LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr18 February ts. 1-8
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
  • Ditlhogwana
  • FEBRUARY 5-11
  • FEBRUARY 12-18
  • FEBRUARY 19-25
  • FEBRUARY 26–MARCH 4
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
mwbr18 February ts. 1-8

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

FEBRUARY 5-11

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 12-13

“Setshwantsho sa Korong le Mefero”

(Mathaio 13:24-26) A ba beela setshwantsho se sengwe, a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. 25 Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya. 26 E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone.

w13 7/15 9-10 ¶2-3

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

2 Ditiragalo tse di diregang mo tshimong ya molemi di bontsha gore Jesu o tla phutha leng le gone jang setlhopha sotlhe sa korong—Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tla busang le ene mo Bogosing jwa gagwe—go tswa mo bathong. Tiro ya go jala e simolotse ka Pentekosete ya 33 C.E. Tiro ya go phutha e tla wediwa fa batlodiwa ba ba tla bong ba sa ntse ba tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ba tshwaiwa la bofelo mme go tswa foo ba bo ba tseelwa kwa legodimong. (Math. 24:31; Tshen. 7:1-4) Fela jaaka motho yo o palameng mo setlhoeng sa thaba a kgona go bona sengwe le sengwe se se mo dikologileng, setshwantsho seno se re thusa gore re kgone go bona sentle ditiragalo tse di neng di tla diragala mo lobakeng lwa dingwaga di ka nna 2 000. Go ya ka tsela e re tlhaloganyang dilo botoka ka yone, ke ditiragalo dife tse di amanang le Bogosi tse re di lemogang? Setshwantsho seno se tlhalosa nako ya go jala, ya go gola le ya thobo. Setlhogo seno se tla remelela thata mo nakong ya thobo.

JESU O ETSE TLHOKO SE SE DIRAGALANG

3 Mo tshimologong ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., ‘mefero e ne ya bonala’ fa Bakeresete ba e seng ba boammaaruri ba ne ba tlhagelela mo lefatsheng. (Math. 13:26) Mo lekgolong la bonè la dingwaga, palo ya Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mefero e ne ya feta kgakala palo ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Se lebale gore mo setshwantshong seno, batlhanka ba ne ba kopa mong wa bone gore a ba neye tetla ya gore ba kumole mefero. (Math. 13:28) Mong wa bone o ne a reng?

(Mathaio 13:27-29) Jalo batlhanka ba mong wa ntlo ba tla mme ba mo raya ba re, ‘Mong wa rona, a o ne o sa jala peo e e molemo mo tshimong ya gago? Go tla jang, he, gore e bo e na le mefero?’ 28 A ba raya a re, ‘Mmaba, motho mongwe, o dirile seno.’ Ba mo raya ba re, ‘A mme o batla gore re tswe re ye go e phutha?’ 29 A re, ‘Nnyaa; e se ka ya tloga ya re, fa lo ntse lo phutha mefero, lwa kumola korong le yone.

w13 7/15 10 ¶4

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

4 Fa Jesu a bua ka korong le mefero, o ne a re: “Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo.” Taelo eno e bontsha gore fa e sa le go tloga mo lekgolong la ntlha la dingwaga go tla go fitlha gompieno, go ntse go na le bangwe ba Bakeresete ba batlodiwa ba ba tshwantshediwang ke korong mo lefatsheng. Seo se tlhomamisiwa ke se moragonyana Jesu a neng a se bolelela barutwa ba gagwe fa a ne a re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) Ka jalo, Jesu o tla sireletsa Bakeresete ba ba tloditsweng malatsi otlhe go fitlha kwa bokhutlong jwa metlha. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba hupeditswe ke Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mofero, ga re tlhomamisege gore ke bomang ba ba neng ba le mo setlhopheng sa korong mo lobakeng loo lo loleele lwa nako. Mme gone, masomesome a dingwaga pele ga paka ya thobo e simolola, setlhopha sa korong se ne sa simolola go lemotshega. Seo se ne sa direga jang?

