Ba ne Ba Dira go Rata ga ga Jehofa
Monna yo Mogolo Thata o Dira Tiro e e Nyatsegang
JESU o ne a itse gore nako ya gagwe ya bofelo le baaposetoloi ba gagwe e ne e tla nna botlhokwa thata. O ne a tla tloga a tshwarwa, mme tumelo ya gagwe e ne e tlile go lekwa ga gaisa le fa e le leng pele. Mme gape Jesu o ne a itse gore o letetswe ke masego a magolo thata. Go ise go ye kae o ne a tla tlhatlosediwa kwa letsogong la moja la Modimo le go newa “leina le le kwa godimo ga leina lengwe le lengwe le sele, e le gore ka leina la ga Jesu lengole lengwe le lengwe le tle le obame la ba ba kwa legodimong le ba ba mo lefatsheng le ba ba kafa tlase ga lefatshe.”—Bafilipi 2:9, 10.
Le fa go ntse jalo, go tlhobaela ga ga Jesu ka loso lo lo neng lo mo atamela kana go tlhoafalela tuelo eo e a neng a e solofeditswe ga go a ka ga mo dira gore a tlhokomologe dilo tse baaposetoloi ba gagwe ba neng ba di tlhoka. O ne “a ba rata go ya bokhutlong,” moragonyana Johane o ile a bega jalo mo Efangeleng ya gagwe. (Johane 13:1) Mme Jesu o ne a ruta baaposetoloi ba gagwe thuto e e molemo thata mo nakong eo ya gagwe ya bofelo e e botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe e le motho yo o itekanetseng.
Thuto Kaga Boikokobetso
Baaposetoloi ba ne ba na le Jesu mo phaposing e e kwa godimo kwa Jerusalema ba tlile go keteka Tlolaganyo. Pelenyana ga foo, Jesu o ile a ba utlwa ba ngangisana ka ga gore ke mang yo o neng a le mogolo mo go bone. (Mathaio 18:1; Mareko 9:33, 34) O ne a kile a bua le bone ka kgang eno e bile a kile a leka go ba thusa go baakanya tsela ya bone ya go akanya. (Luke 9:46) Le fa go ntse jalo, jaanong Jesu o ne a gatelela dithuto tseo a dirisa tsela e sele. O ile a tlhopha gore a se ka a bua fela le bone kaga boikokobetso mme a ba bontshe jone.
Johane a re, Jesu “a tlogela dijo tsa maitseboa mme a beela kwa thoko diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle. Mme, a tsaya seiphimolo, a ikgatlha. Morago ga moo a tshela metsi mo mogotšwaneng mme a simolola go tlhapisa dinao tsa barutwa le go di phimola ka seiphimolo se a neng a ikgatlhile ka sone.”—Johane 13:4, 5.
Ka ntlha ya maemo a bosa a a mogote a naga ya bogologolo ya Botlhabagare, batho ba ne ba rwala bomphaatšhane fa ba ralala ditsela tsa teng tse di lerole. Fa ba tsena mo ntlong ya motho yo e seng wa maemo, mong wa teng o ne a ba dumedisa a bo a ba naya mogotswana le metsi gore ba tlhape dinao. Mo magaeng a bahumi, tiro eo ya go tlhapisa dinao e ne e dirwa ke lekgoba.—Baatlhodi 19:21; 1 Samuele 25:40-42.
Mo phaposing eo e e kwa godimo, Jesu le baaposetoloi ba gagwe e ne e se baeng ba ga ope. Go ne go se na mongwantlo yo o neng a ka ba naya mogotswana e bile go ne go sena lekgoba le le neng le tla ba tlhapisa dinao. Fa Jesu a tlhapisa baaposetoloi dinao, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong. Ke fano Motho yono yo mogolo go ba gaisa botlhe o dira tiro e e nyatsegang thata!
Kwa tshimologong, Petere o ne a gana go letla Jesu a mo tlhapisa dinao. Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Fa ke sa go tlhapise, ga o na karolo epe le nna.” Fa Jesu a sena go wetsa go tlhapisa baaposetoloi botlhe dinao, o ne a re: “A lo itse se ke se dirileng mo go lona? Lo mpitsa, ‘Moruti,’ le, ‘Morena,’ mme lo bua sentle, gonne ke ene. Jalo, fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao. Gonne ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.”—Johane 13:6-15.
Jesu o ne a sa tlhome ngwao ya go tlhapisana dinao. Go na le moo, o ne a thusa baaposetoloi ba gagwe go nna le tsela e ntšha ya go akanya—go nna boikokobetso le go iketleeletsa go direla bakaulengwe ba bone ditiro tse di nyatsegang. Go bonala ba ile ba tlhaloganya thuto eo. Akanya ka se se ileng sa direga dingwaga di sekae moragonyana fa go ne go tsoga kgang kaga go rupa. Le fa gone go ile ga “nna le kganetsano e kgolo,” batho ba ba neng ba le gone ba ile ba dira dilo ka thulaganyo mme ba reetsana ka tlotlo fa ba bangwe ba tlhagisa megopolo ya bone. Mo godimo ga moo, go bonala fa yo o neng a okametse kokoano eo e ne e le morutwa Jakobe—e seng mongwe wa baaposetoloi jaaka fa motho a ne a ka solofela e re ka ba ne ba le gone. Tiragalo eno e e tlhagang mo pegong ya Ditiro e bontsha gore baaposetoloi ba ile ba tokafatsa dilo thata mo kgannyeng ya go nna boikokobetso.—Ditiro 15:6-29.
Thuto mo go Rona
Ka go tlhapisa dinao tsa barutwa ba gagwe, Jesu o ne a re ruta thuto e e molemo thata kaga boikokobetso. Ee, Bakeresete ga ba a tshwanela go akanya gore ba botlhokwa thata go feta batho ba bangwe mo ba ka batlang gore batho ba bangwe ba age ba ba direla, e bile ga ba a tshwanela go rata maemo le go rata go tlotlwa. Go na le moo, ba tshwanetse go latela sekao se ba se tlhometsweng ke Jesu, yo o neng “a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28) Ee, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go iketleeletsa go direla ba bangwe ditiro tse di tsewang di nyatsega.
Ke ka lebaka le le utlwalang go bo Petere a ile a kwala jaana: “Ikgatlheng ka kgobalalo ya mogopolo mongwe go yo mongwe, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ikgatlhe,” le tserwe mo lefokong le le kayang “khiba ya lekgoba,” e kafa tlase ga yone le neng le gatlha seaparo sengwe. A Petere a ka tswa a ne a akantse ka tiragalo ya fa Jesu a ne a ikgatlha ka seiphimolo le go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao? Ga re itse sentle. Le fa go ntse jalo, tiro eo ya boikokobetso e Jesu a neng a e dira e ne ya ama pelo ya ga Petere thata jaana mo a neng a ka se ka a tlhola a e lebala, mme go tshwanetse ga nna jalo le ka balatedi botlhe ba ga Keresete.—Bakolosa 3:12-14.