Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
JULY 4-10
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 18-19
“Barisilai O ne A le Tekatekano”
Barisilai—Monna yo o Neng a le Boingotlo
Dafide o tshwanetse a bo a ile a anaanela thuso ya ga Barisilai thata. Ga go lebege kgosi e ne e batla go duela Barisilai fela ka go mo naya dithoto dingwe. Barisilai yo o humileng o ne a sa tlhoke dilo tsa mofuta oo. Dafide o ka tswa a ne a batla gore Barisilai a direle kwa ntlong ya segosi ka ntlha ya dinonofo tse dintle tse monna yono yo o godileng a nang le tsone. Go nnela ruri kwa ntlong ya segosi e ne e tla nna selo se se tseelwang kwa godimo ka gonne go ne go tla naya Barisilai sebaka sa go itumelela go nna tsala ya kgosi.
Barisilai—Monna yo o Neng a le Boingotlo
Lengwe la mabaka a tshwetso e Barisilai a e tsereng e ka tswa e ne e le ka ntlha ya botsofe le mathata a bo a bakang. Barisilai o ka tswa a ne a akanya gore ga a na go tshela lobaka lo loleele. (Pesalema 90:10) O ne a dirile se a neng a ka kgona go se dira go ema Dafide nokeng, mme gape o ne a itse sentle gore ka ntlha ya botsofe go na le dilo dingwe tse a ka se kang a kgona go di dira. Barisilai ga a ka a letla maemo le go tlhagelela gore di mo foufaletse go lemoga gore bokgoni jwa gagwe bo felela kae. Barisilai o ne a farologana le Abesalome yo o ratang maemo, mme ka botlhale a nna boingotlo.—Diane 11:2.
Barisilai—Monna yo o Neng a le Boingotlo
Pego ya ga Barisilai e bontsha botlhokwa jwa go nna tekatekano. Ga re a tshwanela go gana tshiamelo ya tirelo kana ra se ka ra dira ka natla go tshwanelega ka gonne re batla go tshela botshelo jo bo iketlileng kana re akanya gore re ka se kgone go rwala maikarabelo. Modimo a ka re thusa mo re tlhaelang teng fa re ikaega ka ene gore a re neye nonofo le botlhale.—Bafilipi 4:13; Jakobe 4:17; 1 Petere 4:11.
Mme gape, re tshwanetse go lemoga gore go na le dilo dingwe tse re ka se kang ra kgona go di dira. Ka sekai, gongwe Mokeresete mongwe o setse a tshwaregile thata ka ditiro tsa semoya. O lemoga gore fa a amogela dikabelo tse dingwe, o ka nna a iphitlhela a sa kgone go diragatsa maikarabelo a mangwe a gagwe a Dikwalo jaaka go tlhokomela lelapa la gagwe ka dilo tse le di tlhokang. Mo boemong joo, go tla bo go bontsha gore o boingotlo e bile o tekatekano fa a sa amogele dikabelo tse dingwe gape gone jaanong.—Bafilipi 4:5; 1 Timotheo 5:8.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
‘Taboga Lobelo go ya Bofelong’
19 Fa e le gore o a lwala mme o ikutlwa e kete batho ba bangwe ga ba go tseye sentle, o ka kgothadiwa ke sekao sa ga Mefiboshethe. (2 Sam. 4:4) O ne a golafetse, mme nako nngwe Kgosi Dafide ga a ka mo tshwara sentle. Mefiboshethe o ne a sa dira sepe se se phoso. Le fa gone Dafide a ne a sa mo tshware sentle, ga a ka a mo galefela, go na le moo, o ne a tswelela a lebogela dilo tsotlhe tse Dafide a neng a mo diretse tsone mo nakong e e fetileng. (2 Sam. 9:6-10) O ne a leka go bona gore tota ke eng se se neng se dira gore Dafide a se ka a mo tshwara sentle. Ga a ka a boloka sekgopi e bile ga a ka a pega Jehofa molato ka ntlha ya se se neng se mo diragalela. Go na le moo, o ne a tswelela a dira sotlhe se a ka se kgonang go tshegetsa Dafide e re ka e ne e le kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa. (2 Sam. 16:1-4; 19:24-30) Jehofa o ile a dira gore pego ya ga Mefiboshethe e kwalwe mo Baebeleng gore e kgone go re tswela mosola.—Bar. 15:4.
JULY 11-17
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 20-21
Jehofa ke Modimo wa Tshiamiso”
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Kgolagano eo e ne e sa ntse e dira mo motlheng wa ga Kgosi Saulo. Kgosi e ne ya leka go fedisa Bagibeone, e leng sengwe se se neng se sa dumalane le kgolagano eo. Seo se ne sa felela ka gore ‘Saulo le ba lelapa la gagwe ba nne le molato wa madi.’ (2 Sam. 21:1) Moragonyana, Dafide o ne a nna kgosi. Bagibeone ba ba neng ba setse, ba ne ba mmolelela ka bosula jo Saulo a neng a bo dirile. Dafide o ne a ba botsa gore bosula joo jwa ga Saulo bo ka duelelwa ka eng gore Jehofa a segofatse lefatshe. Go na le gore Bagibeone ba kope madi, ba ne ba kopa gore ba newe barwa ba le supa ba monna yo o neng a ‘loga leano la go ba nyeletsa’ gore ba ba bolaye. (Dipa. 35:30, 31) Dafide o ne a ba naya se ba neng ba se kopa.—2 Sam. 21:2-6.
Tiragalo eno e re ruta sengwe sa botlhokwa. Molao wa Modimo o ne o tlhamaletse. O ne o re: “Bana . . . ba se ka ba bolaelwa se borraabone ba se dirileng.” (Dute. 24:16) Jehofa o ne a ka se ka a letla gore bomorwa Saulo ba le babedi le ditlogolwana tsa gagwe di le tlhano ba bolawe fa e le gore ba ne ba se molato. Gape molao oo o ne o re: “Motho a bolaelwe fela boleo jwa gagwe.” Go lebega barwa ba le supa mo losikeng lwa ga Saulo ba ile ba thusa Saulo go bolaya Bagibeone. Ka jalo, barwa bao ba le supa ba ne ba duelela boleo jo ba neng ba bo dirile.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Bagolwane ba Bakeresete—‘Badirimmogo Gore re Ipele’
14 Lefatshe ka bophara, rona batho ba ga Jehofa re nna le seabe mo bodireding go sa kgathalesege dikgoreletsi tse Satane le batho ba gagwe ba ka re beelang tsone. Bangwe ba rona re ile ra lebana le dikgwetlho tse di jaaka mekaloba, mme go ikaega ka Jehofa go ile ga re thusa gore re kgone go tlhabana le ‘Bo-Goliathe’ bano mme re ba fenye. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, go nna re lwa le kgatelelo ya lefatshe leno go ka dira gore re lape re bo re kgobege marapo. Fa re le mo boemong joo jwa go nna bokoa, go ka nna motlhofo gore re tsene mo kotsing ya go ‘tlhabiwa’ ke dikgatelelo tse mo maemong a a tlwaelegileng re ka bong re kgonne go emelana le tsone. Mo maemong ao, fa mogolwane a re ema nokeng ka nako e e tshwanetseng, seno se ka re thusa gore re boe gape re nne le boipelo le nonofo, fela jaaka go ile ga direga ka batho ba le bantsi. Mmulatsela mongwe yo o mo dingwageng tsa bo60 o ne a re: “Nako nngwe ke ne ke sa ikutlwe sentle mme tirelo ya tshimo e ne e dira gore ke lape. Mogolwane mongwe o ne a lemoga gore ke feletswe ke maatla mme a tla go bua le nna. Re ne ra tlotla ka kgang nngwe e e kgothatsang e e mo Baebeleng. Ke ne ka dirisa dikakantsho tse a neng a nnaya tsone, mme seno sa ntsholegela molemo.” Gape o ne a re: “Ruri mogolwane yono o ne a mpontsha lorato ka go nkela tlhoko fa ke ne ke le bokoa mme a nthusa!” Ruri go a kgothatsa go itse gore re na le bagolwane ba ba lorato ba ba re etseng tlhoko, ba fela jaaka Abishai wa bogologolo ba nnang ba iketleeleditse ‘go tla go re thusa.’
JULY 18-24
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 22
“Letla Jehofa Gore a go Thuse”
A Ruri o ka ‘Atamalana le Modimo’?
11 E ka nna ya re fa o bala wa utlwa gore Modimo o “na le nonofo e kgolo.” (Isaia 40:26) Mme gone, seo se utlwala botoka thata fa o bala ka tiragalo ya kafa a neng a namola Iseraele ka teng go kgabaganya Lewatle le Lehibidu go tswa foo a bo a tlamela setšhaba seo mo nageng ka dingwaga di le 40. O ka bona ka leitlho la mogopolo jaaka fa metsi a ne a kgaogana ka bogare. O ka bona jaaka fa setšhaba seo—gongwe ba le 3 000 000—se gwanta mo boalong jwa lewatle jo bo omileng, metsi a a gatsetseng a itirile dipota tse dikgolo mo matlhakoreng oomabedi. (Ekesodo 14:21; 15:8) O ka kgona go bona bosupi jwa kafa Modimo a neng a ba sireletsa ka teng mo sekakeng. Metsi a ne a pumpunyega go tswa mo lefikeng. Dijo tse e keteng ke peo e tshweu di ne di bonala fa fatshe. (Ekesodo 16:31; Dipalo 20:11) Fano Jehofa ga a bontshe fela gore o na le maatla, mme gape o bontsha gore o kgona go a dirisa go thusa batho ba gagwe. A ga go kgothatse go itse gore fa re rapela, dithapelo tsa rona di ya kwa Modimong yo o maatla yo e leng “botshabelo le nonofo ya rona, thuso e e motlhofo go bonwa mo matshwenyegong”?—Pesalema 46:1.
“O Tla Dira ka Boikanyegi”
Mma re sekaseke mafoko a ga Dafide. Mafoko a Sehebera a a ranolwang e le “go dira ka boikanyegi” gape a ka tswa a kaya “go dira ka bopelonomi jwa lorato.” Boikanyegi jwa mmatota bo theilwe mo loratong. Ka lorato, Jehofa o atamalana thata le batho ba ba ikanyegang mo go ene.
Ela tlhoko gore boikanyegi ga se maikutlo fela; ga se selo se motho a ka reng o na le sone mme a se na sone. Jehofa o dira ka boikanyegi, fela jaaka Dafide a bone ka se se mo diragaletseng. Ka nako e Dafide a neng a le mo mathateng ka yone, Jehofa o ne a mo thusa, a sireletsa ka boikanyegi kgosi eno e e ikanyegang le go e kaela. Dafide o ne a lemoga gore Jehofa ke ene fela yo o neng a ka mo golola “mo seatleng sa baba botlhe ba gagwe.”—2 Samuele 22:1.
Mafoko a ga Dafide a kaya eng mo go rona? Jehofa ga a fetoge. (Jakobe 1:17) O kgomaretse melao ya gagwe e bile ka metlha o diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. Dafide o ne a kwala jaana mo go nngwe ya Dipesalema tsa gagwe: “Jehofa . . . ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang.”—Pesalema 37:28.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Lwela go Nna le Moya wa go Itshwara Jaaka yo Mmotlana
7 Sekao sa Modimo sa boikokobetso se ne sa ama mopesalema Dafide thata. O ne a opelela Jehofa jaana: “O tla nnaya thebe ya gago ya poloko, mme boikokobetso jwa gago ke jone bo ntirang mogolo.” (2 Sam. 22:36) Dafide o ne a itse gore dilo tsotlhe tse dikgolo tse a di fitlheletseng mo Iseraele, o di fitlheletse gonne Jehofa a mmontshitse boikokobetso—ka go mo thusa le go mo tlhokomela. (Pes. 113:5-7) A go ntse jalo le ka rona? Dinonofo, bokgoni le ditshiamelo tse re nang le tsone, ke efe ya dilo tseno e re ‘sa kang ra e amogela’ go tswa kwa go Jehofa? (1 Bakor. 4:7) Motho yo o itshwarang jaaka yo mmotlana o “mogolo” ka gore o nna motlhanka wa ga Jehofa yo o tlhwatlhwakgolo. (Luke 9:48) A re bone gore seo se direga jang.
JULY 25-31
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 2 SAMUELE 23-24
“A o Intsha Setlhabelo?”
it-1-E 146
Arauna
Arauna o ne a naya Dafide lefelo le dilo tse di neng di tlhokega tsa go ntsha ditlhabelo jaaka dikgomo le dikgong mahala, mme gone Dafide ene o ne a batla go di duelela. Pego e e mo go 2 Samuele 24:24 e bontsha gore Dafide o ile a reka seboana le dikgomo ka dishekele tsa selefera di le 50 (R1 709). Mme gone, pego e e mo go 1 Ditiragalo 21:25 ya re Dafide o ne a reka setsha ka dishekele tsa gauta di le 600 (R1 196 399). Tlhwatlhwa e mokwadi wa Samuele wa Bobedi a neng a bua ka yone e ne e akaretsa lefelo la sebeso le dilo tse di neng di tlhokega go ntsha setlhabelo e bile go lebega e kete tlhwatlhwa eo e ne e akaretsa dilo tseo fela. Kafa letlhakoreng le lengwe, mokwadi wa Ditiragalo wa Ntlha o ne a bua ka kgang e e amanang le go agiwa ga tempele mo setsheng mme o ne a amanya tlhwatlhwa le go agiwa ga tempele. (1Dt 22:1-6; 2Dt 3:1) E re ka lefelo le tempele e neng e le kwa go lone le ne le le letona, go lebega dishekele tsa gauta di le 600 di ne di akaretsa tlhwatlhwa e e neng ya dirisiwa go reka setsha seo se segolo go na le gore e akaretse tlhwatlhwa ya setsha se senye se Dafide a neng a se tlhoka go aga sebeso.
Ithute mo ‘Sebopegong sa Boammaaruri’
8 Fa e le gore Moiseraele o ne a ntsha setlhabelo ka go rata, a leboga Jehofa go tswa pelong, kgotsa a dira tshupelo e e fisiwang a kopa kamogelo ya Modimo, gongwe go ne go ka se nne thata go tlhopha phologolo e e tshwanetseng. Moobamedi yoo o ne a tla itumelela go ntshetsa Jehofa se se molemolemo se a nang le sone. Gompieno Bakeresete ga ba dire ditlhabelo tsa mmatota tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe; le fa go ntse jalo ba ntsha ditlhabelo ka tsela ya gore ba dirisa nako ya bone, maatla le dilwana tsa bone go direla Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka ‘go bolelwa phatlalatsa’ ga tsholofelo ya Bakeresete le “go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe,” e le ditlhabelo tse di itumedisang Modimo. (Baheb. 13:15, 16) Tsela e batho ba ga Jehofa ba ikutlwang ka yone fa ba mo direla, e supa kafa ba anaanelang ka gone sotlhe se Modimo a ba neileng sone. Ka jalo, fela jaaka Baiseraele, re tshwanetse go sekaseka tsela e re ikutlwang ka yone ka go direla Modimo le lebaka la go bo re mo direla.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi
23:15-17. Dafide o ne a tlotla thata molao wa Modimo malebana le botshelo le madi mo e leng gore ka nako eno o ne a tila go dira le eleng se se neng se tshwantshetsa gore o tlola molao oo. Re tshwanetse go tlhagolela boikutlo jo bo ntseng jalo malebana le ditaelo tsotlhe tsa Modimo.
AUGUST 1-7
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 1-2
“Ithute go Tswa mo Diphosong Tsa Gago”
it-2-E 987 ¶4
Solomone
Fa Adonija le batho ba ba neng ba logela kgosi leano ba ne ba utlwa mmino kwa Gihone le batho ba goa ba re: “A Kgosi Solomone a tshele lobaka lo loleele,” ba ne ba tshoga ba bo ba sia. Solomone o ne a bontsha gore bogosi jwa gagwe bo tla nna le kagiso ka gonne ga a ka a ipusolosetsa mo go Adonija. Mme gone, fa Adonija e ka bo e le ene kgosi, Solomone a ka bo a sule. Adonija o ne a tshabela kwa lefelong le le boitshepo gore a sireletsege mme Solomone o ne a roma batho gore ba tlise Adonija kwa go ene. Solomone o ne a raya Adonija a re ga a kitla a bolawa fa a ka itshwara sentle. Go tswa foo, o ne a mo laela gore a tsamaye.—1Dk 1:41-53.
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Ntlha
1:49-53; 2:13-25—Ke ka ntlha yang fa Solomone a ne a bolaya Adonija fa ene Solomone a sena go mo itshwarela? Le fa gone Bathesheba a ne a palelwa ke go lemoga seno, Solomone ene o ne a lemoga maitlhomo a mmatota a go bo Adonija a ne a kopa Bathesheba gore a kope kgosi gore e mo neye Abishage gore e nne mosadi wa gagwe. Le fa gone Dafide a ne a sa tlhakanela dikobo le ene, Abishage yo montle o ne a tsewa e le mogadingwana wa ga Dafide. Go ya ka ngwao ya nako eo, Abishage o ne a tla nna mosadi wa moruaboswa wa ga Dafide. Gongwe Adonija o ne a akanya gore fa a ne a ka tsaya Abishage go nna mosadi wa gagwe, o ne a ka leka gape go gapa bogosi. E re ka Solomone a ne a lemoga gore kopo ya ga Adonija e ne e bontsha gore o ne a batla bogosi, Solomone o ne a tlogela go mo itshwarela.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Dintlhakgolo Tsa Buka ya Dikgosi wa Ntlha
2:37, 41-46. A bo go le kotsi jang ne gore motho a akanye gore a ka tlola molao wa Modimo a bo a sa otlhaelwe seo! Batho ba ba tlogelang go tsamaya mo ‘tseleng e tshesane e e isang botshelong’ ka boomo ba tla bona ditlamorago tsa ditshwetso tsa bone tse di seng botlhale.—Mathaio 7:14.
AUGUST 8-14
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 3-4
“Botlhale ke Nonofo e e Botlhokwa”
A ke Sekao se se Molemo mo go Wena Kgotsa ke Tlhagiso?
4 Kwa tshimologong ya puso ya ga Solomone, Modimo o ne a tla kwa go ene mo torong mme a mmolelela gore a kope sengwe le sengwe se a se batlang. E re ka Solomone a ne a lemoga gore ga a na maitemogelo, o ne a kopa botlhale. (Bala 1 Dikgosi 3:5-9.) Modimo o ne a kgatlhiwa ke gore Solomone o kopile botlhale go na le go kopa dikhumo le kgalalelo, mme o ne a mo naya “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang”—mmogo le katlego. (1 Dikg. 3:10-14) Fela jaaka Jesu a umakile, botlhale jwa ga Solomone bo ne bo le bogolo jaana mo kgosigadi ya Sheba e ileng ya utlwela ka jone mme ya tsaya loeto lo loleele go tla go inosa ka nkgo.—1 Dikg. 10:1, 4-9.
5 Rona ga re a lebelela go newa botlhale ka kgakgamatso. Solomone o ne a re, “Jehofa o naya botlhale,” mme gone o ne a kwala gore re tshwanetse go leka ka natla go nna le nonofo eno ya bomodimo, o ne a re: “O . . . tlhwaele botlhale tsebe, gore o tle o sekamisetse pelo ya gago kwa temogong.” Go dumalana le seo, o ne a dirisa dipolelwana tse di jaaka “tlhaeletsa,” ‘nna o senka,’ le ‘nna o batla’ botlhale. (Dia. 2:1-6) Ga go pelaelo gore re ka kgona go nna le botlhale.
6 Go tla bo go le molemo go ipotsa gore, ‘A ke tsaya tsia sekao sa ga Solomone sa go anaanela botlhale jwa Modimo?’ Maemo a a sa iketlang a ikonomi a dirile gore batho ba le bantsi ba tlhome mogopolo mo ditirong le madi a bone kgotsa a tlhotlheleditse ditshwetso tse ba di dirang malebana le mofuta wa thuto e ba tla nnang le yone le gore ba tla batla go nna le thuto e e kana kang. Go tweng ka wena le lelapa la gago? A dilo tse lo di tlhophang di supa gore lo batla botlhale jwa Modimo e bile lo a bo anaanela? A go fetola tsela e lo lebang dilo ka yone le mekgele ya lona go ka dira gore lo nne le botlhale jo bo oketsegileng? Go nna le botlhale le go bo dirisa go ka lo solegela molemo go ya go ile. Solomone o ne a kwala jaana: “Foo o tla tlhaloganya tshiamo le katlholo le thokgamo, tsela yotlhe ya se se molemo.”—Dia. 2:9.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano
15 Fa ditlogolwana tsa ga Aberahame di ne di rulagantswe go nna setšhaba kafa tlase ga Molao, Jehofa o ne a ba segofatsa go ya ka se a se solofeditseng tlhogo ya lotso. Ka 1473 B.C.E., motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua, o ne a etelela Iseraele pele go tsena kwa Kanana. Go kgaoganngwa ga naga fa gare ga merafe eno go ne go diragatsa tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla naya losika lwa ga Aberahame naga. Fa Iseraele e ne e ikanyega, Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla dira gore ba fenye baba ba bone. Seno se ne sa diragala segolobogolo ka nako ya puso ya ga Kgosi Dafide. Ka nako ya morwa Dafide e bong Solomone, go ne ga diragadiwa karolo ya boraro ya tsholofetso ya kgolagano ya ga Aberahame. “Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi, ba ja ba nwa ba dira mokete fela.”—1 Dikgosi 4:20.
AUGUST 15-21
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 5-6
“Batho Ba ne Ba Ithaopa ka go Rata Ba bo Ba Agela Jehofa Tempele e Ntle”
A o Ne o Itse?
Dikgong tsa mosedara tsa kwa Lebanona di ne di itsege ka gore di thata, di dintle, di nkga monate e bile di sa jewe ke ditshenekegi. Ka jalo, Solomone o ne a dirisa didirisiwa tse di molemo go gaisa fa a aga tempele. Gompieno mo dithabeng tsa Lebanona tse di kileng tsa bo di apesitswe ke dikgwa tsa ditlhare tsa mosedara, go setse dikgwa di sekae fela tse dinnye tse di sa kitlanang.
it-1-E 424
Mosedara
Dikgong tsa mosedara di ne di dirisiwa thata, ka jalo go ne go tlhokega badiri ba bantsi ba ba ka remang ditlhare, ba bo ba isa dikgong tseo kwa Ture kgotsa kwa Sidona kwa lewatleng la Mediterranean. Gape ba ne ba tlhoka go bofaganya dikgong tseo gore di kgone go tsamaya di kokobetse mo lewatleng gongwe di isiwa kwa Jopa. Go tswa foo, dikgong tseo di bo di tsewa di isiwa Jerusalema. Eno e ne e le tumalano e Solomone a neng a e dirile le Hirame. (1Dk 5:6-18; 2Dt 2:3-10) Ka jalo, dikota kgotsa dikgong di ne tsa nna dintsi jaana mo bangwe ba neng ba re, ka nako ya fa Solomone a ne a busa o ne a dira gore “dikgong tsa mosedara di nne dintsi jaaka ditlhare tsa mosikamore.”—1Dk 10:27; bapisa le Isa 9:9, 10.
it-2-E 1077 ¶1
Tempele
Fa Kgosi Solomone a ne a rulaganya gore go agiwe tempele, o ne a tlhopha banna ba le 30 000 go tswa mo Iseraele mme o ne a romela banna ba le 10 000 kwa Lebanona kgwedi le kgwedi. Ba ne ba tle ba nne kgwedi yotlhe kwa Lebanona ba bo ba nna dikgwedi di le pedi kwa magaeng a bone. (1Dk 5:13, 14) O ne a tlhopha “batswakwa” ba le 70 000 ba ba rwalang merwalo le ba le 80 000 ba ba segang maje. (1Dk 5:15; 9:20, 21; 2Dt 2:2) Solomone o ne a tlhoma banna ba le 550 gore e nne balebedi ba ba okamelang batho ba ba neng ba dira tiro mme a bo a tlhopha banna ba bangwe gape ba le 3 300 go nna bathusi. (1Dk 5:16; 9:22, 23) Mo palong eno ya balebedi ba ba neng ba okametse batho ba ba neng ba dira tiro, go bonala ba le 250 e ne e Baiseraele mme ba le 3 600 e ne e le “batswakwa” mo Iseraele.—2Dt 2:17, 18.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
g 5/12 17, lebokoso
Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 1
GO BOLOKA REKOTO E E TLHOMAMENG YA NAKO
Sekai sa kafa go leng botlhokwa ka teng go bo Baebele e ne ya boloka rekoto e e tlhomameng ya nako se bontshiwa ke 1 Dikgosi 6:1, e e bontshang nako e ka yone Kgosi Solomone a neng a simolola go aga tempele kwa Jerusalema. Re bala jaana: “Ga diragala gore ka ngwaga wa bomakgolo a manè le masome a le robedi [dingwaga tse di tletseng di le 479] fa bomorwa Iseraele ba sena go tswa mo lefatsheng la Egepeto, mo ngwageng wa bonè [wa puso ya ga Solomone], mo kgweding ya Sife, ke gore, kgwedi ya bobedi, fa Solomone a sena go nna kgosi mo Iseraele, a agela Jehofa ntlo.”
Tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e bontsha gore ngwaga wa bonè wa puso ya ga Solomone e ne e le 1034 B.C.E. Fa re bala go ya kwa morago dingwaga di le 479 tse di tletseng go tswa mo letlheng leno re fitlha go 1513 B.C.E., ngwaga wa Khudugo ya Baiseraele.
AUGUST 22-28
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 7
“Re ka Ithuta Eng mo Dipilareng Tse Pedi?”
‘Mo Dithabeng lo Tla Epa Kgotlho’
Kgosi Solomone o ne a dirisa kgotlho e ntsi go kgabisa tempele e e kwa Jerusalema. Bontsi jwa yone bo ne bo tlisitswe ke rraagwe e bong Dafide, e a e boneng kwa metseng e a neng a e fentse ya kwa Siria. (1 Ditiragalo 18:6-8) “Lewatle le le thetsweng” la kgotlho, e ne e le mogotšwana o mogolo o baperesiti ba neng ba o dirisetsa go tlhapa, o ne o kgona go tsenya metsi a dilitara di le 66 000 mme o ne o le boima jwa ditone di le 30. (1 Dikgosi 7:23-26, 44-46) Gape go ne go na le dipilara tse pedi tse dikgolo tse di neng di eme mo matsenong a tempele. Di ne di le boleele jwa dimetara di le robedi di na le ditlhogo tse di ka nnang bogodimo jwa dimetara di le 2,2. Dipilara tseo di ne di le logaba di na le dipota tse di bokima jwa disentimetara di le 7,5 mme di le bophara jwa dimetara di le 1,7. (1 Dikgosi 7:15, 16; 2 Ditiragalo 4:17) Go a gakgamatsa go akanya gore go dirisitswe kgotlho e kana kang go dira dilwana tseno fela.
it-1-E 348
Boase wa Bobedi
Pilara e kgolo ya kopore e e ka fa letsogong la molema fa mathuding a tempele ya ga Solomone e ne e bidiwa Boase, mo go ka tswang go kaya “Ka Maatla.” Mme pilara e e ka fa letsogong la moja e ne e bidiwa Jakine, mo go kayang “E Kete a [go tewa Jehofa] ka Tlhomamisa Thata.” Ka jalo, fa bokao jwa mafoko ano a kopantswe mmogo a bo a balwa go tswa ka fa mojeng go ya ka fa molemeng a ka raya ‘E kete [Jehofa] a ka tlhomamisa [tempele] thata ka maatla.’—1Dk 7:15-21.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 263
Go Tlhapa
Batho ba ba obamelang Jehofa ba le boitshepo e bile ba itshekile ba tshwanetse go nna phepa mo mmeleng. Kgang eno ya go nna phepa e ne ya bontshiwa ke ba ba neng ba direla kwa motlaaganeng le ba ba neng ba direla kwa tempeleng moragonyana. Fa Moperesiti yo Mogolo Arone le bomorwawe ba tlhomiwa, ba ne ba tshwanetse go tlhapa pele ba apara diaparo tsa bone tsa boperesiti. (Ek 29:4-9; 40:12-15; Lef 8:6, 7) Baperesiti ba ne ba dirisa metsi a a mo sekotleleng sa kopore mo tenteng ya bokopanelo go tlhapa diatla le dinao tsa bone, mme moragonyana mo tempeleng ya ga Solomone ba ne ba dirisa sekotlele se segolo se se bidiwang Lewatle. (Ek 30:18-21; 40:30-32; 2Dt 4:2-6) Ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a tlhapa gabedi. (Lef 16:4, 23, 24) Balefi ba ba neng ba isa podi ya Asasele kwa ntle ga kampa, gammogo le dikarolo tse di neng di setse tsa diphologolo tse di neng di ntshitswe setlhabelo le kgomo e khunou, ba ne ba tshwanetse go tlhapa mmele ba bo ba tlhatswa diaparo tsa bone pele ga ba tsena mo kampeng.—Lef 16:26-28; Dip 19:2-10.
AUGUST 29–SEPTEMBER 4
MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | 1 DIKGOSI 8
“Thapelo ya ga Solomone E ne E Bontsha Gore o Boikokobetso”
Tokafatsa Dithapelo Tsa Gago ka go Ithuta Baebele
9 Gore thapelo e utlwiwe, e tshwanetse go tswa pelong. Solomone o ne a rapela thapelo e e tswang pelong, e e kwadilweng mo go 1 Dikgosi kgaolo 8, a rapela fa pele ga boidiidi jo bo neng bo phuthegile kwa Jerusalema fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa ka 1026 B.C.E. Fa letlole la kgolagano le sena go tsenngwa mo Boitshepong jwa Maitshepo mme leru la ga Jehofa le sena go tlala mo tempeleng, Solomone o ne a baka Modimo.
10 Sekaseka thapelo ya ga Solomone mme o ele tlhoko makgetlho a e umakang pelo ka one. Solomone o ne a dumela gore Jehofa ke ene fela a itseng pelo ya motho. (1 Dikg. 8:38, 39) Thapelo eo gape e bontsha gore moleofi yo o ‘boelang kwa Modimong ka pelo ya gagwe yotlhe’ o tla itshwarelwa. Fa mmaba a ne a gapa batho ba Modimo, dikopo tsa bone di ne di tla utlwiwa fa dipelo tsa bone di feletse mo go Jehofa. (1 Dikg. 8:48, 58, 61) Ka jalo, dithapelo tsa gago di tshwanetse go tswa pelong.
Ka Thapelo Tsholetsang Diatla Tse di Ikanyegang
7 E ka ne re rapela phatlalatsa kana re le nosi, molaomotheo wa botlhokwa wa Dikwalo o re tshwanetseng go o gakologelwa ke wa gore re nne boikokobetso fa re rapela. (2 Ditirafalo 7:13, 14) Kgosi Solomone o ne a supa boikokobetso mo thapelong ya gagwe fa go ne go kgakolwa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Solomone o ne a sa tswa go wetsa kago e ntle go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa agiwa mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, ka boikokobetso o ile a rapela jaana: “A ruri Modimo o tlaa aga mo lefatsheng? Bona, legodimo le legodimo la magodimo ga le kake la nna bonno jo bo go lekanyeng; bogolo jang ntlo e ke e agileng!”—1 Dikgosi 8:27.
8 Jaaka Solomone re tshwanetse go nna boikokobetso fa re rapelela ba bangwe phatlalatsa. Le fa gone re tshwanetse go tila go utlwala re tseegile maikutlo, re ka bontsha boikokobetso ka segalo sa lentswe la rona. Dithapelo tsa boikokobetso ga di rapelwe ka go batla go kgatlha batho ka mafoko kana ka go tseega maikutlo. Di lebisa tlhokomelo kwa go Yo o rapelwang e seng kwa go yo o o rapelang. (Mathaio 6:5) Gape re ka bontsha boikokobetso ka se re se buang mo thapelong ya rona. Fa re rapela ka boikokobetso re ka se ka ra bua jaaka e kete re pateletsa Modimo go dira dilo dingwe ka tsela ya rona. Go na le moo, re tla kopa Jehofa go dira dilo go ya ka thato ya gagwe e e boitshepo. Mopesalema o ile a supa boikutlo jo bo siameng ka go ikuela jaana: “Boloka jaanong Jehofa, re a go rapela; Jehofa, re a go rapela, tlisa letlhogonolo jaanong.”—Pesalema 118:25; Luke 18:9-14.
Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong
it-1-E 1060 ¶4
Legodimo
Moagi wa tempele ya kwa Jerusalema e bong Solomone, o ne a re “magodimo, tota legodimo la magodimo” a ka se tshole Modimo. (1Dk 8:27) E re ka Jehofa e le Mmopi wa Magodimo, “leina la gagwe ke lone fela le le kwa godimo thata mo le ka se kang la fitlhelelwa. Bogolo jwa gagwe bo kwa godimo ga lefatshe le legodimo.” (Ps 148:13) Jehofa o kgona go lekanya magodimo motlhofo, fela jaaka motho a ka lekanya sengwe go tloga kwa monwaneng o monnye go fitlha kwa monwaneng o mogolo wa seatla. (Isa 40:12) Mafoko a ga Solomone ga a reye gore Modimo ga a na lefelo le le rileng le a nnang mo go lone. Gape o ne a sa reye gore Modimo o gongwe le gongwe kgotsa o nna gotlhe fela. Go na le moo, Solomone o ne a re Jehofa o reetsa dithapelo a le ‘kwa magodimong, lefelo le a nnang kwa go lone’ e leng magodimo a semoya kgotsa lefelo la semoya le le kwa godimo thata le rona batho re sa kgoneng go le bona.—1Dk 8:30, 39.