LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • dp kgao. 13 ts. 210-229
  • Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi
  • Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • GO GANA BOGOSI JWA GERIKA
  • BOGOSI JO BOGOLO BO KGAOGANNGWA DIKAROLO DI LE NNÈ
  • GO TSOGA DIKGOSI TSE PEDI TSE DI GANETSANANG
  • KGOTLHANG E A SIMOLOLA
  • KGOSI E BUSOLOSA POLAO YA KGAITSADIAYONE
  • KGOSI YA SIRIA E A IPUSOLOSETSA
  • DILO DI A FETOGA
  • MOFENYI O A BOA
  • ROMA E THIBELA MOFENYI
  • KGOTLHANG E SA NTSE E TSWELELA
  • Dikgosi Tse di Lwang di Fitlha Kwa Bokhutlong Jwa Tsone
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
  • Jehofa O ne A Bolelela Pele se se Tla Diragalelang Dikgosi Tsa Lefatshe
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona (2017)
  • ‘Baikepi ga ba na Kagiso Epè’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Ke Mang yo o Tla Busang Lefatshe?
    Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!
dp kgao. 13 ts. 210-229

Kgaolo ya Bosometharo

Kgotlhang ya Dikgosi Tse Pedi

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go kgatlhegela boporofeti jo bo kwadilweng mo go Daniele kgaolo 11?

DIKGOSI tse pedi tse di itaanang ka noga e tshela di sukasukana mo ntweng e e matlho mahibidu ya go lwela puso. Fa dingwaga di ntse di kgabaganya, kgosi e nngwe e busa e nngwe, e re morago e nngwe le yone e buse e nngwe. Ka dinako tse dingwe, kgosi e nngwe e nna le taolo e kgolo thata mme e nngwe e nne fela e sa dire sepe, mme go nna le dinako tse go sa loweng gotlhelele ka tsone. Mme moragonyana go runye ntwa e nngwe gape ka tshoganyetso, mme kgotlhang eno e tswelele. Bangwe ba batsayakarolo mo terameng eno e nnile Kgosi Seleucus I Nicator wa Siria, Kgosi Ptolemy Lagus wa Egepeto, Cleopatra I yo e neng e le Mohumagatsana wa Siria e bile e le Kgosigadi ya Egepeto, Babusibagolo ba Roma e bong Augustus le Tiberio, le Kgosigadi Zenobia wa Palmyra. Jaaka fa kgotlhang eno e ntse e ela bokhutlong, Jeremane ya Bonasi, dinaga tsa Bokomonise, Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika, lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba, le lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tsone di nnile le seabe. Tiragalo eno e feleletsa ka selo se go se nang ope wa ditlhopha tseno tsa sepolotiki yo o kgonang go se bonela pele. Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela moporofeti Daniele boporofeti jono jo bo tlhotlheletsang thata dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng.—Daniele, kgaolo 11.

2 A bo Daniele a tshwanetse a bo a ne a itumetse jang ne go utlwa moengele a mo senolela dintlha ka botlalo ka ga tshukatshukano eno ya dikgosi tse pedi tse di tlang! Le rona re kgatlhegela terama eno, ka gonne ntwa ya dikgosi tse pedi tseno, ya go lwela puso, e fitlha le mo motlheng wa rona. Go bona tsela e hisitori e bontshitseng kafa karolo ya ntlha ya boporofeti jono e leng boammaaruri ka yone go tla nonotsha tumelo ya rona le go tlhomamisega ga rona gore karolo ya bofelo ya boporofeti le yone ruri e tla diragadiwa. Go ela boporofeti jono tlhoko go tla re bontsha sentle gore re tsamaya fa kae mo lobakeng lono lwa nako. Gape go tla re nonotsha gore re nne re ititeile sehuba gore ga re na go tsaya letlhakore lepe mo ntweng eno ka re letile Modimo ka bopelotelele gore a tle go re namola. (Pesalema 146:3, 5) Ka jalo, a re reetse ka tlhoafalo jaaka fa moengele wa ga Jehofa a bua le Daniele.

GO GANA BOGOSI JWA GERIKA

3. Moengele o ne a eme mang nokeng “ka ngwaga wa ntlha wa ga Dario wa Momete”?

3 “Ka ga me,” moengele a rialo, “e rile ka ngwaga wa ntlha wa ga Dario wa Momete [539/538 B.C.E.], ka ema, ka mo nitamisa, ka mo thatafatsa.” (Daniele 11:1) Dario o ne a sa tlhole a tshela, mme moengele o bontsha gore molaetsa ono wa boporofeti o simologile go diragadiwa ka nako ya go busa ga gagwe. Kgosi eno ke yone e e neng ya laela gore Daniele a ntshiwe mo mongobong wa ditau. Dario gape o ne a laetse gore babusiwa botlhe ba gagwe ba boife Modimo wa ga Daniele. (Daniele 6:21-27) Le fa go ntse jalo, yo moengele yono a neng a mo eme nokeng e ne e se Dario wa Momeda, mme e ne e le tsala ya moengele yono e bong Mikaele—kgosana ya batho ba gagabo Daniele. (Bapisa Daniele 10:12-14.) Moengele wa Modimo o ne a eme Mikaele nokeng ka nako ya fa a ne a emelane le kgosana ya madimona ya Bameda le Baperesia.

4, 5. Dikgosi tse nnè tsa Peresia tse di neng di boleletswe pele e ne e le bomang?

4 Moengele wa Modimo o ne a tswelela jaana: “Bona, go tlaa nama go ema dikgosi di le tharo mo Peresia; ya bone e tlaa di gaisa tsotlhe kgakala ka go huma; mme e tlaa re e thatafetse ka dikhumo tsa yone e tlaa tlhotlheletsa botlhe go gana bogosi jwa Gerika.” (Daniele 11:2) Babusi bano ba Peresia e ne e le bomang?

5 Dikgosi tsa ntlha tse tharo e ne e le Kurose yo Mogolo, Cambyses II, le Dario I. E re ka Bardiya (kana gongwe moitshemi yo o neng a bidiwa Gaumata) a ne a busa dikgwedi di le supa fela, boporofeti jono ga bo a ka jwa akaretsa puso ya gagwe. Ka 490 B.C.E., kgosi ya boraro, e bong Dario I, o ne a leka go tlhasela Gerika lekgetlho la bobedi. Le fa go ntse jalo, Baperesia ba ne ba fenngwa kwa Marathon mme ba tshabela kwa Asia Minor. Le mororo Dario a ne a ipaakanyetsa sentle go ya go tlhasela Gerika gape, o ne a se ka a kgona go ya go e tlhasela gonne o ne a swa dingwaga di le nnè moragonyana. E ne ya tlogelelwa morwawe e bile e le motlhatlhami wa gagwe, kgosi ya “bone,” e bong Serese I. O ne a le Kgosi Ahasueruse yo o nyetseng Esethere.—Esethere 1:1; 2:15-17.

6, 7. (a) Kgosi ya bonè e ne ya ‘tlhotlheletsa jang botlhe go gana bogosi jwa Gerika’? (b) Letsholo la ga Serese la go lwantsha Gerika le ne la felela jang?

6 Eleruri Serese I o ne a “tlhotlheletsa botlhe go gana bogosi jwa Gerika,” ke gore, setlhopha sotlhe sa dinaga tse di ipusang tsa Gerika. Buka ya The Medes and Persians—Conquerors and Diplomats e bolela jaana: “E re ka Serese a ne a tlhotlhelediwa ke badiredi ba kgotla ya gagwe ya segosi ba ba neng ba gwalaletse go nna le maemo, o ne a tlhasela a dirisa masole a mo lefatsheng le a mo lewatleng.” Rahisitori wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E., e bong Herodotus, o kwala gore “ga go ise go ke go dirwe letsholo lepe le le lekanang le leno.” Pego ya gagwe e bolela gore masole a mo lewatleng “fa a feletse e ne e le banna ba le 517 610. Palo ya masole a a tsamayang ka dinao e ne e le 1 700 000; ya ba ba pagameng dipitse e le 80 000; e e tshwanetseng go okediwa ka Baarabia ba ba neng ba pagame dikamela, le Balibia ba ba neng ba lwa ba pagame dikara tsa ntwa, ba ke tsayang gore ba ne ba le 20 000. Ka jalo palo ya masole otlhe a mo lefatsheng le a mo lewatleng fa e kopantswe e ne e fitlha go banna ba le 2 317 610.”

7 E re ka a ne a rulaganyeditse go fenya ka botlalo, Serese I o ne a bolotsa mophato wa gagwe o mogolo thata wa masole go ya go lwa le Gerika ka 480 B.C.E. E ne ya re fa Baperesia ba fenya ntwa ya Gerika e e neng e dirisa maano a a modikolosa kwa Thermopylae, ba senya Athena. Le fa go ntse jalo, ba ne ba fenngwa botlhoko kwa Salamisa. Bagerika ba ne ba boa ba fenya gape kwa Plataea, ka 479 B.C.E. Mo dingwageng di le 143 tse di neng tsa latela, ga go na ope wa dikgosi di supa tse di neng tsa tlhatlhama Serese mo setulong sa bogosi sa Mmusomogolo wa Peresia, yo o neng a bolotsa ntwa kgatlhanong le Gerika. Mme jaanong ga tsoga kgosi nngwe e e nonofileng kwa Gerika.

BOGOSI JO BOGOLO BO KGAOGANNGWA DIKAROLO DI LE NNÈ

8. ‘Kgosi e e nonofileng’ e e neng ya ema ke mang, mme e ne ya ‘laola jang ka puso e kgolo’?

8 “Kgosi nngwe e e nonofileng e tlaa ema, e e tlaa laolang ka puso e kgolo, e ba e dira ka fa e ratang ka gone,” moengele o ne a rialo. (Daniele 11:3) Alexander wa dingwaga di le 20 o ne a “ema” e le kgosi ya Makedonia ka 336 B.C.E. O ne a nna ‘kgosi e e nonofileng’—Alexander yo Mogolo. A dirisa leano la ga rraagwe, e bong Philip II, o ne a gapa diporofensi tsa Peresia kwa Botlhabagare. E ne ya re fa banna ba gagwe ba ba 47 000 ba kgabaganya dinoka tsa Euferatese le Tigris, ba falatsa masole a le 250 000 a ga Dario III kwa Gaugamela. Morago ga moo, Dario a tswa a tshaba mme a bolawa, mme seo sa khutlisa losika lwa babusi ba Peresia. Gerika jaanong e ne ya nna mmuso wa lefatshe, mme Alexander ‘o ne a laola ka puso e kgolo, a ba a dira ka fa a ratang ka gone.’

9, 10. Boporofeti bo ne jwa diragadiwa jang jwa gore bogosi jwa ga Alexander bo ne bo se kitla bo fetela kwa go ba losika lwa gagwe?

9 Puso ya ga Alexander mo lefatsheng e ne e tla nna ka lobakanyana fela, gonne moengele wa Modimo o ne a oketsa jaana: “E tlaa re e eme ka dinao bogosi jwa yone bo tlaa thujwa, bo tlaa kgaoganyediwa kwa diphefong tsoo nne tsa legodimo, mme e seng kwa go ba losika lwa ga yone, le e seng ka fa pusong e e ne e busa ka yone; gonne bogosi jwa yone bo tlaa khumolwa, bo khumolelwa ba sele kwa ntle ga bao.” (Daniele 11:4) Alexander o ne a ise a tshware dingwaga di le 33 fa a ne a bolawa ke bolwetse jwa tshoganyetso kwa Babelona ka 323 B.C.E.

10 Puso e kgolo ya ga Alexander ga ya ka ya fetela kwa go “ba losika lwa [gagwe].” Morwarraagwe e bong Philip III Arrhidaeus o ne a busa lobaka lwa dingwaga tse di kwa tlase ga di le supa fa Olympias, mmaagwe Alexander, a ne a dira gore a bolawe ka 317 B.C.E. Morwa Alexander, e bong Alexander IV o ne a busa go fitlha ka 311 B.C.E. fa a ne a bolawa ke Cassander, mongwe wa bajenerale ba ga rraagwe. Morwa Alexander wa dikgora e bong Heracles o ne a batla go busa mo leineng la ga rraagwe mme a bolawa ka 309 B.C.E. Seno se ne sa khutlisa losika lwa ga Alexander lwa go busa, ‘puso ya gagwe’ e tswa mo lelapeng la gagwe.

11. Bogosi jwa ga Alexander bo ne jwa “kgaoganyediwa kwa diphefong tsoo nne tsa legodimo” jang?

11 Morago ga loso lwa ga Alexander, bogosi jwa gagwe bo ne jwa “kgaoganyediwa kwa diphefong tsoo nne.” Bajenerale ba gagwe ba bantsi ba ne ba lwa ka bobone ba lwela go busa dinaga dingwe. Mojenerale Antigonus I yo o moitlho, o ne a leka go nna molaodi wa puso yotlhe e kgolo ya ga Alexander. Mme o ne a bolawa kwa ntweng kwa Ipsus kwa Feregia. Ka ngwaga wa 301 B.C.E., ba le banè ba bajenerale ba ga Alexander ba ne ba busa naga e kgolo e molaodi wa bone a neng a e gapile. Cassander o ne a busa Makedonia le Gerika. Lysimachus o ne a busa Asia Minor le Thrace. Seleucus I Nicator o ne a tshwere Mesopotamia le Siria. Mme Ptolemy Lagus o ne a busa Egepeto le Palesetina. Fela jaaka lefoko la boporofeti le buile, mmusomogolo wa ga Alexander o ne wa kgaoganngwa go nna magosi a le manè a Gerika.

GO TSOGA DIKGOSI TSE PEDI TSE DI GANETSANANG

12, 13. (a) Go tlile jang gore magosi a le manè a Gerika a nne mabedi? (b) Seleucus o ne a tlhoma losika lofe lwa segosi kwa Siria?

12 Dingwaga di le mmalwa morago ga gore Cassander a simolole go busa, o ne a tlhokafala, mme ka 285 B.C.E., Lysimachus a tsaya karolo e e kwa Yuropa ya Mmusomogolo wa Gerika. Ka 281 B.C.E., Lysimachus o ne a swela mo ntweng fa a ne a lwa le Seleucus I Nicator, seno sa dira gore Seleucus a buse karolo e kgolo ya dinaga tsa Asia. Antigonus II Gonatas, setlogolwana sa mongwe wa bajenerale ba ga Alexander, o ne a nna mo setulong sa bogosi sa Makedonia ka 276 B.C.E. Fa nako e ntse e tsamaya, Makedonia e ne ya simolola go ikaega ka Roma mme ya feleletsa e le porofensi ya Roma ka 146 B.C.E.

13 Jaanong go ne go setse magosi a le mabedi fela a a le manè a Gerika—jo bongwe e le jwa ga Seleucus I Nicator mme jo bongwe e le jwa ga Ptolemy Lagus. Seleucus o ne a tlhoma losika lwa segosi lwa ga Seleucus kwa Siria. Mengwe ya metse e a neng a e thaya e ne e le Antioka—motsemogolo o mosha wa Siria—le boemelakepe jwa Seleukia. Moragonyana moaposetoloi Paulo o ne a ruta kwa Antioka, koo balatedi ba ga Jesu ba neng ba bidiwa Bakeresete lekgetlho la ntlha gone. (Ditiro 11:25, 26; 13:1-4) Seleucus o ne a lobelwa dintsi ka 281 B.C.E., mme losika lwa gagwe lwa segosi lo ne lwa tswelela lo busa go fitlha ka 64 B.C.E. fa Mojenerale wa Moroma e bong Gnaeus Pompey a ne a dira Siria porofensi ya Roma.

14. Losika lwa segosi lwa ga Ptolemy lo ne lwa tlhongwa leng kwa Egepeto?

14 Bogosi jwa Gerika jo bo neng jwa tsaya lobaka lo loleele go a feta otlhe jwa a manè ano e ne e le jwa ga Ptolemy Lagus, kana Ptolemy I, yo o neng a simolola go nna kgosi ka 305 B.C.E. Losika lwa segosi lwa ga Ptolemy lo a neng a lo tlhomile lo ne lwa tswelela lo busa Egepeto go fitlha e fenngwa ke Roma ka 30 B.C.E.

15. Go ne ga tsoga dikgosi dife tse pedi tse di nonofileng mo magosing a manè a Gerika, mme di ne tsa simolola ntwa efe?

15 Ka jalo, mo magosing a le manè a Gerika, go ne ga tsoga dikgosi tse pedi tse di nonofileng—Seleucus I Nicator yo o neng a busa Siria le Ptolemy I yo o neng a busa Egepeto. Ntwa e e sa feleng gareng ga “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa,” e e tlhalosiwang mo go Daniele kgaolo 11, e ne ya simolola ka dikgosi tse pedi tseno. Moengele wa ga Jehofa o ne a se ka a umaka maina a dikgosi tseno, ka gonne dikgosi tse pedi tseno le morafe o di tswang mo go one di ne di tla nna di fetofetoga go ralala makgolo a dingwaga. Moengele yono o ne a tlogela dintlha tse di sa tlhokegeng mme o umaka fela babusi le ditiragalo tse di amanang le kgotlhang eno.

KGOTLHANG E A SIMOLOLA

16. (a) Dikgosi tse pedi di ne di le kafa botsheka le kafa borwa jwa bomang? (b) Ke dikgosi dife tse di neng tsa nna “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa”?

16 Reetsa! Fa moengele wa ga Jehofa a tlhalosa gore kgotlhang eno e simolola jang o bolela jaana: “Kgosi ya borwa e tlaa nna thata, le kgosana nngwe ya yone [ya ga Alexander]; mme [kgosana ya botsheka] e tlaa nna thata bogolo go yone, mme e tlaa nna le puso; puso ya yone e tlaa nna puso e kgolo.” (Daniele 11:5) Maina a a reng “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa” a raya dikgosi tse di kafa botsheka le kafa borwa jwa batho ba gagabo Daniele, ba ka nako eo ba neng ba golotswe mo botshwarong kwa Babelona mme ba buseditswe kwa lefatsheng la Juda. Yo e simolotseng e le “kgosi ya borwa” e ne e le Ptolemy I wa Egepeto. Mongwe wa bajenerale ba ga Alexander, yo o neng a nna thata bogolo go Ptolemy I mme a busa ka “puso e kgolo” e ne e le Kgosi Seleucus I Nicator wa Siria. O ne a nna “kgosi ya botsheka.”

17. Lefatshe la Juda le ne le buswa ke mang fa kgotlhang magareng ga kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa e simolola?

17 Fa kgotlhang eno e simolola, lefatshe la Juda le ne le buswa ke kgosi ya borwa. Go tloga mo e ka nnang ka 320 B.C.E., Ptolemy I o ne a tlhotlheletsa Bajuda gore ba tle go nna mo Egepeto jaaka batswakwa. Naga e e neng e le kolone ya Bajuda e ne ya gatela pele kwa Alexandria, kwa Ptolemy I a neng a tlhoma laeborari e e itsegeng thata gone. Bajuda ba ba kwa Juda ba ne ba nna ba ntse ba laolwa ke Egepeto ya ga Ptolemy, kgosi ya borwa, go fitlha ka 198 B.C.E.

18, 19. Fa nako e ntse e tsamaya, dikgosi tse pedi tseno tse di ganetsanang di ne tsa dira jang “tumalano”?

18 Malebana le dikgosi tse pedi tseno, moengele o ne a porofeta jaana: “E tlaa re go sena go feta dinyaga, di tlaa ikopanya; morwadia kgosi ya borwa o tlaa tla kgosing ya botsheka go dira tumalano nayo; mme ga a ketla a salelwa ke thata ya letsogo la gagwe; le yone kgosi ya botsheka ga e ketla e ema le fa e le letsogo la yone; ene mosadi o tlaa ntshiwa le ba ba mo isitseng, le ene yo o mo tsetseng, le ene yo o mo thatafaditseng mo metlheng eo.” (Daniele 11:6) Seno se ne sa direga jang?

19 Boporofeti jono ga bo bue sepe ka Antiochus I, e bong morwa Seleucus I Nicator e bile e le motlhatlhami wa gagwe, ka gonne ga a ka a lwa ntwa epe ya makgaolakgang kgatlhanong le kgosi ya borwa. Mme motlhatlhami wa gagwe, e bong Antiochus II, o ne a lwa lobaka lo loleele thata le Ptolemy II, morwa Ptolemy I. Antiochus II le Ptolemy II e ne ya nna bone kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa. Antiochus II o ne a nyetse Laodice, mme ba nna le morwa a bidiwa Seleucus II, mme Ptolemy II o ne a na le morwadi yo o bidiwang Berenice. Ka 250 B.C.E., dikgosi tse pedi tseno di ne tsa dira ‘tumalano mmogo.’ Matswela a a botlhoko a kgolagano eno ke gore Antiochus II o ne a tlhala mosadi wa gagwe e bong Laodice mme a nyala Berenice, “morwadia kgosi ya borwa.” O ne a nna le morwa le Berenice, yo o neng a nna moruaboswa wa setulo sa bogosi sa Siria mo boemong jwa bomorwa Laodice.

20. (a) Go ne ga direga jang gore “letsogo” la ga Berenice le se ka la ema? (b) Berenice, “ba ba mo isitseng,” le “ene yo o mo thatafaditseng” ba ne ba neelwa jang mo losong? (c) Ke mang yo o neng a nna kgosi ya Siria fa Antiochus II a sena go latlhegelwa ke “letsogo” la gagwe, kana maatla?

20 “Letsogo” la ga Berenice, kana maatla a a mo tshegetsang, e ne e le rraagwe, e bong Ptolemy II. E rile a swa ka 246 B.C.E., mosadi yono ga a ka “a salelwa ke thata ya letsogo la gagwe” e e tswang mo monneng wa gagwe. Antiochus II o ne a mo latlha, a nyala Laodice gape, mme a bitsa morwaabone gore e nne motlhatlhami wa gagwe. Jaaka fa Laodice a ne a rulagantse, Berenice le morwawe ba ne ba bolawa. Go bonala batlhokomedi ba ba neng ba lere Berenice go tswa kwa Egepeto go ya kwa Siria—“ba ba mo isitseng”—le bone ba ne ba bolawa fela jalo. Laodice o ne a ba a tshelela Antiochus II botlhole mme ka go rialo ‘letsogo la gagwe’ kana maatla, le one ga a ka a ‘ema.’ Ka gone, rraagwe Berenice—“ene yo o mo tsetseng”—le monna wa gagwe wa Mosiria—yo o mo “thatafaditseng” ka nakwana—ba ne ba swa ka bobedi jwa bone. Seno se ne sa tlogela Seleucus II, morwa Laodice, e le kgosi ya Siria. Kgosi e e latelang ya losika lwa ga Ptolemy e ne e tla tsibogela jang sotlhe seno?

KGOSI E BUSOLOSA POLAO YA KGAITSADIAYONE

21. (a) ‘Letlhogela lengwe’ la “metswe” ya ga Berenice e ne e le mang, mme o ne a “ema” jang? (b) Ptolemy III o ne a ‘tsena jang mo kagong ya tlhabanelo ya kgosi ya botsheka’ mme a e fenya?

21 Moengele o ne a re: “Mo letlhogeleng lengwe la metswe ya mosadi, mongwe o tlaa tswa a ema mo bonnong jwa gagwe, yo o tlaa tlang mo ntweng, mme a tsena mo kagong ya tlhabanelo ya kgosi ya botsheka, mme o tlaa tlhabana nabo, a ba fenya.” (Daniele 11:7) ‘Letlhogela lengwe’ la batsadi ba ga Berenice, kana “metswe,” e ne e le kgaitsadie. Fa rraagwe a swa, o ne a “ema” e le kgosi ya borwa, Faro Ptolemy III wa Egepeto. Gone fela foo o ne a simolola go busolosa loso lwa ga kgaitsadie. Fa a ne a gwanta go ya go lwantsha Kgosi Seleucus II wa Siria, yo Laodice a neng a mo dirisitse go bolaya Berenice le morwawe, o ne a tsena mo “kagong ya tlhabanelo ya kgosi ya botsheka.” Ptolemy III o ne a gapa karolo e e thatafaditsweng ya Antioka mme a bolaya Laodice. E ne ya re fa a ya kwa botlhaba a raletse naga e e busiwang ke kgosi ya botsheka, a thopa Babelonia mme a gwantela pele a ya kwa India.

22. Ptolemy III o ne a busetsa eng kwa Egepeto, mme ke ka ntlha yang e ne ya re ‘ka dinyaga dingwe a tlogela kgosi ya botsheka’?

22 Go ne ga diregang morago ga moo? Moengele wa Modimo o a re bolelela: “Le yone medimo ya bone, le ditshwantsho tsa bone tse di thetsweng, le ka dilwana tsa bone tse dintle tsa selefera le tsa gouta, o tlaa di isa botshwarong kwa Egepeto; mme e tlaa re ka dinyaga dingwe e [“tlogele,” NW] kgosi ya botsheka.” (Daniele 11:8) Dingwaga di feta 200 pelenyana, Kgosi Cambyses II wa Peresia o ne a ile a fenya Egepeto mme a isa medimo ya Egepeto gae, “ditshwantsho tsa bone tse di thetsweng.” E ne ya re fa Ptolemy III a ne a thopa lefelo le pele e neng e le motsemogolo wa segosi wa Peresia e bong Susa, o ne a bona medimo eno mme a e isa ‘botshwarong’ kwa Egepeto. Gape o ne a busa le ‘dilwana tse dintsi tse dintle tsa selefera le tsa gouta’ e le dilo tse a di thopileng mo ntweng. E re ka Ptolemy III a ne a tshwanelwa ke go boela gae go ya go emisa botsuolodi jo bo neng bo diragala kwa gae, o ne a ‘tlogela kgosi ya botsheka,’ a se ka a tlhola a e utlwisa botlhoko.

KGOSI YA SIRIA E A IPUSOLOSETSA

23. Ke ka ntlha yang fa kgosi ya botsheka e ne ya “boela kwa lefatsheng la ga gabo” fa e sena go tsena mo bogosing jwa kgosi ya borwa?

23 Kgosi ya botsheka e ne ya tsibogela seno jang? Daniele o ne a bolelelwa jaana: “O tlaa tla mo lefatsheng la kgosi ya borwa, mme o tlaa boela kwa lefatsheng la ga gabo.” (Daniele 11:9) Kgosi ya botsheka—Kgosi Seleucus II wa Siria—o ne a itwela. O ne a tsena mo “lefatsheng,” kana mo bogosing jwa kgosi ya borwa ya Moegepeto mme a fenngwa. Seleucus II ‘o ne a boela kwa lefatsheng la ga gabo,’ ka masalelanyana a mophato wa gagwe, a tshabela kwa motsemogolong wa Siria e bong Antioka mo e ka nnang ka 242 B.C.E. E ne ya re fa a swa, morwawe e bong Seleucus III a mo tlhatlhama.

24. (a) Go ne ga diregang ka Seleucus III? (b) Kgosi Antiochus III wa Siria o ne ‘a tla jang, a farafara le go ralala’ puso ya kgosi ya borwa?

24 Go ne go boleletswe pele eng malebana le bana ba ga Kgosi Seleucus II wa Siria? Moengele o ne a bolelela Daniele jaana: “Bomorwawe ba tlaa epa dira, ba phutha bontsi jwa dintwa tse dikgolo, tse di tlaa tlang, di farafara di ralala; mme ba tlaa boa ba dira ntwa go ya fela kwa kagong ya gagwe ya tlhabanelo.” (Daniele 11:10) Seleucus III o ne a lobelwa dintsi mme seo sa khutlisa puso ya gagwe mo lobakeng lwa dingwaga tse di kwa tlase ga di le tharo. Morwarraagwe e bong Antiochus III, o ne a mo tlhatlhama mo setulong sa bogosi sa Siria. Morwa yono wa ga Seleucus II o ne a phutha mephato e megolo go ya go tlhasela kgosi ya borwa, e ka nako eo e neng e le Ptolemy IV. Kgosi e ntšha ya botsheka ya Siria e ne ya kgona go fenya Egepeto mme ya gapa boemelakepe jwa Seleukia, porofensi ya Coele-Syria, metse ya Ture le Ptolemaïs, le metse e mengwe e e fa gaufi. O ne a faposa mophato wa ga Kgosi Ptolemy IV mme a gapa metse e le mentsi ya Juda. Ka dikgakologo tsa 217 B.C.E., Antiochus III o ne a tswa kwa Ptolemaïs mme a ya kwa botsheka, “go ya fela kwa kagong ya gagwe ya tlhabanelo” kwa Siria. Mme dilo di ne di tloga di fetoga.

DILO DI A FETOGA

25. Ptolemy IV o ne a lwela kae le Antiochus III, mme ke eng se se neng sa “tsenngwa mo seatleng” sa kgosi ya borwa ya Egepeto?

25 Jaaka Daniele, re reeditse ka tlhoafalo jaaka fa moengele wa ga Jehofa a bolelela pele jaana: “Kgosi ya borwa e tlaa tlala bogale, e tlaa bolola e ya go tlhabana nae, e bong le kgosi ya botsheka; mme yone e tlaa bolotsa bontsi jo bogolo, mme bontsi joo bo tlaa tsenngwa mo seatleng sa gagwe.” (Daniele 11:11) Kgosi ya borwa, e bong Ptolemy IV, o ne a ya kwa botsheka, a na le masole a le 75 000, a ya go lwantsha mmaba wa gagwe. Kgosi ya botsheka ya Siria, e bong Antiochus III, o ne a boloditse “bontsi jo bogolo” jwa masole a le 68 000 go ya go e lwantsha. Mme “bontsi” jono bo ne jwa “tsenngwa mo seatleng” sa kgosi ya borwa mo ntweng mo motseng o o fa lobopong wa Raphia, o o seng kgakala thata le molelwane wa Egepeto.

26. (a) “Bontsi” jo bo neng jwa tlosiwa ke kgosi ya borwa kwa ntweng kwa Raphia e ne e le bofe, mme go ne ga dirwa ditumalano dife tsa kagiso koo? (b) Go ne ga direga jang gore Ptolemy IV ‘a se ka a dirisa phenyo’ ya gagwe? (c) Ke mang yo o neng a nna kgosi ya borwa e e latelang?

26 Boporofeti jono bo tswelela jaana: “Bontsi joo bo tlaa tlosiwa, mme pelo ya gagwe e tlaa godisiwa; o tlaa diga batho ba le makgolokgolo, mme ga a ketla a fenya.” (Daniele 11:12) Ptolemy IV, e bong kgosi ya borwa, o ne a ‘tlosa’ masole a Siria a a tsamayang ka dinao a le 10 000 le a le 300 a a pagamang dipitse ka go ba bolaya mme a tsaya a le 4 000 a a dira batshwarwa. Morago ga moo dikgosi tseno di ne tsa dira tumalano eo mo go yone Antiochus III a neng a sala ka boemelakepe jwa gagwe jwa Siria jwa Seleukia mme a latlhegelwa ke Fonikia le Coele-Syria. Ka ntlha ya phenyo eno, pelo ya kgosi ya Egepeto ‘e ne ya ikgodisa,’ bogolo jang kgatlhanong le Jehofa. Juda e ne ya sala e ntse e laolwa ke Ptolemy IV. Le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa ‘phenyo ya gagwe’ go laola kgosi ya botsheka ya Siria. Go na le moo, Ptolemy IV o ne a simolola go tshela botshelo jwa tlhapelo, mme morwawe wa dingwaga di le tlhano, e bong Ptolemy V, o ne a nna kgosi e e mo tlhatlhamang ya borwa dingwaga di le dintsi pele ga Antiochus III a swa.

MOFENYI O A BOA

27. Kgosi ya botsheka e ne ya boa jang “mo bokhutlong jwa metlha” go tla go tsaya gape naga ya yone mo Egepeto?

27 Ka ntlha ya diphenyo tsotlhe tsa gagwe, Antiochus III o ne a bidiwa Antiochus yo Mogolo. Moengele o ne a bua jaana ka ene: “Mme kgosi ya botsheka e tlaa boa, e tlaa bolotsa bontsi jo bo fetang jwa pele; e tlaa tla mo bokhutlong jwa metlha, e bong jwa dinyaga, e na le ntwa e le kgolo le thoto e le tona.” (Daniele 11:13) “Metlha” eno e ne e le dingwaga di le 16 kana go feta morago ga gore Baegepeto ba fenye Basiria kwa Raphia. Fa Ptolemy V yo mmotlana a ne a nna kgosi ya borwa, Antiochus III o ne a bolola ka “bontsi jo bo fetang jwa pele” go ya go gapa gape dinaga tse kgosi ya borwa ya Egepeto e neng e di tsere mo go ene. Gore a kgone go di bona gape, o ne a nna seoposengwe le Kgosi Philip V wa Momakedonia.

28. Kgosi e potlana ya borwa e ne ya nna le mathata afe?

28 Kgosi ya borwa le yone e ne e na le mathata mo bogosing jwa yone. “E tlaa re mo metlheng eo batho ba le bantsi ba tlaa tsogologela kgosi ya borwa,” go ne ga rialo moengele. (Daniele 11:14a) Eleruri ba le bantsi ba ne ba “tsogologela kgosi ya borwa.” Mo godimo ga go lebana le mephato ya ga Antiochus III le molekane wa gagwe wa Momakedonia, kgosi e potlana ya borwa e ne ya lebana le mathata kwa gae kwa Egepeto. Ba le bantsi ba ne ba tsuologa ka gonne motlhokomedi wa gagwe e bong Agathocles, yo o neng a busa ka leina la gagwe, o ne a ikgodisetsa Baegepeto. Moengele o ne a oketsa jaana: “Bana ba bathubakanyi mo bathong ba gaeno ba tlaa ikgodisa ba re ba tlhomamisa ponatshegelo; mme ba tlaa wa.” (Daniele 11:14b) Tota le bangwe ba batho ba gagabo Daniele ba ne ba nna ‘bana ba bathubakanyi,’ kana balweladiphetogo. Mme “ponatshegelo” le fa e le efe e banna bano ba Bajuda ba neng ba na le yone ya go fedisa taolo ya Baditšhaba mo nagagaeng ya bone e ne e le maaka, mme ba ne ba tlile go palelwa, kana go “wa.”

29, 30. (a) “Dibolao tsa wa borwa” di ne tsa ineela jang fa ba tlhaselwa ke babotsheka? (b) Kgosi ya botsheka e ne ya ‘ema jang mo lefatsheng le le galalelang’?

29 Moengele wa ga Jehofa o ne a tswelela pele a bolelela pele jaana: “Jalo kgosi ya botsheka e tlaa tla, e tlaa [“emisa lorako lwa go ba dikanyetsa,” NW] e tlaa gapa motse o o thekeleditsweng thata; le dibolao tsa wa borwa ga di ketla di ema, le fa e le batho ba gagwe ba ba [“tlhophilweng,” NW], le gone ga go ketla go dira le nonofo epe ya go ema. Ene yo o tlaa mmololelang o tlaa dira ka fa go rateng ga gagwe, mme ga go na ope yo o tlaa emang fa pele ga gagwe; o tlaa ema mo lefatsheng le le galalelang, mo seatleng sa gagwe go tlaa bo go le tshenyo.”—Daniele 11:15, 16.

30 Mophato wa sesole o o neng o le kafa tlase ga ga Ptolemy V, kana “dibolao tsa wa borwa,” o ne wa ineela fa o ne o tlhaselwa ke wa bokone. Kwa Paneas (Caesarea Philippi), Antiochus III o ne a leleka Mojenerale Scopas wa Egepeto le banna ba le 10 000 ba ba itshenketsweng, kana ba ba “tlhophilweng,” a ba lelekela kwa Sidona, “motse o o thekeleditsweng thata.” Gone koo, Antiochus III o ne a “emisa lorako lwa go ba dikanyetsa,” a gapa boemelakepe jwa Fonikia ka 198 B.C.E. O ne a dira “ka fa go rateng ga gagwe” ka gonne mephato ya masole a kgosi ya borwa ya Egepeto e ne e sa kgone go ema fa pele ga gagwe. Morago ga moo Antiochus III o ne a ya go lwa le Jerusalema, motsemogolo wa ‘lefatshe le le galalelang,’ e bong Juda. Ka 198 B.C.E., Jerusalema le Juda di ne tsa se ka tsa tlhola di busiwa ke kgosi ya borwa ya Egepeto mme jaanong di ne di busiwa ke kgosi ya botsheka ya Siria. Mme Antiochus III, kgosi ya botsheka, a simolola go “ema mo lefatsheng le le galalelang.” ‘Ka seatla sa gagwe o ne a senya’ Bajuda botlhe le Baegepeto ba ba mo ganetsang. Kgosi eno ya botsheka e ne e tlile go tswelela e dira jaaka e rata ka lobaka lo lokae?

ROMA E THIBELA MOFENYI

31, 32. Ke ka ntlha yang fa kgosi ya botsheka e ne ya feleletsa e dirile “tumalano e e siameng” ya kagiso le kgosi ya borwa?

31 Moengele wa ga Jehofa o a re araba: “[Kgosi ya botsheka] o tlaa itlhomamisa go tla ka thata ya bogosi jotlhe jwa gagwe, [“go tla nna le tumalano e e siameng le ene,” NW]; o tlaa dira go rata ga gagwe; mme o tlaa mo naya morwadia basadi, go senya mosadi yo; mme mosadi ga a ketla a ema, le fa e le go nna ntlheng ya gagwe.”—Daniele 11:17.

32 Kgosi ya botsheka, Antiochus III, o ne a “itlhomamisa” gore a ye go fenya Egepeto “ka thata ya bogosi jotlhe jwa gagwe.” Mme o ne a feleletsa a dirile “tumalano e e siameng” ya kagiso le Ptolemy V, kgosi ya borwa. Dilo tse di neng di batlwa ke Roma di ne tsa dira gore Antiochus III a fetole dithulaganyo tsa gagwe. E ne ya re fa ene le Kgosi Philip V wa Makedonia ba ne ba dira kgolagano ya go lwantsha kgosi ya Egepeto e e potlana gore ba gape dinaga tsa gagwe, batlhokomedi ba ga Ptolemy V ba ne ba ya go batla tshireletso kwa Roma. Roma e ne ya dirisa sebaka seo go atolosa tlhotlheletso ya yone ka go supa maatla a e nang le one.

33. (a) Ditumalano tsa kagiso gareng ga Antiochus III le Ptolemy V e ne e le dife? (b) Boikaelelo jwa lenyalo gareng ga ga Cleopatra I le Ptolemy V e ne e le bofe, mme ke ka ntlha yang fa leano leno le se kile la atlega?

33 Ka a ne a patelelwa ke Roma, Antiochus III o ne a dira ditumalano tsa kagiso le kgosi ya borwa. Mo boemong jwa go mmusetsa dinaga tse a di gapileng, jaaka fa Roma e ne e batla, Antiochus III o ne a rulaganyetsa go mo di naya fela ka molomo ka go dira gore morwadie e bong Cleopatra I—“morwadia basadi”—a nyalwe ke Ptolemy V. Diporofensi tse di neng di akaretsa le Juda, e bong ‘lefatshe le le galalelang,’ di ne di tla nna bogadi jo bo ntshiwang ke mosadi yo a neng a tlile go mo nyala. Le fa go ntse jalo, ka nako ya lenyalo ka 193 B.C.E., kgosi ya Siria ga ya ka ya naya Ptolemy V diporofensi tseno. Leno e ne e le lenyalo la sepolotiki, le le neng le rulaganyeditswe go dira gore Egepeto e tle kafa tlase ga taolo ya Siria. Mme leano leno le ne la se ka la atlega ka gonne Cleopatra I ga a ka a “nna ntlheng ya gagwe,” ka gonne moragonyana o ne a ema le monna wa gagwe. E ne ya re fa go tsoga ntwa gareng ga Antiochus III le Baroma, Egepeto ya ema le Roma.

34, 35. (a) ‘Ditlhake’ tse kgosi ya botsheka e neng ya leba kwa go tsone e ne e le dife? (b) Roma e ne ya khutlisa jang “kgobo” e e tswang kwa kgosing ya botsheka? (c) Antiochus III o ne a swa jang, mme ke mang yo o neng a nna kgosi e e latelang ya botsheka?

34 Fa moengele a ne a bua ka go fenngwa ga kgosi ya botsheka, o ne a oketsa jaana: “[Antiochus III] o tlaa leba kwa ditlhakeng, o tlaa di gapa di le dintsi; mme kgosana nngwe [Roma] e tlaa khutlisa kgobo e [Antiochus III] o ne a kgoba [Roma] ka yone. Ee, [Roma] e tlaa ba e busetsa kgobo ya gagwe mo go ene ka esi. Foo [Antiochus III] o tlaa menoga a leba kwa dikagong tsa tlhabanelo tsa kwa lefatsheng la ga gabo; o tlaa kgopiwa a wa, mme ga a ketla a bonwa.”—Daniele 11:18, 19.

35 ‘Ditlhake’ e ne e le tsa Makedonia, Gerika, le Asia Minor. Go ne ga runya ntwa kwa Gerika ka 192 B.C.E., mme Antiochus III o ne a tlhotlheletsega go tla kwa Gerika. E re ka Roma e ne e sa rata kgang ya gore kgosi ya Siria e leke go gapa dinaga tse dingwe koo, e ne ya bolotsa ntwa kgatlhanong le ene. O ne a fenngwa ke Baroma kwa Thermopylae. Mo e ka nnang ngwaga morago ga go fenngwa mo ntweng ya Magnesia ka 190 B.C.E., o ne a tshwanelwa ke go tlogela sengwe le sengwe kwa Gerika, Asia Minor, le dikarolo tse di kafa bophirima jwa Dithaba Tsa Taurus. Roma e ne ya mo duedisa lekgetho le le seng kana ka sepe mme ya simolola go busa kgosi ya botsheka ya Siria. Fa a sena go lelekwa kwa Gerika le kwa Asia Minor e bile a latlhegetswe ke mo e ka nnang masole otlhe a gagwe, Antiochus III a “menoga a leba kwa dikagong tsa tlhabanelo tsa kwa lefatsheng la ga gabo,” kwa Siria. Baroma ba ne ba ‘khutliseditse kgobo e a neng a ba kgoba ka yone mo go ene.’ Antiochus III o ne a swa fa a ne a leka go thukutha tempele kwa Elymaïs, kwa Peresia, ka 187 B.C.E. Ka go rialo “a wa” a swa mme a tlhatlhangwa ke morwawe e bong Seleucus IV, kgosi e e latelang ya botsheka.

KGOTLHANG E SA NTSE E TSWELELA

36. (a) Kgosi ya borwa e ne ya leka jang go tsweletsa kgotlhang, mme go ne ga diregang ka yone? (b) Seleucus IV o ne a swa jang, mme o ne a tlhatlhangwa ke mang?

36 Jaaka kgosi ya borwa, Ptolemy V o ne a leka go boa a tsaya diporofensi tse di neng di tshwanetse tsa tla mo go ene e le bogadi jo a bo ntsheditsweng ke Cleopatra gore a mo nyale, mme maiteko ao a gagwe a ne a khutlisiwa ka go jesiwa ga gagwe botlhole. O ne a tlhatlhangwa ke Ptolemy VI. Go tweng ka Seleucus IV? Ka a ne a tlhoka madi a go duela lekgetho le le seng kana ka sepe le a neng a le kolota Roma, o ne a roma mmolokamatlotlo wa gagwe e bong Heliodorus gore a ye go gapa dikhumo tse go neng go twe di bolokilwe kwa tempeleng ya Jerusalema. E re ka Heliodorus a ne a eletsa go tsaya setulo seno sa bogosi, o ne a bolaya Seleucus IV. Le fa go ntse jalo, Kgosi Eumenes wa Peregamo le morwarraagwe e bong Attalus ba ne ba dira gore morwarraa kgosi e e bolailweng e bong Antiochus IV e nne ene a nnang mo setulong sa bogosi.

37. (a) Antiochus IV o ne a leka jang go itshupa a nonofile go feta Jehofa Modimo? (b) Go itshepolola tempele go go dirilweng ke Antiochus IV kwa Jerusalema go ne ga felela ka eng?

37 Kgosi e ntšha ya botsheka, e bong Antiochus IV, o ne a batla go itshupa a nonofile go feta Modimo ka go leka go nyeletsa thulaganyo ya ga Jehofa ya kobamelo. O ne a nyatsa Jehofa ka go neela Seuse, kana Jupitere, tempele ya Jerusalema. Ka December 167 B.C.E., go ne ga tlhongwa sebeso sa boheitane mo godimo ga sebeso se segolo se se mo lolwapeng lwa tempele koo Jehofa a neng a isetswa tshupelo ya letsatsi le letsatsi gone. Malatsi a le lesome moragonyana, Seuse o ne a ntshetswa setlhabelo mo sebesong seno sa boheitane. Go itshepolola tempele ka tsela eno go ne ga dira gore Bajuda ba tsuologe kafa tlase ga Ba-Maccabees. Antiochus IV o ne a ba lwantsha dingwaga di le tharo. Ka 164 B.C.E., letsatsi le tempele e neng ya itshepololwa ka lone, Judas Maccabaeus o ne a neela tempele eno gape mo go Jehofa mme ga simololwa moletlo wa neelo—Hanukkah.—Johane 10:22.

38. Puso ya Ba-Maccabees e ne ya khutla jang?

38 Go bonala Ba-Maccabees ba ne ba dira kgolagano le Roma ka 161 B.C.E. mme ba tlhoma bogosi ka 104 B.C.E. Mme go ne go ntse go na le kgotlhang e e sa feleng mo gare ga bone le kgosi ya bokone ya Siria. Kgabagare, Roma e ne ya kopiwa gore e tle go tsereganya. Mojenerale Gnaeus Pompey wa Moroma o ne a gapa Jerusalema ka 63 B.C.E. morago ga go e dikanyetsa dikgwedi di le tharo. Ka 39 B.C.E., Senate ya Roma e ne ya tlhoma Herode—wa Moedoma—gore a nne kgosi ya Judea. O ne a gapa Jerusalema ka 37 B.C.E., a khutlisa puso ya Ba-Maccabees.

39. O solegetswe molemo jang ke go sekaseka Daniele 11:1-19?

39 A bo go kgatlha jang ne go bona karolo ya ntlha ya boporofeti jono jo bo buang ka dikgosi tse pedi tse di lwang bo diragadiwa ka botlalo! Ee, a bo go itumedisa jang ne go tlhodumela hisitori ya dingwaga di ka nna 500 morago ga gore Daniele a newe molaetsa ono wa boporofeti mme re bone gore babusi ba e neng ya nna kgosi ya botsheka le kgosi ya borwa ke bomang! Le fa go ntse jalo, dikgosi tse pedi tseno tsa sepolotiki di a fetofetoga jaaka fa ntwa gareng ga tsone e ntse e tsweletse go ralala nako ya fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng le go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Ka go bapisa ditiragalo tsa hisitori le dintlha tse di kgatlhang tse di senotsweng mo boporofeting jono, re tla kgona go bona gore dikgosi tse pedi tse di lwang tseno ke bomang.

O LEMOGILENG?

• Go ne ga tlhaga masika afe a mabedi a dikgosi tse di nonofileng mo magosing a Gerika, mme dikgosi tseno di ne tsa simolola ntwa efe?

• Jaaka go boleletswe pele mo go Daniele 11:6, dikgosi tse pedi di ne tsa dira “tumalano” jang?

• Kgotlhang e ne ya tswelela jang mo gare ga

Seleucus II le Ptolemy III (Daniele 11:7-9)?

Antiochus III le Ptolemy IV (Daniele 11:10-12)?

Antiochus III le Ptolemy V (Daniele 11:13-16)?

• Boikaelelo jwa lenyalo gareng ga ga Cleopatra I le Ptolemy V e ne e le bofe, mme ke ka ntlha yang fa leano leno le se kile la atlega (Daniele 11:17-19)?

• Go ela tlhoko Daniele 11:1-19 go go solegetse molemo jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 228]

DIKGOSI MO GO DANIELE 11:5-19

Kgosi ya Botsheka Kgosi ya Borwa

Daniele 11:5 Seleucus I Nicator Ptolemy I

Daniele 11:6 Antiochus II Ptolemy II

(Laodice mosadi wa gagwe) (morwadie, Berenice)

Daniele 11:7-9 Seleucus II Ptolemy III

Daniele 11:10-12 Antiochus III Ptolemy IV

Daniele 11:13-19 Antiochus III Ptolemy V

(Cleopatra I morwadie) Motlhatlhami:

Batlhatlhami: Ptolemy VI

Seleucus IV le

Antiochus IV

[Setshwantsho]

Ledi la tshipi le le nang le setshwantsho sa ga Ptolemy II le mogatse

[Setshwantsho]

Seleucus I Nicator

[Setshwantsho]

Antiochus III

[Setshwantsho]

Ptolemy VI

[Setshwantsho]

Ptolemy III le batlhatlhami ba gagwe ba ne ba aga tempele eno ya ga Horus kwa Idfu, Egepeto o o Kwa Godimo

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 216, 217]

(For fully formatted text, see publication)

Maina “kgosi ya botsheka” le “kgosi ya borwa” a raya dikgosi tse di kafa botsheka le kafa borwa jwa lefatshe la batho ba gagabo Daniele

MAKEDONIA

GERIKA

ASIA MINOR

ISERAELE

LIBIA

EGEPETO

ETHIOPIA

SIRIA

Babelona

ARABIA

[Setshwantsho]

Ptolemy II

[Setshwantsho]

Antiochus yo Mogolo

[Setshwantsho]

Letlapa le le nang le melao e e ntshitsweng ke Antiochus yo Mogolo

[Setshwantsho]

Ledi la tshipi le le nang le setshwantsho sa ga Ptolemy V

[Setshwantsho]

Kgoro ya ga Ptolemy III, kwa Karnak, kwa Egepeto

[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 210]

[Setshwantsho mo go tsebe 215]

Seleucus I Nicator

[Setshwantsho mo go tsebe 218]

Ptolemy I

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela