Pina 131
Jehofa ke Mofalotsi
1. Jehofa o Mmopi yo o maatla otlhe;
Ditiro tsa gago di a gakgamatsa.
Ga go modimo yo o ka tshwanang le wena Jah.
O Mothatayotlhe.
(KHORASE)
Jehofa, Mofalotsi wa basiami.
Batho ba tla itse gore o Lefika.
Ka tumelo, re sa boife, re bolela
Ka Jehofa, yo e leng ene Mofalotsi.
2. Fa ke lebane le dikgole tsa loso,
‘Jehofa, mphe maatla le bopelokgale.’
Ke goela kwa go wena o le kwa magodimong
Gore o mpoloke.
(KHORASE)
Jehofa, Mofalotsi wa basiami.
Batho ba tla itse gore o Lefika.
Ka tumelo, re sa boife, re bolela
Ka Jehofa, yo e leng ene Mofalotsi.
3. Baba botlhe ba gago ba tla reketla.
Batlhanka ba gago bone ba ipele.
O nna dilo tsotlhe tse di tlhokegang, wena Jah;
Ke wena Mmoloki.
(KHORASE)
Jehofa, Mofalotsi wa basiami.
Batho ba tla itse gore o Lefika.
Ka tumelo, re sa boife, re bolela
Ka Jehofa, yo e leng ene Mofalotsi.
(Bona le Pes. 18:1, 2; 144:1, 2.)