LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • th thuto 2 ts. 5
  • Tlotla le Bareetsi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlotla le Bareetsi
  • Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nna Matlhagatlhaga
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Bua ka Tsela ya Tlholego
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Bua o Tlhatswegile Pelo
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
th thuto 2 ts. 5

THUTO 2

Tlotla le Bareetsi

Temana e e umakilweng

2 Bakorintha 2:17

KGANGKGOLO: Bua ka tsela ya tlholego e e bontshang gore o ikutlwa jang ka bareetsi le ka setlhogo sa gago.

KAFA O KA DIRANG SEO KA GONE:

  • Rapela o bo o baakanyetse ka kelotlhoko. Kopa Jehofa gore a go thuse gore o se ka wa akanya thata ka letshogo mme o tlhome mogopolo mo molaetseng wa gago. O tshwanetse go itse dintlha tsa konokono tse o tlhokang go di bua. Bua ka mafoko a gago, go na le go bua dintlha jaaka di kwadilwe.

    Kakantsho

    Fa e le gore o tlile go bala Baebele kgotsa kgatiso nngwe, ikatise gore o kgone go bala ka thelelo. Fa batho ba nopotswe, bala mafoko a bone ka maikutlo, mme gone, o sa feteletse dilo.

  • Bua go tswa pelong. Gopola lebaka la go bo bareetsi ba tlhoka go utlwa molaetsa wa gago. Tlhoma mogopolo mo go bone. Fa o dira jalo, tsela e o emeng le e o itshikinyang mmele ka yone le tebego ya gago ya sefatlhego, di tla bontsha lorato le botsalano.

    Kakantsho

    Go bua o tlotla ga go tshwane le go ipuela fela. Dira gore molaetsa wa gago o nne le seriti ka go bua ka tsela e e utlwalang sentle le ka go dirisa puo e e siameng.

  • Leba bareetsi. Leba bareetsi ka tsela e e se kitlang e ba kgopisa. Fa o neela puo, leba motho a le mongwe lobakanyana, go na le go fetisa matlho ka bonako kgotsa go ba leba e le setlhopha.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela