LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr18 January ts. 1-8
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
  • Ditlhogwana
  • JANUARY 1-7
  • JANUARY 8-14
  • JANUARY 15-21
  • JANUARY 22-28
  • JANUARY 29–FEBRUARY 4
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—2018
mwbr18 January ts. 1-8

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi

JANUARY 1-7

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 1-3

“Bogosi Jwa Magodimo bo Atametse”

(Mathaio 3:1, 2) Mo malatsing ao Johane Mokolobetsi a tla a rera kwa nageng ya Judea, 2 a re: “Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.”

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 3:1, 2 mo Baebeleng ya Study Edition

go rera: Lefoko leno la Segerika le kaya “go bolela molaetsa phatlalatsa.” Le tlhalosa tsela e go bolelwang molaetsa ka yone. Go ne go rerwa phatlalatsa go na le go rerela setlhopha sa batho.

bogosi: Leno ke lekgetlo la ntlha lefoko la Segerika e leng ba·si·leiʹa le tlhaga mme le kaya puso, lefelo le batho ba ba busiwang ke kgosi. Lefoko leno le tlhaga makgetlo a le 162 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika mme mo makgetlong ao otlhe, le tlhaga makgetlo a le 55 mo pegong ya ga Mathaio mme gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka puso ya Modimo e e kwa legodimong. Mathaio o dirisa lefoko leno thata jaana mo Efangeleng ya gagwe mo e ka bidiwang Efangele ya Bogosi.

bogosi jwa magodimo: Polelwana eno e tlhaga makgetlo a ka nna 30 mme otlhe a mo Efangeleng ya ga Mathaio fela. Efangele ya ga Mareko le ya ga Luke di dirisa lefoko “bogosi jwa Modimo” mme seo se bontsha gore “bogosi jwa Modimo” bo busa bo le kwa legodimong.—Mat 21:43; Mar 1:15; Luk 4:43; Dan 2:44; 2Ti 4:18.

bo atametse: Polelwana eno e bontsha gore Mmusi wa Bogosi jwa kwa legodimong o ne a tloga a tlhagelela.

(Mathaio 3:4) Mme ene Johane yono diaparo tsa gagwe e ne e le boboa jwa kamela le moitlamo wa letlalo mo lothekeng lwa gagwe; dijo tsa gagwe le tsone e ne e le tsie le tswina ya dinotshe ya naga.

ditshwantsho le dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 3:4 mo Baebeleng ya Study Edition

Diaparo Tsa ga Johane Mokolobetsi le Tsela e a Neng a Lebega ka Yone

Johane o ne a apara seaparo se se dirilweng ka boboa jwa kamela e bile o ne a ikgatlha lotheka ka lebante le le neng le dirisiwa go tsenya dilo tse dinnye. Elija le ene o ne a apara jalo. (2Dik 1:8) Gantsi diaparo tse di dirilweng ka boboa jwa kamela di ne di aparwa ke bahumanegi. Mme batho ba ba humileng ba ne ba apara diaparo tse di dirilweng ka letsela le le boleta. (Mat 11:7-9) E re ka Johane a ne a tshotswe e le Monasirite, go ka direga gore o ne a ise a tsamaye a kere moriri. Gongwe tsela e a neng a apara le e a neng a lebega ka yone e ne e bontsha gore ga a tshele botshelo jwa manobonobo le gore o ineetse mo Modimong.

Ditsie

Baebele fa e bua ka ditsie e ka tswa e bua ka mefuta e e farologaneng ya ditsiakgope, segolobogolo tse gantsi di tsamayang di le dintsi. Dipatlisiso tse di dirilweng kwa Jerusalema di bontsha gore ditsie tse di nnang kwa sekakeng di na le dikotla tse dintsi. Batho ba ba di jang ba ntsha tlhogo, maoto, diphuka le mala ba bo ba ja thamo e le tala kgotsa e apeilwe. Gatwe fa o di ja go utlwala e kete o ja ditshedi dingwe tsa lewatle tse di bidiwang di-prawn kgotsa di-crab mme di na le dikotla tse dintsi thata.

Tswina ya Dinotshe Tsa Naga

Setshwantsho sa ntlha ke sa mamepe a dinotshe tsa naga mme sa bobedi ke sa tswina ya mamepe ao. Johane a ka tswa a ne a ja tswina ya dinotshe tsa naga tsa karolo e a neng a nna kwa go yone. Dinotshe tsa mofuta ono di bogale mme di kgona go nna mo lefelong le le bothito le mo sekakeng sa kwa Judea mme ga se dinotshe tse motho a ka di ruang. Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo801 go ya go 900 B.C.E., batho ba kwa Iseraele ba ne ba tsenya dinotshe mo dinkgong tsa letsopa. Go fitlhetswe dinkgo tseno kwa toropong e gone jaanong e bidiwang Tel Rehov, e e kwa Mokgatšheng wa Joredane. Tswina e e neng e tswa mo mamepeng ano e ne e dirilwe ke dinotshe tse go dumelwang gore di ne di tswa kwa nageng e gone jaanong e bidiwang Turkey.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 1:3) Juda a nna rraagwe Perese le Sera ka Tamare; Perese a nna rraagwe Heserone; Heserone a nna rraagwe Rame;

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 1:3 mo Baebeleng ya Study Edition

Tamare: Ke mosadi wa ntlha go umakiwa mo Efangeleng ya ga Mathaio ya losika lwa ga Mesia. Basadi ba bangwe ba banê ke Rahabe le Ruthe (temana 5) ba e neng e se Baiseraele; Bathesheba, “mosadi wa ga Uria” (temana 6) le Marea (temana 16). Basadi bano ba ka tswa ba umakilwe ka gonne go na le sengwe se se kgethegileng ka tsela e ba ileng ba nna bagologolwane ba ga Jesu ka yone.

(Mathaio 3:11) Mme nna, ke lo kolobetsa ka metsi ka ntlha ya boikwatlhao jwa lona; mme yo o tlang morago ga me o nonofile go mpheta, yo ke sa lekanang go mo rola bompaatšhane. Yoo o tla lo kolobetsa ka moya o o boitshepo le ka molelo.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 3:11 mo Baebeleng ya Study Edition

kolobetsa: Lefoko leno gape le ka kaya go “tsenya motho mo metsing.” Ka Segerika lefoko leno le kaya “go ina.” Dibaebele tse dingwe di a re go kolobediwa go kaya go tsenya motho mo metsing. Nako nngwe Johane o ne a kolobetsa batho gaufi le motse wa Salima kwa Mokgatšheng wa Joredane “ka gonne go ne go na le metsi a mantsi koo.” (Joh 3:23) Fa Filipo a ne a kolobetsa moopafadiwa wa Moethiopia, ba ne ba “fologela mo teng ga metsi.” (Dit 8:38) Go dirisitswe lefoko le le tshwanang mo Baebeleng ya Segerika ya Septuagint mo lokwalong lwa 2 Dikgosi 5:14 fa go tlhalosiwa gore Naamane o ne a “thabuela mo Joredane ga supa.”

JANUARY 8-14

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 4-5

“Se re Ithutang Sone mo Therong ya Kwa Thabeng”

(Mathaio 5:3) “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 5:3 mo Baebeleng ya Study Edition

Go itumela: Ga se boitumelo jo motho a nang le jone fa a keteka sengwe. Go na le moo, temana eno e bua ka boitumelo jo motho a nang le jone fa Modimo a mo segofatsa e bile a mo amogela. Gape mafoko ano a dirisiwa go tlhalosa tsela e Modimo le Jesu ba itumetseng ka yone kwa legodimong.—1Ti 1:11; 6:15.

ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ba ba tshwenyegang” le kaya “ba ba humanegileng (ba ba tlhokang; ba ba kopang)” mme mo temaneng eno le dirisiwa fa go buiwa ka batho ba ba tlhokang sengwe e bile ba itse sentle gore ba tlhoka eng. Lefoko leno le dirisitswe gape mo go Luke 16:20, 22 e e buang ka “mokopi” yo o bidiwang Lasaro. Mafoko ano a Segerika a baranodi bangwe ba a ranotseng e le “ba ba humanegileng semoyeng” a kaya batho ba ba itseng sentle gore ba tlhoka Modimo mo botshelong jwa bone.

(Mathaio 5:7) “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 5:7 mo Baebeleng ya Study Edition

kutlwelobotlhoko: Baebele ga e dirise lefoko “kutlwelobotlhoko” fa e bua fela ka go itshwarela kgotsa go tlhomogela motho yo mongwe pelo. Gantsi Baebele e le dirisa fa e bua ka motho yo o utlwelang ba bangwe botlhoko mo a tlhotlheletsegang go tsaya kgato go ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang.

(Mathaio 5:9) “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 5:9 mo Baebeleng ya Study Edition

ba ba ratang kagiso: Ke batho ba ba sa rateng fela gore go nne le kagiso, fa e seyo, ba dira gore e nne gone.

w07 12/1 17

Ruta Ngwana wa Gago go Nna Kagiso

Batsadi ba Bakeresete ba kgatlhegela thata go thapisa bana ba bone gore ba ‘senke kagiso mme ba e latelele.’ (1 Petere 3:11) Go botlhokwa gore motho a tseye matsapa a go fenya maikutlo a dipelaelo, a go betwa ke pelo le a letlhoo ka gonne o tla felela a na le boitumelo jo bo bakwang ke go dira kagiso.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 4:9) Mme a mo raya a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 4:9 mo Baebeleng ya Study Edition

wa nkobamela: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go ‘obamela’ le dirisitswe fano go bontsha gore tiragalo eno e ne e fetile. Seno se bontsha gore ke sengwe se se diragetseng ka nako eo fela. Ka jalo, fa Diabolo a ne a raya Jesu a re a mo ‘obamele,’ o ne a sa reye gore Jesu a mo direle go ya go ile, go na le moo o ne a batla fela gore Jesu a khubame fa pele ga gagwe a bo a mo obamela gangwe fela.

(Mathaio 4:23) Go tswa foo a tsamayatsamaya mo Galalea yotlhe, a ruta mo disinagogeng tsa bone a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe mo bathong.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 4:23 mo Baebeleng ya Study Edition

a ruta . . . a rera: Go ruta ga go tshwane le go rera ka gonne motho yo o rutang ga a rere fela; o a laya, o a tlhalosa, o ntsha mabaka le bosupi.

JANUARY 15-21

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 6-7

“Nnang lo Batle Pele Bogosi”

(Mathaio 6:10) A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.

bh 169 ¶12

Atamela Modimo ka Thapelo

12 Dilo tse di amanang le Jehofa Modimo di tshwanetse go tla pele mo dithapelong tsa rona. Re na le mabaka a a utlwalang a go mmaka go tswa pelong le go mo lebogela dilo tsotlhe tse di molemo tse a re direlang tsone. (1 Ditiragalo 29:10-13) Mo thapelong ya sekao, e e kwadilweng mo go Mathaio 6:9-13, Jesu o ne a re ruta go rapelela gore leina la Modimo le itshepisiwe, ke go re, le tsewe le le boitshepo. Morago ga moo a re re rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Fa Jesu a sena go umaka dilo tse di botlhokwa tseno tse di amanang le Jehofa, ke gone jaanong a simololang go umaka mathata a botho. Ka tsela e e tshwanang, fa re dira gore Modimo a tle pele mo dithapelong tsa rona, re a bo re bontsha gore ga re tshwenyege fela ka dilo tse di re amang.

(Mathaio 6:24) “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 6:24 mo Baebeleng ya Study Edition

motlhanka: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le motlhanka le kaya motho yo o direlang mong a le mongwe. Fano Jesu o ne a tlhalosa gore Mokeresete a ka se ineela mo Modimong mme ka fa letlhakoreng le lengwe a bo a ineelela go batla dikhumo.

(Mathaio 6:33) “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 6:33 mo Baebeleng ya Study Edition

nnang lo batle: Lefoko leno la Segerika le kaya sengwe se motho a sa kgaotseng go se dira. Balatedi ba ga Jesu ba ne ba se kitla ba batla Bogosi ka nako eo fela mme go tswa foo ba bo ba ya go batla dilo tse dingwe. Go na le moo, Bogosi bo tshwanetse go tla pele mo botshelong jwa bone.

bogosi: Mekwalo mengwe ya bogologolo ya Segerika e ne e re ke “Bogosi Jwa Modimo.”

tshiamo: Ba ba batlang tshiamo ya Modimo ba ikemiseditse go dira thato ya gagwe le go tshela go ya ka melao ya gagwe. Jesu o ne a ruta se se farologaneng thata le se Bafarasai ba neng ba se ruta ka gonne ba ne ba leka go dira dilo go ya ka tsela e bone ba di batlang ka yone.—Mat 5:20.

ya gagwe: Ke Rraarona yo o kwa legodimong yo go buiwang ka ene mo go Mat 6:32.