(Mathaio 13:30) “Di leseng di gole mmogo go fitlha ka nako ya thobo; mme mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata gore lo e je ka molelo, go tswa foo lo ye go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’””

w13 7/15 12 ¶10-12

“Bonang! Ke na Le Lona Malatsi Otlhe”

10 Ya ntlha, go phutha mefero. Jesu a re: “Mo pakeng ya thobo ke tla bolelela barobi ke re, Phuthang pele mefero lo bo lo e bofe ka dingata.” Morago ga 1914, baengele ba ne ba simolola go ‘phutha’ Bakeresete ba ba tshwantshediwang ke mofero, ka go ba kgaoganya le batlodiwa, e leng “bana ba bogosi.”—Math. 13:30, 38, 41.

11 Fa tiro ya go phutha e ntse e tsweletse, pharologano magareng ga ditlhopha tseno tse pedi e ne ya bonala sentle. (Tshen. 18:1, 4) Ka 1919, go ne ga bonala sentle gore Babelona yo Mogolo o ole. Ke eng se segolobogolo se neng se dira gore Bakeresete ba boammaaruri ba farologane le ba e seng ba boammaaruri? Ke tiro ya go rera. Ba ba neng ba eteletse Baithuti ba Baebele pele ba ne ba simolola go gatelela botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe a nne le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi. Ka sekai, bukana ya To Whom the Work Is Entrusted, e e gatisitsweng ka 1919, e ne ya rotloetsa Bakeresete botlhe ba batlodiwa gore ba rere ka ntlo le ntlo. E ne ya re: “Tiro e bonala e le kgolo, le fa go ntse jalo, ke tiro ya Morena, mme re tla e dira ka maatla a gagwe. Lo na le tshiamelo ya go nna le seabe mo go yone.” Batho ba ne ba itshwara jang fa ba utlwa seo? Go ya ka Tora ya Tebelo ya 1922, go simolola ka nako eo go ya pele, Baithuti ba Baebele ba ne ba oketsa tiro ya go rera. Go ise go ye kae, tiro ya go rera ka ntlo le ntlo e ne ya nna letshwao la Bakeresete bao ba ba ikanyegang—go tla go fitlha gompieno.

12 Ya bobedi, go phutha korong. Jesu o laela baengele ba gagwe jaana: ‘Yang go phuthela korong mo ntlong ya me ya polokelo.’ (Math. 13:30) Fa e sa le ka 1919, batlodiwa ba ntse ba phuthelwa mo phuthegong ya Bokeresete e e tsosolositsweng. Bakeresete ba batlodiwa ba ba tla bong ba tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo, ba tla phuthiwa la bofelo fa ba amogela tuelo ya bone ya go tshela kwa legodimong.—Dan. 7:18, 22, 27.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 12:20) Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang, e bile ga go na mogala ope wa lodi o o ntshang mosi fela o a tla o timang, go fitlha a lere tshiamiso ka katlego.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 12:20 mo Baebeleng ya Study Edition

mogala wa lodi o o ntshang mosi: Malapa a le mantsi a ne a dirisa lobone lo lo dirilweng ka letsopa mme go ne go tshelwa oli ya motlhware mo go lone. Mo teng ga lobone loo, go ne go tsenngwa mogala o o neng o monya oli eo gore kgabo ya molelo e nne e tuka. Mafoko a Segerika a a reng ‘mogala wa lodi o o ntshang mosi’ a ka tswa a kaya mogala o o ntshang mosi ka gonne go sa ntse go na le tlhasenyana mme gone e tloga e tima. Boporofeti jo bo mo go Isaia 42:3 bo ne bo bua ka tsela e Jesu a neng a tla utlwela batho botlhoko ka yone; o ne a se kitla a dira gore batho ba maemo a a kwa tlase ba felelwe ke tsholofelo.

(Mathaio 13:25) Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya.

w16.10 32

A o Ne o Itse?

A ke boammaaruri gore mo metlheng ya bogologolo mongwe o ne a ka jala mofero mo tshimong ya motho yo mongwe?

MO GO Mathaio 13:24-26, Jesu o ne a re: “Bogosi jwa magodimo jaanong bo tshwana le motho yo o neng a jala peo e e molemo mo tshimong ya gagwe. Ya re batho ba ntse ba robetse, mmaba wa gagwe a tla mme le ene a jala mefero mo gare ga korong, a ba a tsamaya. E rile mogwang o tlhoga o bo o ungwa maungo, foo mefero ya bonala le yone.” Bakwadi ba ba farologaneng ba belaela kgang ya gore setshwantsho seno sa korong le mofero se tlhalosa tiragalo ya mmatota mme mekwalo ya bogologolo ya molao wa Roma e bontsha gore kgang eno ke tiragalo e e neng e tle e direge.

Dikishinare nngwe ya Baebele ya re: “Go ya ka molao wa Roma, go jala mofero mo tshimong ya motho yo mongwe ka maikaelelo a go ipusolosetsa, . . . e ne e le tlolomolao. Molao ono o ne wa tlhomiwa ka gonne kgang eno e ne e direga gantsi.” Ramolao mongwe e bong Alastair Kerr o tlhalosa gore ka 533 C.E., Mmusimogolo wa Roma e bong Justinian, o ne a gatisa buka ya molao e e sobokanyang molao wa kwa Roma le mekwalo ya baitsemolao ba ba neng ba tshela ka nako e e itsegeng thata ya molao (mo e ka nnang ka 100-250 C.E.). Go ya ka buka eno, ramolao mongwe e bong Ulpian o ne a umaka kgetsi nngwe e e neng ya sekasekiwa ke radipolotiki mongwe wa kwa Roma e bong Celsus, yo o neng a tshela ka lekgolo la bobedi la dingwaga. Mo kgetsing eno, mongwe o ne a jetse mofero mo tshimong ya motho yo mongwe mme dijalo di ne tsa swa. Buka eno e umaka dikgato tsa semolao tse mong wa tshimo a tshwanetseng go di tsaya gore motho yo o mo senyeditseng tshimo a mo duele.

Bosenyi joo jo bo maswe jo bo neng bo direga bogologolo kwa Mmusomogolong wa Roma, ruri bo bontsha gore kgang e Jesu a neng a e tlhalosa e ne e le tiragalo e e neng e tle e direge.

FEBRUARY 12-18

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 14-15

“Jesu o Ile a Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa”

(Mathaio 14:16, 17) Le fa go ntse jalo, Jesu a ba raya a re: “Ga ba tlhoke go tsamaya: ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” 17 Ba mo raya ba re: “Ga re na sepe fano fa e se dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi.”

w13 7/15 15 ¶2

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

2 Fa Jesu a bona boidiidi joo jwa batho, o tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka jalo, o ba ruta dilo di le dintsi ka Bogosi jwa Modimo a bo a fodisa ba ba lwalang mo go bone. Fa go nna maitseboa, barutwa ba kopa Jesu gore a bolelele batho gore ba tsamaye, ba ye kwa metseng e e gaufi go ya go ithekela dijo. Le fa go ntse jalo, Jesu o bolelela barutwa jaana: “Ba neyeng sengwe se ba ka se jang.” Mafoko ano a ka tswa a ne a ba gakgamatsa ka gonne dijo tse ba neng ba di tshotse e ne e le lemmenyana fela—dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi tse dinnye.

(Mathaio 14:18, 19) A re: “Di tliseng kwano mo go nna.” 19 Morago ga moo a laela boidiidi gore bo nne ka go sekama mo bojannyeng mme a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi, mme, ya re a lelalela kwa legodimong, a di segofatsa mme, fa a sena go ngathoganya dinkgwe, a di abela barutwa, barutwa le bone ba di abela boidiidi.

w13 7/15 15 ¶3

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

3 E re ka Jesu a utlwela boidiidi joo botlhoko, o dira kgakgamatso—kgakgamatso e le yosi e bakwadi botlhe ba le banè ba Diefangele ba kwadileng ka yone. (Mar. 6:35-44; Luke 9:10-17; Joh. 6:1-13) Jesu o laela barutwa ba gagwe gore ba bolelele boidiidi gore bo nne ka go sekama mo bojannyeng jo bo tala ka ditlhopha tsa 50 le 100. Fa a sena go leboga, o ngathoganya dinkgwe le ditlhapi. Mme go tswa foo, go na le gore Jesu a abele batho dijo ka boene, o di abela “barutwa, barutwa le bone ba di abela boidiidi.” Se se gakgamatsang ke gore, dijo di lekana batho botlhe di bo di sala! Akanya fela: Jesu o fepile diketekete a dirisa ba le mmalwa—barutwa ba gagwe.

(Mathaio 14:20, 21) Jalo botlhe ba ja ba bo ba kgora, mme ba sela mo go setseng ga manathwana, a tlala diroto di le lesome le bobedi. 21 Le fa go ntse jalo ba ba jang e ne e ka nna banna ba le dikete di le tlhano, kwantle ga basadi le bana ba babotlana.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 14:21 mo Baebeleng ya Study Edition

kwantle ga basadi le bana ba babotlana: Mathaio ke ene fela a umakang basadi le bana ba bannye fa a bua ka kgakgamatso eno. Go ka direga gore palo ya batho botlhe ba ba ileng ba fepiwa ka tsela eno ya kgakgamatso e ne e feta 15 000.

w13 7/15 15 ¶1

Go Fepa ba le Bantsi a Dirisa ba le Mmalwa

AKANYA ka boemo jono. (Bala Mathaio 14:14-21.) Ke pele fela ga Tlolaganyo ya 32 C.E. Boidiidi jwa banna ba ka nna 5 000 go sa balwe basadi le bana ba bannye, ba na le Jesu le barutwa ba gagwe kwa lefelong le le kwa thoko mo kgaolong ya Bethesaida, motse o o mo lotshitshing lo lo kwa bokone jwa Lewatle la Galalea.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 15:7-9) Baitimokanyi ke lona, Isaia o ne a porofeta kaga lona sentle, fa a ne a re, 8 ‘Batho bano ba ntlotla ka dipounama tsa bone, le fa go ntse jalo pelo ya bone e katogetse kgakala le nna. 9 Ba nna ba nkobamelela lefela, ka gonne ba ruta ditaelo tsa batho ba re ke dithuto tsa motheo.’”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 15:7 mo Baebeleng ya Study Edition

Baitimokanyi: Lefoko la Segerika e leng hy·po·kri·tesʹ le ne le dirisiwa go tlhalosa badiragatsi ba kwa Gerika (moragonyana ba kwa Roma) ba ba neng ba diragatsa mo seraleng ba ipipile difatlhego ka di-mask tse di neng di dirilwe gore di godise mantswe a bone. Moragonyana lefoko leno le ile la dirisiwa go tlhalosa leferefere kgotsa motho yo o tsietsang ba bangwe. Seo ke se Jesu a neng a se kaya fa a ne a bitsa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda a re ke “baitimokanyi.”—Mat 6:5, 16.

(Mathaio 15:26) Fa a araba a re: “Ga go a siama go tsaya senkgwe sa bana se bo se latlhelelwa dintšanyana.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 15:26 mo Baebeleng ya Study Edition

bana . . . dintšanyana: Go ya ka Molao wa ga Moshe, dintša e ne e le diphologolo tse di itshekologileng mme gantsi Dikwalo di dirisa lefoko leno fa di bua ka sengwe se se nyatsegang. (Lef 11:27; Mat 7:6; Baf 3:2; Tsh 22:15) Le fa go ntse jalo, mo pegong ya ga Mareko (7:27) le ya ga Mathaio, Jesu o ne a dirisa lefoko “dintšanyana” e se ka tsela ya go bontsha lenyatso. Jesu a ka tswa a ne a dirisa lefoko leno ka gonne a ne a bua le motho yo e seng Mojuda e bile a itse gore o ne a sa tseye dintšanyana e le diphologolo tse di nyatsegang e re ka ba ne ba di rua mo malapeng a bone. Fa Jesu a ne a tshwantsha Baiseraele le “bana” mme batho ba e neng e se Bajuda a re ke “dintšanyana,” go bonala a ne a batla go bontsha gore ke bomang ba ba neng ba tshwanetse go tla pele. Fa go ne go na le bana le dintša mo lapeng, bana ke bone ba neng ba tla newa dijo pele.

FEBRUARY 19-25

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 16-17

“A o Akanya Dikakanyo Tsa Modimo Kgotsa Tsa Batho?”

(Mathaio 16:21, 22) Go tswa ka nako eo go ya pele Jesu Keresete a simolola go bontsha barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya Jerusalema mme a boge dilo di le dintsi go tswa mo banneng ba bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe, mme a tsosiwe mo letsatsing la boraro. 22 Foo Petere a mo tseela kwa thoko mme a simolola go mo kgalema, a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.”

w07 2/15 17 ¶17

Banna ba ba Nyetseng—Etsang Botlhogo Jwa ga Keresete

17 Nako nngwe Jesu o ne a tlhalosetsa barutwa ba gagwe gore o tshwanetse go ya kwa Jerusalema, ko a neng a tlile go bogisiwa teng ke “bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe, mme a tsosiwe mo letsatsing la boraro.” Fa Petere a utlwa seo o ile a tseela Jesu kwa thoko mme a simolola go mo omanya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Ga go pelaelo gore Petere o ne a tlhotlhelediwa ke go tseega maikutlo. O ne a tshwanelwa ke gore a kgalemelwe. Ka jalo Jesu o ile a mo raya a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”—Mathaio 16:21-23.

(Mathaio 16:23) Mme, ya re a hulara, a raya Petere a re: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”

w15 5/15 7-8 ¶16-17

Nna o Disitse Satane o Batla go go Kometsa!

16 Satane o kgona go tsietsa tota le batlhanka ba ba tlhoafetseng ba ga Jehofa. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa Jesu a bolelela barutwa ba gagwe gore go ise go ye kae o tlile go bolawa. Moaposetoloi yo o neng a rata Jesu e bong Petere o ne a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Jesu o ne a raya Petere a re: “Mpota kafa morago, Satane!” (Math. 16:22, 23) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bitsa Petere a re ke “Satane”? Ka gonne o ne a itse se se tla tlogang se direga. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Jesu o ne a tla ntsha botshelo jwa gagwe go nna setlhabelo sa thekololo mme a bontshe gore Diabolo ke moaki. Eo e ne e se nako ya go ‘ikutlwela botlhoko,’ go na le moo e ne e le nako e e botlhokwa thata. Satane o ne a ka itumela tota fa Jesu a ka bo a ile a ineela.

17 Re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. Satane o batla gore “re ikutlwele botlhoko” ka go dira gore re tlhome mogopolo thata mo go atlegeng. O batla gore re lebale gore re tshela mo metlheng ya bofelo mme re feleletse re robetse semoyeng. Se letle seo go go diragalela. Go na le moo, ‘nna o disitse.’ (Math. 24:42) O se ka wa dumela maaka a ga Satane a gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo kgakala thata kgotsa gore ga bo kitla bo tla.

(Mathaio 16:24) Go tswa foo Jesu a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.

w06 4/1 23 ¶9

‘Tsamayang lo Dire Barutwa, lo ba Kolobetse’

9 Go latela sekao sa ga Jesu sa go dira thato ya Modimo go akaretsa eng? Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Fa mongwe a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso mme a ntshale morago a sa kgaotse.” (Mathaio 16:24) Mono o ne a tlhalosa dilo di le tharo tse re tshwanetseng go di dira. Sa ntlha, re a ‘iitatola.’ Ka mafoko a mangwe, re tlogela ditlwaelo tsa rona tsa bopelotshetlha le bosaitekanelang mme re amogela kgakololo le kaelo ya Modimo. Sa bobedi, re ‘tsaya kota ya rona ya tlhokofatso.’ Mo motlheng wa ga Jesu kota ya tlhokofatso e ne e le letshwao la go tlhabisiwa ditlhong le go boga. Jaaka Bakeresete, re amogela gore re ka nna ra tshwanelwa ke go boga ka ntlha ya dikgang tse di molemo. (2 Timotheo 1:8) Le mororo lefatshe le ka nna la re sotla kgotsa la re kgoba, fela jaaka Keresete re ‘nyatsa ditlhong,’ re itumelela go itse gore re itumedisa Modimo. (Bahebera 12:2) Labofelo, re sala Jesu morago ‘re sa kgaotse.’—Pesalema 73:26; 119:44; 145:2.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 16:18) Gape, ke go raya ke re, O Petere, mme mo lefikeng leno ke tla aga phuthego ya me, mme dikgoro tsa Hadese ga di na go e fekeetsa.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 16:18 mo Baebeleng ya Study Edition

O Petere, mme mo lefikeng leno: Lefoko la Segerika e leng peʹtros le kaya “leje kgotsa lefika.” Mo temaneng eno, Jesu o bitsa Simone a re ke Petere. (Joh 1:42) Lefoko le lengwe le le tshwanang le lone e leng peʹtra le kaya “lefika” mme le ka tswa le bua ka letlapa, thaba kgotsa leje le legolo. Lefoko leno le tlhaga mo go Mat 7:24, 25; 27:60; Luk 6:48; 8:6; Bar 9:33; 1Bak 10:4; 1Pe 2:8. Go bonala Petere a ne a sa itseye e le lefika le Jesu a neng a tla aga phuthego mo go lone ka gonne mo go 1 Petere 2:4-8 o bitsa Jesu a re ke “leje la sekhutlo la motheo” le Modimo ka boene a ileng a le tlhopha. Moasepotoloi Paulo le ene o ne a bitsa Jesu a re ke “motheo” le ‘lefika la semoya.’ (1Bak 3:11; 10:4) Go bonala Jesu a ne a natetsha puo fela. Tota o ne a re: ‘Wena yo leina la gago e leng Petere (kgotsa “Lefika”) o kgonne go lemoga gore Keresete ke “lone lefika” le le tla nnang motheo wa phuthego ya Bokeresete.’

phuthego: Lefoko leno le tswa mo lefokong la Segerika e leng ek·kle·siʹa mme mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, temana eno ke yone ya ntlha go le dirisa. Lefoko leno le kopantse mafoko a mabedi a Segerika e leng ek, le le kayang “go tswa” le la ka·leʹo, le le kayang “go bitsa.” Le kaya batho ba ba kgobokaneng kgotsa ba ba biditsweng gore ba tle go dira tiro nngwe. Mo temaneng eno, Jesu o ne a bolelela pele ka go tlhomiwa ga phuthego ya Bokeresete e e dirilweng ka Bakeresete ba ba tloditsweng ba e leng “maje a a tshelang” a a tla agiwang “go nna ntlo ya semoya.” (1Pe 2:4, 5) Lefoko leno la Segerika le dirisiwa thata mo Septuagint mo boemong jwa lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “phuthego” le gantsi le dirisiwang go kaya setšhaba sa Baiseraele. (Dut 23:3; 31:30) Mo go Dit 7:38 Baiseraele ba ba ileng ba ntshiwa kwa Egepeto ba bidiwa “phuthego.” Bakeresete ba ba ileng ba ‘bidiwa mo lefifing’ le go ‘tlhophiwa mo lefatsheng,’ le bone ba bidiwa “phuthego ya Modimo.”—1Pe 2:9; Joh 15:19; 1Bak 1:2.

(Mathaio 16:19) Ruri ke tla go naya dilotlolo tsa bogosi jwa magodimo, mme le fa e le eng se o ka se bofang mo lefatsheng e tla nna selo se se bofilweng kwa magodimong, mme le fa e le eng se o ka se bofololang mo lefatsheng e tla nna selo se se bofolotsweng kwa magodimong.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 16:19 mo Baebeleng ya Study Edition

dilotlolo tsa Bogosi jwa magodimo: Mo Baebeleng, fa motho a newa dilotlolo, e ka tswa e le ka tsela ya mmatota kgotsa ya tshwantshetso, seo se ne se bontsha gore o neilwe boikarabelo jwa go dira sengwe. (1Dit 9:26, 27; Isa 22:20-22) Ka jalo, lefoko “selotlolo” le kaya dithata le maikarabelo a motho a a neilweng. Petere o ile a dirisa “dilotlolo” tseno go bulela Bajuda (Dit 2:22-41), Basamarea (Dit 8:14-17) le Baditšhaba (Dit 10:34-38) tshono ya gore ba newe moya o o boitshepo gore ba nne le tsholofelo ya go busa le Keresete kwa legodimong.

FEBRUARY 26–MARCH 4

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 18-19

“Tila Dilo Tse di ka Dirang Gore o Kgotšwe le go Kgopisa ba Bangwe”

(Mathaio 18:6, 7) Mme le fa e le mang yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go molemo segolo gore a gokelelwe lelwala mo molaleng wa gagwe le le tshwanang le leo le pitikololwang ke esele mme a nwediwe mo lewatleng le le atlhameng, le le bulegileng. 7 “A bo go latlhega lefatshe ka ntlha ya dikgopi! Ee, ke tshwanelo gore dikgopi di tle, mme a bo go latlhega motho yo sekgopi se tlang ka ene!

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 18:6, 7 mo Baebeleng ya Study Edition

lelwala . . . le le pitikololwang ke esele: Kgotsa “leje le legolo.” Lelwala kgotsa leje leno le ne le le bokima jwa dimetara di le 1,2 go ya go 1,5 mme le ne le le bokete thata jaana mo go neng go dirisiwa tonki go le dikolosa.

dikgopi: Go akanngwa gore lefoko la Segerika e leng skanʹda·lon, le le ranotsweng e le ‘sekgopi’ le ne le kaya serai; ba bangwe ba re le ne le kaya thupana e motho a neng a tsenya sengwe mo go yone gore a gogele selo se a batlang go se tshwara. Gape le ne le kaya selo se se dirang gore motho a kgopiwe kgotsa a we. Lefoko leno le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso fa go buiwa ka boemo jo bo dirang gore motho a feleletse a tsere kgato e e sa siamang kgotsa a tlodile molao wa Modimo. Mo go Mat 18:8, 9, lediri la lefoko skan·da·liʹzo, le ranotswe e le “dikgopi” mme gape le ka ranolwa e le “go nna serai kgotsa go dira gore yo mongwe a leofe.”

ditshwantsho tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 18:6 mo Baebeleng ya Study Edition

Lelwala

Lelwala le ne le dirisediwa go sila mabele le go gamola oli mo motlhwareng. A mangwe a ne a kgona go dirisiwa ka letsogo mme a mangwe a ne a le magolo thata mo go neng go dirisiwa phologolo go a dikolosa. Lelwala leno le ka tswa le lekana le le Bafilisitia ba ileng ba pateletsa Samesone gore a le dirise. (Baatl 16:21) Lelwala le le dikolosiwang ke phologolo le ne le dirisiwa thata ke Baiseraele le batho ba bantsi ba puso ya Roma.

Lelwala le le Silang Le le Go Silelwang mo go Lone

Lelwala le lennye le le mo setshwantshong seno le ne le dikolosiwa ke phologolo e e jaaka tonki e bile le ne le diresediwa go sila mabele le motlhware. Le ne le le bokima jwa dimetara di le 1,5 mme go ne go tsenngwa mabele mo go le legolo go bo go dirisiwa le lennye go sila mabele ao.

(Mathaio 18:8, 9) Jaanong, fa seatla sa gago kgotsa lonao lwa gago lo dira gore o kgotšwe, lo kgaole mme o le latlhele kgakala le wena; go molemo segolo gore o tsene mo botshelong o golafetse kgotsa o tlhotsa go na le gore o latlhelwe mo molelong wa bosakhutleng o na le diatla tsoopedi kgotsa dinao tsoopedi. 9 Gape, fa leitlho la gago le dira gore o kgotšwe, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena; go molemo segolo gore o tsene mo botshelong o le moitlho go na le gore o latlhelwe mo Gehena e e tukang o na le matlho a mabedi.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 18:9 mo Baebeleng ya Study Edition

Gehena: Lefoko leno le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera e leng geh hin·nomʹ, le le kayang “mokgatšha wa Hinoma” o o neng o le kwa bophirima le borwa jwa Jerusalema wa bogologolo. (Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 16, “Jerusalema le Mafelo a a Gaufi.”) Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, mokgatšha ono o ne o dirisediwa go fisa matlakala, ka jalo, lefoko “Gehena” le tshwantshetsa go senngwa ka bosakhutleng.

Glossary e e mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane

Gehena

Leina la Mokgatšha wa Hinoma o o neng o le kwa bophirima le borwa jwa Jerusalema wa bogologolo. (Jer 7:31) Baebele e ile ya porofeta gore mokgatšha ono e ne e tla nna lefelo le ditopo di latlhelwang mo go lone. (Jer 7:32; 19:6) Ga go na bosupi jo bo bontshang gore diphologolo kgotsa batho ba ne ba latlhelwa mo Gehena ba tshela gore ba fisiwe kgotsa ba tlhokofadiwe. Ke ka moo re ka se kang ra re Gehena e emela lefelo lengwe le le sa bonaleng le mo go lone meya ya batho e tlhokofadiwang mo molelong ka bosakhutleng. Go na le moo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba bua ka Gehena go tshwantshetsa go senngwa kgotsa “loso lwa bobedi” le go se nang tsogo mo go lone.—Tsh 20:14; Mat 5:22; 10:28.

(Mathaio 18:10) Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 18:10 mo Baebeleng ya Study Edition

ba bona sefatlhego sa ga Rre: Kgotsa “ba kgona go tsena kwa Rre a leng teng.” Baengele ke bone fela ba kgonang go bona sefatlhego sa Modimo ka gonne ba kgona go tsena kwa lefelong le Modimo a leng kwa go lone.—Ek 33:20.

w10 11/1 16

Kafa Baengele ba re Amang ka Teng

Jesu o ne a re senolela gore baengele ba neilwe boikarabelo jwa go thusa batlhanka ba Modimo gore ba nne ba na le kamano e e gaufi le ene. Ka jalo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe jaana malebana le go kgopisa ba bangwe: “Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.” (Mathaio 18:10) Ka go rialo, Jesu o ne a sa reye gore mongwe le mongwe wa balatedi ba gagwe o na le moengele yo o abetsweng go mo tlhokomela. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore baengele ba ba dirang le Modimo ba amega ka maloko a phuthego ya Bokeresete.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 18:21, 22) Foo Petere a tla mme a mo raya a re: “Morena, morwarre o tshwanetse go nteofela makgetlo a le kae gore ke mo itshwarele? Go fitlha go makgetlo a le supa?” 22 Jesu a mo raya a re: “Ke a go raya ka re, e seng, Go fitlha go makgetlo a le supa, mme, Go fitlha go makgetlo a le masome a supa le bosupa.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 18:22 mo Baebeleng ya Study Edition

makgetlo a le masome a supa le bosupa: Mafoko ano a Segerika a ka tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng. A ka kaya “70 le 7 (77)” kgotsa “70 a menagane makgetlo a le 7” (e leng makgetlo a le 490) Mafoko ano a Sehebera a tlhaga le mo Septuagint mo go Gen 4:24 e bile a ranotswe e le “makgetlo a le 77” mme seo se tshegetsa ntlha ya go bo re tshwanetse go dumela gore Jesu o ne a bua ka “makgetlo a le 77” e seng a le 490. Le fa re ka tswa re tlhaloganya mafoko ano ka ditsela tse di farologaneng, go boaboelediwa ga nomoro ya bosupa go ne go tshwana le fa motho a re “go ya go ile” kgotsa a bua ka “selo se se sa feleng.” Fa Jesu a ne a raya Petere a re o tshwanetse go itshwarela motho makgetlo a le 77, o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba bala gore ba itshwarela motho ga kae. Mme buka e e tlhalosang melao ya Bababelona (mo go Yoma 86b) ya re: “Fa motho a go direla diphoso, ga ntlha, ga bobedi le ga boraro o ka mo itshwarela mme ga bonê gone, ga wa tshwanela go mo itshwarela.”

(Mathaio 19:7) Ba mo raya ba re: “Ke ka ntlha yang, he, Moshe a ne a laela gore go ntshiwe lekwalo la go mo naya tsela le go mo tlhala?”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 19:7 mo Baebeleng ya Study Edition

lekwalo la go mo naya tsela: Kgotsa “lekwalo la tlhalo.” Molao o ne o laela monna yo o akanyetsang go tlhala mosadi wa gagwe gore a kwale lekwalo la semolao le go bua le bagolwane ka kgang eo. Seno se ne se mo naya nako ya gore a akanyetse kgang eno ka thata. Boikaelelo jwa Molao ono e ka tswa e ne e le go thusa motho gore a se ka a tsaya tshwetso ka lepotlapotla e bile o ne o sireletsa mosadi yo o tlhalwang. (Dut 24:1) Mme ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, baeteledipele ba bodumedi ba ne ba dira gore go nne motlhofo gore motho a tlhale mosadi wa gagwe. Rahisitori mongwe wa Mofarasai e bong Josephus le ene o ile a tlhala mosadi wa gagwe e bile a re motho o ne a kgona go tlhala “ka mabaka mangwe le mangwe fela (mme banna ke bone ba gantsi ba neng ba dira jalo).”

setshwantsho se se tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 19:7 mo Baebeleng ya Study Edition

Lekwalo la Tlhalo

Lekwalo leno la tlhalo le le kwadilweng ka Searamaika le kwadilwe ka ngwaga wa 71 kgotsa 72. Le fitlhetswe kwa bokone jwa noka e e omeletseng ya Wadi Murabbaat e e kwa sekakeng sa Judea. Le tlhalosa gore ka nako ya fa Bajuda ba ne ba lwa kgatlhanong le puso ya Roma, Josefa morwa Naqsan o ne a tlhala Miriam morwadie Jonathan yo o neng a nna kwa motseng wa Masada.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela