se ne se na le dikgosana. Lefoko la Sehebera la kgosana e leng na·siʼʹ, le ka nna la raya tlhogo ya lelapa e leng rre, tlhogo ya morafe kana tota le ya setšhaba. Mo ponatshegelong ya ga Esekiele, setlhopha sotlhe sa babusi ba Iseraele se kgalemelelwa go gatelela batho e bile se rotloelediwa gore se se ka sa tlhaola batho le go gobelela. Le mororo kgosana e se wa setlhopha sa boperesiti, o na le seabe se segolo mo kobamelong e e itshekileng. Ene le morafe o e seng wa boperesiti ba tsena ba tswa mo lelwapeng le le ka kwa ntle, o nna mo maribelong a Kgoro ya Botlhaba, e bile o neela batho ditlhabelo tse ba tshwanetseng go di ntsha. (Esekiele 44:2, 3; 45:8-12, 17) Ka gone, ponatshegelo eno e ne e tlhomamisetsa batho ba ga Esekiele gore setšhaba se se tsosolositsweng se ne se tla segofadiwa ka baeteledipele ba ba tlhomang sekao, banna ba ba neng ba tla tshegetsa boperesiti ka go rulaganya batho ba Modimo le ka go tlhoma sekao se sentle mo dikgannyeng tsa semoya.
Lefatshe
9. (a) Lefatshe le ne le tshwanetse go kgaoganngwa jang, mme ke bomang ba ba neng ba se kitla ba fiwa boswa? (b) Seromololo se se boitshepo e ne e le eng mme se ne se na le eng?
9 Kwa bofelong, ponatshegelo ya ga Esekiele e ne e akaretsa go sekaseka lefatshe lotlhe la Iseraele. Le ne le tshwanetse go kgaoganngwa gore morafe mongwe le mongwe o bone karolo ya lone. Kgosana le yone e ne e tla newa boswa. Le fa go ntse jalo, baperesiti bone ba ne ba se kitla ba bo newa ka gonne Jehofa o ne a re, “ke nna thuo ya bone.” (Esekiele 44:10, 28; Dipalo 18:20) Ponatshegelo e ne ya bontsha gore karolo ya lefatshe le kgosana e neng e tla le newa e ne e tla nna ka fa matlhakoreng oomabedi a lefelo le le kgethegileng le le bidiwang seromololo se se itshepileng. E ne e le karolo e e sekwere ya lefatshe e e kgaogantsweng ka dibata tse tharo—karolo e e kwa godimo e le ya Balefi ba ba ikwatlhaileng, e e fa gare e le ya baperesiti mme e e kwa tlase, e le ya motse le ya naga ya one e e ungwang. Tempele ya ga Jehofa e ne e tla nna mo sebateng sa lefatshe la baperesiti, mo karolong e e fa gare ya seromololo.—Esekiele 45:1-7.
10. Boporofeti jo bo neng bo bua ka go kgaoganngwa ga lefatshe bo ne bo kaya eng mo Bajudeng ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kwa botshwarong?
10 A bo dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa bo di ile tsa imolola dipelo tsa batshwarwa jang ne! Lelapa lengwe le lengwe le ne le tlhomamisediwa gore le tla newa boswa jwa lefatshe. (Bapisa Mika 4:4.) Kobamelo e e itshekileng e ne e tla tseelwa kwa godimo thata koo. Ela tlhoko gore mo ponatshegelong ya ga Esekiele, kgosana, jaaka baperesiti, e ne e tla nna mo lefatsheng le batho ba le ntshitseng go nna seromololo. (Esekiele 45:16) Ka jalo, mo lefatsheng le le tsosolositsweng, batho ba ne ba tshwanetse go thusa batho ba Jehofa a ba tlhomileng go etelela pele mo tirong ya bone, ba ba tshegetsa ka go dirisana mmogo le bone mo kaelong ya bone. Mo go seno sotlhe, lefatshe leno le ne le tshwantshetsa thulaganyo, tirisanommogo le pabalesego.
11, 12. (a) Jehofa o tlhomamisetsa batho ba gagwe jang ka tsela ya boporofeti gore o tla segofatsa nagagae ya bone e e tsosolositsweng? (b) Ditlhare tse di neng di le fa thoko ga losi lwa noka di ne di tshwantshetsa eng?
11 A Jehofa o ne a tla segofatsa lefatshe la bone? Boporofeti bo araba potso eno ka setshwantsho se se itumedisang. Go na le molatswana o o elelang go tswa mo tempeleng, o ntse o atlhama fa o ela kwa pele, go fitlha o nna morwalela wa noka fa o fitlha mo Lewatleng le le Suleng. Fa o fitlha koo o tsosolosa metsi a a suleng, mme go tlhongwa kgwebo e kgolo ya ditlhapi go ralala losi lwa noka. Mo lotshitshing lwa noka go na le ditlhare tse dintsi tse di nnang le maungo ngwaga otlhe, di otla e bile di alafa.—Esekiele 47:1-12.
12 Mo batshwarweng, tsholofetso eno e ne e boeletsa le go tlhomamisa dipolelopele tse di malebana le tsosoloso tse di neng di boletswe pelenyana tse ba neng ba di rata thata. Baporofeti ba ga Jehofa ba ba tlhotlheleditsweng ba ile ba tlhalosa Iseraele e e tsosolositsweng le e e nang le baagi e lebega e le paradaise. Gangwe le gape baporofeti ba ne ba bua ka kgang ya gore dikgaolo tse di swafetseng di tla boa di nna le botshelo gape. (Isaia 35:1, 6, 7; 51:3; Esekiele 36:35; 37:1-14) Ka jalo batho ba ne ba ka lebelela gore masego a ga Jehofa a a nayang botshelo a ka elela jaaka noka go tswa kwa tempeleng e e tsosolositsweng. Ka jalo, setšhaba se se suleng mo semoyeng se ne se ka tsosolosiwa. Batho bano ba ba tsosolositsweng ba ne ba ka segofadiwa ka banna ba ba molemo ba semoya—banna ba ba siameng e bile ba nonofile jaaka ditlhare tse di fa thoko ga dintshi tsa noka eo ya ponatshegelo, banna ba ba neng ba ka etelela pele mo go ageng lefatshe le le senyegileng sesha. Isaia le ene o ne a kwala a bua ka “ditlhare tsa tshiamo” tse di tla ‘agang marope a magologolo.’—Isaia 61:3, 4.
Ponatshegelo Eno e Diragadiwa Leng?
13. (a) Jehofa o ne a segofatsa batho ba gagwe ba ba tsosolositsweng ka tsela efe ka “ditlhare tsa tshiamo”? (b) Boporofeti jo bo kaga Lewatle le le Suleng bo ile jwa diragadiwa jang?
13 A batshwarwa ba ba neng ba boa ba ile ba swaba? Le e seng! Masalela a a tsosolositsweng a ne a boela kwa nagagaeng ya bone e ba e ratang ka 537 B.C.E. Fa nako e ntse e ya, ka kaelo ya ‘ditlhare tseno tsa tshiamo’—tse di jaaka mokwadi Esera, moporofeti Hagai le moporofeti Sekaria, le Moperesiti yo Mogolo Joshua—marope a bogologolo a ne a agiwa sesha. Dikgosana tse di jaaka Nehemia le Serubabele, di ne tsa busa lefatshe leo ka tekatekano le ka tshiamo. Tempele ya ga Jehofa e ne ya tsosolosiwa, mme dipaakanyetso tse a di dirileng tsa botshelo—masego a go tshela go ya ka kgolagano ya gagwe—a ne a elela gape. (Duteronome 30:19; Isaia 48:17-20) Tshegofatso e nngwe e ne e le kitso. Baperesiti ba ne ba busediwa mo tirong ya bone mme baperesiti ba ne ba ruta batho Molao. (Malaki 2:7) Ka ntlha ya seo, batho ba ne ba tsosolosiwa mo semoyeng mme ba boa ba nna batlhanka ba ga Jehofa ba ba ungwang, jaaka go ne go tshwantshediwa ke Lewatle le le Suleng le le ileng la alafiwa mme la tlhagisa kgwebo e kgolo ya ditlhapi.