w16.07 12 ¶18

Batlang Bogosi Mme e Seng Sepe se Sele

18 Bala Mathaio 6:33. Balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse gore ka dinako tsotlhe ba beye Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. Fa re dira jalo, jaaka Jesu a buile, ‘dilo tse dingwe tseno tsotlhe re tla di okelediwa.’ Ke eng fa a ne a rialo? O ne a bua jaana mo temaneng e e tlang pele ga eo: “Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe.” Jehofa o kgona go bona gore a re tlhoka dijo, diaparo le lefelo la bonno, tota le pele re itse gore re tla di tlhoka. (Bafil. 4:19) Jehofa o a itse gore ke seaparo sefe sa rona se se tlileng go onala. O itse dijo tse re tlhokang go di ja e bile o itse gore re tlhoka ntlo e e kana kang, a akanyetsa bogolo jwa lelapa la rona. Jehofa o tla tlhomamisa gore re nna le dilo tse tota re di tlhokang.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 7:12) “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang; tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti.

w14 5/15 14-15 ¶14-16

Dirisa Molao wa Sekagouta Fa o Le mo Bodireding

14 Akanya letsatsi lengwe o amogela mogala mme o sa itse gore ke mang yo o leditseng. Ke motho yo o sa mo itseng, mme o go botsa dipotso malebana le dijo tse o di ratang. O ipotsa gore motho yoo ke mang le gore tota o batla eng. Ka ntlha ya botho, gongwe o ka nna wa bua le ene go se kae, mme gone o ka nna wa mmontsha gore o batla go kgaotsa motlotlo wa lona. Ka fa letlhakoreng le lengwe, a re re motho yo o leditseng o go bolelela gore ke mang, o go bolelela gore o bereka kwa lefapheng la dijo tsa dikotla, mme o go bolelela gore o tshwere tshedimosetso e e mosola. O ka nna wa batla go mo reetsa. Tota e bile, re a itumela fa batho ba tlhamalala mme gone ba bua ka botlhale fa ba bua le rona. Re ka tshwara jang batho ba re kopanang le bone mo bodireding ka tsela e e ntseng jalo?

15 Mo mafelong a le mantsi, re tshwanetse go tlhalosetsa beng ba matlo lebaka la go bo re ba etetse. Gone ke boammaaruri gore re tshwere tshedimosetso e e mosola e mong wa ntlo a se nang yone, mme a re re ga re itlhalose sentle gore re bomang mme re simolola motlotlo wa rona ka go mmotsa potso e e reng: “Fa o ne o ka kgona go rarabolola bothata bongwe mo lefatsheng, ke bofe jo o neng o tla bo rarabolola?” Re a itse gore boikaelelo jwa potso eo ke go utlwa gore motho yoo o akanyang mme re bo re lebisa motlotlo wa rona mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, mong wa ntlo a ka nna a ipotsa gore: ‘Motho yono ke mang, mme ke ka ntlha yang a mpotsa potso eno? Tota o batla eng?’ Ka jalo, re tshwanetse go dira gore mong wa ntlo a wele makgwafo. (Bafil. 2:3, 4) Re ka dira seo jang?

16 Mokaulengwe mongwe yo e leng molebedi yo o etang o fitlhetse tsela e e latelang ya go simolola motlotlo e le molemo. Fa a sena go dumedisa, o naya mong wa ntlo pampitshana ya A o Ka Rata go Itse Boammaaruri? mme a bo a re: “Gompieno re naya mongwe le mongwe mo lefelong la lona pampitshana eno. E tlotla ka dipotso tse thataro tse batho ba le bantsi ba ipotsang tsone. Ya gago ke eno.” Mokaulengwe yono a re batho ba le bantsi ba wela makgwafo fa ba itse gore o tlile ka eng. Fa ba setse ba itse, gantsi go nna motlhofo go tswelela ka motlotlo. Go tswa foo, molebedi yo o etang o botsa motho jaana: “A o kile wa akanya ka nngwe ya dipotso tseno?” Fa mong wa ntlo a tlhopha potso, mokaulengwe yono o bula pampitshana eo a bo a tlotla ka se Baebele e se bolelang malebana le potso eo. Go seng jalo, mokaulengwe yoo o tlhopha potso a bo a tswelela ka motlotlo a sa dire gore mong wa ntlo a ikutlwe a tlhabiwa ke ditlhong. Gone ke boammaaruri gore go na le ditsela tse dintsi tsa go simolola motlotlo. Mo mafelong a mangwe, beng ba matlo ba lebeletse gore go latelwe ditlwaelo dingwe pele ga motho a bua gore o tlile ka eng. Sa botlhokwa ke gore re tshwanetse go fetofetola puisano ya rona gore batho ba amogele molaetsa wa rona.

(Mathaio 7:28, 29) Jaanong e rile Jesu a fetsa mafoko ano, phelelo ya nna gore boidiidi bo ne jwa tshwarwa ke kgakge ka ntlha ya tsela ya gagwe ya go ruta; 29 gonne o ne a ba ruta jaaka motho a na le taolo, e seng jaaka bakwadi ba bone.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 7:28, 29 mo Baebeleng ya Study Edition

tshwarwa ke kgakge: Lefoko la Segerika le le dirisitsweng fano le kaya “go gakgamala mo o feleletsang o se na mafoko.” Seno se bontsha gore batho ba ile ba gopola se Jesu a neng a ba bolelela sone.

tsela ya gagwe ya go ruta: Mafoko ano a kaya dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ruta fa a ne a le kwa Thabeng le tsela e a neng a ruta ka yone.

e seng jaaka bakwadi ba bone: Go farologanya le bakwadi ba ba neng ba tlwaetse go nopola mafoko a borabi ba ba tumileng, Jesu e ne e le mmueledi wa ga Jehofa e bile o ne a bua jaaka motho yo o nang le taolo, a bua dilo tse di mo Lefokong la Modimo.—Joh 7:16.

JANUARY 22-28

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 8-9

“Jesu O ne A Rata Batho”

(Mathaio 8:1-3) Fa a sena go fologa kwa thabeng boidiidi jo bogolo jwa mo sala morago. 2 Mme, bona! monna yo o nang le lepero a tla mme a obama fa pele ga gagwe, a re: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” 3 Ka jalo, ya re a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama, a re: “Ke a batla. Phepafadiwa.” Mme ka yone nako eo lepero la gagwe la tlosiwa.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 8:3 mo Baebeleng ya Study Edition

a mo ama: Molao o Modimo a neng a o neile Moshe o ne o re batho ba ba tshwerweng ke lepero ba ntshiwe mo gare ga batho gore ba se ka ba ba tshwaetsa. (Lef 13:45, 46; Dip 5:1-4) Mme baeteledipele ba Bajuda ba ne ba itsenyetsa melao e mengwe. Ka sekai, ba ne ba re fa motho a feta molepero, o ne a tshwanetse go tsamaela sekgala sa dimetara di le 1,8 mme fa go na le phefo, o ne a tshwanetse go tsamaela sekgala sa dimetara di ka nna 45. Seo se ne se dira gore batho ba nne setlhogo mo baleperong. Gatwe rabi mongwe o ne a iphitlhela molepero mme yo mongwe o ne a mo kolopa ka maje gore a se ka a mo atamela mme batho ba ne ba tsaya go dira jalo go itshiametse fela. Mme Jesu ene o ne a utlwela monna mongwe wa molepero botlhoko ka ntlha ya boemo jo a neng a le mo go jone mo a neng mo tshwara ka seatla. O ile a mo fodisa ka mo tshwara le fa gone a ne a kgona go mo fodisa fela ntle le go mo tshwara.—Mat 8:5-12.

Ke a batla: Jesu ga a ka a araba molepero yono fela mme o ile a mmontsha gore ruri o batla go mo thusa. Seno se bontsha gore Jesu o ne a sa mo thuse fela ka go ikgolola, go na le moo o ne a rata go mo thusa.

(Mathaio 9:9-13) Morago ga moo, ya re Jesu a feta a tswa koo, a tshogana ka a bona monna mongwe yo o bidiwang Mathaio a ntse fa ofising ya lekgetho, mme a mo raya a re: “Nna molatedi wa me.” Foo a ema mme a mo sala morago. 10 Moragonyana, ya re a ntse ka go sekama fa tafoleng mo ntlong, bona! bakgethisi ba le bantsi le baleofi ba tla mme ba simolola go nna ka go sekama le Jesu le barutwa ba gagwe. 11 E rile Bafarasai ba bona seno ba raya barutwa ba gagwe ba re: “Ke ka ntlha yang fa moruti wa lona aa ja le bakgethisi le baleofi?” 12 Ya re a ba utlwa, a re: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka. 13 Tsamayang, mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’ Gonne ke tletse go bitsa, e seng batho ba ba siameng, fa e se baleofi.”

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 9:10 mo Baebeleng ya Study Edition

sekama: Kgotsa “go sekama fa tafoleng.” Fa batho ba ntse ka go sekama mo tafoleng go bontsha gore ke ditsala tse di ntshanang seinong. Gantsi Bajuda ba nako ya ga Jesu ba ne ba se ke ba nna ka go sekama mo tafoleng kgotsa ba ja le motho yo e seng Mojuda.

bakgethisi: Bajuda ba le bantsi ba ne ba hirilwe ke balaodi ba Roma gore ba tseye lekgetho mo bathong. Batho ba ne ba tlhoile Bajuda bao ka gonne ba ne ba thusa puso e sele e bile ba ne ba batla lekgetho le le kwa godimo thata. Bajuda ba ne ba sa batle bakgethisi e bile ba ne ba ba tsaya fela jaaka baleofi le diaka.—Mat 11:19; 21:32.

(Mathaio 9:35-38) Mme Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe. 36 Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa. 37 Foo a raya barutwa ba gagwe a re: “Ee, thobo e kgolo, mme badiri ba babotlana. 38 Jalo, kopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 9:36 mo Baebeleng ya Study Edition

tlhomogela pelo: Lefoko la Segerika splag·khniʹzo·mai le le dirisitsweng mo temaneng eno le tsamaisana le lengwe la splagʹkhna le le ranolwang e le “mala.” Mafoko ano a bontsha maikutlo a a kwa tengteng. Ke lengwe la mafoko a Segerika a a dirisiwang thata go tlhalosa kutlwelobotlhoko.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 8:8-10) Fa modiredi wa masole a araba a re: “Rra, ga ke monna yo o tshwanelwang ke gore wena o tsene kafa tlase ga borulelo jwa me, bua lefoko fela mme motlhanka wa me o tla fola. 9 Gonne le nna ke motho yo o tlhomilweng kafa tlase ga taolo, yo ke nang le masole kafa tlase ga me, mme ke raya leno ke re, ‘Tsena mo tseleng!’ mme le tsena mo tseleng, mme le lengwe ke re, ‘Tla!’ mme le a tla, le motlhanka wa me ke re, ‘Dira seno!’ mme a se dire.” 10 Ya re Jesu a utlwa seo, a gakgamala mme a raya ba ba mo setseng morago a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, Ga ke ise ke bone tumelo e kgolo jaana mo go ope mo Iseraele.

w02 8/15 13 ¶16

“Ke Lo Tlhometse Sekao”

16 Ka tsela e e tshwanang, fa modiredi mongwe wa masole—yo gongwe e neng e le Moditšhaba, Moroma—a ne a tla fa go Jesu a bo a mo kopa gore a fodise motlhanka wa gagwe yo o neng a lwala, Jesu o ne a itse gore lesole leno le ne le na le diphoso. Mo metlheng eo modiredi wa masole o ne a ka nna a bo a dirile ditiro tse dintsi tsa thubakanyo, tsa tshololo ya madi le tsa kobamelo ya maaka mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go sengwe se se molemo—tumelo e kgolo ya monna yono. (Mathaio 8:5-13) Moragonyana, fa Jesu a ne a bua le modirabosula yo o neng a pegilwe mo koteng ya tlhokofatso fa thoko ga gagwe, ga a ka a kgalema monna yono ka ntlha ya ditiro tse a di dirileng tsa bokebekwa mme o ne a mo kgothatsa ka go mo naya tsholofelo ka isagwe. (Luke 23:43) Jesu o ne a itse sentle gore go leba batho ba bangwe ka tsela e e sa siamang le go ba nyatsa go ka ba kgoba marapo. Kwantle ga pelaelo maiteko a gagwe a go batla se se molemo mo bathong ba bangwe a ne a kgothaletsa ba le bantsi gore ba tokafatse seemo sa bone.

(Mathaio 9:16, 17) Ga go na ope yo o rokelelang sebata sa letsela le le sa gonegang mo seaparong sa kafa ntle se segologolo; gonne nonofo ya sone e e tletseng e ne e tla gagola seaparo sa kafa ntle mme fa go gagogileng teng go ne go tla nna maswe le go feta. 17 Le gone batho ga ba tshele beine e ntšha mo mehalong ya beine e megologolo; mme fa ba ka dira jalo, foo mehalo ya beine e a phanyega mme beine e bo e tshologa le mehalo ya beine e senyege. Mme batho ba tshela beine e ntšha mo mehalong e mesha ya beine, mme dilo tseo ka bobedi di a bolokiwa.”

jy-E 70 ¶6

Goreng Balatedi ba ga Jesu ba sa Itime Dijo?

Jesu o ne a leka go bontsha barutwa ba ga Johane Mokolobetsi gore balatedi ba gagwe ba ne ba sa tlhoke go patelediwa gore ba latele dingwao tsa bogologolo tsa Sejuda tse di jaaka go itima dijo. Jesu o ne a sa tla go tokafatsa tsela e Bajuda ba neng ba obamela Modimo ka yone ka gonne tsela eo e ne e tlile go fetolwa. O ne a sa kgothaletse batho gore ba obamele Modimo ba latela dithuto tsa Bajuda. O ne a sa tla go rokelela letsela le lesha mo go la kgale kgotsa go tsenya beine e ntšha mo mohalong wa kgale wa beine.

JANUARY 29–FEBRUARY 4

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | MATHAIO 10-11

“Jesu O ne A Lapolosa ba ba Imetsweng”

(Mathaio 10:29, 30) A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. 30 Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 10:29, 30 mo Baebeleng ya Study Edition

dithaga: Lefoko la Segerika strou·thiʹon le kaya mefuta yotlhe ya dinonyane tse dinnye mme gantsi le dirisiwa fa go buiwa ka dithaga, ka gonne di ne di le tlhwatlhwatlase go gaisa dinonyane tsotlhe tse di neng di rekisiwa.

ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase: Gape le bidiwa asarione mme motho o ne a le newa fa a berekile metsotso e le 45. (Bona Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, karolo 18.) Fa Jesu a ne a etetse kwa Galalea lekgetlo la boraro, o ne a re motho a ka kgona go reka dithaga tse pedi ka ledi leno. Nako nngwe fa a ne a ile go rera kwa Judea, o ne a re madi a tshipi a le mabedi a ne a ka reka dithaga di le tlhano. (Luk 12:6) Dipego tseno di re bontsha gore dithaga di ne di na le boleng jo bo kwa tlase mo fa o ne o di reka o neng o newa ya botlhano mahala.

meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe: Go dumelwa gore motho o na le meriri e feta 100 000 mo tlhogong. Fa Jehofa a itse ntlha e nnye thata jaana ka rona, seno se re tlhomamisetsa gore o amega tota ka Mokeresete mongwe le mongwe.

setshwantsho se se tlhagang fa thoko fa o tobetsa mo Mat 10:29, 30 Baebeleng ya Study Edition

Thaga

Dithaga di ne di le tlhwatlhwatlase thata fa di bapisiwa le dinonyane tse di neng di rekisiwa. Motho o ne a ka kgona go reka dithaga di le pedi ka ledi le a neng a le bereketse metsotso e le 45. Lefoko la Segerika le le tlhalosang dinonyane tseno le akaretsa mefuta yotlhe ya dinonyane tse dinnye tse di jaaka dithaga tse re a tleng re di boneng mo magaeng le mofuta mongwe wa dithaga tse di sa ntseng di le gone kwa Iseraele.

(Mathaio 11:28) Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa.

dintlha tse di tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 11:28 mo Baebeleng ya Study Edition

ba lo imelwang: Batho ba Jesu a neng a ba laletsa gore ba tle kwa go ene ba ne ba ‘imeditswe’ ke go tlhobaela thata. Go ne go le thata go obamela Jehofa ka gonne Bakwadi le Bafarasai ba ne ba ruta dingwao tse di neng di seyo mo Molaong wa ga Moshe. (Mat 23:4) Letsatsi le ba neng ba tshwanetse go ikhutsa ka lone la Sabata le lone e ile ya nna mokgweleo mo go bone.—Ek 23:12; Mar 2:23-28; Luk 6:1-11.

ke tla lo lapolosa: Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le go “lapolosa” le ka kaya go ikhutsa (Mat 26:45; Mar 6:31) le go emisa go dira tiro gore o nne le maatla gape (2Bak 7:13; Fil 7). Ditemana tse di dikologileng temana eno di bontsha gore go rwala “jokwe” ya ga Jesu (Mat 11:29) ga go reye go ikhutsa, go na le moo, go raya go dira. Lefoko leno le re naya kgopolo ya gore Jesu o lapolosa ba ba lapileng e bile o ba naya maatla gore ba eletse go batla go tsaya jokwe ya gagwe e e motlhofo.

(Mathaio 11:29, 30) Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. 30 Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.”

ntlha e e tlhagang fa thoko fa o tobetsa Mat 11:29 mo Baebeleng ya Study Edition

Rwalang jokwe ya me: Jesu o ne a dirisa “jokwe” ka tsela ya tshwantshetso go bontsha go ikobela taolo le kaelo. Fa e le gore Jesu o ne a bua ka jokwe e Modimo a neng a mo neileng yone, seo se raya gore o ne a laletsa barutwa ba gagwe gore ba mo thuse go sikara jokwe eo mme o tla ba thusa. Fa e le gore Jesu o ne a raya jalo, mafoko ano a tshwanetse go balega jaana: “Tlang lo sikare jokwe ya me le nna.” Fa e le gore jokwe e Jesu a buang ka yone ke e ene ka boene a dirang gore batho ba e sikare, seo re raya gore temana eno ya re re ikobele taelo ya ga Jesu e re ka re le balatedi ba gagwe.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

(Mathaio 11:2, 3) Mme Johane, ka a ne a utlwile a le mo kgolegelong kaga ditiro tsa ga Keresete, a romela ka barutwa ba gagwe 3 mme a mo raya a re: “A o Yo O Tlang, kgotsa a re tshwanetse go lebelela o sele?”

jy-E 96 ¶2-3

Johane o Batla Gore Jesu a mo Tlhomamisetse Sengwe

Potso eno ya ga Johane e ka bonala e gakgamatsa ka gonne dingwaga tse pedi pelenyana fa a ne a kolobetsa Jesu, o ne a bona moya wa Modimo o fologela mo go Jesu e bile o ne a utlwa lentswe la Modimo a bua gore o amogela Jesu. Potso eno ga e bontshe gore Johane o ne a sa tlhole a dumela mo Modimong ka gonne Jesu o ka bo a sa bua bontle jaana ka ene jaaka go tlhalosiwa mo ditemaneng tse dingwe. Ka jalo, fa e le gore Johane ga a belaele, goreng a botsa Jesu potso eno?

Gongwe Johane o ne a batla gore Jesu a mo tlhomamisetse gore ke ene Mesia. Seo se ne se tla mo kgothatsa e re ka a ne a le mo kgolegelong ka nako eo. Gongwe o ne a botsa potso eno a akantse ka sengwe. Johane o ne a itse boporofeti jo bo bontshang gore Motlodiwa wa Modimo e ne e tla nna kgosi e bile o ne a tla boloka batho. Mme Johane o ile a tsenngwa mo kgolegelong dikgwedi morago ga gore Jesu a kolobediwe. Ka jalo, Johane o ne a batla go itse gore a go na le mongwe yo o tla tlang morago ga ga Jesu, yo o neng a tla dira dilo tsotlhe tse boporofeti bo neng bo re Mesia o tla di dira.

(Mathaio 11:16-19) “Ke tla bapisa kokomana eno le mang? E tshwana le bana ba babotlana ba ba ntseng mo marekisetsong ba ba goang dithaka tsa bone, 17 ba re, ‘Re ne ra lo leletsa folutu, mme lo ne lwa se ka lwa bina; re ne ra lela, mme lo ne lwa se ka lwa ititaya ka go hutsafala.’ 18 Ka tsela e e tshwanang, Johane o ne a tla a sa je le fa e le go nwa, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘O na le ledimona’; 19 Morwa motho ruri o ne a tla a ja e bile a nwa, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘Bonang! Monna yo o jang bobe le yo o lemaletseng go nwa beine, tsala ya bakgethisi le baleofi.’ Le fa go ntse jalo, botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.”

jy-E 98 ¶1-2

Go Latlhega Kokomana E e Sa Batleng go Reetsa

Jesu o ne a tlotla Johane Mokolobetsi mme batho ba bangwe bone ba ne ba mo leba jang? Jesu a re: “Ke tla bapisa kokomana eno le mang? E tshwana le bana ba babotlana ba ba ntseng mo marekisetsong ba ba goang dithaka tsa bone, ba re, ‘Re ne ra lo leletsa folutu, mme lo ne lwa se ka lwa bina; re ne ra lela, mme lo ne lwa se ka lwa ititaya ka go hutsafala.’”—Mathaio 11:16, 17.

Jesu o ne a raya jang? O ne a tlhalosa jaana: “Johane o ne a tla a sa je le fa e le go nwa, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘O na le ledimona’; Morwa motho ruri o ne a tla a ja e bile a nwa, le fa go ntse jalo batho ba re, ‘Bonang! Monna yo o jang bobe le yo o lemaletseng go nwa beine, tsala ya bakgethisi le baleofi.’” (Mathaio 11:18, 19) Johane e ne e le Monasirite yo o neng a tshela botshelo jo bo motlhofo e bile a sa nwe beine, mme gone kokomane eo e ne e re o na le ledimona. (Dipalo 6:2, 3; Luke 1:15) Jesu ene o ne a ja e bile a nwa ka tekatekano. Mme gone, batho ba ne ba mo latofatsa ka gore o feteletsa dilo. Go bonala batho ba ne ba ngongoregela sengwe le sengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela