LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • hf karolo 8 karolo 1-3
  • Fa go Tlhaga Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa go Tlhaga Mathata
  • Lelapa la Gago le ka Itumela
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • 1 IKAEGE KA JEHOFA
  • 2 ITLHOKOMELE O BO O TLHOKOMELE BA LELAPA LA GAGO
  • 3 KOPA THUSO
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2017
  • Ikanye Jehofa ka Metlha!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Jehofa o Bona se se Diragalelang Batho ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Tsela ya go Bona Tsholofelo mo Nakong ya Boitlhobogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Lelapa la Gago le ka Itumela
hf karolo 8 karolo 1-3
Monna le mosadi ba hutsafaditswe ke loso lwa ngwana

KAROLO 8

Fa go Tlhaga Mathata

“Lo ipelela seno thata, le fa ka lobakanyana mo nakong eno, fa e le gore go tshwanetse, lo hutsafaditswe ke diteko tse di farologaneng.”—1 Petere 1:6

Le fa lo leka ka natla go nna le lenyalo le lelapa le le itumetseng, go ka direga gore go nne le dilo tse di sa lebelelwang tse di ka dirang gore lo se ka lwa nna lo itumetse. (Moreri 9:11) Modimo o re thusa ka lorato fa re lebana le mathata. Fa wena le lelapa la gago lo dirisa melaometheo e e latelang ya Baebele, lo tla kgona go emelana le mathata, tota le e leng mo maemong a a maswe.

1 IKAEGE KA JEHOFA

SE BAEBELE E SE BUANG: ‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo go ene, ka gonne o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Ka metlha gakologelwa gore Modimo ga se ene a go bakelang diteko. (Jakobe 1:13) Fa o atamalana le ene, o tla go thusa ka tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe. (Isaia 41:10) “Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe.”—Pesalema 62:8.

O tla bona kgomotso fa o bala le go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi. Seo se tla dira gore o lemoge kafa Jehofa a re “gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona” ka gone. (2 Bakorintha 1:3, 4; Baroma 15:4) O solofetsa go re naya “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”—Bafilipi 4:6, 7, 13.

Monna o rapela le lelapa la gagwe a le mo bookelong

SE O KA SE DIRANG:

  • Rapela Jehofa gore a go thuse go ritibala le go akanya sentle

  • Sekaseka dikakantsho tsotlhe mme o tlhophe tse o ka di dirisang

2 ITLHOKOMELE O BO O TLHOKOMELE BA LELAPA LA GAGO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Pelo ya yo o nang le tlhaloganyo e bapala kitso, mme tsebe ya ba ba botlhale e senka go bona kitso.” (Diane 18:15) Batla dintlha tsotlhe. Itse se mongwe le mongwe mo lelapeng a se tlhokang. Bua le bone mme o ba reetse.—Diane 20:5.

Go tweng fa motho yo o mo ratang a tlhokafala? Se boife go bontsha kafa o ikutlwang ka gone. Gakologelwa gore tota le Jesu o ne “a tsholola dikeledi.” (Johane 11:35; Moreri 3:4) Gape go botlhokwa gore o ikhutse o bo o robale sentle. (Moreri 4:6) Seno se tla go thusa gore o kgone go emelana le maemo a a ngomolang pelo.

SE O KA SE DIRANG:

  • Pele go nna le mathata, itlwaetse go nna o bua le lelapa la gago. Fa mathata a tlhaga, ba tla ikutlwa ba gololesegile go bua le wena

  • Bua le batho ba ba kileng ba lebana le boemo jo bo tshwanang le jwa lona

3 KOPA THUSO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Ditsala tsa gago di ka batla go go thusa mme di ka tswa di sa itse gore di dire eng. O se ka wa tshaba go ba bolelela se o se tlhokang. (Diane 12:25) Gape kopa thuso ya Dikwalo mo bathong ba ba tlhaloganyang Baebele. Kgakololo e ba ka go nayang yone e e tswang mo Baebeleng, e tla go thusa.—Jakobe 5:14.

Fa ka metlha o itsalanya le batho ba ba nang le tumelo mo Modimong e bile ba ikanya ditsholofetso tsa gagwe, o tla bona thuso e o e tlhokang. Gape o tla gomodiwa ke go gomotsa ba bangwe. Ba bolelele ka tumelo ya gago mo go Jehofa le ka ditsholofetso tsa gagwe. Nna o tshwaregile ka go thusa batho ba ba tlhokang thuso mme o se ka wa itlhaola mo bathong ba ba go ratang e bile ba amega ka wena.—Diane 18:1; 1 Bakorintha 15:58.

SE O KA SE DIRANG:

  • Bua le tsala e o atamalaneng le yone mme o e letle go go thusa

  • Bua ka tshosologo ka dilo tse o di tlhokang

LEBA DILO SENTLE

Le fa o ka tswa o ikutlwa o fekeediwa ke dilo tse dintsi, nna o akantse ka Modimo. Fa Jobe a ne a le mo tekong, o ne a re: “A leina la ga Jehofa le nne le bakwe.” (Jobe 1:21, 22) Fela jaaka Jobe, akanya ka leina la ga Jehofa le thato ya gagwe go na le go akanya ka mathata a gago. O se ka wa itlhoboga fa dilo di sa tsamaya kafa o neng o lebeletse ka teng. Ikanye Modimo ka botlalo. “‘Ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona,’ go bua Jehofa, ‘dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.’”—Jeremia 29:11.

IPOTSE . . .

  • A ke ikanya Jehofa ka botlalo, tota le mo dilong tse dinnye?

  • Ke na le mabaka afe a go leboga Jehofa letsatsi le letsatsi ka bomolemo jwa gagwe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela