Baamone—Batho ba ba Neng ba Bosulosetsa Bopelonomi ka Letlhoo
MOTSE wa segompieno o o bidiwang Amman, e leng motsemogolo wa bogosi jwa Bahashemite ba Joretane, o re dira gore re gakologelwe batho ba ba neng ba nyelela mo lefatsheng. Ba ne ba bidiwa Baamone. E ne e le bomang, mme ke eng se re ka se ithutang ka go nyelela ga bone?
Baamone e ne e le ditlogolwana tsa monna yo o neng a siame Lote. (Genesise 19:35-38) E re ka Lote e ne e le setlogolo sa ga Aberahame, o ka nna wa re Baamone e ne e le bontsalae Baiseraele. Lefa go ntse jalo, bana ba ga Lote ba ne ba fapogela mo kobamelong ya medimo ya maaka. Lefa go ntse jalo, Jehofa Modimo o ne a ntse a ba kgatlhegela. Fa setšhaba sa Iseraele se ne se atamela kwa Nageng e e Solofeditsweng, Modimo o ne wa ba tlhagisa jaana: “O se ka wa ba tshwenya [Baamone], le gone o se ganele nabo, gonne ga nketla ke go naya sepe sa lefatshe la bana ba ga Amone go nna thuo, gonne ke le neile bana ba ga Lote go nna thuo.”—Duteronome 2:19.
A Baamone ba ne ba anaanela bopelonomi joo? Go farologana le seo, ba ne ba gana go dumela gore Jehofa o ba neile sengwe. Ba ne ba bosulosetsa tsela e Modimo o neng o ba kgatlhegela ka yone e e pelonomi ka go tlhoa batho ba Modimo ka tsela e e setlhogo, e leng Baiseraele. Le mororo Baiseraele ba ne ba tlotla taolo ya ga Jehofa ba bo ba sa ba tlhasele, Baamone le bomorwarraabone Bamoabe ba ne ba ikutlwa ba sa sireletsega. Ke boammaaruri gore Baamone ga ba a ka ba tlhasela ka masole, mme ba ne ba hira moperofeti mongwe yo o neng a bidiwa Balaame mme ba mo kopa gore a hutse Iseraele!—Dipalo 22:1-6; Duteronome 23:3-6.
Morago ga moo go ne ga diragala sengwe se se gakgamatsang. Baebele e bolela gore Balaame ga a ka a kgona go bua phutso ya gagwe. O ne a ba bolelela masego fela, a re: “Go sego mongwe le mongwe yo o go segofatsang; go hutsegile mongwe le mongwe yo o go hutsang.” (Dipalo 24:9) Batho ba ba neng ba amega moo, go akaretsa le Baamone, ba tshwanetse ba ka bo ba ithutile sengwe se segolo mo go seno: Gore fa batho ba Modimo ba ne ba amiwa ke sengwe, o ne a nna a ipaakantse gore a ba thuse!
Lefa go ntse jalo, Baamone ba ne ba tswelela pele ba batla ditsela tsa go nna kgatlhanong le Iseraele. Mo motlheng wa Baatlhodi, Baamone ba ne ba kopana le Bamoabe le Baamaleke mme ba tlhasela Naga e e Solofeditsweng, go ya go fitlha kwa Jeriko. Lefa go ntse jalo, ga ba a ka ba fenya go ya go ile, ka gonne Moatlhodi Ehute wa Moiseraele a ne a busetsa batlhasedi kwa morago. (Baatlhodi 3:12-15, 27-30) Kagiso ya nakwana e e neng e sa iketla e ne ya nna teng go fitlha mo metlheng ya ga Moatlhodi Jefetha. Ka nako eo setšhaba sa Iseraele se ne se setse se tsene mo kobamelong ya medimo ya disetwa, ka jalo Jehofa a bo a sa tlhole a ba sireletsa. Ka gone, ka dingwaga di ka nna 18, Modimo o ile a “ba rekisetsa . . . mo seatleng sa bana ba Amone.” (Baatlhodi 10:6-9) Baamone ba ne ba fenngwa mo go setlhogo gape fa Baiseraele ba ne ba tlogela kobamelo ya medimo ya disetwa ba bo ba dira sentle ka nako ya fa Jefetha e le moeteledipele.—Baatlhodi 10:16–11:33.
