Pina 101
Go Itsise Boammaaruri Jwa Bogosi
E e Gatisitsweng
1. Re kile ra nna mo ’fifin
Re sa itse se se siameng.
Mme Jehofa’a ntsha ’sedi
La nnete ya ’gosi jwa ’gwe.
Re ne ra nna le tshono ya
Go dire la Modimo Jah,
Re bua ka Bogosi
Re galaletsa ’ina la gagwe.
Re rerela batho botlhe,
Ka ntlo le ntlo, mo mebileng.
Re ba thusa go itse Jah;
Gore ba bone poloko.
Fa re leka go godisa
Kobamelo ya Modimo,
A re nneng seopose ngwe
Go fitlha Jah a re go lekane.
(Bona le Josh. 9:9; Isa. 24:15; Joh. 8:12, 32.)