LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/1 ts. 8-13
  • Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgolagano le Aberahame
  • “Kgolagano e Kgologolo”
  • Masego a a Tlang ka Kgolagano ya Molao
  • Basokologi Kwa Iseraele
  • Jehofa o Segofatsa Losika Lwa ga Aberahame
  • Go Tlhokega Kgolagano e Ntšha
  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Dikgolagano tse di Kopanyelefsang Boikaelelo jwa Goyagaile jwa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Lo Tla Nna “Bogosi Jwa Baperesiti”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/1 ts. 8-13

Jehofa ke Modimo wa Dikgolagano

‘Ke tla dira kgolagano e ntšha le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta.’—JEREMIA 31:31.

1, 2. (a) Jesu o ne a simolola mokete ofe mo bosigong jwa Nisane 14, 33 C.E.? (b) Jesu o ne a bua ka kgolagano efe e e amanang le loso lwa gagwe?

MO BOSIGONG jwa Nisane 14, ka 33 C.E., Jesu o ne a keteka Tlolaganyo le baaposetoloi ba gagwe ba le 12. E re ka a ne a itse gore e ne e tla bo e le sejo sa gagwe sa bofelo le bone le gore o ne a tla tloga a swa a bolawa ke baba ba gagwe, Jesu o ne a dirisa sebaka seno go tlhalosetsa barutwa ba gagwe ba ba atamalaneng thata le ene dilo tse dintsi tse di botlhokwa.—Johane 13:1–17:26.

2 E ne e le ka yone nako eno, fa Jesu a sena go leleka Judase Isekariota, a ileng a tlhoma moletlo o le mongwe fela wa bodumedi wa ngwaga le ngwaga o Bakeresete ba laetsweng go o keteka—Segopotso sa loso lwa gagwe. Pego e bolela jaana: “Ya re ba ntse ba tsweletse baa ja, Jesu a tsaya lofo mme, morago ga go segofatsa, a e ngathoganya mme, ya re a e naya barutwa ba gagwe, a re: ‘Tsayang, jang. Seno se kaya mmele wa me.’ Gape, a tsaya senwelo mme, ya re a sena go leboga, a se ba naya, a re: ‘Nwang mo go sone, lotlhe; gonne seno se kaya “madi a kgolagano” a me, a a tla tshololwang mo boemong jwa ba le bantsi gore ba itshwarelwe maleo.’” (Mathaio 26:26-28) Balatedi ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse gore ba gopole loso lwa gagwe ka tsela e e bori le e e tlotlegang. Mme Jesu, fa a ne a bua ka loso lwa gagwe o ne a umaka kgolagano. Mo pegong ya Luke, e bidiwa “kgolagano e ntšha.”—Luke 22:20.

3. Go bodiwa dipotso dife malebana le kgolagano e ntšha?

3 Kgolagano e ntšha ke eng? Fa go na le kgolagano e ntšha, a go raya gore go na le kgolagano e kgologolo? A go na le dikgolagano tse dingwe tse di amanang le yone? Dipotso tseno di botlhokwa ka gonne Jesu o ne a bolela gore madi a kgolagano a tla tshololwa gore go “itshwarelwe maleo.” Rotlhe re tlhoka go itshwarelwa go go ntseng jalo thata.—Baroma 3:23.

Kgolagano le Aberahame

4. Ke tsholofetso efe ya bogologolo e e re thusang go tlhaloganya kgolagano e ntšha?

4 Gore re tlhaloganye kgolagano eno e ntšha, re tshwanetse go boela morago mo e ka nnang ka dingwaga di le 2000 pele ga bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng go fitlha ka nako ya fa Tera le lelapa la gagwe—go akaretsa le Aberame (moragonyana a nna Aberahame) le mosadi wa ga Aberame e bong Sarai (moragonyana a nna Sara)—ba ile ba fuduga go tswa kwa nageng ya Ure ya Bakaladea e e neng e humile ba ya kwa Harana kwa ntlheng ya bokone jwa Mesopotamia. Ba ne ba nna gone go fitlha Tera a swa. Morago ga foo, ka taolo ya ga Jehofa, Aberahame wa dingwaga di le 75 o ne a kgabaganya Noka ya Euferetase mme ba ya kwa ntlheng ya borwabophirima jwa lefatshe la Kanana go ya go tshela botshelo jwa bokgarakgatshegi mo ditenteng. (Genesise 11:31–12:1, 4, 5; Ditiro 7:2-5) E ne e le ka 1943 B.C.E. Fa Aberahame a ne a sa ntse a le kwa Harana, Jehofa o ne a mmolelela jaana: “Ke tlaa dira morafe o mogolo ka wena; ke tlaa go segofatsa, ke dira leina la gago le nna legolo, gore wena o nne tshegofatso. Le gone ke tlaa segofatsa bone ba ba go segofatsang, le ene yo o go hutsang ke tlaa mo hutsa. Mo go wena, ditshika tsotlhe tsa lefatshe di tlaa segofala.” Moragonyana, fa Aberahame a sena go kgabaganyetsa kwa Kanana, Jehofa o ne a oketsa jaana: “Lefatshe le, ke tlaa le naya losika lwa gago.”—Genesise 12:2, 3, 7.

5. Tsholofetso ya ga Jehofa e a e solofeditseng Aberahame e amanngwa le boporofeti bofe jwa hisitori?

5 Tsholofetso e Aberahame a e solofeditsweng e ne e amana le nngwe ya ditsholofetso tse tsa ga Jehofa. Eleruri, e ne e dira gore Aberahame e nne motho wa botlhokwatlhokwa mo hisitoring ya batho, a nne segokaganyi mo go diragadiweng ga boporofeti jwa ntlha jo bo kwadilweng. Fa Adame le Efa ba sena go leofa kwa tshimong ya Edene, Jehofa o ne a ba atlhola ka bobedi jwa bone, mme ka nako yone eo, a bua le Satane, yo o ileng a tsietsa Efa, a mmolelela jaana: “Ke tlaa tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. Lone lo tlaa tapeta tlhogo ya gago, mme wena o tlaa loma serethe sa gagwe.” (Genesise 3:15) Kgolagano ya ga Jehofa le Aberahame e ne e supa gore Losika lo lo neng lo tla dirisiwa go senya ditiro tsa ga Satane lo ne lo tla tlhaga mo losikeng lwa tlhogo eo ya lotso.

6. (a) Tsholofetso ya ga Jehofa e a e solofeditseng Aberahame e ne e tla diragadiwa ka mang? (b) Kgolagano ya ga Aberahame ke eng?

6 E re ka tsholofetso ya ga Jehofa e ne e amana le losika, Aberahame o ne a tlhoka morwa yo Losika lono lo neng lo tla tla ka ene. Mme ene le Sara ba ne ba tsofetse mme ba sa ntse ba se na bana. Le fa go ntse jalo, kgabagare Jehofa o ne a ba segofatsa, a tsosolosa bokgoni jwa bone jwa go tshola bana ka kgakgamatso mme Sara o ne a tsholela Aberahame morwa, e bong Isake, ka go dira jalo go dira gore tsholofetso ka losika e nne e tswelele. (Genesise 17:15-17; 21:1-7) Dingwaga dingwe moragonyana, fa a sena go leka tumelo ya ga Aberahame—go ya bokgakaleng jwa gore a mo leke go bona gore a a ka ntsha morwawe yo a mo ratang, Isake, setlhabelo—Jehofa o ne a boeletsa tsholofetso ya gagwe mo go Aberahame: “Ke tlaa go segofatsa, ke ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa legodimo, le jaaka mošawa o o mo dintshing tsa lewatle. Losika lwa gago lo tlaa rua kgoro ya metse ya baba ba lona. Merafe yotlhe ya lefatshe e tlaa segofala mo losikeng lwa gago, ka o utlwile lentswe la me.” (Genesise 22:15-18) Tsholofetso e kgolwane eno gantsi e bidiwa kgolagano ya ga Aberahame, mme e nngwe e leng kgolagano e ntšha e ne e tla amanngwa thata le yone.

7. Losika lwa ga Aberahame lo ile lwa simolola go oketsega jang mme ke maemo afe a a ileng a dira gore le age kwa Egepeto?

7 Fa nako e ntse e ya, Isake o ne a nna le basimane ba babedi ba mafatlha e bong Esau le Jakobe. Jehofa o ne a tlhopha Jakobe go nna mogologolwane wa Losika lo lo Solofeditsweng. (Genesise 28:10-15; Baroma 9:10-13) Jakobe o ne a nna le barwa ba le 12. Ka mo go phepafetseng, e ne e setse e le nako ya gore losika lwa ga Aberahame lo simolole go oketsega. Fa barwa ba ga Jakobe e nna bagolo, ba le bantsi ba bone ba na le malapa a bone ka namana, leuba le ne la ba pateletsa botlhe go fudugela kwa Egepeto koo, ka kaelo ya Modimo, morwa Jakobe e bong Josefa o neng a ba baakanyeditse tsela. (Genesise 45:5-13; 46:26, 27) Morago ga dingwaga di sekae, leuba la kwa Kanana le ile la fela. Mme lelapa la ga Jakobe le ne la nna kwa Egepeto—e le baeng pele mme moragonyana e le makgoba. Ga ya ka ya nna go fitlha ka 1513 B.C.E., dingwaga di le 430 fa Aberahame a sena go kgabaganya Euferetase, fa Moshe a ne a etelela ditlogolwana tsa ga Jakobe pele go ba golola go tswa kwa Egepeto. (Ekesodo 1:8-14; 12:40, 41; Bagalatia 3:16, 17) Jehofa o ne jaanong a ka tlhoma mogopolo ka tsela e e kgethegileng mo kgolaganong ya gagwe le Aberahame.—Ekesodo 2:24; 6:2-5.

“Kgolagano e Kgologolo”

8. Jehofa o ne a dira kgolagano efe le bana ba ga Jakobe kwa Sinai mme go ne go amana jang le kgolagano ya ga Aberahame?

8 Fa Jakobe le barwa ba gagwe ba fudugela kwa Egepeto, e ne e le lelapa le legolo, mme ditlogolwana tsa bone di ne tsa tloga kwa Egepeto e le setlhopha sa merafe e mentsi. (Ekesodo 1:5-7; 12:37, 38) Pele ga Jehofa a ba isa Kanana, o ne a ba isa ntlheng ya borwa kwa tlase ga thaba e e bidiwang Horeba (kana, Sinai) kwa Arabea. Fa ba le koo, o ne a dira kgolagano le bone. E ne ya bidiwa “kgolagano e kgologolo” fa e bapisiwa le “kgolagano e ntšha.” (2 Bakorintha 3:14) Ka kgolagano e kgologolo, Jehofa o ne a diragatsa kgolagano ya gagwe le Aberahame ka tsela ya tshwantshetso.

9. (a) Jehofa o ne a solofetsa dilo dife tse nnè ka kgolagano ya ga Aberahame? (b) Kgolagano ya ga Jehofa le Iseraele e ne ya dira gore go nne le ditebelelo dife tse dingwe mme go ne go ikaegile ka eng?

9 Jehofa o ne a tlhalosetsa Iseraele se se batlegang mo kgolaganong eno: “Fa ruri lo ka reetsa lentswe la me, lwa tshegetsa kgolagano ya me, foo lo tlaa nna boswabotshwerwe jwa me go feta ditšhaba tsotlhe; gonne lefatshe lotlhe ke la me; lo tlaa bo lo ntse bogosi jwa baperesiti mo go nna, le morafe o o boitshepo.” (Ekesodo 19:5, 6) Jehofa o ne a solofeditse gore losika lwa ga Aberahame (1) lo tla nna setšhaba se segolo, (2) lo tla fenya baba ba lone, (3) lo tla rua lefatshe la Kanana le gore (4) lo tla nna tsela e ditšhaba di tla segofalang ka yone. Jaanong o ne a ba senolela gore bone ka bobone ba ne ba tla amogela masego ano e le batho ba gagwe ba ba kgethegileng, Iseraele, “bogosi jwa baperesiti . . . , le morafe o o boitshepo,” fa ba ka ikobela ditaolo tsa gagwe. A Baiseraele ba ne ba dumela go tsena mo kgolaganong eno? Ba ne ba araba jaana ba le seoposengwe: “Gotlhe mo Jehofa o go buileng re tlaa go dira.”—Ekesodo 19:8.

10. Jehofa o ne a rulaganya Baiseraele jang go nna setšhaba mme o ne a lebeletse eng mo go bone?

10 Ka jalo, Jehofa o ne a rulaganya Baiseraele gore e nne setšhaba. O ne a ba naya melao e e neng e laola kobamelo le botshelo jwa bone mo setšhabeng. Gape o ne a dira gore go nne le motlaagana (moragonyana, tempele kwa Jerusalema) le boperesiti go dira tirelo e e boitshepo mo motlaaganeng. Go boloka kgolagano eno go ne go raya go ikobela melao ya ga Jehofa mme segolobogolo, go obamela ene fela. Molao wa ntlha mo Melaong e e Lesome e e neng e le motheo wa melao eo e ne e le o o reng: “Ke nna Jehofa Modimo wa gago, yo ke go ntshitseng mo lefatsheng la Egepeto, mo ntlong ya botlhanka. ‘O se ka wa nna le medimo epe e sele fa e se nna.’”—Ekesodo 20:2, 3.