Motlha wa Baiseraele wa go busiwa ke baatlhodi o ne wa khutla fa Saulo a ne a bewa kgosi ya bone ya ntlha. Letlhoo la Baamone le ne la tsoga gape ka bonakonyana fela morago ga gore Saulo a simolole go busa. Kgosi Nahashe o ne a tlhasela motse wa Iseraele wa Jabeshe-gileate ka tshoganetso. Fa banna ba motse oo ba ne ba kopa gore go nne le kagiso, Nahashe wa Moamone o ne a batla gore go dirwe selo seno se se bosula: “Ke tlaa dira kgolagano le lona ka mokgwa wa go re: A matlho otlhe a lona a ka fa tsogong le legolo a gonngwe.” Rahisitori e bong Flavius Josephus o bolela gore lebaka lengwe la go bo seno se ne se dirwa e ne e le go iphemela, e le gore “fa matlho a bone a a kafa molemeng a fitlhilwe ke dithebe tsa bone, ba ne ba ka nna ba se ka ba kgona go lwa gotlhelele mo ntweng.” Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa mmatota jwa kopo eno ya makgaolakgang e e setlhogo e ne e le go dira gore Baiseraele bano ba nne sekao ka tsela e e tlhabisang ditlhong.—1 Samuele 11:1, 2.
Baamone ba ne ba bosuloseditse bopelonomi jwa ga Jehofa ka letlhoo gape. Jehofa o ne a se ka a tlhokomologa go tshosetsa mono mo go bogale. “Saule a utlwa mafoko ao [a ga Nahashe], mowa wa Modimo wa tlaa ka thata mo go ene, le bogale jwa gagwe jwa tuka thata.” Saulo o ne a kaelwa ke moya wa Modimo gore a phuthe masole a le 330 000 a banna ba ntwa e le gore ba fenye Baamone gotlhelele mo go neng ga “se ka ga tlogelwa bape ba le babedi mmogo.”—1 Samuele 11:6, 11.
Go tshwarega thata ga Baamone mo go pelotshetlha ka dilo tse ba di ratang, bosetlhogo jwa bone le bohula jwa bone kgabagare go ne ga dira gore ba nyelediwe gotlhelele. Fela jaaka moperofeti wa ga Jehofa Sefania a ne a boleletse pele, ba ne ba nna “jaaka Gomora . . . le tshwafalo e e sa khutleng . . . ka ba kgobile, ba ikgodiseditse batho ba ga Jehofa wa masomosomo.”—Sefania 2:9, 10.
Baeteledipele ba lefatshe gompieno ba tshwanetse ba tsaya tsia se se neng sa diragalela Amone. Ka mo go tshwanang Modimo o bontshitse ditšhaba selekanyo se se rileng sa bopelonomi ka go ba letla gore ba age mo sebeong sa gagwe sa dinao, e leng lefatshe. Mme mo boemong jwa gore di tlhokomele lefatshe, ditšhaba tse di pelotshetlha di a le senya, tota e bile polanete eno e mo kotsing ya go senngwa ka nuklea. Go na le gore ditšhaba di bontshe baobamedi ba ga Jehofa bopelonomi mo lefatsheng, gantsi di ba bontsha letlhoo, di ba bogisa mo go setlhogo. Ka gone thuto e re e ithutang mo Baamoneng ke ya gore Jehofa ga a tseye go bosulosetsa bopelonomi jwa gagwe ka letlhoo e le selo se sepotlana. Mme ka nako ya gagwe e a e beileng, o tla tsaya kgato, fela jaaka a ne a dira mo metlheng ya bogologolo.—Bapisa Pesalema 2:6-12.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Marope a Roma kwa Amman, lefelo le Rabbah, e leng motsemogolo wa Baamone, o neng o le mo go lone
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Baamone ba ne ba nna mo karolong eno
[Motswedi wa Setshwantsho]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.