LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 3/1 ts. 15-19
  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa go Nna le Kagiso le Modimo go Neng ga Latlhega ka Gone
  • Mo Kagisong mo Lefatsheng Le Le Bobaba
  • Motheo O O Botoka wa Kagiso
  • Kgolagano ya Kagiso
  • Kagiso ya Bomodimo mo go Bao ba Rutwang ke Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kafa o ka Itemogelang Kagiso ya Bomodimo Ka Botlalo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Kagiso ya Boammaaruri—Go Tswa Motsweding Ofe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • ‘Batla Kagiso Mme o e Latelele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 3/1 ts. 15-19

A “Kagishō ea Modimo” e Dibele Pelo ya Gago

“A Yehofa a gu choleletsè sehatlhōgō sa gagwè a gu neè kagishō.”—DIPALŌ 6:26.

1. Paulo o ne a kwalela Timotheo eng pele fela a swa, mme o ne a senola eng?

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a golegilwe kwa Roma ka ngwaga wa 65 C.E. Paulo o ne a le mo kagisong lemororo a ne a tla tloga a swa setlhogo a bolawa ke mmolai wa Moroma. Seno se bonala mo mafokong ao a neng a a kwalela tsala ya gagwe e potlana Timotheo fa a ne a re: “Ke tlhabanye ntwa e e molemō, ke digetse sebaka sa tshianō, ke bolokile tumèlō: Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō, se Morèna, moatlhodi oa tshiamō, o tla se nnaeañ mo tsatsiñ yeuō.”—2 Timotheo 4:7, 8.

2. Ke eng seo se neng sa dibela pelo ya ga Paulo mo botshelong jotlhe jwa gagwe jo bo neng bo tletse ka ditiragalo go fitlha a swa?

2 Paulo o ne a kgona jang go nna a ritibetse jaana lemororo a ne a lebane le loso? Ke ka gonne pelo ya gagwe e ne e dibelwa ke “kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe.” (Bafilipi 4:7) Yone kagiso eno e ne e mo sireleditse mo dingwageng tsotlhe tseo a neng a dira thata mo go tsone fa a sale a sokologela mo Bokereseteng. E ne e mo tshegeditse fa a ne a tlhaselwa ke digopa, fa a tsenngwa mo kgolegelong, fa a ne a itewa, le fa a ne a kgobotlediwa ka maje. E ne e mo nonotshitse fa a ne a lwa kgatlhanong le batenegi le tlhotlheletso ya Sejuda. Mme e ne e mo thusitse go lwa le maatla a a sa bonaleng a badimona. Go bonala gore e ne ya mo thatafatsa go ya fela kwa bokhutlong.—2 Bakorintha 10:4, 5; 11:21-27; Baefesia 6:11, 12.

3. Ke dipotso dife tse di bodiwang kaga kagiso ya Modimo?

3 Abo Paulo a ne a fitlhela kagiso eno e le maatla a a nonofileng thata jang ne! A gompieno re ka kgona go e itse gore ke eng? A e ka thusa go dibela dipelo tsa rona mme ya re nonotsha fa re ntse re ‘tlhabana ntwa e e molemo ya tumelo’ mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang’ tse di bokete tseno?—1 Timotheo 6:12; 2 Timotheo 3:1.

Kafa go Nna le Kagiso le Modimo go Neng ga Latlhega ka Gone

4. Mo Bibeleng, lefoko “kagishō” le kaya eng gape?

4 Mo Bibeleng, lefoko “kagishō” le na le bokao jo bontsi. A a latelang ke mangwe a one jaaka a kwadilwe mo go The New International Dictionary of New Testament Theology: “Mo T[esetamenteng] yotlhe e K[gologolo], [sha·lohmʹ] (kagiso) e akaretsa go tshela sentle kafa lefoko leno le tlhaloganngwang ka gone ka kakaretso (Baatlh. 19:20); go huma (Pes. 73:3), le eleng le fa e umaka baikepi; boitekanelo jwa mmele (Isa. 57:18[, 19]; Pes. 38:3); kgotsofalo . . . (Gen. 15:15 jalo le jalo); kamano e e molemo fa gare ga merafe le batho (. . . Baatlh. 4:17; 1 Dit. 12:17, 18); poloko (. . . Yer. 29:11; bapisa Yer. 14:13).” Se se botlhokwa thata ke go nna le kamano ya kagiso le Jehofa, eo kwantle ga yone kagiso epe fela e leng ya nakwana kana e leng e e tlhaelang.—2 Bakorintha 13:11.

5. Kagiso ya dibopiwa tsa Modimo e ile ya senyega jang kwa tshimologong?

5 Kwa tshimologong, popo yotlhe e ne e le mo kagisong ka botlalo le Jehofa. Modimo o ne wa bolela ka lebaka le le molemo gore dilo tsotlhe tse a di bopileng di ne di le molemo tota. Eleruri, le bone baengele ba ne ba thela loshalaba fa ba di bona. (Genesise 1:31; Yobe 38:4-7) Lefa go le jalo, se se utlwisang botlhoko ke gore kagiso eo ya lobopo ga e a ka ya nnela ruri. E ne ya senyega fa sebopiwa sengwe sa semoya se jaanong se bidiwang Satane se ne se hepisa sebopiwa se sesha se se botlhale sa Modimo, ebong Efa, gore se se ka sa dira go ya kafa Modimo o laotseng ka gone. Monna wa ga Efa, ebong Adame, o ne a mo sala morago, mme go ne ga nna le kgotlhang mo lobopong ka go ne go na le ditsuolodi tse tharo mo go lone.—Genesise 3:1-6.

6. Go se nne le kagiso le Modimo go ile ga felela ka eng mo bathong?

6 Go latlhegelwa ke go nna le kagiso le Modimo e ne e le kotsi e e neng ya tlhagela Adame le Efa, bao jaanong ba neng ba simolola ka bonya ka bonya go koafala mo mmeleng goo go neng ga felela ka loso. Go na le gore ba itumelele kagiso mo Paradaiseng, Adame o ne a tshwanela go lema mmu oo o neng o le thata o o ka kwa ntle ga Edena go tlamela lelapa la gagwe le le neng le gola. Go na le gore a tshole lotso lwa batho ba ba itekanetseng a kgotsofetse, Efa o ne a nna le bana ba ba sa itekanelang ka ditlhabi le botlhoko. Go latlhegelwa ke go nna le kagiso le Modimo go ne ga baka lefufa le thubakanyo mo lefatsheng. Kaine o ne a bolaya morwarraagwe Abele, mme ka nako ya Morwalela, lefatshe lotlhe le ne le tletse thubakanyo. (Genesise 3:7–4:16; 5:5; 6:11, 12) Fa batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba swa, eleruri ga ba a ka ba fologela kwa diphupung tsa bone ba kgotsofetse, “ka kagishō,” jaaka Aberahame dingwaga di le makgolokgolo moragonyana.—Genesise 15:15.

7. (a) Modimo o ne wa bolela boperofeti bofe jo bo neng bo supa gore kagiso e e tletseng e tla boa e nna gone gape? (b) Mmaba wa Modimo Satane o ne a nna le tlhotlheletso e kgolo thata jang?

7 Fa Adame le Efa ba sena go latlhegelwa ke kagiso, re bona bobaba bo umakiwa la ntlha mo Bibeleng. Modimo o ne wa bua le Satane mme wa bolela jaana: “Me ke tla tsenya bobaba ha gare ga gago le mosadi, le ha gare ga losika loa gago le losika loa gagwè: lōna lo tla tapeta tlhōgō ea gago, me wèna u tla kgōba serèthè sa gagwè.” (Genesise 3:15) Fa nako e ntse e tsamaya, tlhotlheletso ya ga Satane e ne ya gola go fitlha mo Johane a neng a ka bua jaana: “Lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula.” (1 Yohane 5:19) Lefatshe le le kafa tlase ga ga Satane eleruri ga le mo kagisong le Modimo. Go a tshwanela he go bo morutwa Jakobe a bo a ile a tlhagisa Bakeresete jaana: “A ga lo itse ha botsalanō yoa lehatshe e le bobaba mo Modimoñ?”—Yakobe 4:4.

Mo Kagisong mo Lefatsheng Le Le Bobaba

8, 9. Batho ba ne ba ka nna mo kagisong jang fa Adame a sena go leofa?

8 Bogologolo kwa Edena fa Modimo o ne o umaka lefoko “bobaba,” o ne wa bolelela pele gape kagiso e e tletseng e e neng e tla busediwa gape mo popong. Losika lo lo solofeditsweng lwa mosadi wa Modimo lo ne lo tla kgoba tlhogo ya mosenyakagiso wa ntlhantlha. Go tloga kwa Edena go ya kwa pele, bao ba neng ba dumela mo tsholofetsong eo ba ne ba itumelela go nna le kamano ya kagiso le Modimo. Fa e le kaga Aberahame, seno se ne sa gola go nna botsalano.—2 Ditihalō 20:7; Yakobe 2:23.

9 Mo nakong ya ga Moshe, Jehofa o ne a bopa bana ba ga Iseraele, setlogolwana sa ga Aberahame, go nna morafe. O ne a naya morafe ono kagiso, jaaka seo se bonwa fa Arone, moperesiti yo mogolo a ne a ba segofatsa jaana: “A Yehofa a gu segōhatsè, a gu bolokè: A Yehofa a gu phatsimisetsè sehatlhōgō sa gagwè, me a nnè pelochweu go wèna.” (Dipalō 6:24-26) Kagiso ya ga Jehofa e ne e tla lere tuelo e kgolo, mme go ne go tla tlhokega sengwe fa e ntshiwa.

10, 11. Mabapi le Baiseraele, go nna le kagiso le Modimo go ne go ikaegile ka eng, mme seo se ne se tla felela ka eng?

10 Jehofa o ne a bolelela morafe oo jaana: “Ha lo sepela mo melaoñ ea me, ha lo boloka ditaolō tsa me, lo di diha; Hoñ ke tla nesa dipula tsa lona mo dipakeñ tsa cōna, me lehatshe le tla ntsha totahalō ea yeōna, le ditlhare tsa lotlhagare di tla ntsha louñō loa cōna. Me ke tla lo naea kagishō mo lehatshiñ, lo tla rōbala, me ga go na opè eo o tla lo boihisañ: dibatana tse di boshula ke tla di khutlisa mo lehatshiñ, le chaka ga e ketla e ralala lehatshe ya lona. Ke tla sepela mo go lona, ke tla nna Modimo oa lona, me lo tla nna batho ba me.” (Lefitiko 26:3, 4, 6, 12) Baiseraele ba ne ba ka ipelela kagiso gonne ba ne ba sireleditswe mo babeng ba bone, ba na le letlepu la dilo tse di bonalang, le kamano e e gaufi thata le Jehofa. Mme seno se ne se tla ikaega ka gore a ba kgomarela Molao wa ga Jehofa.—Pesalema 119:165.

11 Mo hisitoring yotlhe ya morafe oo, Baiseraele bao ba neng ba kgomarela melao ya ga Jehofa ka boikanyegi ba ne ba itumelela go nna mo kagisong le ene, mme gantsi seo se ne se lere masego a mangwe a mantsi. Mo dingwageng tsa ntlha tsa puso ya ga Kgosi Solomone go nna ga bone le kagiso le Modimo go ne go dira gore ba hume mmogo le go ikhutsa mo go lweng le baagisani ba Baiseraele. Bibela e bolela jaana fa e tlhalosa nako eo: “Me ba Yuda le ba Iseraela ba ne ba agile ka thagamō, moñwe le moñwe ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè, go cwa Dana go ea Beresheba, ka metlha eotlhe ea ga Solomone.” (1 Dikgosi 4:25) Le eleng lefa ba ne ba na le dikgogakgogano le dinaga tse di bapileng nabo, Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba santse ba na le kagiso ya mmatota, kagiso le Modimo. Ka gone, Kgosi Dafide, lesole le le itsegeng thata, le ne la kwala jaana: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo u nkagisañ mo polokegoñ.”—Pesalema 4:8.

Motheo O O Botoka wa Kagiso

12. Baiseraele kgabagare ba ne ba tlogela go nna mo kagisong le Modimo jang?

12 Kgabagare, Losika loo lo neng lo tla lere kagiso e e tletseng le ne la tla e le motho Jesu, mme baengele ba ne ba opela jaana fa a ne a tsholwa: “Kgalalèlō e nnè go Modimo kwa bogodimodimoñ, le kagishō e nnè mo lehatshiñ, mo bathuñ ba o kgatlhègañ thata mo go bōnè.” (Luke 2:14) Jesu o ne a tsholelwa kwa Iseraele, mme lemororo morafe oo o ne o le kafa tlase ga kgolagano ya Modimo, o ne wa mo gana otlhe mme wa mo naya Baroma gore ba mmolaye. Gautshwane fela pele a swa, Jesu o ne a lelela Jerusalema a bolela jaana: “Ao! u ka bo u itsile, E, e leñ wèna, mo tsatsiñ yeno ye ya gago, u ka bo u itsile dilō tse e leñ tsa kagishō! me yanoñ di shubecwe matlhō a gago.” (Luke 19:42; Yohane 1:11) Iseraele o ne a latlhegelwa gotlhelele ke kagiso le Modimo gonne a ne a ganne Jesu.

13. Ke tsela efe e ntšha eo Jehofa a neng a e tlhoma eo motho a neng a tla kgona go nna le kagiso le Ene ka yone?

13 Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa Modimo bo ne bo sa senyega. Jesu o ne a tsosiwa mo baswing mme o ne a naya Jehofa boleng jwa botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jaaka thekololo ya batho ba ba dipelo di siameng. (Bahebera 9:11-14) Setlhabelo sa ga Jesu e ne ya nna tsela e ntšha le e e botoka eo ka yone batho—Baiseraele le Baditšhaba ba tlholego—ba neng ba ka bona kagiso ka yone le Modimo. Paulo o ne a bolela jaana fa a ne a kwalela Bakeresete kwa Roma: “Gonne ha e rile re sa nntse re le baba ra letlañwa le Modimo ka loshō loa Morwa ōna.” (Baroma 5:10) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bao ba neng ba bona kagiso ka tsela eno ba ne ba tlodiwa ka moya gore ba tsholwe jaaka barwa ba Modimo le maloko a morafe wa semoya o o bidiwang “Iseraela oa Modimo.”—Bagalatia 6:16; Yohane 1:12, 13; 2 Bakorintha 1:21, 22; 1 Petere 2:9.

14, 15. Tlhalosa gore kagiso ya Modimo ke eng, mme o tlhalose gape gore e sireletsa Bakeresete jang le eleng lefa ba tlhaselwa ke Satane.

14 Baiseraele ba basha bano ba semoya ba ne ba tlile go bogisiwa ke Satane le lefatshe la gagwe. (Yohane 17:14) Lefa go ntse jalo, ba ne ba tla nna le ‘kagiso e e tswang mo Modimong Rara le Keresete Yesu Morena wa rona.’ (2 Timotheo 1:2) Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Dilō tse ke di buile le lona, gore lo nnè le kagishō mo go nna. Mo lehatshiñ lo na le pitlaganō: me nametsègañ; ke hentse lehatshe.”—Yohane 16:33.

15 Eno ke kagiso e e neng ya thusa Paulo le Bakeresete ka ene go itshoka lemororo ba ne ba lebane le mathata. E supa thetebalo, kamano ya kutlwano le Modimo e e nnang gone ka setlhabelo sa ga Jesu. E naya motho yo o nang nayo kagiso ya mogopolo e e ritibetseng jaaka a ntse a lemoga gore Jehofa o a amega. Ngwana yo o ntseng mo mabogong a rre yo o lorato o ikutlwa a le mo kagisong, a tlhomamisegile tota ka botlalo gore o tlhokometswe ke mongwe yo a mo ratang. Paulo o ne a kgothatsa Bafilipi jaana: “Lo se ka loa tlhobaediwa ke sepè; me mo diloñ cotlhe a ditōpō tsa lona di itsisiwè Modimo ka thapèlō le kokotlèlō, di na le tebogō. Me kagishō ea Modimo e e hetañ tlhaloganyō eotlhe, e tla dibelèla dipelo tsa lona le megopolō ea lona mo go Keresete Yesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

16. Go nna ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga mo kagisong le Modimo go ile ga nna le phelelo efe mo kamanong ya bone mmogo?

16 Nngwe ya dilo tseo go latlhegelwa ke go nna le kagiso le Modimo ga motho go neng ga felela ka tsone e ne e le letlhoo le dikgogakgogano. Go nna ga Bakeresete ba pele mo kagisong le Modimo go ne ga felela ka sengwe se se farologaneng tota le seo: kagiso le kutlwano mo gare ga bone, seo Paulo a neng a se bitsa “boñwe hèla yoa Mōea mo tumalanoñ ea kagishō.” (Baefesia 4:3) Ba ne ba ‘le pelo nngwe fela, ba tshela ka kagiso: me Modimo wa lorato le kagiso o ne o na le bone.’ Mo godimo ga moo, ba ne ba rera “Mahoko a a Molemō a kagishō,” ao a neng a le botlhokwa thata, mafoko a a molemo a poloko a ‘bomorwa kagiso,’ e leng bao ba neng ba tla reetsa mafoko a a molemo.—2 Bakorintha 13:11; Ditihō 10:36; Luke 10:5, 6.

Kgolagano ya Kagiso

17. Ke eng seo Modimo o se dirileng ka batho ba gagwe mo motlheng ono wa rona?

17 A kagiso e e ntseng jalo e ka bonwa gompieno? Ee go ntse jalo. Fa esale go tloga fa Bogosi jwa Modimo bo tlhomiwa kafa tlase ga Jesu Keresete ka 1914, Jehofa o ile a phutha ba ba setseng ba Iseraela wa Modimo a ba ntsha mo lefatsheng leno mme a dira kgolagano ya kagiso le bone. Ka gone o ne a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe e a neng a e dirile ka moperofeti Esekiele: “Ke tla diha kgōlaganō ea kagishō nabō: e tla nna kgōlaganō e e sa khutleñ nabō: me ke tla ba baea, ke ba ntsihatsa, ke ba ke baea helō ga me ga boitshepō mo gare ga bōne ka bosakhutleñ.” (Esekiele 37:26) Jehofa o ne a dira kgolagano eno le Bakeresete ba ba tloditsweng bao, jaaka bakaulengwe ba bone ba lekgolo la ntlha la dingwaga, le bone ba dumelang mo setlhabelong sa ga Jesu. Ereka ba tlhapisitswe leswe la semoya, ba ile ba ineela mo go Rara wa selegodimo mme ba ganelela mo go lateleng ditaolo tsa gagwe, mme tsela e e itsegeng thata eo ba dirang seno ka yone ke go rera mafoko a a molemo a Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo lefatshe ka bophara.—Mathaio 24:14.

18. Batho bangwe ba merafe ba ile ba dira eng fa ba ne ba lemoga gore leina la Modimo le mo go Iseraele wa Modimo?

18 Boperofeti joo bo tswelela jaana: “Le motlaagana oa me o nna le bōnè; ke tla nna Modimo oa bōnè, le bōnè ba tla nna batho ba me. Me merahe e tla itse ha e le nna Yehofa eo ke itshepisañ Iseraela, mogañ hèlō ga me ga boitshèpō go nnañ mo go bōnè ka bosakhutleñ.” (Esekiele 37:27, 28) Tumalanong le seno, diketekete tse di makgolokgolo, ee, dimilione, tse di tswang mo ‘merafeng’ di ile tsa lemoga gore leina la ga Jehofa le mo go Iseraele wa Modimo. (Sekaria 8:23) Ba ile ba oologela go direla Jehofa le morafe oo ba tswa mo merafeng yotlhe, ba bopa “boidiidi yo bogolo” joo bo neng jwa bonelwa pele mo go Tshenolō. Ereka ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana,” ba tla falola sepitla se segolo ba falolele mo lefatsheng le lesha la kagiso.—Tshenolō 7:9, 14.

19. Batho ba Modimo ba ipelela kagiso efe gompieno?

19 Iseraele wa Modimo mmogo le boidiidi jo bogolo e ipelela kagiso e e tshwanang fela le eo e neng e ipelelwa ke Baiseraele fa ba ne ba busiwa ke Kgosi Solomone. Mika o ne a perofesa jaana kaga bone: “Me ba tla thula dichaka tsa bōnè megoma, le marumō a bōnè dithipa tse di segañ mabele: morahe ga o ketla o èkèla morahe o moñwe chaka, le gōna ga ba ketla ba tlhōla ba ithuta ntwa gopè. Me moñwe le moñwe oa bōnè o tla dula ha tlhatse ga mofine oa gagwè le ha tlhatse ga mofeige oa gagwè; me opè ga a ketla a ba boihisa.” (Mika 4:3, 4; Isaia 2:2-4) Tumalanong le seno, ba ile ba tlogela ntwa le dikgogakgogano, ba thula ditšhaka tsa bone megoma le marumo a bone dithipa tse di segang mabele ka tsela ya tshwantshetso. Ka gone, ba ipelela bokaulengwe jo bo nang le kagiso mo tikologong ya batho ba merafeyotlhe, go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe, puo efe, lotso, kana gore ke ba maemo afe. Mme ba itumelela tlhokomelo e e lorato ya go sirelediwa ke Jehofa e ba tlhomamisegileng ka yone. ‘Ga go ope yo a ba boifisang.’ Ka boammaaruri, “Yehofa o tla naea batho ba gagwè nonohō; Yehofa o tla segōhatsa batho ba gagwè ka kagishō.”—Pesalema 29:11.

20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira gore re boloke kagiso ya rona le Modimo? (b) Ke eng seo re ka se bolelang kaga maiteko a ga Satane a go senya kagiso ya batho ba Modimo?

20 Lefa go ntse jalo, fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. kagiso e batlhanka ba Modimo ba nang nayo e ile ya tsosa bobaba jwa ga Satane. Satane o sale a lwa le “ba ba setseñ ba losika loa [mosadi]” fa e sale a kobiwa kwa legodimong fa Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlhomiwa ka 1914. (Tshenolō 12:17) Paulo o ne a tlhagisa le eleng jaana mo motlheng wa gagwe: “Gonne ga re lwe le nama le madi, me re lwa le . . . mashomōshomō a meōea ea boikèpō mo mannoñ a selegodimo.” (Baefesia 6:12) Tlhagiso eo jaanong e tshwanetse go reediwa ka bonako gonne Satane jaanong a tswaletswe mo tikologong ya lefatshe.

21 Satane o ile a dirisa maano mangwe le mangwe fela a a ka a kgonang go leka go senya kagiso ya batho ba Modimo mme o ile a palelwa. Bogologolo ka 1919, go ne go sena lefa e ka nna ba le 10 000 bao ba neng ba leka ka natla go direla Modimo ka boikanyegi. Gompieno, go na le ba ba fetang dimilione di le nnè bao ba fenyang lefatshe ka tumelo ya bone. (1 Yohane 5:4) Mo go bano, go nna mo kagisong le Modimo le go nna le kagiso mongwe le yo mongwe ke selo sa mmatota, fela jaaka ba itshokela bobaba jwa ga Satane le losika lwa gagwe. Mme ka ntlha ya bobaba jono, le fa re akanyetsa go sa itekanelang ga rona le “dipaka tse di tlhokohatsañ” tseo re tshelang mo go tsone, re tshwanela go dira bojotlhe go boloka kagiso ya rona. (2 Timotheo 3:1) Re tla bona gore seno se kopanyeletsa eng mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Tlhalosa?

◻ Ke ka ntlha yang fa motho a ne a latlhegelwa ke kagiso ya gagwe le Modimo kwa tshimologong?

◻ Mabapi le Baiseraele, go nna ga bone mo kagisong le Modimo go ne go ikaegile ka eng?

◻ Go nna mo kagisong le Modimo gompieno go ikaegile ka eng?

◻ “Kagishō ea Modimo” e e dibelang dipelo tsa rona ke eng?

◻ Re ipelela masego afe a mangwe fa re le mo kagisong le Modimo?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela