LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • bhs kgao. 3 ts. 29-39
  • Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?
  • Baebele e re Ruta Eng?
  • Bala mo Baebele e Ruta Eng
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • MMABA WA MODIMO
  • KE MANG YO O LAOLANG LEFATSHE?
  • LEFATSHE LA GA SATANE LE TLA NYELEDIWA JANG?
  • LEFATSHE LE LESHA LE GAUFI!
  • Ke Eng fa Batho ba Boga Thata Jaana?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Go na Le Batho ba Bagolo go re Feta
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Modimo ke Mang?
    Modimo o Batla Gore re Direng?
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Baebele e re Ruta Eng?
bhs kgao. 3 ts. 29-39

KGAOLO 3

Modimo o Ikaeletse go Direla Batho Eng?

1. Modimo o ikaeletse go direla batho eng?

MODIMO o ikaeletse go direla batho dilo tse dintle. O ne a bopa Adame le Efa mme a ba baya mo tshimong e ntle. O ne a ikaeletse gore ba nne le bana, ba dire gore lefatshe lotlhe e nne paradaise le gore ba tlhokomele diphologolo.—Genesise 1:28; 2:8, 9, 15; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 6.

2. (a) Re itse jang gore Modimo o tla dira se a ikaeletseng go se dira? (b) Baebele ya reng malebana le go tshela ka bosakhutleng?

2 A o akanya gore re tla tsamaya re tshela mo lefatsheng la paradaise? Jehofa a re: “Ke bo bopile e bile ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:9-11; 55:11) O tla dira se a se ikaeletseng e bile ga go na ope yo o tla mo thibelang. Jehofa o na le lebaka la go bo a bopile lefatshe. Ga a le ‘bopela lefela.’ (Isaia 45:18) O batla gore batho ba nne mo go lone. Ke batho ba ba ntseng jang ba Modimo a batlang ba nna mo go lone mme ka lobaka lo lo kana kang? Baebele ya re: “Basiami [batho ba ba reetsang Modimo] ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

3. E re ka batho ba lwala e bile swa, ke potso efe e o ka nnang wa ipotsa yone?

3 Batho ba sa ntse ba lwala e bile ba a swa. Mo mafelong a mangwe, ba a lwa e bile ba a bolaana. Modimo o ne a sa ikaelela gore dilo di nne jaana. Go diragetse eng mme ka ntlha yang? Baebele ke yone fela e ka re tlhalosetsang.

MMABA WA MODIMO

4, 5. (a) Ke mang yo o neng a bua le Efa a dirisa noga kwa tshimong ya Edene? (b) Go tla jang gore motho yo o siameng a fetoge legodu?

4 Baebele ya re Modimo o na le mmaba yo o “bidiwang Diabolo le Satane.” Satane o ne a dirisa noga go bua le Efa kwa tshimong ya Edene. (Tshenolo 12:9; Genesise 3:1) O ne a dira gore go lebege e kete noga ke yone e buang.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 7.

5 Potso ke gore, a Modimo ke ene a bopileng Satane Diabolo? Nnyaa! Moengele yo o neng a le teng fa Modimo a ne a baakanyetsa Adame le Efa lefatshe, o ne a fetoga go nna Diabolo. (Jobe 38:4, 7) Jang? Akanya ka seno: Go tla jang gore motho yo o siameng a fetoge go nna legodu? Ga a tsholwa e le legodu. Mme o ne a eletsa kgotsa a batla sengwe se e neng e se sa gagwe. O ne a nna a akanya ka sone, mme keletso eo e e sa siamang e ne ya nna maatla thata mo a neng a simolola go utswa. O iphetotse legodu.—Bala Jakobe 1:13-15; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 8.

6. Go tlile jang gore moengele mongwe a nne mmaba wa Modimo?

6 Seo ke sone se se diragaletseng moengele yoo. Fa Jehofa a sena go bopa Adame le Efa, o ne a ba laela gore ba nne le bana le gore ba “tlatse lefatshe.” (Genesise 1:27, 28) Moengele yoo a ka tswa a ne a akanya jaana: ‘Batho bano ba ka bo ba nkobamela go na le go obamela Jehofa!’ O ne a nna a akanya ka kgang eo mme keletso ya go batla selo se e seng sa gagwe e ne ya gola. Moengele yoo o ne a batla gore batho ba mo obamele. Ke ka moo a neng a aketsa Efa le go mo tsietsa. (Bala Genesise 3:1-5.) Seo se ne sa dira gore a nne Satane Diabolo, mmaba wa Modimo.

7. (a) Ke eng fa Adame le Efa ba ile ba swa? (b) Ke eng fa re tsofala e bile re swa?

7 Adame le Efa ba ile ba tlola taelo ya Modimo ka go ja leungo. (Genesise 2:17; 3:6) Ba ne ba leofela Jehofa mme fa nako e ya, ba ne ba swa fela jaaka Jehofa a buile. (Genesise 3:17-19) E re ka bana ba ga Adame le Efa ba tsholetswe mo boleong, le bone ba a swa. (Bala Baroma 5:12.) A re akanye ka sekai seno gore re kgone go tlhaloganya lebaka la go bo re tshotswe re le baleofi. A re re o apaya borotho ka pane e e obegileng. Borotho bo tlile go tswa bo tshwana kgo le pane eo. Fa Adame a ne a tlola molao wa Modimo, o ne a nna moleofi. E re ka re le bana ba gagwe, rotlhe re baleofi. Mme e re ka re le baleofi, re a tsofala e bile re a swa.—Baroma 3:23; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 9.

8, 9. (a) Satane o ne a batla gore Adame le Efa ba dumele eng? (b) Ke eng fa Jehofa a ile a se ka a bolaya batsuolodi bao ka yone nako eo?

8 Satane o ne a tsuologela Jehofa fa a ne a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba tlole taelo ya Modimo. O ne a batla gore Adame le Efa ba akanye gore Jehofa o bua maaka, gore ke molaodi yo o setlhogo yo o sa ba batleleng dilo tse di molemo. Satane o ne a re batho ga ba tlhoke Modimo gore a ba bolelele gore ba dire eng le gore Adame le Efa ba ne ba kgona go itirela ditshwetso tsa gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Jehofa o ne a dira eng? O ne a ka nna a ba bolaya gone fela foo. A mme go dira jalo go ne go tla supa gore Satane o ne a bua maaka? Nnyaa.

9 Ke ka moo Jehofa a ileng a se ka a bolaya batsuolodi bao ka yone nako eo. Go na le moo, o ne a letla gore go fete lobakanyana batho ba ntse ba ipusa. Go dira jalo go ne go tla bontsha gore Satane o ne a bua maaka le gore Jehofa ke ene a itseng se se siametseng batho. Re tla ithuta go le gontsi ka ntlha eno mo Kgaolo 11. Mme o akanya eng ka tshwetso e Adame le Efa ba neng ba e dira? A ba ne ba tshwanetse go dumela Satane mme ba tlole taelo ya Modimo? Sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone se ne se tswa kwa go Jehofa. O ne a ba neile botshelo, lefelo le lentle le ba neng ba nna mo go lone le tiro e e itumedisang. Mme Satane ene o ne a sa ba naya sepe. Wena o ka bo o ile wa dira eng?

10. Mongwe le mongwe wa rona o lebane le go dira tshwetso efe ya botlhokwa?

10 Mongwe le mongwe wa rona o lebane le tshwetso e e tshwanang le eo, mme botshelo jwa rona bo ikaegile ka gore re tlhopha eng. Re ka tlhopha go ikobela Jehofa gore e nne Mmusi wa rona mme re thuse go bontsha gore Satane ke moaki kgotsa re ka tlhopha go reetsa Satane mme e nne ene a re laolang. (Pesalema 73:28; bala Diane 27:11.) Batho ba le bantsi ga ba ikobele Modimo. Kana e bile, ga se ene a laolang lefatshe. Fa e le gore ga se ene, ke mang yo o laolang lefatshe?

KE MANG YO O LAOLANG LEFATSHE?

Satane o solofetsa Jesu magosi otlhe kgotsa dipuso tsa lefatshe

Fa e le gore magosi otlhe a lefatshe ga se a ga Satane, ke eng fa a ne a a solofetsa Jesu?

11, 12. (a) Ntlha ya go bo Satane a solofeditse Jesu magosi a lefatshe e re ruta eng? (b) Ke ditemana dife tsa Baebele tse di bontshang gore Satane ke ene a laolang lefatshe?

11 Jesu o ne a itse gore ke mang yo o busang lefatshe. Nako nngwe Satane o ne a “mmontsha magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one” mme a mo raya a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” (Mathaio 4:8, 9; Luke 4:5, 6) Ipotse jaana: ‘A go a kgonega gore Satane a solofetse Jesu magosi ao fa e ne e se a gagwe?’ Ga go kgonege. Dipuso tsotlhe tsa lefatshe leno ke tsa ga Satane.

12 Gongwe o ka ipotsa go re: ‘Go tla jang gore Satane e nne ene a laolang lefatshe? A Jehofa ga se ene Modimo Mothatayotlhe, yo o bopileng dilo tsotlhe?’ (Tshenolo 4:11) Ee go ntse jalo, mme Jesu o ne a bitsa Satane a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 14:30; 16:11) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a bitsa Satane Diabolo a re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Moaposetoloi Johane o ne a kwala a re “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

LEFATSHE LA GA SATANE LE TLA NYELEDIWA JANG?

13. Ke eng fa re tlhoka lefatshe le lesha?

13 Lefatshe leno le nnela kotsi go ya pele. Dintwa, boferefere, boitimokanyi le tirisodikgoka ke seomodiro fela. Le fa batho ba re ba leka go le kana kang go fedisa mathata ano otlhe, ba itaya se fololetse. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla fedisa bosula jo bo mo lefatsheng ka ntwa ya Haramagedona le go dira gore go nne le lefatshe le lesha la tshiamo.—Tshenolo 16:14-16; bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 10.

14. Ke mang yo Modimo a mo tlhophileng go nna Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe? Baebele e ne ya porofeta e reng ka Jesu?

14 Jehofa o tlhophile Jesu Keresete gore e nne ene Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe jo bo kwa legodimong. Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Baebele e ne ya porofeta gore Jesu o tla busa e le “Kgosana ya Kagiso” le gore puso ya gagwe e tla tswelela e busa go ya go ile. (Isaia 9:6, 7) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba rapelele puso eo ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Mo Kgaolo 8, re tla ithuta kafa Bogosi Jwa Modimo bo tla nyeletsang magosi a lefatshe leno ka gone. (Bala Daniele 2:44.) Mme go tswa foo, Bogosi Jwa Modimo bo tla fetola lefatshe go nna paradaise e ntle.—Bona Ntlha e e Kwa Bofelong ya 11.

LEFATSHE LE LESHA LE GAUFI!

Batho ba a opela, ba tshameka diletswa tsa mmino le go itumelela botshelo mo lefatsheng le lesha

15. “Lefatshe le lesha” ke eng?

15 Baebele ya re: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng” mme “go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13; Isaia 65:17) Ka dinako tse dingwe fa Baebele e bua ka “lefatshe” e a bo e bua ka batho. (Genesise 11:1) Ka jalo, “lefatshe le lesha” la tshiamo ke batho botlhe ba ba ikobelang Modimo, ba a tla ba segofatsang.

16. Ke mpho efe e Modimo a tla e nayang ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng le lesha, mme re tshwanetse go dira eng gore a re e neye?

16 Jesu o ne a solofetsa gore batho ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha la Modimo ba tla newa “botshelo jo bo sa khutleng.” (Mareko 10:30) Re tshwanetse go dira eng gore re newe mpho eo? Tsweetswee bala Johane 3:16 le 17:3 go bona karabo. A jaanong re boneng gore Baebele ya re botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng la Paradaise.

17, 18. Re itse jang gore go tlile go rena kagiso mo lefatsheng le gore re tlile go tshela ka pabalesego?

17 Bosula, dintwa, bokebekwa le thubakanyo di tla bo sa tlhole di le gone. Ga go kitla go nna le batho ba ba bosula mo lefatsheng. (Pesalema 37:10, 11) Modimo o tla “dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.” (Pesalema 46:9; Isaia 2:4) Go tla bo go na le batho ba ba ratang Modimo e bile ba mo ikobela. Go tla bo go rena kagiso.—Pesalema 72:7.

18 Batho ba ga Jehofa ba tla tshela ka pabalesego. Fa Baiseraele ba ne ba ikobela Modimo, ba ne ba tshela ka pabalesego ka gonne o ne a ba sireletsa. (Lefitiko 25:18, 19) Kwa lefatsheng la Paradaise, ga re kitla re boifa sepe kgotsa ope. Re tla bo re sireletsegile tota!—Bala Isaia 32:18; Mika 4:4.

19. Re itse jang gore dijo e tla bo e le ntletsentletse kwa lefatsheng le lesha?

19 Dijo e tla bo e le ntletsentletse. “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Jehofa “Modimo wa rona, o tla re segofatsa” e bile ‘lefatshe le tla ntsha kungo ya lone.’—Pesalema 67:6.

20. Re itse jang gore lefatshe e tla nna paradaise?

20 Lefatshe lotlhe e tla nna paradaise. Batho ba tla bo ba na le matlo le ditshingwana tse dintle thata. (Bala Isaia 65:21-24; Tshenolo 11:18.) Lefatshe lotlhe le tla nna fela jaaka tshimo e ntle ya Edene. Jehofa o tla re naya sengwe le sengwe se re se tlhokang. Baebele e bua jaana ka ene: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”—Pesalema 145:16.

21. Re itse jang gore batho ba tla tshela mmogo le diphologolo?

21 Batho ba tla tshela mmogo le diphologolo. Diphologolo ga di kitla di gobatsa batho. Bana ba tla ikutlwa ba babalesegile, tota le fa ba na le diphologolo tse gompieno di leng kotsi thata.—Bala Isaia 11:6-9; 65:25.

22. Ke eng se Jesu a tla se direlang batho ba ba lwalang?

22 Ga go na ope yo o tla bong a lwala. Jesu o ne a fodisa batho ba le bantsi fa a ne a le mo lefatsheng. (Mathaio 9:35; Mareko 1:40-42; Johane 5:5-9) E re ka e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tla fodisa mongwe le mongwe. Ga go na ope yo o tla reng: “Ke a bobola.”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

23. Modimo o tla dira eng ka batho ba ba suleng?

23 Batho ba ba suleng ba tla tshela gape. Modimo o solofetsa gore o tla tsosa batho ba ba suleng. “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Bala Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

24. O ikutlwa jang ka go tshela mo lefatsheng la Paradaise?

24 Re tshwanetse go dira tshwetso. Re ka tlhopha go ithuta ka Jehofa le go mo direla kgotsa go itshelela fela jaaka re batla. Fa re tlhopha go direla Jehofa, re tla tshela monate mo nakong e e tlang. Monna mongwe o ne a re fa Jesu a sena go tsosiwa a mo gopole, mme Jesu o ne a mo solofetsa a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) A re ithute ka Jesu Keresete le kafa a tla diragatsang ditsholofetso tse di itumedisang tsa Modimo ka gone mo nakong e e tlang.

TSHOBOKANYO

NTLHA 1: LEBAKA LA GO BO MODIMO A RE BOPILE

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:29

Modimo o ikaeletse eng ka batho?

  • Genesise 1:28

    Modimo o ne a batla gore batho ba dire lefatshe paradaise le go tlhokomela diphologolo.

  • Isaia 46:9-11; 55:11

    Modimo o tla dira se a se ikaeletseng e bile ga go na sepe se se tla mo thibelang.

NTLHA 2: LEBAKA LA GO BO BOTSHELO BO LE THATA

“Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19

Ke mang yo o laolang lefatshe?

  • Johane 12:31

    Jesu o ne a bitsa Satane a re ke mmusi wa lefatshe leno.

  • Jakobe 1:13-15

    Satane o ne a batla dilo tse e seng tsa gagwe.

  • Genesise 2:17; 3:1-6

    Satane o ne a raela Efa. Adame le Efa ba ne ba tlola taelo ya Modimo mme moragonyana ba swa.

  • Baroma 3:23; 5:12

    Re a swa ka gonne re ruile boleo jwa ga Adame.

  • 2 Bakorintha 4:3, 4

    Satane o tsietsa batho.

NTLHA 3: BOGOSI JWA MODIMO BO TLA RARABOLOLA MATHATA A BATHO

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng.”—Mathaio 6:10

Jehofa o tla dira eng?

  • Daniele 2:44

    Puso ya Modimo ke yone e tla busang lefatshe.

  • Tshenolo 16:14-16

    Modimo o tla nyeletsa lefatshe leno le le bosula ka ntwa ya Haramagedona.

  • Isaia 9:6, 7

    Jehofa o tlhophile Jesu gore e nne Kgosi ya Bogosi jwa Gagwe jo bo kwa legodimong. Jesu o tla busa lefatshe.

NTLHA 4: BOGOSI JWA MODIMO BO TLA DIRA GORE LEFATSHE E NNE PARADAISE

“O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”—Pesalema 145:16

Bogosi Jwa Modimo bo tla re direla eng?

  • Pesalema 46:9

    Dintwa, bokebekwa le thubakanyo di tla bo di sa tlhole di le gone.

  • Isaia 32:18; 65:21-24

    Kwa lefatsheng le lesha, botlhe ba tla nna le matlo le ditshingwana tse dintle e bile ba tla tshela ka kagiso.

  • Pesalema 72:16

    Dijo e tla bo e le ntletsentletse.

  • Isaia 11:6-9

    Batho ba tla tshela mmogo le diphologolo.

  • Isaia 33:24; Ditiro 24:15

    Ga go ope yo o tla bong a lwala e bile baswi ba tla tsosiwa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela