THUTO 11
Nna Matlhagatlhaga
Baroma 12:11
KGANGKGOLO: Rotloetsa bareetsi ka go bua ka matlhagatlhaga.
KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:
Fa o baakanyetsa, letla gore se o se balang se go fitlhelele pelo. Fa o baakanyetsa puo ya gago, akanya ka lebaka la go bo molaetsa oo o le botlhokwa. Tlhaloganya se o tlileng go bua ka sone gore o kgone go se tlhalosa sentle.
Akanya ka bareetsi. Akanya ka gore tshedimosetso e o tlileng go e bala kgotsa e o tlileng go bua ka yone e tla ba thusa jang. Ipotse gore, ‘Nka neela puo eno jang ka tsela e e tla dirang gore bareetsi ba kgone go e itumelela?’
Nna matlhagatlhaga fa o neela puo. Bua ka matlhagatlhaga. Itshikinye mmele mme tebego ya gago ya sefatlhego e bontshe tsela e o ikutlwang ka yone.