Re Tlhoka go Baakanyetsa Gore re Nne le Botswerere Jwa go Ruta
Jesu o ne a bodiwa potso e le nngwe makgetlo a le mabedi malebana le botshelo jo bo sa khutleng mme nako le nako o ne a araba potso eo a akantse ka maemo a motho yo o neng a mo e botsa. (Luke 10:25-28; 18:18-20) Ka jalo, le fa re itse dintlha tsa setlhogo se re tlileng go ithuta sone, re tshwanetse go se baakanyetsa go sa le gale re akantse ka moithuti wa rona. Ke dintlha dife tse go tla nnang thata gore a di tlhaloganye kgotsa go di dumela? Ke ditemana dife tse re tla di balang? Re tshwanetse go ithuta dirapa di le kae? Re ka nna ra tshwanelwa ke go baakanyetsa setshwantsho, tlhaloso kgotsa dipotso di le mmalwa gore re kgone go thusa moithuti go tlhaloganya se re mo rutang sone. E re ka Jehofa e le ene a godisang peo ya boammaaruri mo pelong ya motho, re tshwanetse go rapela pele re baakanyetsa re mo kope gore a thuse moithuti wa rona le go segofatsa maiteko a re a dirang go mo thusa go itse Modimo.—1 Bakor. 3:6; Jak. 1:5.