Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
MAY 2-8
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 27-29
“Leano la ga Dafide la go Fenya Ntwa”
it-1-E 41
Akishe
Dafide o ne a tshabela kwa go Kgosi Akishe makgetlo a le mabedi fa Saulo a ne a batla go mmolaya. Mo lekgetlong la ntlha, fa batlhanka ba ga Akishe ba ne ba belaela gore Dafide ke mmaba wa bone, o ne a itira motho yo o sa itekanelang sentle mo tlhaloganyong, mme Akishe o ne a mo tlogela a tsamaya a re ke setsenwa. (1Sa 21:10-15; Ps 34:Maf; 56:Maf) Mo lekgetlong la bobedi, Dafide o ne a na le batlhabani ba gagwe ba le 600 le ba malapa a bone, mme Akishe o ne a ba naya lefelo le ba ka nnang mo go lone kwa Sikelage. Mo lobakeng lwa ngwaga le dikgwedi di le nnê fa ba ne ba nna koo, Akishe o ne a ithaya a re Dafide o tlhasela Bajuda, mme tota Dafide o ne a tlhasela Bageshure, Bagirese le Baamaleke. (1Sa 27:1-12) Ka jalo, leano leno le ne la atlega ka gonne Akishe o ne a dira Dafide motlhokomedi wa gagwe fa Bafilisitia ba ne ba ipaakanyetsa go tlhabana le Kgosi Saulo, mme ka motsotso wa bofelo, ‘babusi ba bangwe ba Bafilisitia’ ba ne ba bolelela Akishe gore ba ka se tsamaye le Dafide, mme ba mo laela gore a busetse Dafide le banna ba gagwe kwa Sikelage. (1Sa 28:2; 29:1-11) Fa Dafide a sena go nna kgosi a bo a tlhasela motse wa Gathe, go bonala Akishe a ile a se ka a bolawa. O ne a tshela go fitlha ka puso ya ga Solomone.—1Dk 2:39-41.
Bakaulengwe ba Basha—Lo ka Dira Eng Gore ba Bangwe ba lo Tshepe?
Akanya ka bothata jo bongwe jo Dafide a ileng a lebana le jone. Fa a sena go tlodiwa go nna kgosi, o ile a tlhoka go leta dingwaga di le dintsi pele a busa e le kgosi ya Juda. (1 Sam. 16:13; 2 Sam. 2:3, 4) Ke eng se se ileng sa mo thusa gore a lete a le pelotelele? Go na le gore Dafide a kgobege marapo, o ile a tlhoma mogopolo mo go se a neng a kgona go se dira. Ka sekai, fa a ne a tshabetse kwa nageng ya Bafilisitia, o ile a dirisa nako eo go lwa le ditšhaba tse di neng di le kgatlhanong le Baiseraele. Fa a ne a dira jalo, o ne a sireletsa naga ya Juda.—1 Sam. 27:1-12.
it-2-E 245 ¶6
Maaka
Go ya ka Baebele maaka ga a siama. Mme seno ga se reye gore motho o patelesega go rothisa mmutla madi a bolelela batho dikgang tse ba sa tshwanelwang ke go di utlwa. Jesu Keresete o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo kgotsa lwa latlhela diperela tsa lona fa pele ga dikolobe, gore le ka motlha di tle di se ka tsa di gataka mme tsa retologa tsa lo gagolaka.” (Mat 7:6) Ke lone lebaka la go bo ka dinako tse dingwe, Jesu a neng a sa ntshe tshedimosetso yotlhe kgotsa a araba ka tlhamalalo ka gonne a ne a itse gore seo se ka baka kotsi go sa tlhokege. (Mat 15:1-6; 21:23-27; Joh 7:3-10) Ka jalo, go bonala seo e ne e le se Aborahame, Isake, Rahabe le Elisha ba neng ba se dira, ka go sa bolelele batho ba ba sa obameleng Jehofa dintlha tsotlhe.—Ge 12:10-19; kgao 20; 26:1-10; Jos 2:1-6; Jak 2:25; 2Dk 6:11-23.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A Baswi ba ka Thusa Batshedi?
Akanya fela. Baebele e tlhalosa gore motho yo o suleng o ‘boela mo mmung wa gagwe’ le gore “dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” (Pesalema 146:4) Saulo le Samuele ba ne ba itse gore Modimo o kgala go ikgolaganya le batho ba ba buisanang le meya. Seno se boammaaruri ka gonne pelenyana Saulo o ne a etelela pele go senya lefelo le go neng go dirwa ditiro tsa go buisana le meya mo go lone!—Lefitiko 19:31.
Akanya ka kgang eno. Fa e le gore Samuele yo o ikanyegang o ne a sa ntse a tshela e le moya, a o ne a tla tlola molao wa Modimo ka go dirisana le motho yo o buang le meya gore a buisane le Saulo? Jehofa o ne a ganne go bua le Saulo. A motho yo o buisanang le meya ene o ne a tla pateletsa Modimo Mothatayotlhe go buisana le Saulo ka go dirisa Samuele yo o tlhokafetseng? Nnyaa. Go bonala sentle gore “Samuele” yono e ne e se moporofeti yo o ikanyegang wa Modimo ka tsela epe fela. E ne e le moya—ledimona le le boikepo le itirile Samuele yo o tlhokafetseng.
MAY 9-15
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 SAMUELE 30-31
“Ikaege ka Jehofa Gore a go Nonotshe”
Boifa Jehofa—O Itumele!
Go boifa Jehofa ga ga Dafide ga go a ka ga mo thibela fela gore a se ka a dira se se phoso. Go ne ga mo nonotsha gore a dire ditshwetso tse di siameng le tse di botlhale mo maemong a a thata. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba fetsa ngwaga le dikgwedi tse nnè ba tshabetse kwa Sikelage motse wa Bafilisitia, gore Saulo a se ka a ba bolaya. (1 Samuele 27:5-7) Nako nngwe fa ba ne ba seo, batlhasedi ba Baamaleke ba ne ba fisa motse ba bo ba gapa le basadi botlhe ba banna bano le bana le metlhape. Fa Dafide le banna ba gagwe ba boa mme ba bona se se diragetseng ba ne ba lela. Go ise go ye kae khutsafalo eo e ne ya fetoga kgalefo mme banna bao ba batla go kgobotletsa Dafide ka matlapa. Le mororo Dafide a ne a ngomogile pelo, o ne a se ka a itlhoboga. (Diane 24:10) Go boifa Modimo go ne ga mo tlhotlheletsa go retologela kwa go Jehofa, mme a “inonotsha ka Jehofa.” Ka thuso ya Modimo, Dafide le banna ba gagwe ba ne ba latela Baamaleke mme ba busa dilo tse ba neng ba di gapile.—1 Samuele 30:1-20.
Jehofa O a Re Dibela Gore re Bone Poloko
Dafide o ne a lebana le maemo a le mantsi a a ngomolang pelo mo botshelong jwa gagwe. (1 Sam. 30:3-6) Mafoko a gagwe a a tlhotlheleditsweng a bontsha gore Jehofa o ne a itse kafa a ikutlwang ka gone. (Bala Pesalema 34:18; 56:8.) Le rona Modimo o itse kafa re ikutlwang ka gone. Fa re na le “pelo e phatlogileng” kgotsa “moya o o pitlaganeng,” o atamela gaufi le rona. Seno ka bosone se a re gomotsa fela jaaka se ne sa gomotsa Dafide yo o neng a opela jaana: “Ke tla ipela ke bo ke itumela mo bopelonoming jwa gago jwa lorato, ka gore o bone pogisego ya me; o itsile matshwenyego a moya wa me.” (Pes. 31:7) Mme gone, Jehofa ga a lemoge fela pitlagano ya rona. O re ema nokeng ka go re gomotsa le go re kgothatsa. Tsela nngwe e a dirang seno ka yone ke ka dipokano tsa Bokeresete.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha
30:23, 24. Tshwetso eno, e e mo go Dipalo 31:27, e bontsha gore Jehofa o anaanela ba ba tshegetsang ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong. Ka jalo, le fa e le eng se re se dirang, a re se “direng ka moya otlhe jaaka [re] se direla Jehofa mme e seng batho.”—Bakolosa 3:23.
MAY 16-22
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 1-3
“Re Ithuta Eng mo Pineng ya Khutsafalo e e Bidiwang ‘Bora’?”
Tlotlang ba ba Tlhomilweng go lo Laola
A Dafide o ne a ngomolwa pelo ke tsela e a neng a tshwerwe makgwakgwa ka yone? Dafide o ile a lelela kwa go Jehofa jaana: “Batho . . . ba ba thubakang ba tsomile mowa wa me.” (Pesalema 54:3) O ile a tshololela Jehofa pelo jaana: “Modimo wa me nkgolola mo babeng ba me . . . ba ba thatathata ba a mphuthegela, e seng ka ntlha ya tlolo ya me, le fa e le ka ntlha ya boleo jwa me, Jehofa. Ba tle ba siane, ba iketleetse kwa ntle ga molato wa me; tsogela go nthusa, mme o bone.” (Pesalema 59:1-4) A o kile wa ikutlwa jalo le wena—gore motho mongwe yo o nang le taolo o go tsenya dingalo le mororo o sa mo dira sepe? Dafide o ile a nna a bontsha go tlotla Saulo. Go na le gore Dafide a itumele morago ga loso lwa ga Saulo, o ne a tlhama pina eno ya khutsafalo: “Saule le Jonathane ba ne ba le bantle, ba le natefo mo matshelong a bone . . . Ba ne ba le bofefo bogolo go bontswi ba batona, ba le thata bogolo go ditau. Lona bomorwadia Iseraele, lelelang Saule.” (2 Samuele 1:23, 24) A bo Dafide a ile a tlhoma sekao se se molemo jang ne sa go tlotla motlodiwa wa ga Jehofa, le mororo Saulo a ile a se ka a tshwara Dafide sentle!
Bosaikanyegeng—Sesupo sa Metlha ya Bofelo!
Baebele gape e bua ka batho ba le bantsi ba ba neng ba ikanyega. Mma re tlotleng ka ba le babedi ba bone mme re bone gore re ka ithuta eng mo go bone, go simolola ka monna yo o neng a ikanyega mo go Dafide. Jonathane, morwa wa leitibolo wa ga Kgosi Saulo, gongwe a ka bo a nnile kgosi e e latelang ya Iseraele. Mme gone, Jehofa o ne a tlhopha Dafide go nna kgosi e e latelang. Jonathane o ne a tlotla tshwetso eo ya Modimo. Mme ga a ka a fufegela Dafide a mo leba e le mmaba. Go na le moo, “moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide,” fa a ne a mo tlhomamisetsa gore o tla nna a ikanyega mo go ene. O ne a bo a naya Dafide diaparo tsa gagwe, tšhaka, bora le moitlamo wa gagwe, ka go dira jalo a mo naya tlotlo ya segosi. (1 Sam. 18:1-4) Jonathane o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang gore ‘a nonotshe seatla sa ga Dafide,’ tota le e leng go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing gore a sireletse Dafide mo go Saulo. Jonathane o ne a bolelela Dafide jaana ka boikanyegi: “Wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago.” (1 Sam. 20:30-34; 23:16, 17) Ga go gakgamatse go bo morago ga loso lwa ga Jonathane, Dafide a ne a bontsha kutlobotlhoko ya gagwe le lorato lo a neng a mo rata ka lone ka pina ya khutsafalo.—2 Sam. 1:17, 26.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 369 ¶2
Morwarre
Gape lefoko “morwarre” le dirisiwa go kaya batho ba ba kopantsweng ke go dira selo se se tshwanang kgotsa ba ba nang le maikaelelo a a tshwanang. Ka sekai, Kgosi Hirame wa kwa Ture o ne a bitsa Kgosi Solomone a re ke morwarraagwe. O ne a sa mmitse jalo fela ka gonne ba ne ba lekana ka maemo, mme gape a ka tswa a ne a mmitsa jalo ka gonne ba ne ba na le tumalano ya go kokoanya dikota le dilo tse dingwe tsa go aga tempele. (1Dk 9:13; 5:1-12) Dafide o ne a kwala jaana: “Ruri go molemo e bile go a itumedisa go bo batho ba Modimo ba nna mmogo ka kutlwano!” O ne a raya gore batho ga ba tlhoke go nna bana ba motho gore go nne le kagiso le kutlwano. (Ps 133:1) Tota e bile Dafide o ne a bitsa Jonathane a re ke morwarraagwe, e se ka gonne e le bana ba motho, mme e le ka gonne ba ne ba ratana. (2Sa 1:26) Ditsala tse di ratang dilo tse di tshwanang, di bitsana bomorwarre, tota le fa dilo tse ba di ratang di sa siama.—Dia 18:9.
MAY 23-29
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 4-6
“O se Ka wa Dira Sepe Se se Ka Utlwisang Jehofa Botlhoko”
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi
6:1-7. Le fa Dafide a ne a na le maikaelelo a a molemo, maiteko a gagwe a go tsamaisa Letlole ka koloi ya dikgomo a ne a le kgatlhanong le taolo ya Modimo mme go ne ga lere masetlapelo. (Ekesodo 25:13, 14; Dipalo 4:15, 19; 7:7-9) Go tshwara ga ga Usahe Letlole go bontsha gore maikaelelo a a molemo ga a fetole ditaelo tsa Modimo.
Ka Metlha Jehofa o Dira se se Siameng
Gakologelwa gore Usahe o tshwanetse go ka bo a ne a itse molao. Letlole le ne le emela go nna teng ga ga Jehofa. Molao o ne o bolela gore le ne le sa tshwanela go tshwarwa ke batho ba ba sa newang tetla ya go dira jalo, o tlhagisa ka tlhamalalo gore batho ba ba neng ba ka dira jalo ba ne ba tla otlhaiwa ka loso. (Dipalo 4:18-20; 7:89) Ka jalo, go fudusiwa ga letlole leo le le boitshepo e ne e se tiro e e ka tsewang motlhofo. Go bonala gore Usahe e ne e le Molefi, (le fa e ne e se moperesiti), ka jalo o ne a tshwanetse go ka bo a itse Molao sentle. Kwantle ga moo, dingwaga di le mmalwa pelenyana ga moo, Letlole le ne le fuduseditswe kwa ntlong ya ga rraagwe gore le sireletsege. (1 Samuele 6:20–7:1) Le ne la nna koo dingwaga di ka nna 70, go fitlha Dafide a tlhopha go le fudusa. Ka jalo, Usahe o tshwanetse a bo a ne a itse melao e e malebana le Letlole go tloga a sa le ngwana.
Ka Metlha Jehofa o Dira se se Siameng
Jaaka go bontshitswe pelenyana, Jehofa o kgona go bona se se mo pelong. E re ka Lefoko la gagwe le bitsa se Usahe a se dirileng le re ke ‘tiro ya go tlhoka poifo ya bomodimo,’ Jehofa o ka tswa a ile a bona maitlhomo mangwe a bopelotshetlha a a sa tlhalosiweng ka tlhamalalo mo pegong eno. A kgotsa Usahe e ne e le motho yo o ikgodisang, a tlwaetse go tlola melao e e beilweng? (Diane 11:2) A lebaka la go bo a ne a etelela Letlole pele phatlalatsa, le lelapa la gagwe le neng le le sireleditse kwa gae, le ne le dira gore a ikgogomose? (Diane 8:13) A Usahe o ne a se na tumelo mo a neng a ka akanya gore Jehofa o ne a ka se ka a kgona go tshwara letlole le le boitshepo gore le se ka la wa, mme e le letlole le le tshwantshetsang go nna teng ga Gagwe? Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, re ka tlhomamisega gore Jehofa o ne a dira se se siameng. O tshwanetse a bo a ile a bona sengwe mo pelong ya ga Usahe se se neng sa dira gore a ntshe katlholo ka bofefo.—Diane 21:2.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Latlhela Morwalo wa Gago mo go Jehofa ka Metlha
Dafide jaaka kgosi o ne a tshwanela go ikarabela mo go seno. Tsela eo a ileng a itshwara ka yone e ne ya bontsha gore tota le eleng bao ba nang le kamano e e molemo le Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka nna ba se ke ba itshware sentle mo ditekong. La ntlha, Dafide o ne a galefa. Mme morago a boifa fela thata. (2 Samuele 6:8, 9) Kamano ya gagwe ya go ikanya Jehofa e ne ya lekwa botlhoko thata. Mono e ne e le ka lekgetlho leo a neng a bonala a palelwa ke go latlhela morwalo wa gagwe mo go Jehofa, fa a ne a sa latela ditaelo tsa gagwe. A gongwe le rona ka dinako tse dingwe re iphitlhela re le mo boemong jo bo ntseng jalo? A re tshwanetse go baya Jehofa molato ka ntlha ya mathata ao re a ipaketseng ka go tlhokomologa ditaelo tsa gagwe?—Diane 19:3.
MAY 30–JUNE 5
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 7-8
“Jehofa o Dira Kgolagano le Dafide”
“Bogosi Jwa Gago Ruri bo Tla Nitama”
Jehofa o ne a amiwa ke keletso e Dafide a neng a na le yone. Ka ntlha ya boineelo jwa ga Dafide le go ya ka boporofeti, Modimo o dira kgolagano le Dafide ya gore o tla tlhoma mongwe mo losikeng lwa segosi lwa ga Dafide yo o tla busang ka bosakhutleng. Nathane o bolelela Dafide se Modimo a neng a ikana go se dira: “Ntlo ya gago le bogosi jwa gago ruri bo tla nitama ka bosakhutleng fa pele ga gago; setulo sa gago sa bogosi ka bosone e tla nna se se tlhomamisitsweng ka thata ka bosakhutleng.” (Temana 16) Ke mang Mojaboswa wa leruri wa kgolagano eno—Ene yo o tla busang ka bosakhutleng?—Pesalema 89:20, 29, 34-36.
“Bogosi Jwa Gago Ruri bo Tla Nitama”
Jesu wa Nasaretha e ne e le setlogolwana sa ga Dafide. Fa moengele a ne a itsise ka go tsholwa ga ga Jesu, o ne a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Kgolagano le Dafide e diragadiwa ke Jesu Keresete. Ka jalo o busa e seng ka gonne a tlhophilwe ke batho mme se Modimo a neng a ikana gore o tla se dira ke sone se se dirang gore a tshwanelwe ke go busa ka bosakhutleng. A re gakologelweng gore ditsholofetso tsa Modimo ka metlha di a diragala.—Isaia 55:10, 11.
Nna le Tumelo E e Sa Reketleng mo Bogosing
Jehofa o ne a solofetsa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo sengwe. Tsholofetso eo e bidiwa kgolagano ya ga Dafide. (Bala 2 Samuele 7:12, 16.) Jehofa o ne a dira kgolagano eno le Dafide ka nako ya fa Dafide a ne a busa kwa Jerusalema, a mo solofetsa gore Mesia e ne e tla nna setlogolwana sa gagwe. (Luke 1:30-33) Ka jalo, Jehofa o ne a ntsha tshedimosetso e nngwe e e maleba ka ga losika lo Mesia a neng a tla tswa mo go lone mme a tlhomamisa gore mojaboswa wa ga Dafide o ne a tla nna le “tshwanelo e e kafa molaong” ya go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia. (Esek. 21:25-27) Jesu o tla dira gore puso ya ga Dafide e ‘tlhomamisiwe ka thata ka bosakhutleng.’ Eleruri losika lwa ga Dafide “lo tla itshupa e le lwa bosakhutleng, le setulo sa gagwe sa bogosi se tla nna jaaka letsatsi.” (Pes. 89:34-37) Ee, le ka motlha puso ya ga Mesia e ka se nne bosula, mme dilo tse e tla di fitlhelelang di tla nna ka bosakhutleng!
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-2-E 206 ¶2
Malatsi a Bofelo
Boporofeti Jwa ga Balaame. Pele fela ga Baiseraele ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, moporofeti Balaame o ne a raya Kgosi Balake wa Moabe a re: “Tla kwano mme mma ke go bolelele se setšhaba seno [Iseraele] se tla se dirang batho ba gago mo nakong e e tlang. . . . Naledi e tla tswa mo go Jakobe, le lore lwa segosi lo tla tswa mo Iseraele. Mme ruri o tla thubaganya phatla ya ga Moabe le magata a batlhabani botlhe ba ba ratang ntwa.” (Dip 24:14-17) Fa boporofeti jono bo ne bo diragadiwa lekgetlo la ntlha, “naledi” e ne e le Kgosi Dafide, yo o neng a fenya Bamoabe. (2Sa 8:2) Ka jalo, fa boporofeti jono bo ne bo diragadiwa ka nako eo, go bonala “bokhutlo jwa metlha” bo ile jwa simologa fa Dafide a nna kgosi. E re ka Dafide a ne a tshwantshetsa Jesu yo e leng Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, boporofeti joo gape bo ne bo tla diragadiwa mo go Jesu ka nako ya fa a tla bo a fedisa baba ba gagwe.—Isa 9:7; Ps 2:8, 9.
JUNE 6-12
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 9-10
“Dafide O ne A Bontsha Lorato Lo lo Sa Kgaotseng”
Ee, o ka Kgona go Itumela
Dafide o ne a kwala a re: “Go itumela ope fela yo o dirang ka go akanyetsa motho wa maemo a a kwa tlase; Jehofa o tla mo falotsa mo letsatsing la masetlapelo. Jehofa o tla mo disa le go mmoloka a tshela. O tla bolelwa e le yo o itumetseng.” (Pesalema 41:1, 2) Kakanyetso e e lorato e Dafide a neng a e bontsha Mefiboshethe, e bong ngwana wa segole wa ga Jonathane, e leng tsala e kgolo ya ga Dafide, ke sekao se se molemo sa boikutlo jo bo siameng jo re tshwanetseng go nna le jone mo bathong ba maemo a a kwa tlase.—2 Samuele 9:1-13.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi
9:1, 6, 7. Dafide o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe. Le rona re tshwanetse go leka go dira se re se solofeditseng.
Ba ne Ba Itshokela Mebitlwa mo Nameng
Dingwaga moragonyana Kgosi Dafide o ne a bontsha Mefiboshethe bopelonomi jo bo lorato ka gonne o ne a rata Jonathane thata. Dafide o ne a mo naya naga yotlhe ya ga Saulo a bo a abela motlhokomedi wa ga Saulo e bong Siba gore a tlhokomele naga eno. Gape Dafide o ne a raya Mefiboshethe a re: ‘O tla ja senkgwe mo tafoleng ya me ka metlha.’ (2 Samuele 9:6-10) Kwantle ga pelaelo bopelonomi jo bo lorato jwa ga Dafide bo ile jwa gomotsa Mefiboshethe mme jwa thusa go okobatsa botlhoko jwa bogole jwa gagwe. A thuto e e molemo! Le rona re tshwanetse ra nna pelonomi mo bathong ba ba itshoketseng mutlwa mo nameng.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 266
Ditedu
Bontsi jwa batho ba bogologolo ba kwa Botlhaba, go akaretsa le Baiseraele, ba ne ba tseela ditedu kwa godimo thata ka gonne ba ne ba tsaya gore fa monna a na le ditedu o na le seriti. Molao wa ga Moshe o ne o thibela Baiseraele gore ba se ka ba beola “moriri o o mo matlhakoreng a ditlhogo” tsa bone. (Lef 19:27; 21:5) Seno se ne se ba farologanya le ditšhaba tse dingwe tsa baheitane tse di neng di beola ditedu e le ngwao ya bodumedi.
JUNE 13-19
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 11-12
“O se Ka wa Laolwa ke Dikeletso Tse di sa Siamang”
O ka Kgona go Tswa mo Diraing Tsa ga Satane!
Bopelotshetlha bo ile jwa dira gore Kgosi Dafide a lebale dilo tse Jehofa a neng a mo neile tsone, go akaretsa dikhumo, taolo le gore o ile a mo thusa go fenya baba ba gagwe ba bantsi. Dafide o ne a lemoga gore dimpho tse Jehofa a neng a mo neile tsone di ne di le ‘dintsi go gaisa ka mo a ka anelang ka teng!’ (Pes. 40:5) Mme gone, nako nngwe Dafide o ne a lebala dilo tse Jehofa a mo neileng tsone. O ne a nna pelotshetlha a bo a batla se se fetang se Modimo a neng a mo neile sone. Le fa Dafide a ne a na le basadi ba le bantsi, o ile a itetla go eletsa mosadi wa monna yo mongwe. Mosadi yoo e ne e le Bathesheba mme monna wa gagwe e ne e le Uria wa Mohite. Dafide o ne a nna pelotshetlha a bo a tlhakanela dikobo le Bathesheba, mme Bathesheba o ne a ima. Se Dafide a neng a se dira, se ne se le bosula. Mme o ne a dira se se bosula go feta seo, o ne a rulaganya gore Uria a bolawe! (2 Sam. 11:2-15) Tota Dafide o ne a akantse eng? A o ne a akanya gore Jehofa o ne a ka se kgone go bona dilo tseno? Motlhanka yoo wa ga Jehofa yo o kileng a bo a ikanyega, o ile a nna pelotshetlha mme seo se ile sa dira gore a boge. Se se itumedisang ke gore fa nako e ntse e tsamaya, Dafide o ne a amogela phoso ya gagwe a bo a ikwatlhaya. O ne a itumelela gore Jehofa o ile a mo itshwarela.—2 Sam. 12:7-13.
Ikobele Jehofa!
Jehofa o ne a naya Dafide maikarabelo a go nna tlhogo ya lelapa la gagwe le go nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Dafide o ne a na le taolo mme ka dinako tse dingwe o ne a sa e dirise sentle a bo a dira diphoso tse di masisi. (2 Sam. 11:14, 15) Mme o ile a bontsha gore o ikobela Jehofa ka gonne o ile a amogela kotlhao e a neng a e newa. O ile a rapela Jehofa a mmolelela gore o ikutlwa jang. (Pes. 51:1-4) Gape o ile a bontsha gore o boikokobetso ka gonne o ne a amogela kgakololo, tota le mo basading. (1 Sam. 19:11, 12; 25:32, 33) Dafide o ile a ithuta mo diphosong tsa gagwe mme selo sa botlhokwa mo go ene e ne e le go direla Jehofa.
Letla Melao le Melaometheo ya Baebele Gore e Thapise Segakolodi sa Gago
Go tlola melao ya Modimo go nna le diphelelo tse di botlhoko. Ka jalo, ga re tlhoke go dira diphoso gore re kgone go ithuta dithuto tsa botlhokwa mo botshelong. Re kgona go ithuta mo diphosong tsa batho ba go buiwang ka bone mo Lefokong la Modimo. Diane 1:5 ya re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” Go na le dilo tse dintsi tse Modimo a re rutang tsone, tse re di bonang fa re dira dilo tse di jaaka go bala le go tlhatlhanya ka matshelo a batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Ka sekai, akanya ka kutlobotlhoko e Kgosi Dafide a ileng a nna le yone fa a ne a tlola molao wa Modimo a bo a tlhakanela dikobo le Bathesheba. (2 Sam. 12:7-14) Fa re ntse re bala e bile re tlhatlhanya ka kgang ya gagwe, gongwe re ka ipotsa go re: ‘Kgosi Dafide a ka bo a ile a dirang gore a tile go tlhakanela dikobo le Bathesheba? Fa nka iphitlhela mo boemong jo bo tshwanang, ke ne ke tla dirang? A ke ne ke tla tshaba jaaka Josefa kgotsa go ineela jaaka Dafide a ile a dira?’ (Gen. 39:11-15) Fa re akanya ka diphelelo tse di nnang gone fa re tlola melao ya Modimo, re tla kgona go ‘tlhoa se se bosula.’
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 590 ¶1
Dafide
Jehofa o ne a ntse a lebile, mme o ne a senola boleo joo jo bo masisi. Fa Jehofa a ka bo a ile a letla gore kgang ya ga Dafide le Bathesheba e atlholwe ke baatlhodi ba ba neng ba latela Molao wa ga Moshe, boobabedi ba ka bo ba bolailwe, go akaretsa le losea lwa bone lo lo neng lo ise lo tsholwe. (Dut 5:18; 22:22) Go na le moo, Jehofa o ne a atlhola kgetsi eo ka boene a bo a utlwela Dafide botlhoko ka ntlha ya kgolagano ya Bogosi (2Sa 7:11-16), ka ntlha ya go bo Dafide le ene a ne a utlwetse ba bangwe botlhoko (1Sa 24:4-7; bapisa Jak 2:13) le ka ntlha ya go bo Jehofa a ne a lemoga gore badirabosula bano ba a ikwatlhaya. (Ps 51:1-4) Mme gone, ga a ka a ba tlogela fela a sa ba otlhaye. Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Nathane: “Ke go tlisetsa masetlapelo go tswa mo lelapeng la gago.”—2Sa 12:1-12.
JUNE 20-26
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 13-14
“Bopelotshetlha bo ne Jwa Tsenya Amenone mo Mathateng”
it-1-E 32
Abesalome
Amenone o a Bolawa. E re ka kgaitsadie Abesalome yo o bidiwang Tamare a ne a le montle thata, kgaitsadie yo mongwe e bong Amenone o ne a mo kgatlhegela. Amenone o ne a itira e kete o a lwala, a bo a loga leano la gore Tamare a tle kwa ntlong ya gagwe gore a tle go mo apeela, mme fa a le koo o ne a mmetelela. Morago ga moo, lorato lwa ga Amenone mo go Tamare lo ne lwa fetoga letlhoo le legolo mme o ne a laela gore a ntshiwe mo ntlong ya gagwe. Tamare o ne a gagola seaparo sa gagwe se se mo tlhaolang gore ke morwadia kgosi yo o iseng a tlhakanele dikobo a bo a itshela melora mo tlhogong, mme Abesalome o ne a kopana le ene. Ka bonako fela, Abesalome o ne a lemoga gore go na le bothata a bo a belaela gore Amenone a ka tswa a mo dirile sengwe, ka gonne ke ene a neng a ntse a kgatlhegela Tamare. Le fa go ntse jalo, Abesalome o ne a laela kgaitsadie gore a se ka a bua sepe ka kgang eno, mme a mo tseela kwa legaeng la gagwe gore a nne le ene.—2Sa 13:1-20.
Lwela go Nna Boikgapo
Baebele e na le dikai tsa tlhagiso tsa batho ba ba ileng ba palelwa ke go bontsha boikgapo fa go tla mo kgannyeng ya tlhakanelodikobo. Gape e tlhalosa ditlamorago tse di ka nnang teng fa motho a dira jalo. Mongwe le mongwe yo o lebaneng le boemo jo bo tshwanang le jwa ga Kim o tshwanetse go akanya ka sekai sa lekawana le go buiwang ka lone mo go Diane kgaolo 7. Gape akanya ka se Amenone a ileng a se dira le mathata a a neng a nna gone ka ntlha ya boitshwaro jwa gagwe. (2 Sam. 13:1, 2, 10-15, 28-32) Batsadi ba ka thusa bana ba bone go nna boikgapo le go nna botlhale fa ba intsha le mongwe ka go tlotla le bone ka kgang eno ka nako ya kobamelo ya lelapa mme ba ka dirisa dipego tsa Baebele tse di sa tswang go umakwa.
it-1-E 33 ¶1
Abesalome
Go ne go setse go fetile dingwaga di le pedi. Nako ya go beola dinku e ne ya goroga, mme Abesalome o ne a dira moletlo kwa Baale-hasore e e dikilometara di ka nna 22 kwa bokonebotlhaba jwa Jerusalema, mme o ne a laletsa bomorwarraagwe le Dafide ka boene. Fa rraagwe a tlhalosa gore a ka se kgone go nna teng, Abesalome o ne a mo kopa gore a romele Amenone mo boemong jwa gagwe. (Dia 10:18) Fa moletlo o ntse o tsweletse, mme Amenone a “itumetse ka ntlha ya beine,” Abesalome o ne a laela batlhanka ba gagwe gore ba mmolaye. Bomorwa Dafide ba bangwe ba ne ba boela kwa Jerusalema, mme Abesalome o ne a tshabela kwa go rraagwemogolo wa Mosiria kwa Geshure, kwa botlhaba jwa Lewatle la Galalea. (2Sa 13:23-38) Jaanong “tšhaka” e moporofeti Nathane a ileng a bolelela pele ka yone e ne e tsene mo “lelapeng” la ga Dafide, mme e ne e tla nna moo botshelo jotlhe jwa gagwe.—2Sa 12:10.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Bontle jo bo Botlhokwa Thata
Kafa letlhakoreng le lengwe, akanya ka mongwe wa bomorwa Dafide, e bong Abesalome. E ne ya nna monna yo o sa rategeng le fa gone a ne a lebega a le montle thata. Baebele e bolela jaana ka ene: “Jaanong fa go bapisiwa le Abesalome go ne go se na monna ope yo montle jalo mo Iseraele yotlhe gore a ka bakwa thata jaana. Go tloga kwa patong ya lonao lwa gagwe go ya kwa phogong ya tlhogo ya gagwe o ne a se na bogole bope.” (2 Samuele 14:25) Le fa go ntse jalo, boikgodiso jwa ga Abesalome bo ne jwa dira gore a tsuologele rraagwe le go ikgapela setulo sa bogosi. O ne a ba a robala le bagadingwana ba ga rraagwe. Ka ntlha ya seno, Modimo o ne a galefela Abesalome mme o ne a swa loso lo lo botlhoko.—2 Samuele 15:10-14; 16:13-22; 17:14; 18:9, 15.
A o ikutlwa o rata Abesalome? Le e seng. Fa o akanyetsa ditiro tsa gagwe, e ne e ka se nne motho yo o rategang. Bontle jwa gagwe jo bo tlhomologileng ga bo a ka jwa mo thusa go tlogela boikgodiso le go se ikanyege, e bile ga bo a dira gore a se ka a bolawa. Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e na le dikai tse dintsi tsa batho ba ba botlhale le ba ba rategang ba go sa buiweng sepe ka tsela e ba neng ba lebega ka yone. Ga go pelaelo gore selo sa botlhokwa ka bone e ne e le bontle jwa kafa teng.
JUNE 27–JULY 3
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 15-17
“Boikgogomoso bo ne Jwa Dira gore Abesalome a Tlhanoge”
it-1-E 860
Batho ba ba Tabogang Kwa Pele ga Dipitse
Kwa dinageng tsa Botlhaba go ne go tlwaelegile gore batho ba taboge kwa pele ga kara ya segosi ya dipitse ba itsise gore kgosi e etla kgotsa ba e thusa ka dilo dingwe. (1Sa 8:11) Fa Abesalome le Adonija ba ne ba tlhanoga, ba ne ba latela mokgwa oo mme ba itlotlomatsa ka go laela gore batabogi ba le 50 ba taboge kwa pele ga dikara tsa bone.—2Sa 15:1; 1Dk 1:5.
Direla Modimo wa Kgololesego
Baebele e na le dikao tse dintsi tsa batho ba ba neng ba na le tlhotlheletso e e bosula mo go ba bangwe. Sengwe sa dikao tseo ke Abesalome, morwa Kgosi Dafide. Abesalome e ne e le monna wa maratagolejwa tota. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, fela jaaka Satane, o ne a itetla go nna pelotshetlha, ka gonne o ne a simolola go tswela pelo setulo sa ga rraagwe sa bogosi, se se neng se sa mo tshwanela. Abesalome o ne a leka go itseela bogosi ka boferefere, ka go itira e kete o amega thata ka Baiseraele mmogo le ene, a ntse a akantsha gore kgosi ga e amege ka bone. Ee, fela jaaka Diabolo kwa tshimong ya Edene, Abesalome o ne a itira motho yo o siameng, mme a senya rraagwe leina ka bosetlhogo.—2 Sam. 15:1-5.
it-1-E 1083-1084
Heberone
Morago ga dingwaga, morwa Dafide e bong Abesalome o ne a boela kwa Heberone, fa a le koo o ne a tswa letsholo la go batla go menola puso ya ga rraagwe mme a se ka a atlega. (2Sa 15:7-10) Abesalome a ka tswa a ile a simolola letsholo leo la gagwe kwa Heberone ka gonne motse oo o ne o tlotlega ka ntlha ya gore o kile wa nna motsemogolo wa Juda, le ka gonne e ne e le motse o a tswang kwa go one. Moragonyana, setlogolo sa ga Dafide e bong Kgosi Rehoboame, o ne a aga Heberone sesha. (2Dt 11:5-10) Fa Juda e sena go senngwa ke Bababelona, le fa Bajuda ba sena go boa kwa botshwarwa, bangwe ba Bajuda bao ba ne ba nna kwa Heberone (Kiriathe-areba).—Neh 11:25.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
A o Na le Dintlha Tsotlhe?
Le rona re ka nna ra direlwa tshiamololo fa batho ba anamisa tshedimosetso ya maaka ka rona. Akanya ka se se diragaletseng Kgosi Dafide le Mefiboshethe. Dafide o ne a bontsha Mefiboshethe bopelotshweu ka go mo naya tshimo yotlhe ya ga rraagwemogolo e bong Saulo. (2 Sam. 9:6, 7) Le fa go ntse jalo, moragonyana Dafide o ne a begelwa sengwe se se bosula ka Mefiboshethe. Dafide o ile a tseela Mefiboshethe dilo tsotlhe tsa gagwe a ise a tlhomamise gore a kgang eo e boammaaruri. (2 Sam. 16:1-4) Fa Dafide a sena go bua le Mefiboshethe, o ile a lemoga gore o ne a dirile phoso, ka jalo, o ile a mmusetsa karolo ya dilo tse a neng a di tseile. (2 Sam. 19:24-29) Mme gone, dilo tseno tsotlhe di ka bo di sa direga fa Dafide a ka bo a ile a batla dintlha tsotlhe go na le go itlhaganelela go dira tshwetso a se na tshedimosetso yotlhe.