14. Ke eng fa boporofeti jwa ga Esekiele bo ne bo tshwanetse go diragadiwa ka tsela e kgolwane go feta se se neng sa diragala ka nako ya fa Bajuda ba boa kwa botshwarong jwa Babilone?
14 A ditiragalo tseno e ne e le tsone fela tse di neng di diragatsa ponatshegelo ya ga Esekiele? Nnyaa; e ne e tshwantshetsa sengwe se segolo thata go feta seo. Akanya: Tempele e Esekiele a neng a e bona e ne e ka se agiwe ka tsela e e tlhalositsweng ka yone ka tsela ya mmatota. Ke boammaaruri gore, Bajuda ba ne ba tsaya ponatshegelo eno masisi ba ba ba dirisa ditlhaloso dingwe tsa yone ka tsela ya mmatota.b Le fa go ntse jalo, tempele eo yotlhe ya ponatshegelo ka boyone e ne e le kgolo thata go ka lekana mo Thabeng ya Moria, setsha sa tempele ya pele. Mo godimo ga moo, tempele ya ga Esekiele e ne e se mo motseng, go na le moo, e ne e le kgakalanyana mo setsheng se se kwa thoko, fa tempele ya bobedi yone e ne ya agiwa mo ya pele e neng e le gone, mo motseng wa Jerusalema. (Esera 1:1, 2) Mo godimo ga moo, ga go na noka epe ya mmatota e e kileng ya elela go tswa mo tempeleng ya Jerusalema. Ka jalo boporofeti jwa ga Esekiele bo ile jwa diragadiwa go sekae fela mo Iseraele wa bogologolo. Seno se supa gore ponatshegelo eno e tshwanetse ya bo e na le tsela e kgolwane ya semoya e e tla diragadiwang ka yone.
15. (a) Tempele ya ga Jehofa ya semoya e ne ya simolola go dira leng? (b) Ke eng se se supang gore ponatshegelo ya ga Esekiele ga ya ka ya diragadiwa ka nako ya fa Keresete a ne a le mo lefatsheng?
15 Ka gone, re tshwanetse go lebelela gore ponatshegelo ya ga Esekiele e diragadiwe mo tempeleng e kgolo ya ga Jehofa ya semoya, e moaposetoloi Paulo a e tlhalosang ka botlalo mo bukeng ya Bahebera. Tempele eo e ne ya simolola go dira fa Jesu Keresete a ne a tlodiwa go nna Moperesiti yo Mogolo ka 29 C.E. A mme ponatshegelo ya ga Esekiele e ile ya diragadiwa mo motlheng wa ga Jesu? Go bonala go sa nna jalo. Jesu, jaaka Moperesiti yo Mogolo, o ne a diragatsa se boporofeti jo bo malebana le Letsatsi la Tetlanyo bo neng bo se kaya ka go kolobediwa ga gagwe, ka loso lwa gagwe lwa setlhabelo le ka go tsena ga gagwe mo Boitshepong Jwa Maitshepo, e leng legodimo ka bolone. (Bahebera 9:24) Le fa go ntse jalo, se se kgatlhang ke gore, ponatshegelo ya ga Esekiele ga e umake sepe ka moperesiti yo mogolo kana Letsatsi la Tetlanyo. Ka jalo ga go bonale fa ponatshegelo eno e ne e amana le lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Mme he, e amana le nako efe?
16. Lefelo le ponatshegelo ya ga Esekiele e diragalang mo go lone le re gopotsa boporofeti bofe jo bongwe, mme seno se re thusa jang go lemoga nako ya konokono ya go diragadiwa ga ponatshegelo ya ga Esekiele?
16 Go bona karabo, a re boeleng gape kwa ponatshegelong ka boyone. Esekiele o ne a kwala jaana: “A nkisa lefatsheng la Iseraele mo diponatshegelong tsa Modimo, mme a mpaya mo thabeng nngwe e e godileng thata, e go neng go le mo go yone ka fa ntlheng ya borwa e ke te sebopego sa motse mongwe.” (Esekiele 40:2) Lefelo le ponatshegelo eno e diragetseng gone, “mo thabeng nngwe e e godileng thata,” le re gopotsa Mika 4:1: “Mo metlheng ya morago go tlaa dirala go re, thaba ya ntlo ya ga Jehofa e tlaa tlhomamisiwa mo tlhoreng tsa dithaba, e tlaa golediwa mo godimo ga makhubu; mme ditšhaba di tlaa sailela kwa go yone.” Boporofeti jono bo diragadiwa leng? Mika 4:5 e bontsha gore bo tla simolola fa ditšhaba di sa ntse di obamela medimo ya maaka. Tota e bile, ke mo motlheng wa rona, “mo metlheng ya morago,” moo kobamelo e e itshekileng e ileng ya golediwa teng, ya tsosolosiwa gore e boele mo maemong a yone mo botshelong jwa batlhanka ba Modimo.
17. Boporofeti jo bo mo go Malaki 3:1-5 bo re thusa jang go bona gore tempele ya ponatshegelo ya ga Esekiele e ile ya itshekisiwa leng?
17 Ke eng se se ileng sa dira gore e kgone go tsosolosiwa jaana? Gopola, mo tiragalong e e botlhokwa thata ya ponatshegelo ya ga Esekiele, Jehofa o tsena mo tempeleng mme o gatelela gore go tlosiwe medimo ya disetwa mo ntlong ya gagwe. Tempele ya Modimo ya semoya e ile ya phepafadiwa leng? Mo go Malaki 3:1-5, Jehofa o bolela pele nako e a tla ‘tlang mo tempeleng ya gagwe’ ka yone a patilwe ke “morongwa wa kgolagano” e bong Jesu Keresete. Ka boikaelelo bofe? “O ntse jaaka molelo wa moitshekisi le jaaka molora wa moupeledi.” Go itshekisa gono go ile ga simolola ka nako ya ntwa ya ntlha ya lefatshe. Matswela e nnile afe? Jehofa o ile a nna mo ntlong ya gagwe mme a segofatsa naga ya batho ba gagwe ya semoya go tloga ka 1919 go ya pele. (Isaia 66:8) Ka jalo, re ka nna ra swetsa ka gore boporofeti jwa ga Esekiele malebana le tempele bo diragadiwa ka tsela e e botlhokwa thata mo metlheng eno ya bofelo.
18. Ponatshegelo ya tempele e tla diragadiwa leng la bofelo?
18 Jaaka dipolelopele tse dingwe tse di buang ka tsosoloso, ponatshegelo ya ga Esekiele e tla diragadiwa ka tsela e nngwe gape, ya bofelo, kwa Paradaiseng. E tla nna ka nako eo fela batho ba ba dipelo tse di siameng ba tla bonang melemo ya thulaganyo ya Modimo ya tempele ka botlalo. Ka nako eo Keresete o tla dirisa boleng jwa setlhabelo sa gagwe sa thekololo mmogo le baperesiti ba gagwe ba selegodimo ba ba 144 000. Batho botlhe ba e tla nnang babusiwa ba ba kutlo ba puso ya ga Keresete ba tla itekanedisiwa. (Tshenolo 20:5, 6) Le fa go ntse jalo, Paradaise e ka se ka ya nna yone nako ya konokono ya go diragadiwa ga ponatshegelo ya ga Esekiele. Ka ntlha yang?
Ponatshegelo e Lebisitse mo Motlheng wa Rona
19, 20. Ke eng fa go diragadiwa ga konokono ga ponatshegelo go tshwanetse ga diragala gone jaanong mme e seng kwa Paradaiseng?
19 Esekiele o ne a bona tempele e mo go yone go neng go tlhokega gore go tlosiwe medimo ya disetwa le kgokafalo ya semoya. (Esekiele 43:7-9) Kwantle ga pelaelo seno se ne se ka se amane le kobamelo ya ga Jehofa mo Paradaiseng. Mo godimo ga moo, baperesiti ba ponatshegelo eno ba tshwantshetsa setlhopha sa baperesiti ba batlodiwa fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng, e seng fa ba sena go tsosediwa kwa legodimong kana ka nako ya Dingwaga Tse di Sekete. Ka ntlha yang? Ela tlhoko gore baperesiti bano ba tlhalosiwa ba direla mo lelwapeng le le kwa teng. Ditlhogo dingwe mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo di ile tsa bontsha gore lelwapa leno le tshwantshetsa boemo jo bo kgethegileng jwa semoya jo baperesiti ba babotlana ba ga Keresete ba nang le jone fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng.c Tlhokomela gape gore ponatshegelo e gatelela go sa itekanelang ga baperesiti. Ba bolelelwa gore ba ntshetse maleo a bone ditlhabelo. Ba tlhagisiwa ka kotsi ya go itshekologa—mo semoyeng le mo boitsholong. Ka jalo ga ba tshwantshetse batlodiwa ba ba tsositsweng, ba moaposetoloi Paulo a ileng a kwala jaana ka bone: “Terompeta e tla gelebetega, mme baswi ba tla tsosiwa e le ba ba sa boleng.” (1 Bakorintha 15:52; Esekiele 44:21, 22, 25, 27) Baperesiti ba ba mo ponatshegelong ba kopakopana le batho e bile ba ba direla ka tlhamalalo. Go tla bo go sa nna jalo mo Paradaiseng, fa setlhopha sa baperesiti se tla bo se le kwa legodimong. Ka jalo, ponatshegelo eno e re neela tlhaloso e ntle ya gore gompieno batlodiwa ba dira mmogo thata le “boidiidi jo bogolo” mo lefatsheng.—Tshenolo 7:9; Esekiele 42:14.
20 Ka jalo tempele ya ponatshegelo ya ga Esekiele e tshwantshetsa matswela a a itumedisang a go itshekisiwa ga semoya go go diragalang gompieno. Mme seo se kaya eng mo go wena? Eno ga se ponatshegelo fela e e se nang bokao bope. Ponatshegelo eno e amana thata le kobamelo ya gago ya letsatsi le letsatsi go Modimo o o osi wa boammaaruri e bong Jehofa. Mo setlhogong sa rona se se latelang re tla bona gore jang.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Se se ka tswa se ile sa ama Esekiele ka namana, ka gonne go twe o ne a le wa lelapa la boperesiti la ga Satoke.
b Ka sekai, mekwalo wa bogologolo ya Mishnah e akantsha gore mo tempeleng e e tsosolositsweng, sebeso, mabati a a sebedi a tempele, le mafelo a go apeela a ne a agilwe go ya ka ponatshegelo ya ga Esekiele.
c Bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1996, tsebe 16; March 1, 1974, tsebe 61.
A o A Gakologelwa?
◻ Ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele le boperesiti e ne ya diragala jang la ntlha?
◻ Ponatshegelo ya ga Esekiele e e malebana le go kgaoganngwa ga lefatshe e ile ya diragadiwa jang pele?
◻ Fa Iseraele wa bogologolo a tsosolosiwa, ke bomang ba e neng e le dikgosana tse di ikanyegang mme ke bomang ba e neng e le “ditlhare tsa tshiamo”?
◻ Ke eng fa go diragadiwa ga konokono ga ponatshegelo ya ga Esekiele ya tempele go tshwanetse ga diragala mo metlheng ya bofelo?