Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi
DECEMBER 3-9
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 9-11
“Mmogisi yo o Setlhogo o Nna Mosupi yo o Tlhoafetseng”
(Ditiro 9:1, 2) Mme Saulo, ka a ne a sa ntse a hema go tshosetsa le go bolaya barutwa ba Morena, a ya kwa moperesiting yo mogolo 2 mme a mo kopa makwalo a a yang kwa disinagogeng kwa Damaseko, gore a tle a tlise mo Jerusalema le fa e le mang wa Tsela a bofilwe yo a neng a mmona, banna mmogo le basadi.
Phuthego E ne “Ya Tsena mo Lobakeng Lwa Kagiso”
BANNA ba ba shakgetseng ba atamela Damaseko, kwa ba ikaeletseng go dira sengwe se se bosula gone. Ba tlile go ntsha barutwa ba ba tlhoilweng ba ga Jesu ka dikgoka mo magaeng a bone, ba ba bofe, ba ba tlhabise ditlhong mme ba ba ise kwa Jerusalema gore ba ye go otlhaiwa ke Sanehederine.
2 Moeteledipele wa segopa seo, e bong Saulo, o setse a na le molato wa madi. O sa tswa go leba fela a sa dire sepe fa banna bangwe ba ba tlhagafaletseng Sejuda jaaka ene ba kgobotletsa morutwa yo o ineetseng wa ga Jesu e bong Setefane ka maje go fitlha a swa. (Dit. 7:57–8:1) E re ka Saulo a ne a sa kgotsofalele go bogisa fela balatedi ba ga Jesu ba ba nnang mo Jerusalema, o nna jaaka serumola se nako nngwe le nngwe se neng se ka anamisa malakabe a molelo wa pogiso. O batla go nyeletsa lekoko le le kotsi le le bidiwang “Tsela.”—Dit. 9:1, 2; bona lebokose le le reng, “Tetla e Saulo a Neng a e Neilwe Kwa Damaseko,” mo go tsebe 61.
(Ditiro 9:15, 16) Mme Morena a mo raya a re: “Tsamaya, ka gonne monna yono ke sejana se se tlhophilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele. 16 Gonne ke tla mmontsha ka tlhamalalo gore ke dilo di le dintsi jang tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me.”
Anaanela Mmopi wa Rona wa Letsopa—Jehofa
4 Jehofa ga a lebe batho ka tsela e re ba lebang ka yone. O tlhatlhoba dipelo e bile o bona se tota re leng sone. (Bala 1 Samuele 16:7b.) Jehofa o ne a bontsha seo fa a ne a tlhoma phuthego ya Bokeresete. O ne a gogela batho ba ba neng ba tsewa e se ba sepe mme a ba tlisa mo go ene le mo go Morwawe. (Johane 6:44) Ka sekai, mongwe wa batho bao e ne le Mofarasai mongwe yo o bidiwang Saulo yo e neng e le “motlhapatsi le mmogisi le motho yo o se nang maitseo.” (1 Timotheo 1:13) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhatlhoba pelo ya ga Saulo mme a bona gore Saulo e ne e se letsopa le le se nang molemo wa sepe. (Diane 17:3) Go na le moo, o ne a ka kgona go bopiwa gore e nne “sejana se se tlhophilweng” gore a ye go rera “kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele.” (Ditiro 9:15) Gape Jehofa o ne a tlhopha batho ba pele e neng e le matagwa, ba ba neng ba itshwere ka tsela e e sa siamang le magodu gore a ba bope go nna matsopa a “tiriso e e tlotlegang.” (Baroma 9:21; 1 Bakorintha 6:9-11) Fa ba ntse ba ithuta Baebele, tumelo ya bone mo go Jehofa e ile ya nonofa mme ba letla Jehofa gore a ba bope.
(Ditiro 9:20-22) mme ka yone nako eo a simolola go rera Jesu mo disinagogeng, gore Yono ke Morwa Modimo. 21 Mme botlhe ba ba mo utlwang ba akabala mme ba re: “A yono ga se monna yo o neng a senya ba ba kwa Jerusalema ba ba bitsang leina leno, le yo o neng a tletse jone boikaelelo jono fano, gore a tle a ba ise ba bofilwe kwa baperesiting ba bagolo?” 22 Mme Saulo a nna a bona maatla le go feta e bile o ne a akabatsa Bajuda ba ba neng ba nna mo Damaseko ka a ne a supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.
Phuthego E ne “Ya Tsena mo Lobakeng Lwa Kagiso”
15 A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo kafa boidiidi jwa batho bo tshwanetseng jwa bo bo ne bo gakgametse ka gone, bo tshogile e bile bo galefile thata fa bo bona Saulo a simolola go rera ka Jesu mo disinagogeng? Ba ne ba botsa jaana: “A yono ga se monna yo o neng a senya ba ba kwa Jerusalema ba ba bitsang leina leno?” (Dit. 9:21) Fa Saulo a ne a tlhalosa lebaka la go bo a fetotse tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka Jesu, o ne a “supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.” (Dit. 9:22) Mme mabaka a a neng a ba naya one a ne a se kitla a kgona go ba tlhatswa pelo botlhe. O ne a se kitla a kgona go fetola megopolo ya batho bano ba ba ratang dingwao kgotsa ba ba ikgogomosang. Mme gone, Saulo ga a ka a ineela.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 9:4) mme a wela fa fatshe a ba a utlwa lentswe le mo raya le re: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang?”
Phuthego E ne “Ya Tsena mo Lobakeng Lwa Kagiso”
5 Fa Jesu a ne a emisa Saulo mo tseleng e e yang Damaseko, ga a ka a mmotsa gore: “Ke ka ntlha yang fa o bogisa barutwa ba me?” Jaaka go bontshitswe fa godimo, o ne a re: “O mpogisetsang?” (Dit. 9:4) Ee, Jesu o utlwa botlhoko jo balatedi ba gagwe ba bo utlwang fa ba lebane le diteko.—Math. 25:34-40, 45.
6 Fa e le gore o a bogisiwa ka ntlha ya go bo o dumela mo go Keresete, tlhomamisega gore Jehofa le Jesu ba tlhaloganya seemo se o leng mo go sone. (Math. 10:22, 28-31) Jehofa a ka nna a se ka a tlosa teko eo gone jaanong. Se lebale gore, Jesu o ne a bona seabe se Saulo a neng a nna le sone fa Setefane a ne a bolawa, mme o ne a mmona le fa a ne a gogagoga barutwa ba ba ikanyegang mo matlong a bone kwa Jerusalema. (Dit. 8:3) Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a tsereganya ka yone nako eo. Mme gone, Jehofa o ne a dirisa Jesu go naya Setefane le barutwa ba bangwe nonofo e ba neng ba e tlhoka gore ba nne ba ikanyega.
(Ditiro 10:6) Monna yono o amogetswe jaaka moeng kwa ga Simone mongwe, mosugi wa matlalo, yo o nang le ntlo go bapa le lewatle.”
ntlha e e mo go Dit 10:6 mo nwtsty
Simone mongwe, mosugi wa matlalo: Mosugi wa matlalo o ne a dirisa motswako o o dirilweng ka kalaka go ntsha maboa le mafura mo matlalong a diphologolo. Kalaka eo e ne e tswa mo matlapeng mangwe, dikgapetla kgotsa marapo. Go tswa foo, o ne a dirisa khemikale e e bogale go dira gore letlalo leo le kgone go dirisediwa dilo tse dingwe. Go suga matlalo go ne go nkga bosula tota e bile go ne go tlhoka metsi a mantsi, ke ka moo Simone a neng a nna go bapa le lewatle, kwantle ga motse wa Jopa. Molao wa ga Moshe o ne o tlhalosa gore motho yo o berekang ka diphologolo tse di suleng o ne a itshekologile. (Lef 5:2; 11:39) Seno se ne se dira gore Bajuda ba ba nyatse e bile ba se ka ba batla go nna le bone. Moragonyana, buka e e tlhalosang melao ya Bajuda e ne ya re mmereko wa go suga matlalo ke wa maemo a a kwa tlase tota go feta wa motho yo o selang boloko. Le fa go ntse jalo, Petere ga a ka letla gore dilo tseo di dire gore a tlhaole Simone le gore a se ka a nna le ene kwa ga gagwe. Seno se ne sa mo thusa gore a kgone go etela batho ba e seng Bajuda ba Jehofa a neng a re a ye kwa go bone. Baithuti bangwe ba re lefoko la Segerika byr·seusʹ le le kayang “mosugi wa matlalo” ke sefane sa ga Simone.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 9:10-22) Mo Damaseko go ne go na le morutwa mongwe yo o neng a bidiwa Ananiase, mme Morena a mo raya mo ponatshegelong a re: “Ananiase!” A re: “Ke fano, Morena.” 11 Morena a mo raya a re: “Nanoga, ya kwa mmileng o o bidiwang Tlhamalalo, mme kwa ntlong ya ga Judase o batle monna yo o bidiwang Saulo, yo o tswang kwa Tareso. Gonne, bona! o a rapela, 12 mme mo ponatshegelong o bone monna yo o bidiwang Ananiase a tsena a ba a mmaya diatla gore a tle a kgone go bona gape.” 13 Mme Ananiase a araba a re: “Morena, ke utlwile mo go ba le bantsi kaga monna yono, gore ke dilo tse di kana kang tse di utlwisang botlhoko tse a neng a di dira baitshepi ba gago kwa Jerusalema. 14 Mme ke yo o na le taolo e e tswang kwa baperesiting ba bagolo ya go golega botlhe ba ba bitsang leina la gago.” 15 Mme Morena a mo raya a re: “Tsamaya, ka gonne monna yono ke sejana se se tlhophilweng mo go nna gore a sikarele leina la me kwa ditšhabeng mmogo le kwa dikgosing le kwa go bomorwa Iseraele. 16 Gonne ke tla mmontsha ka tlhamalalo gore ke dilo di le dintsi jang tse a tshwanetseng go di boga ka ntlha ya leina la me.” 17 Jalo Ananiase a tswa a tsamaya mme a tsena mo ntlong, a mmaya diatla a ba a re: “Saulo, mokaulengwe, Morena, ene Jesu yo o neng a bonala kwa go wena mo tseleng e o neng o tla ka yone, o nthomile, gore o kgone go bona gape o bo o tladiwe ka moya o o boitshepo.” 18 Mme ka yone nako eo ga wa mo matlhong a gagwe se se lebegang jaaka makape, mme a kgona go bona gape; mme a nanoga a kolobediwa, 19 a ja dijo mme a bona nonofo.O ne a nna malatsinyana le barutwa mo Damaseko, 20 mme ka yone nako eo a simolola go rera Jesu mo disinagogeng, gore Yono ke Morwa Modimo. 21 Mme botlhe ba ba mo utlwang ba akabala mme ba re: “A yono ga se monna yo o neng a senya ba ba kwa Jerusalema ba ba bitsang leina leno, le yo o neng a tletse jone boikaelelo jono fano, gore a tle a ba ise ba bofilwe kwa baperesiting ba bagolo?” 22 Mme Saulo a nna a bona maatla le go feta e bile o ne a akabatsa Bajuda ba ba neng ba nna mo Damaseko ka a ne a supa ka tsela e e utlwalang sentle gore yono ke Keresete.
DECEMBER 10-16
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 12-14
“Barenabase le Paulo ba Dira Barutwa Kwa Mafelong a a Kgakala”
(Ditiro 13:2, 3) Fa ba ne ba direla Jehofa phatlalatsa e bile ba itima dijo, moya o o boitshepo wa re: “Mo bathong botlhe ntomololelang Barenabase le Saulo gore ba dire tiro e ke ba e bileditseng.” 3 Go tswa foo ba itima dijo mme ba rapela ba bo ba ba baya diatla mme ba ba lesa ba tsamaya.
“Ba Tlala Boipelo le Moya o o Boitshepo”
4 Mme gone, ke eng fa moya o o boitshepo o ile wa laela gore Barenabase le Saulo e nne bone ba tlhophiwang “gore ba dire tiro”? (Dit. 13:2) Baebele ga e re bolelele lebaka la seo. Re a itse gore moya o o boitshepo ke one o neng wa kaela gore banna bao ba tlhophiwe. E bile ga go lebege baporofeti le barutisi ba bangwe ba kwa Antioka ba ne ba le kgatlhanong le tshwetso eo. Go na le moo, ba ne ba e ema nokeng ka botlalo. Akanya fela kafa Barenabase le Saulo ba tshwanetseng ba bo ba ile ba ikutlwa ka gone fa bakaulengwe ba bone ba semoya ba sa ba fufegele, go na le moo “ba itima dijo mme ba rapela ba bo ba ba baya diatla mme ba ba lesa ba tsamaya.” (Dit. 13:3) Le rona re tshwanetse go ema nokeng batho ba ba newang ditshiamelo tsa tirelo, go akaretsa le banna ba ba tlhomiwang go nna balebedi ba phuthego. Go na le gore re ba fufegele, re tshwanetse go ba ‘tlotla ka tsela e e fetang e e tlwaelegileng ka lorato ka ntlha ya tiro ya bone.’—1 Bathes. 5:13.
(Ditiro 13:12) Go tswa foo molaodi wa kgaolo ya puso, e rile a bona se se neng se diragetse, a nna modumedi, ka a ne a tshwerwe ke kgakge ka ntlha ya thuto ya ga Jehofa.
(Ditiro 13:48) E rile ba ditšhaba ba utlwa seno, ba simolola go ipela le go galaletsa lefoko la ga Jehofa, mme botlhe ba ba neng ba na le tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ba nna badumedi.
(Ditiro 14:1) Jaanong kwa Ikonio ba tsena mmogo mo sinagogeng ya Bajuda mme ba bua mo Bajuda le Bagerika ba le bantsi thata ba neng ba nna badumedi.
Ba ne “Ba bua ka Bopelokgale ka Taolo ya ga Jehofa”
5 Paulo le Barenabase ba ne ba ya pele kwa Ikonio, lefelo le batho ba lone ba neng ba rata thata dingwao tsa Segerika e bile e le mongwe wa metse e e botlhokwa thata mo porofenseng ya Roma ya Galatia. Bajuda ba ba tlotlegang le basokologi ba le bantsi ba e seng Bajuda ba ne ba nna mo motseng ono. Paulo le Barenabase ba ne ba tsena mo sinagogeng jaaka ba ne ba tlwaetse go dira, mme ba simolola go rera. (Dit. 13:5, 14) Ba ne “ba bua mo Bajuda le Bagerika ba le bantsi thata ba neng ba nna badumedi.”—Dit. 14:1.
(Ditiro 14:21, 22) Mme fa a sena go bolelela motse oo dikgang tse di molemo le go dira barutwa ba le bantsi thata, ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka, 22 ba nonotsha meya ya barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong ba re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.”
Direla Modimo ka Boikanyegi Le fa Go na Le “Dipitlagano di le Dintsi”
4 Fa Paulo le Barenabase ba sena go etela kwa Derebe, ba ne “ba boela kwa Lisetera le kwa Ikonio le kwa Antioka. Ba nonotsha meya ya barutwa, ba ba kgothaletsa gore ba nnele ruri mo tumelong ba re: ‘Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.’” (Dit. 14:21, 22) Kwa tshimologong, mafoko ano a ka utlwala a gakgamatsa. Aitsane, go itse gore o tla lebana le “dipitlagano di le dintsi” go ka go ngomola pelo, go na le go go kgothatsa. Mme go tla jang gore Paulo le Barenabase ba ‘nonotshe barutwa’ ka molaetsa o o buang ka dipitlagano di le dintsi?
5 Re ka bona karabo fa re sekaseka mafoko a ga Paulo ka kelotlhoko. Ga a ka a re fela: “Re tshwanetse go itshokela dipitlagano di le dintsi.” Go na le moo, o ne a re: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” Ka jalo, Paulo o ne a nonotsha barutwa ka go gatelela diphelelo tse di molemo tsa go nna o ikanyega. Seo e ne e se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Tota e bile, Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Math. 10:22.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 12:21-23) Mme mo letsatsing le le tlhomilweng Herode a apara diaparo tsa segosi mme a nna mo setulong sa katlholo a ba a simolola go ba neela puo ya phatlalatsa. 22 Mme batho ba ba kopaneng ba simolola go goa ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho!” 23 Ka ponyo ya leitlho moengele wa ga Jehofa a mo itaya, ka gonne o ne a se ka a naya Modimo kgalalelo; a jewa ke diboko mme a swa.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro
12:21-23; 14:14-18. Herode o ne a itlhaganelela go amogela kgalalelo e e tshwanetseng ya newa Modimo fela. A bo seo se ne se farologane jang ne le tsela e Paulo le Barenabase ba neng ba gana ka bonako ka yone e bile ba sa batle go ineela, fa ba newa pako le tlotlo e e sa ba tshwanelang! Ga re a tshwanela go batla go galalediwa ka ntlha ya dilo dipe fela tse re ka di dirang mo tirelong ya ga Jehofa.
(Ditiro 13:9) Saulo, yo gape e leng Paulo, ya re a tlala moya o o boitshepo, a mo tlhoma matlho
ntlha e e mo go Dit 13:9 mo nwtsty
Saulo, yo gape e leng Paulo: Go tloga mo temaneng eno, Saulo o simolola go bidiwa Paulo. Moaposetoloi yono o tshotswe e le Mohebera mme e le moagi wa Roma. (Dit 22:27, 28; Baf 3:5) Ka jalo, fa a ne a le monnye, a ka tswa a ne a na le leina la Sehebera e leng Saulo le la Seroma e leng Paulo. Ka nako eo, go ne go tlwaelegile gore Bajuda ba nne le maina a mabedi, segolobogolo ba ba neng ba nna kwa ntle ga Iseraele. (Dit 12:12; 13:1) Masika mangwe a ga Paulo le one a ne a na le maina a Seroma le a Segerika. (Bar 16:7, 21) E re ka Paulo e ne e le “moaposetoloi mo ditšhabeng,” o ne a neilwe kabelo ya go rerela batho ba e seng Bajuda dikgang tse di molemo. (Bar 11:13) O ne a tlhopha go dirisa leina la gagwe la Seroma ka gonne a akanya gore ke lone le batho ba neng ba tla mo amogela ka lone. (Dit 9:15; Bag 2:7, 8) Bangwe ba akanya gore o ile a dirisa leina leno la Seroma e le go tlotla Seregio Paulose, mme seno ga se boammaaruri ka gonne Paulo o ile a tswelela a dirisa leina leno morago ga go tswa kwa Kupero. Ba bangwe ba akanya gore Paulo ga a ka a dirisa leina la Sehebera ka gonne tsela e le bidiwang ka yone e utlwala jaaka lefoko la Segerika le le kayang motho (kgotsa phologolo) yo o tsamayang ka tsela e e bontshang gore o a ikgogomosa.
Paulo: Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika mo Baebeleng ya Setswana, leina la Selatine e leng Paulus, le le kayang “sengwe se sennye,” le dirisitswe makgetlo a le 181 fa go buiwa ka moaposetoloi Paulo, mme fa go buiwa ka molaodi wa kgaolo ya puso ya Kupero e bong Seregio Paulose, le dirisitswe gangwe fela.—Dit 13:7.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 12:1-17) Mo e ka nnang ka yone nako eo Herode kgosi a semelela diatla go tshwara bangwe ba phuthego makgwakgwa. 2 O ne a bolaya Jakobe morwarraagwe Johane ka tšhaka. 3 Ya re a bona gore go ne go itumedisa Bajuda, a tswelela pele go tshwara le Petere. (Kafa go neng go ntse ka gone, ao e ne e le malatsi a dikuku tse di sa bedisiwang.) 4 Mme ya re a mo tshwara, a mo tsenya mo kgolegelong, a mo neela gore a fapaanelwe ganè ke masole a le manè gore lengwe le lengwe le mo dise, ka a ne a ikaeletse go mo ntshetsa batho morago ga tlolaganyo. 5 Ka gone Petere o ne a bewa mo kgolegelong; mme phuthego e ne e tswelela e mo rapelela mo Modimong ka tlhoafalo. 6 Jaanong fa Herode a ne a tloga a mo ntsha, mo bosigong joo Petere o ne a robetse a golegilwe ka dikeetane di le pedi a le fa gare ga masole a mabedi, mme fa pele ga setswalo badisa ba ne ba disitse kgolegelo. 7 Mme, bona! moengele wa ga Jehofa a ema fa gaufi, mme lesedi la phatsima mo phaposaneng ya kgolegelo. Ya re a itaya Petere mo letlhakoreng, a mo tsosa, a re: “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa gagwe tsa wa mo diatleng tsa gagwe. 8 Moengele a mo raya a re: “Ikgatlhe o bo o bofe bompaatšhane ba gago.” A dira jalo. La bofelo a mo raya a re: “Apara seaparo sa gago sa kafa ntle mme o nne o ntshale morago.” 9 Mme a tswa a ba a nna a mo sala morago, o ne a sa itse gore se se neng se diragala ka moengele e ne e le sa mmatota. Tota e bile, o ne a tsaya gore o ne a bona ponatshegelo. 10 Ya re ba feta fa modiseng wa ntlha yo e leng lesole le wa bobedi ba fitlha fa setswalong sa tshipi se se tswelang mo motseng, mme sone sa ba bulegela ka bosone fela. Fa ba sena go tswa ba ya kwa pele mmila o le mongwe, mme ka yone nako eo moengele a tloga fa go ene. 11 Mme Petere, ya re a rarabologelwa, a re: “Jaanong tota ke a itse gore Jehofa o ne a rometse moengele wa gagwe mme a nkgolola mo seatleng sa ga Herode le mo go sotlhe se batho ba Bajuda ba neng ba se lebeletse.” 12 Mme fa a sena go akanya ka seno, a ya kwa ntlong ya ga Marea mmaagwe Johane wa sefane sa Mareko, koo ba le bantsi thata ba neng ba phuthegile gone e bile ba rapela. 13 E rile a kokota fa setswalong sa kgoro, lelata le le bidiwang Roda la tla go utlwa yo o kokotang, 14 mme, ya re a lemoga lentswe la ga Petere, a se ka a bula kgoro ka ntlha ya boipelo, mme a sianela mo teng a ba a bega gore Petere o ne a eme fa pele ga kgoro. 15 Ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme a nna a gatelela ka thata gore go ne go ntse jalo. Ba simolola go re: “Ke moengele wa gagwe.” 16 Mme Petere a nna koo a kokota. E rile ba bula, ba mmona mme ba akabala. 17 Mme a ba gwetlha ka seatla gore ba didimale a bo a ba bolelela dintlha tsotlhe kafa Jehofa a neng a mo ntsha mo kgolegelong ka gone, mme a re: “Begelang Jakobe le bakaulengwe dilo tseno.” Foo a tswa a tsaya loeto a ya lefelong le lengwe.
DECEMBER 17-23
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 15-16
“Tshwetso e e Neng e Dumalana le Lefoko la Modimo”
(Ditiro 15:1, 2) Mme banna bangwe ba tla ba tswa Judea mme ba simolola go ruta bakaulengwe ba re: “Fa lo sa rupe kafa mokgweng wa ga Moshe, ga lo ka ke lwa bolokwa.” 2 Mme e rile Paulo le Barenabase ba sena go ngangisana thata le bone le go ganetsana le bone, ba rulaganyetsa gore Paulo le Barenabase le bangwe ba bone ba tlhatlogele kwa baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema ka ga kganetsano eno.
Ba ne Ba “Ngangisana Thata”
8 Luke o ne a re: “E rile Paulo le Barenabase ba sena go ngangisana thata le bone le go ganetsana le bone [“banna bangwe”], [bagolwane] ba rulaganyetsa gore Paulo le Barenabase le bangwe ba bone ba tlhatlogele kwa baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema ka ga kganetsano eno.” (Dit. 15:2) Go ‘ngangisana thata le go ganetsana’ gono go ne go bontsha gore ditlhopha tseno tse pedi di ne di sa ikaelela go fetoga mo go se di se dumelang, mme phuthego ya kwa Antioka e ne e sa kgone go rarabolola bothata jono. Gore go nne le kagiso le kutlwano, phuthego e ne ya rulaganya gore kgang eno e isiwe kwa “baaposetoloing le banna ba bagolwane kwa Jerusalema” ba ba neng ba direla mo setlhopheng se se laolang. Ke eng se re ithutang sone mo bagolwaneng ba kwa Antioka?
(Ditiro 15:13-20) Ya re ba sena go bua, Jakobe a araba, a re: “Banna, bakaulengwe, nkutlwang. 14 Semeone o boletse ka botlalo kafa Modimo a neng a lebisa tlhokomelo ya gagwe ka gone lekgetlo la ntlha kwa ditšhabeng gore a ntshe batho ba leina la gagwe mo go tsone. 15 Mme mafoko a Baporofeti a dumalana le seno, fela jaaka go kwadilwe go twe, 16 ‘Morago ga dilo tseno ke tla boa ke ba ke aga sesha loobo lwa ga Dafide lo lo wetseng fa fatshe; e bile ke tla aga sesha marope a lone ke ba ke lo emisa gape, 17 gore batho ba ba salang ba batle Jehofa ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go rialo Jehofa, yo o dirang dilo tseno, 18 yo o itsiweng go tswa bogologolong.’ 19 Ka gone tshwetso ya me ga se go tshwenya ba ba tswang mo ditšhabeng ba ba retologelang mo Modimong, 20 mme ke go ba kwalela gore ba ithibe mo dilong tse di kgotletsweng ke medingwana le mo kgokafalong le mo go se se kgamilweng le mo mading.
Bakeresete ba Boammaaruri ba Tlotla Lefoko la Modimo
6 Temana e e ileng ya thusa go rarabolola bothata e ne e le Amose 9:11, 12. Mafoko a yone a nopolwa jaana mo go Ditiro 15:16, 17: “Ke tla boa ke ba ke aga sesha loobo lwa ga Dafide lo lo wetseng fa fatshe; e bile ke tla aga sesha marope a lone ke ba ke lo emisa gape, gore batho ba ba salang ba batle Jehofa ka tlhoafalo, mmogo le batho ba ditšhaba tsotlhe, batho ba ba bidiwang ka leina la me, go rialo Jehofa.”
7 Le fa go ntse jalo, mongwe a ka nna a ganetsa a re, ‘Iketle pele, temana eo ga e bue gore go ne go sa tlhokege gore badumedi ba Baditšhaba ba rupisiwe.’ Seo se boammaaruri; mme gone, Bakeresete ba Bajuda ba tshwanetse ba bo ba ile ba tlhaloganya kgang eo. Ba ne ba sa tseye Baditšhaba ba ba rupisitsweng e le “batho ba ditšhaba” mme ba ne ba ba tsaya e le bakaulengwe. (Ekes. 12:48, 49) Ka sekai, go ya ka thanolo ya ga Bagster ya Septuagint, Esethere 8:17 e balega jaana: “Ba le bantsi ba Baditšhaba ba ne ba rupisiwa mme ba nna Bajuda.” Ka jalo, fa Dikwalo di bolelelapele gore ba ba setseng ba ntlo ya Iseraele (Bajuda le batho ba ba rupileng ba ba sokologetseng mo Bojudeng) mmogo le “batho ba ditšhaba” (Baditšhaba ba ba sa rupang) ba ne ba tla nna batho ba le bangwe ka ntlha ya leina la Modimo, se Dikwalo di neng di se bua se ne se utlwala sentle. Baditšhaba ba ba neng ba batla go nna Bakeresete ba ne ba sa tlhoke go rupisiwa.
(Ditiro 15:28, 29) Gonne moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, 29 go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng le mo kgokafalong. Fa lo ithiba mo dilong tseno ka kelotlhoko, lo tla tlhogonolofala. Nnang le botsogo jo bontle!”
(Ditiro 16:4, 5) Jaanong ya re ba tswelela pele ka loeto ba raletse metse, ba naya ba ba leng koo ditaelo gore ba di boloke tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone. 5 Eleruri, diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.
Ba “Nonotsha Diphuthego”
18 Paulo le Timotheo ba ne ba bereka mmogo ka dingwagangwaga. E re ka e ne e le badiredi ba ba etang, ba ne ba dira ditiro di le dintsi mo boemong jwa setlhopha se se laolang. Pego ya Baebele e bolela jaana: “Ya re ba tswelela pele ka loeto ba raletse metse, ba naya ba ba leng koo ditaelo gore ba di boloke tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone.” (Dit. 16:4) Go bonala sentle gore diphuthego di ne tsa latela kaelo ya baaposetoloi le ya banna ba bagolwane ba kwa Jerusalema. Mme ka ntlha ya go nna kutlo jalo, “diphuthego tsa tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.”—Dit. 16:5.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 16:6-9) Mo godimo ga moo, ba ne ba ralala Feregia le naga ya Galatia, ka gonne ba ne ba idiwa ke moya o o boitshepo go bua lefoko mo kgaolong ya Asia. 7 Mo godimo ga moo, e rile ba fologela kwa Misia ba dira maiteko a go tsena mo Bithinia, mme moya wa ga Jesu o ne wa se ka wa ba letla. 8 Jalo ba feta Misia mme ba fologela mo Teroase. 9 Mme mo bosigong ponatshegelo ya bonala kwa go Paulo: monna mongwe wa Momakedonia o ne a eme a mo rapela a re: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.”
Ithute mo Baaposetoloing ba ga Jesu go Nna o Disitse
8 Ke eng se re ka ithutang sone mo pegong eno? Ela tlhoko gore morago ga gore Paulo a tseye loeto go ya kwa Asia, ke gone moya wa Modimo o neng wa simolola go mo kaela. Go tswa foo, morago ga gore Paulo a atamele Bithinia, e ne ya nna gone Jesu a mo nayang kaelo e e oketsegileng. Mme kwa bofelong, morago ga gore Paulo a goroge kwa Teroase Jesu o ne a mo kaela go ya kwa Makedonia. E re ka Jesu e le Tlhogo ya phuthego a ka nna a dirisana le rona ka tsela e e tshwanang. (Bakol. 1:18) Ka sekai, o ka tswa o ile wa akanya ka go nna mmulatsela kgotsa go ya go direla kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Mme gone, e ka nna morago ga gore o tseye dikgato tse di rileng gore o fitlhelele mokgele wa gago, e le gore Jesu a go kaele a dirisa moya wa Modimo. Go tshwantsha seo: Mokgweetsi a ka dira gore koloi ya gagwe e ye ka fa molemeng kgotsa ka fa mojeng, mme seo se direga fa fela e tsamaya. Ka tsela e e tshwanang, Jesu a ka kgona go re kaela gore re oketse bodiredi jwa rona fa fela re tsere dikgato—fa re dira maiteko a go fitlhelela mokgele wa rona.
(Ditiro 16:37) Mme Paulo a ba raya a re: “Ba ne ba re kgwathisa phatlalatsa re sa bonwa molato, re le banna ba Baroma, ba bo ba re latlhela mo kgolegelong; mme a jaanong ba re latlhela kwa ntle ka sephiri? Legoka! mme a ba tle ka bobone ba re ntshe.”
ntlha e e mo go Dit 16:37 mo nwtsty
re le banna ba Baroma: Kgotsa baagi ba Roma. Paulo le Silase e ne e le baagi ba Roma. Molao wa Roma o ne o laela gore ka metlha moagi wa Roma o tshwanetse go sekisiwa pele mme o ne a sa tshwanela go otlhaiwa phatlalatsa a ise a bonwe molato. Moagi wa Roma o ne a na le ditshwanelo le ditshiamelo dingwe mo pusong yotlhe ya Roma. Moagi wa Roma o ne a tshwanetse go ikobela molao wa Roma e seng melao ya metse e e neng e laolwa ke Roma. Fa e le gore o a sekisiwa, o ne a ka sekisiwa go dirisiwa melao ya metse eo mme o ne a sa ntse a na le tshwanelo ya gore a ye go sekela kwa kgotlatshekelong ya Roma. Fa metse eo e ne e ka mo atlholela loso, o ne a na le tshwanelo ya go ikuela kwa mmusimogolong wa Roma. Moaposetoloi Paulo o ile a rera mo Roma yotlhe. Go na le dipego tse tharo tse di bontshang gore o ne a dirisa ditshwanelo tsa gagwe tsa go bo e le moagi wa Roma. Pego ya ntlha e tlhaga mo go Dit 16:37 fa a ne a bolelela bomagiseterata ba kwa Filipi gore ba gatakile ditshwanelo tsa gagwe ka go mo itaya.—Dipego tse dingwe tse pedi di tlhaga mo go Dit 22:25; 25:11.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 16:25-40) Mme mo e ka nnang gare ga bosigo Paulo le Silase ba ne ba rapela e bile ba baka Modimo ka pina; ee, magolegwa a ne a ba utlwa. 26 Ka tshoganyetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe, mo e leng gore metheo ya kgolegelo e ne ya reketla. Mo godimo ga moo, ditswalo tsotlhe di ne tsa bulega ka ponyo ya leitlho, le dikgole tsa botlhe tsa bofologa. 27 Modisa wa kgolegelo, ya re a tsoga mo borokong e bile a bona gore ditswalo tsa kgolegelo di ne di bulegile, a somola tšhaka ya gagwe mme o ne a tloga a ipolaya, a ithaya a re magolegwa a ne a thobile. 28 Mme Paulo a tlhaeletsa ka lentswe le le kwa godimo, a re: “O se ka wa ikutlwisa botlhoko, gonne rotlhe re fano!” 29 Jalo a kopa gore go tshubiwe dipone a ba a tlolela mo teng mme, a roroma mo gogolo, a wela fa fatshe fa pele ga ga Paulo le Silase. 30 Mme a ba ntshetsa kwa ntle a ba a re: “Borra, ke tshwanetse go dirang gore ke bolokwe?” 31 Ba re: “Dumela mo go Morena Jesu mme o tla bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.” 32 Mme ba bua lefoko la ga Jehofa le ene mmogo le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. 33 Mme a ba tsaya a tsamaya le bone mo nakong eo ya bosigo mme a tlhapisa dititeo tsa bone; mme, botlhe fela, ene le ba gagwe ba ne ba kolobediwa kwantle ga tiego. 34 Mme a ba tlisa mo ntlong ya gagwe a bo a ba naya dijo mo tafoleng, mme a ipela thata le botlhe ba ntlo ya gagwe e re ka jaanong a ne a dumetse Modimo. 35 E rile go nna motshegare, bomagiseterata ba baagi ba romela maotlana go ya go re: “Golola banna bao.” 36 Jalo modisa wa kgolegelo a begela Paulo mafoko a bone a re: “Bomagiseterata ba baagi ba rometse banna gore lona ba babedi lo gololwe. Jalo, jaanong, tswang mme lo tsamaye ka kagiso.” 37 Mme Paulo a ba raya a re: “Ba ne ba re kgwathisa phatlalatsa re sa bonwa molato, re le banna ba Baroma, ba bo ba re latlhela mo kgolegelong; mme a jaanong ba re latlhela kwa ntle ka sephiri? Legoka! mme a ba tle ka bobone ba re ntshe.” 38 Jalo maotlana a begela bomagiseterata ba baagi mafoko ano. Bano ya re ba utlwa gore banna bano e ne e le Baroma ba tsenwa ke poifo. 39 Ka gone ba tla ba ba rapela mme, fa ba sena go ba ntsha, ba ba lopa gore ba tloge mo motseng. 40 Mme ba tswa mo kgolegelong ba bo ba ya kwa legaeng la ga Lidia, mme e rile ba bona bakaulengwe ba ba kgothatsa mme ba tsamaya.
DECEMBER 24-30
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 17-18
“Etsa Sekao sa ga Moaposetoloi Paulo sa go Rera le go Ruta”
(Ditiro 17:2, 3) Jalo jaaka fa Paulo a tlhola a dira a tsena kwa go bone, mme ka bosabata ba le bararo a ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, 3 a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing, a re: “Yono ke Keresete, Jesu yono yo ke lo mo itsiseng phatlalatsa.”
ntlha e e mo go Dit 17:2, 3 mo nwtsty
bontsha mabaka: Paulo o ne a sa rerele batho dikgang tse di molemo fela mme o ne a bontsha batho mabaka go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera e bile a di tlhalosa. O ne a rerela batho ka dilo tse a itseng gore ba tla dumalana le ene ka tsone. Lefoko la Segerika di·a·leʹgo·mai le tlhalosiwa e le “go buisana; go tlotla.” Gape lefoko leno le dirisitswe mo go Dit 17:17; 18:4, 19; 19:8, 9; 20:7, 9.
a ntsha bosupi ka go nopola: Mafoko ano ka Segerika a kaya “go bapisa.” Seno se ka tswa se raya gore fa Paulo a ne a rera o ile a bontsha kafa Jesu a ileng a diragatsa boporofeti ka gone ka go bapisa boporofeti jo bo buang ka Mesia mo Dikwalong Tsa Sehebera le ditiragalo tsa botshelo jwa ga Jesu.
(Ditiro 17:17) Ka gone a simolola go bontshana mabaka le Bajuda mo sinagogeng le batho ba bangwe ba ba neng ba obamela Modimo mme letsatsi lengwe le lengwe mo marekisetsong a bontshana mabaka le ba go neng go direga gore ba bo ba le gone.
ntlha e e mo go Dit 17:17 mo nwtsty
mo marekisetsong: Marekisetso a motse wa Athena a ne a le kwa bokonebophirima jwa thaba ya Acropolis. A ne a le boleele jwa dimetara di le 200 le bophara jwa dimetara di le 250. Marekisetso ano, a ne a sa dirisediwe go reka le go rekisa fela. Gape batho ba ne ba dira dilo tse di amanang le dipolotiki le setso teng. Batho ba Athena ba ne ba rata go kopana koo gore ba gakololane ka dikgang tsa botshelo.
(Ditiro 17:22, 23) Jaanong Paulo a ema mo gare ga Areopago mme a re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe. 23 Ka sekai, fa ke ne ke feta fano mme ke leba ka kelotlhoko dilo tsa lona tse di obamelwang ke ne ka bona le sebeso se mo go sone go neng go kwadilwe go twe ‘Go Modimo O o Sa Itsiweng.’ Jalo se lo se nayang boineelo jwa bomodimo lo sa se itse, ke sone se ke lo bolelelang ka sone.
ntlha e e mo go Dit 17:22, 23 mo nwtsty
Go Modimo O o Sa Itsiweng: Mafoko a Segerika, A·gnoʹstoi the·oiʹ e ne e le mangwe a mafoko a a neng a kwadilwe mo sebesong kwa Athena. Batho ba Athena ba ne ba bontsha gore ba boifa medimo e mengwe ka go aga ditempele le dibeso tse dintsi. Dibeso tse dingwe ba ne ba re ke tsa modimo wa Go Tuma, wa Boingotlo, wa Maatla, wa Go Tlhotlheletsa le wa Kutlwelobotlhoko. Gongwe lebaka la go bo ba ne ba direla “Modimo O o Sa Itsiweng” sebeso, ke ka gonne ba ne ba tshaba gore ba ka tswa ba lebetse modimo mongwe le gore modimo oo ga a na go ba amogela. Fa ba ne ba dira sebeso seo, seno se raya gore ba ne ba dumela gore go na le Modimo mongwe yo ba sa mo itseng. Paulo o ne a dirisa sebeso seno gore a kgone go ba rerela ka Modimo wa boammaaruri yo ba neng ba sa mo itse.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 18:18) Le fa go ntse jalo, fa Paulo a sena go nna malatsi a le mantsinyana, a sadisa bakaulengwe sentle mme a tloga ka mokoro a ya kwa Siria, a na le Perisila le Akhwila, a ikgaotse moriri wa tlhogo bokhutshwane kwa Kenkerea, gonne o ne a na le ikano.
Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Ditiro
18:18—Paulo o ne a dira ikano efe? Baithuti bangwe ba re Paulo o ne a dirile ikano ya go nna Monasirite. (Dipa. 6:1-21) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue gore ikano ya ga Paulo e ne e le ya eng. Mo godimo ga moo, Dikwalo ga di supe gore a Paulo o ne a dirile ikano eo pele kana morago ga gore a sokologe kgotsa gore a o ne a simolola kana a wetsa ikano eo. Le fa maemo e ka tswa e ne e le afe, go dira ikano eo go ne go se phoso.
(Ditiro 18:21) mme a ba sadisa sentle a bo a ba raya a re: “Ke tla boela mo go lona gape, fa Jehofa a rata.” Mme a tloga ka mokoro mo Efeso
ntlha e e mo go Dit 18:21 mo nwtsty
fa Jehofa a rata: Mafoko ano a bontsha botlhokwa jwa go akanya ka thato ya Modimo fa re dira sengwe kgotsa re rulaganyetsa go se dira. Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa molaomotheo ono. (1Bak 4:19; 16:7; Bah 6:3) Jakobe le ene o ile a re kgothaletsa gore re dirise mafoko a a reng: “Fa Jehofa a rata, re tla tshela re bo gape re dira seno kgotsa sele.” (Jak 4:15) Mafoko ano ga a tshwanela go nna seomodiro fela go na le moo, mongwe le mongwe yo o reng “fa Jehofa a rata” o tshwanetse go dira dilo go dumalana le thato ya ga Jehofa. Mafoko ano ga a tlhoke go buelwa kwa godimo nako le nako mme gantsi a buelwa mo pelong.—Bona le Dit 21:14 le Kaedi ya go Ithuta Lefoko la Modimo, Karolo 2.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 17:1-15) Jaanong ba tsaya loeto ba ralala Amfipolisa le Apolonia mme ba tla mo Thesalonika, koo go neng go na le sinagoge ya Bajuda gone. 2 Jalo jaaka fa Paulo a tlhola a dira a tsena kwa go bone, mme ka bosabata ba le bararo a ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, 3 a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing, a re: “Yono ke Keresete, Jesu yono yo ke lo mo itsiseng phatlalatsa.” 4 Ka ntlha ya moo bangwe ba bone ba nna badumedi ba bo ba ikopanya le Paulo le Silase, le Bagerika ba le bantsi thata ba ba neng ba obamela Modimo mmogo le basadi ba bagolo ba bantsinyana. 5 Mme Bajuda, ka ba ne ba fufega, ba itseela banna bangwe ba ba boikepo ba ditshwakga tsa kwa marekisetsong mme ba bopa segopa sa batho ba bo ba simolola go feretlha motse. Mme ba tlhasela ntlo ya ga Jasone ba bo ba batla gore ba ntshediwe kwa segopeng sa batho. 6 E rile ba sa ba bone ba gogagogela Jasone le bakaulengwe bangwe kwa babusing ba motse, ba goa ba re: “Banna bano ba ba pitikolotseng lefatshe le le nang le banni ba gone le fano, 7 mme Jasone o ba amogetse ka go ba tshola sentle. Banna bano botlhe ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara, ba re go na le kgosi e nngwe, e bong Jesu.” 8 Eleruri ba ne ba fudua boidiidi le babusi ba motse fa ba ne ba utlwa dilo tseno; 9 mme fa ba sena go tsaya pele madi a go letela tsheko kwa ntle a a lekaneng mo go Jasone le ba bangwe, ba ba lesa ba tsamaya. 10 Ka yone nako eo bakaulengwe ba romela Paulo le Silase kwa Berea bosigo, mme bano, ya re ba goroga, ba tsena mo sinagogeng ya Bajuda. 11 Jaanong bone ba ne ba na le mogopolo o o bulegileng thata go gaisa ba ba kwa Thesalonika, gonne ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo. 12 Jalo ba le bantsi ba bone ba ne ba nna badumedi, le basadi ba bantsinyana le banna ba Bagerika ba ba tseelwang kwa godimo ba ne ba dira jalo. 13 Mme e rile Bajuda ba kwa Thesalonika ba utlwalela gore Paulo o ne a itsise lefoko la Modimo phatlalatsa le kwa Berea, ba tla le koo go tla go tlhotlheletsa le go fudua bontsintsi jwa batho. 14 Go tswa foo bakaulengwe ba tshabisa Paulo ka yone nako eo go ya go fitlha kwa lewatleng; mme Silase le Timotheo ba sala koo. 15 Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba buledisa Paulo ba ne ba mo tlisa go tla go fitlha mo Athena mme, fa ba sena go amogela taelo ya gore Silase le Timotheo ba tle kwa go ene ka bonako jo bo kgonegang, ba tsamaya.
DECEMBER 31–JANUARY 6
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | DITIRO 19-20
“Itlhokomeleng Lo bo Lo Tlhokomele Letsomane Lotlhe”
(Ditiro 20:28) Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone, gore lo dise phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.
“Disang Letsomane la Modimo Le lo Le Tlhokometseng”
5 Moaposetoloi yono o ne a kwala gore banna ba bagolwane ba ne ba tshwanetse go ‘disa letsomane la Modimo le ba le tlhokometseng.’ Go ne go le botlhokwa thata gore ba lemoge gore letsomane leo ke la ga Jehofa le Jesu Keresete. Bagolwane ba ne ba tshwanetse go ikarabelela go ya kafa ba neng ba disa dinku tsa Modimo ka gone. A re re tsala nngwe ya gago e go kopa gore o e tlhokomelele bana fa e tsamaile. A o ne o ka se tlhokomele bana bao le go ba fepa? Fa mongwe wa bone a ne a ka lwala, a o ne o ka se tlhomamise gore o amogela thuso ya tsa kalafi e a e tlhokang? Ka tsela e e tshwanang bagolwane mo phuthegong ba tshwanetse go ‘disa phuthego ya Modimo, e a neng a e reka ka madi a Morwawe.’ (Dit. 20:28) Ba nna ba gakologetswe gore nku nngwe le nngwe e rekilwe ka madi a a tlhwatlhwakgolo a ga Keresete Jesu. E re ka bagolwane ba neilwe boikarabelo, ba fepa letsomane, ba a le sireletsa le go le tlhokomela.
(Ditiro 20:31) “Jalo nnang lo tsogile, lo bo lo gopole gore dingwaga di le tharo, bosigo le motshegare, ke ne ka se ka ka tlogela go tlhagisa mongwe le mongwe ka dikeledi.
Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’
15 Badisa ba na le tiro e ntsi. Ka dinako dingwe, bagolwane ga ba robale bosigo ba rapelela letsomane la Modimo le ba amegileng ka lone kgotsa ba ema nokeng badumedimmogo le bone. (2 Bakor. 11:27, 28) Le fa go ntse jalo, bagolwane ba diragatsa maikarabelo a bone ka botlalo e bile ba itumetse, fela jaaka Paulo a ne a dira. O ne a kwalela Bakorintha jaana: “Ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke ba ke dirisediwa meya ya lona ka botlalo.” (2 Bakor. 12:15) Eleruri, Paulo o ne a rata bakaulengwe ba gagwe mme o ne a dirisa botshelo jwa gagwe ka botlalo go ba nonotsha. (Bala 2 Bakorintha 2:4; Bafil. 2:17; 1 Bathes. 2:8) Ga go gakgamatse go bo bakaulengwe ba ne ba rata Paulo thata jaana!—Dit. 20:31-38.
(Ditiro 20:35) Ke lo bontshitse mo dilong tsotlhe gore ka go dira ka natla jalo lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le gore lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’”
“Ke Phepa mo Mading a Batho Botlhe”
20 Tsela e Paulo a neng a tshela ka yone e ne e farologane thata le ya batho ba moragonyana ba neng ba se kitla ba tshwara letsomane sentle. O ne a bereka gore a kgone go itlhokomela gore a se ka a nna morwalo mo phuthegong. Se a neng a se direla badumedi ka ene o ne a sa se direle go ikhumisa. Paulo o ne a rotloetsa bagolwane ba kwa Efeso gore ba bontshe moya wa go intsha setlhabelo. O ne a ba raya a re: “Lo tshwanetse go thusa ba ba bokoa, le gore lo tshwanetse go gopola mafoko a Morena Jesu, fa ene ka boene a ne a re, ‘Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.’”—Dit. 20:35.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
(Ditiro 19:9) Mme e rile bangwe ba simolola go ikgwaralatsa mme ba sa dumele, ba bua busula ka ga Tsela fa pele ga batho ba le bantsi, a tswa mo go bone mme a lomolola barutwa mo go bone, a neela dipuo letsatsi le letsatsi mo holong ya sekolo sa ga Tirano.
Lefoko la ga Jehofa le a ‘Gola e Bile le a Fenya’ Le fa Ba Ganediwa
11 Gongwe Paulo o ne a rera kwa holong eo ya sekolo letsatsi lengwe le lengwe go tloga ka ura ya lesomenngwe mo mosong go fitlha ka ura ya bonè thapama. (Dit. 19:9; ntlha e e kwa tlase mo go NW) Go bonala go ne go se modumo o montsi ka dinako tseo mme gone diura tseno e ne e le tsone tse di mogote thata mo letsatsing, fa batho ba ne ba emisa ditiro tsa bone gore ba ikhutse le go ja. Fa e le gore letsatsi le letsatsi Paulo o ne a latela thulaganyo eo e e gagametseng ka dingwaga di le pedi, seo se raya gore o ne a dirisa diura tse di fetang 3 000 a ruta. Fano gape re bona lebaka le lengwe la go bo lefoko la ga Jehofa le ne la tswelela le gola e bile le fenya. Paulo o ne a dira ka natla e bile a fetofetoga le maemo. O ne a fetola thulaganyo ya gagwe gore a kgone go rerela batho ba ba mo tshimong ya gagwe. Go ne ga nna le matswela afe? “Botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika.” (Dit. 19:10) Ruri o ne a naya bosupi ka botlalo!
(Ditiro 19:19) Eleruri, ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano.
Lefoko la ga Jehofa le a ‘Gola e Bile le a Fenya’ Le fa Ba Ganediwa
15 Go tlhabisiwa ditlhong jalo ga bomorwa Sekefa go ne ga dira gore batho ba simolole go boifa Modimo, mo ba le bantsi ba neng ba tlhotlheletsega go nna badumedi le go latlha ditlwaelo tsa go dirisana le meya. Batho ba Efeso ba ne ba rata boselamose. Mereo ya boselamose le dipheko e ne e le dilo tse di tlwaelegileng fela jaaka go buisana le badimo, mme gantsi go ne go na le dibuka tse di buang ka dilo tseo. Jaanong Baefeso ba le bantsi ba ne ba tlhotlheletsega go tlisa dibuka tsa bone tsa boselamose ba bo ba di fisa phatlalatsa—le fa go bonala di ne di ja diranta di le dikete di le masomesome go ya ka madi a gone jaanong. Luke a re: “Ka gone lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.” (Dit. 19:17-20) Ruri jono e ne e le bosupi jo bo kgatlhang jwa gore boammaaruri bo ne bo fentse maaka le bodimona! Batho bao ba ba ikanyegang ba re tlhometse sekao se se molemo gompieno. Le rona re tshela mo lefatsheng le mo go lone batho ba le bantsi ba ratang tirisabadimo. Fa re lemoga gore re na le sengwe se se amang le tirisabadimo, re tshwanetse go dira fela jaaka Baefeso ba ile ba dira—re se latlhe ka yone nako eo! A re nneng kgakala le ditlwaelo tseo tse di ferosang sebete, go sa kgathalesege gore re latlhegelwa ke eng.
Mmalo wa Baebele
(Ditiro 19:1-20) Fa ditiragalo di ntse di tsweletse, Apolose a ntse a le kwa Korintha, Paulo a ralala dikarolo tse di fa gare ga naga mme a tla mo Efeso, mme a fitlhela barutwa bangwe; 2 a ba raya a re: “A lo ne lwa amogela moya o o boitshepo fa lo ne lo nna badumedi?” Ba mo raya ba re: “Aitsane, ga re ise re ke re utlwe gore a go na le moya o o boitshepo.” 3 Mme a re: “Lo ne lwa kolobediwa mo go eng he?” Ba re: “Mo kolobetsong ya ga Johane.” 4 Paulo a re: “Johane o ne a kolobetsa ka kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao, a bolelela batho gore ba dumele mo go yo o tlang morago ga gagwe, ke gore, mo go Jesu.” 5 Fa ba utlwa seno, ba kolobediwa mo leineng la Morena Jesu. 6 Mme e rile Paulo a ba baya diatla, moya o o boitshepo wa tla mo go bone, mme ba simolola go bua ka diteme e bile ba porofeta. 7 Botlhe fela, e ne e le banna ba ka nna lesome le bobedi. 8 Ya re a tsena mo sinagogeng, a bua ka bopelokgale dikgwedi di le tharo, a neela dipuo e bile a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga bogosi jwa Modimo. 9 Mme e rile bangwe ba simolola go ikgwaralatsa mme ba sa dumele, ba bua busula ka ga Tsela fa pele ga batho ba le bantsi, a tswa mo go bone mme a lomolola barutwa mo go bone, a neela dipuo letsatsi le letsatsi mo holong ya sekolo sa ga Tirano. 10 Seno se ne sa diragala dingwaga di le pedi, mo e leng gore botlhe ba ba nnang mo kgaolong ya Asia ba ne ba utlwa lefoko la Morena, Bajuda mmogo le Bagerika. 11 Mme Modimo a nna a dira ditiro tse di maatla tse di sa tlwaelegang ka diatla tsa ga Paulo, 12 mo e leng gore le eleng matsela le dikhiba di ne di rutlwa mo mmeleng wa gagwe di isiwa kwa bathong ba ba bobolang, mme malwetse a ba tlogela, le meya e e boikepo ya tswa. 13 Mme bangwe ba Bajuda ba ba kgarakgatshegang ba ba neng ba dira tiro ya go leleka madimona le bone ba simolola go bitsa leina la Morena Jesu ba le fa go ba ba nang le meya e e boikepo, ba re: “Ke go laela ka tlhoafalo ka Jesu yo Paulo a mo rerang.” 14 Jaanong go ne go na le bana ba supa ba ga Sekefa mongwe, moperesiti yo mogolo wa Mojuda, ba dira seno. 15 Mme fa moya o o boikepo o araba wa ba raya wa re: “Ke itse Jesu e bile ke tlwaelane le Paulo; mme lona lo bomang?” 16 Foo monna yo moya o o boikepo o neng o le mo go ene a tlolela mo go bone, a ba fekeetsa ka go tlhomagana, mme a ba fenya, mo e leng gore ba ne ba tshaba ba tswa mo ntlong eo ba sa ikatega e bile ba gobetse. 17 Batho botlhe ba ne ba itse seno, Bajuda mmogo le Bagerika ba ba neng ba nna mo Efeso; mme poifo ya ba wela botlhe, le leina la Morena Jesu la tswelela go godisiwa. 18 Mme ba le bantsi ba bao jaanong e neng e le badumedi ba ne ba na le go tla mme ba ipobole ba bo ba bega ka phuthologo ditlwaelo tsa bone. 19 Eleruri, ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano. 20 Ka gone lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.