Masego a a Tlang ka Kgolagano ya Molao

11, 12. Ditsholofetso tsa kgolagano e kgologolo di ne tsa diragadiwa ka ditsela dife mo go Iseraele?

11 A ditsholofetso tsa kgolagano ya Molao di ile tsa diragadiwa mo go Iseraele? A Iseraele e ne ya nna “morafe o o boitshepo”? Jaaka ditlogolwana tsa ga Adame, Baiseraele e ne e le baleofi. (Baroma 5:12) Le fa go ntse jalo, kafa tlase ga Molao, go ne go ntshiwa ditlhabelo gore go bipiwe maleo a bone. Jehofa o ne a bolela jaana malebana le ditlhabelo tse di neng di ntshiwa ngwaga le ngwaga ka Letsatsi la Tetlanyo: “Ka letsatsi leo lo tlaa direlwa tetlanyo, go lo itshekisa; lo tlaa bo lo itshekile mo maleong otlhe a lona fa pele ga Jehofa.” (Lefitiko 16:30) Ka jalo, fa Iseraele e ne e ikanyega, e ne e nna e le setšhaba se se boitshepo, se se itshekisitsweng go direla Jehofa. Mme boemo jo bo itshekileng jono bo ne bo ikaegile ka go ikobela ga bone Molao le go tswelela pele ba ntsha ditlhabelo.

12 Iseraele e ne ya nna “bogosi jwa boperesiti”? Go tloga fela kwa tshimologong, e ne e le bogosi, Jehofa e le Kgosi ya legodimo. (Isaia 33:22) Mo godimo ga moo, kgolagano ya Molao e ne e akaretsa thulaganyo ya go nna le kgosi ya motho, gore moragonyana Jehofa a bo a emelwa ke dikgosi tse di busang kwa Jerusalema. (Duteronome 17:14-18) A mme Iseraele e ne e le bogosi jwa baperesiti? Ebu, e ne e na le baperesiti ba ba neng ba dira tirelo e e boitshepo kwa motlaaganeng. Motlaagana, (mme moragonyana, tempele) e ne e le lefelo la kobamelo e e itshekileng ya Baiseraele le mo go ba e seng Baiseraele. Mme setšhaba seno e ne e le moedi wa konokono wa go senolela batho boammaaruri. (2 Ditirafalo 6:32, 33; Baroma 3:1, 2) Baiseraele botlhe ba ba ikanyegang, e seng fela baperesiti ba Balefi e ne e le “basupi” ba ga Jehofa. Iseraele e ne e le “motlhanka” wa ga Jehofa yo o neng a tlhomilwe gore a ‘ranole pako ya gagwe.’ (Isaia 43:10, 21) Batswakwa ba le bantsi ba ba ikokobeditseng ba ne ba bona maatla a ga Jehofa mo bathong ba gagwe le ba ba neng ba kgatlhwa ke kobamelo e e itshekileng. Ba ne ba nna basokologi. (Jošua 2:9-13) Mme e ne e le morafe o le mongwe fela o tota o neng o direla jaaka baperesiti ba ba tloditsweng.

Basokologi Kwa Iseraele

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe basokologi ba ne ba se na seabe mo kgolaganong ya Molao? (b) Basokologi ba ne ba nna jang kafa tlase ga kgolagano ya Molao?

13 Boemo jwa basokologi bano e ne e le bofe? Fa Jehofa a ne a dira kgolagano ya gagwe, o ne a e dira fela le Iseraele; le fa gone ba “bontsi jwa batho jo bo tlhakanyeng” bo ne bo le gone, ga baa ka ba tsenngwa go nna le seabe. (Ekesodo 12:38; 19:3, 7, 8) Batsalwapele ba bone ga baa ka ba akarediwa fa go balwa tlhwatlhwa ya thekololo ya batsalwapele ba Iseraele. (Dipalo 3:44-51) Masome a dingwaga morago ga moo fa lefatshe la Kanana le ne le kgaoganyetswa merafe ya Baiseraele, badumedi ba e seng Baiseraele ga baa a ka ba tlhaolelwa sepe. (Genesise 12:7; Jošua 13:1-14) Ka ntlha yang? Ka gonne kgolagano ya Molao e ne e sa dirwa le basokologi. Mme banna ba basokologi ba ne ba rupisiwa e le go ikobela Molao. Ba ne ba utlwa ditao tsa one mme dithulaganyo tsa one di ne di ba solegela molemo. Basokologi mmogo le Baiseraele ba ne ba nna kafa tlase ga kgolagano ya Molao.—Ekesodo 12:48, 49; Dipalo 15:14-16; Baroma 3:19.

14 Ka sekai, fa mosokologi a bolaya mongwe ka phoso, o ne a ka nna a tshabela kwa motseng wa botshabelo jaaka Moiseraele. (Dipalo 35:15, 22-25; Jošua 20:9) Ka Letsatsi la Tetlanyo go ne go ntshediwa “phuthego yotlhe ya Iseraele” setlhabelo. Jaaka karolo ya phuthego, basokologi ba ne ba nna le seabe mo dithulaganyong mme setlhabelo seo se ne se ba akaretsa. (Lefitiko 16:7-10, 15, 17, 29; Duteronome 23:7, 8) Basokologi ba ne ba le gaufi thata jaana le Iseraele kafa tlase ga Molao mo e leng gore ka Pentekosete ya 33 C.E. fa ‘selotlolo sa bogosi’ sa ntlha se ne se dirisediwa Bajuda, basokologi le bone ba ne ba solegelwa molemo. Ka ntlha ya seo, “Nikolase, mosokologi wa kwa Antioka,” o ne a nna Mokeresete mme a nna mongwe wa ‘banna ba le supa ba ba tlhomamisitsweng’ ba ba neng ba tlhomiwa go tlhokomela dilo tse di tlhokegang mo phuthegong ya Jerusalema.—Mathaio 16:19; Ditiro 2:5-10; 6:3-6; 8:26-39.

Jehofa o Segofatsa Losika Lwa ga Aberahame

15, 16. Kgolagano ya ga Jehofa le Aberahame e ne ya diragadiwa jang mo kgolaganong ya Molao?

15 Fa ditlogolwana tsa ga Aberahame di ne di rulagantswe go nna setšhaba kafa tlase ga Molao, Jehofa o ne a ba segofatsa go ya ka se a se solofeditseng tlhogo ya lotso. Ka 1473 B.C.E., motlhatlhami wa ga Moshe e bong Joshua, o ne a etelela Iseraele pele go tsena kwa Kanana. Go kgaoganngwa ga naga fa gare ga merafe eno go ne go diragatsa tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o tla naya losika lwa ga Aberahame naga. Fa Iseraele e ne e ikanyega, Jehofa o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla dira gore ba fenye baba ba bone. Seno se ne sa diragala segolobogolo ka nako ya puso ya ga Kgosi Dafide. Ka nako ya morwa Dafide e bong Solomone, go ne ga diragadiwa karolo ya boraro ya tsholofetso ya kgolagano ya ga Aberahame. “Bajuta le Baiseraele ba bo ba le bantsi jaaka mošawa o o fa lewatleng ka bontsi, ba ja ba nwa ba dira mokete fela.”—1 Dikgosi 4:20.

16 Le fa go ntse jalo, ditšhaba di tla segofala jang ka Iseraele, e leng losika lwa ga Aberahame? Jaaka go setse go umakilwe, Iseraele e ne e le batho ba ba kgethegileng ba ga Jehofa, e le moemedi wa gagwe mo ditšhabeng. Pelenyana ga Iseraele e gwantela mo Kanana, Moshe o ne a bolela jaana: “Lona merafe, itumeleng le batho ba gagwe.” (Duteronome 32:43) Batswakwa ba le bantsi ba ne ba arabela. “Bontsi jwa batho jo bo tlhakanyeng” bo ne bo setse bo ile jwa sala Iseraele morago go tswa kwa Egepeto, ba bone maatla a ga Jehofa kwa gareganaga mme ba utlwa taletso ya ga Moshe ya gore ba itumele. (Ekesodo 12:37, 38) Moragonyana, Ruthe wa Moabe o ne a nyalana le Boase wa Moiseraele mme a nna mogologolwane wa ga Mesia. (Ruthe 4:13-22) Jehonadabe wa Mokena le ditlogolwana tsa gagwe le Ebetemeleke wa Moithopia ba ne ba itlhaola ka go latela melaometheo e e siameng fa ba le bantsi ba Iseraele wa tlholego ba ne ba sa ikanyege. (2 Dikgosi 10:15-17; Jeremia 35:1-19; 38:7-13) Kafa tlase ga Mmusomogolo wa Peresia, batswakwa ba le bantsi ba ne ba nna basokologi mme ba lwa mmogo le Iseraele kgatlhanong le baba ba gagwe.—Esethere 8:17, ntlhayana e e kwa tlase mo go NW.

Go Tlhokega Kgolagano e Ntšha

17. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a gana bogosi jwa Iseraele jwa kwa bokone le jwa kwa borwa? (b) Ke eng se se neng sa dira gore Bajuda ba feletse ba gannwe?

17 Le fa go ntse jalo, gore tsholofetso ya Modimo e diragadiwe ka botlalo, setšhaba sa Modimo se se kgethegileng se ne se tshwanetse sa ikanyega. Se ne se sa ikanyege. Ke boammaaruri, go ne go na le Baiseraele ba ba neng ba na le tumelo e e tlhomologileng. (Bahebera 11:32–12:1) Le fa go ntse jalo, mo makgetlhong a le mantsi setšhaba seno se ne se retologela kwa medimong ya boheitane, se solofetse go bona dilo tse di bonalang. (Jeremia 34:8-16; 44:15-18) Batho ba ne ba sa dirise Molao sentle kana ba ne ba o itlhokomolosa fela. (Nehemia 5:1-5; Isaia 59:2-8; Malaki 1:12-14) Morago ga loso lwa ga Solomone, Iseraele e ne ya kgaoganngwa go nna bogosi jwa bokone le jwa borwa. Fa bogosi jwa kwa bokone bo ne bo tsuologa thata, Jehofa o ne a bolela jaana: “Ereka o ganne kitso, le nna ke tlaa go gana, gore o se nne moperesiti wa me.” (Hosea 4:6) Bogosi jwa kwa borwa le bone bo ile jwa otlhaiwa botlhoko ka ntlha ya go sa ikanyege mo kgolaganong. (Jeremia 5:29-31) Fa Bajuda ba ne ba gana Jesu jaaka Mesia, Jehofa le ene o ne a ba gana. (Ditiro 3:13-15; Baroma 9:31–10:4) Kgabagare, Jehofa o ne a dira thulaganyo e ntšha gore a diragatse kgolagano ya ga Aberahame ka botlalo.—Baroma 3:20.

18, 19. Jehofa o ne a dira thulaganyo efe e ntšha gore kgolagano ya ga Aberahame e tle e diragadiwe ka botlalo?

18 Thulaganyo e ntšha eo e ne e le kgolagano e ntšha. Jehofa o ne a boleletse pele ka seno fa a ne a bolela jaana: “‘Bonang, metlha e e tla,’ go bua Jehofa, ‘e ke tlaa dirang kgolagano e ntšha ka yone le ba ntlo ya Iseraele, le ba ntlo ya Juta’ . . . ‘Kgolagano e ke tlaa e dirang le ba ntlo ya Iseraele morago ga metlha eo ke e,’ go bua Jehofa. ‘Ke tlaa tsenya molao wa me mo teng ga bone, ke o kwala mo pelong tsa bone. Ke tlaa nna Modimo wa bone, le bone ba tlaa nna batho ba me.’”—Jeremia 31:31-33.

19 Eno ke kgolagano e ntšha e Jesu a neng a bua ka yone ka Nisane 14, 33 C.E. Ka nako eo, o ne a senola gore kgolagano e e solofeditsweng e ne e tla tloga e konelwa fa gare ga barutwa ba gagwe le Jehofa, Jesu e le motsereganyi. (1 Bakorintha 11:25; 1 Timotheo 2:5; Bahebera 12:24) Ka kgolagano eno e ntšha tsholofetso e Jehofa a e solofeditseng Aberahame e ne e tla diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang thata e bile e le e e tla nnelang ruri, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Jehofa o ne a solofetsa eng mo kgolaganong ya ga Aberahame?

◻ Jehofa o ne a diragatsa jang kgolagano ya ga Aberahame mo go Iseraele wa tlholego?

◻ Basokologi ba ne ba solegelwa molemo jang ke kgolagano e kgologolo?

◻ Ke ka ntlha yang fa go ne go tlhokega kgolagano e ntšha?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kgolagano ya Molao, Jehofa o ne a dira gore kgolagano ya ga Aberahame e diragadiwe ka tsela ya tshwantshetso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela