BOTSHELO JWA BOKERESETE
Goreng Kobamelo ya Boammaaruri e le Botlhokwa mo go Wena?
Bajuda ba ba neng ba le kwa botshwarwa ba ne ba kgothadiwa ke ponatshegelo ya tempele ya ga Esekiele ka gonne e ne e ba naya tsholofelo ya gore ba tla boa ba obamela Jehofa gape. Mo metlheng eno ya bofelo, kobamelo ya ga Jehofa ‘e tlhomamisitswe thata kwa godimo ga ditlhoa tsa dithaba,’ mme re bangwe ba batho ba ba tswang mo ditšhabeng tse di farologaneng go tla go mo obamela. (Isa 2:2) A o a tle o akanye ka tlotla e Jehofa a go neileng yone ya go mo obamela?
DITSHEGOFATSO TSA GO OBAMELA JEHOFA:
Go itse dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa mo botshelong, go tshela go dumalana le melao ya Modimo le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng.—Isa 48:17, 18; 65:13; Bar 15:4
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba utlwanang mo lefatsheng lotlhe.—Pes 133:1; Joh 13:35
Tlotla ya go dira mmogo le Modimo mo tirong ya botlhokwa ya go rera.—Dit 20:35; 1Bak 3:9
“Kagiso ya Modimo” e a re maatlafatsa fa re lebane le mathata.—Baf 4:6, 7
Segakolodi se se phepa.—2Ti 1:3
“Go atamalana thata le Jehofa.”—Pes 25:14
Nka bontsha ka ditsela dife gore ke rata go obamela Jehofa?