LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 7 ts. 10
  • Tshedimosetso e e Boammaaruri Le e E Tlhatswang Pelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshedimosetso e e Boammaaruri Le e E Tlhatswang Pelo
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se se Buiwang se Boammaaruri
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Ditemana di Bueletswe Sentle
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Thusa Bareetsi go Dirisa Se ba Se Ithutang
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Dirisa Dipotso
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 7 ts. 10

THUTO 7

Tshedimosetso e e Boammaaruri Le e E Tlhatswang Pelo

Temana e e umakilweng

Luke 1:3

KGANGKGOLO: Dirisa tshedimosetso e e ikanyegang go thusa bareetsi gore ba fitlhelele tshwetso e e siameng.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Dirisa metswedi ya tshedimosetso e e ikanyegang. Tlhomamisa gore se o se buang se tswa mo Lefokong la Modimo mme o le bale ka tlhamalalo fa go kgonega. Fa e le gore o bua ka kgang nngwe ya saense, pego nngwe ya dikgang, maitemogelo kgotsa bosupi jo bo tlaleletsang se o se buang, tlhomamisa gore tshedimosetso eo ke ya bosheng le gore motswedi wa yone o a ikanyega.

  • Dirisa tshedimosetso sentle. Tlhomamisa gore tsela e o tlhalosang temana ka yone e dumalana le ditemana tse di e dikologileng, molaetsa wa Baebele le dikgatiso tsa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Fa o dirisa tshedimosetso e e sa tsweng mo dikgatisong tsa rona, o se ka wa fetola bokao kgotsa wa bua selo se se farologaneng le se mokwadi a se buang.

    Kakantsho

    O se ka wa feteletsa dilo. Ela tlhoko gore “batho bangwe” ga e nne “bontsi jwa batho,” kgotsa gore “mo maemong mangwe” ga e nne “ka metlha.”

  • Ntsha mabaka a a utlwalang. Fa o fetsa go bala temana kgotsa go nopola tshedimosetso nngwe, botsa dipotso kgotsa dira setshwantsho se se tla thusang bareetsi go fitlhelela tshwetso e e siameng.

MO BODIREDING

Fa o ipaakanyetsa go ya tshimong, akanya ka dipotso tse batho ba ka go botsang tsone mme o batlisise gore o ka di araba jang. Fa mongwe a go botsa potso mme o sa itse karabo ya yone, mmolelele gore o tla dira dipatlisiso o bo o tla mo nakong e e tlang gore lo tlotle ka yone.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela