LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 2/1 ts. 7
  • Boitshoko bo Tlisa Masego a Modimo Kwa Malawi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Boitshoko bo Tlisa Masego a Modimo Kwa Malawi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke ne Ka Letla Jehofa Gore a Kaele Botshelo Jwa Me
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • “Go Segō ba ba Kileñ Ba nna Ba Ichōka”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jehofa ka Metlha O a Re Tlhokomela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • ‘Akanyang ka Kelotlhoko Ka ga Yo o Ileng a Itshoka’
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 2/1 ts. 7

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Boitshoko bo Tlisa Masego a Modimo Kwa Malawi

JOSEFA e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa. (Bahebera 11:22) Gape e ne e le monna yo o neng a na le boitshoko jo bo tlhomologileng. Le mororo a ne a latlhwa ke bomorwarraagwe, a rekisiwa e le lekgoba gabedi, mme morago ga moo a latlhelwa mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka, Josefa o ne a se ka a kgobega marapo. Go na le moo, o ne a itshoka ka bopelotelele mo dingwageng tseo tsa tlalelo, a emetse masego a ga Jehofa ka boikokobetso.—Genesise 37:23-28, 36; 39:11-20.

Ka tsela e e tshwanang gompieno, Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi ba ne ba letela masego a Modimo ka bopelotelele. Mo dingwageng di le 26, Basupi bano ba Bakeresete ba ne ba itshokela dithibelo tsa puso, go ganediwa mo go setlhogo le bosetlhogo jo bogolo. Mme boitshoko jwa bone bo nnile le matswela!

Fa pogiso eno e ne e simolola kwa Malawi kwa bofelong jwa 1967, go ne go na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 18 000. Akanya fela gore Basupi ba ne ba itumela go le kana kang fa ba utlwa gore ngwaga wa tirelo wa 1997 o simolotse o na le tlhora e ntšha ya baboledi ba le 38 393—ba feta palo ya fa thibelo e ne e simologa go menagane gabedi! Mo godimo ga moo, palo ya ba ba neng ba le teng kwa Dikopanong tsa Kgaolo tse 13 tsa “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo” tse di neng di tshwerwe kwa Malawi e ne e feta 117-000. Eleruri, Jehofa o segofaditse tumelo le boitshoko jwa bone.

Sekai sa masego ano ke boitemogelo jwa lekawana lengwe le le bidiwang Machaka. Fa Machaka a ne a dumela gore a rutwe Baebele ke Basupi ba ga Jehofa, batsadi ba gagwe ba ne ba tshwenyegile thata. Ba ne ba re: “Fa o batla go nna Mosupi, o tshwanetse wa tswa mo gae.” Le fa go ntse jalo, matshosetsi ano a ne a se ka a mo kgoba marapo gore a se ka a ithuta. Ka ntlha ya seo, batsadi ba ga Machaka ba ne ba tsaya diaparo tsa gagwe tsotlhe. Bakaulengwe ba ne ba arabela ka go mo rekela tse dingwe. Fa batsadi ba ga Machaka ba utlwa seno, ba ne ba mo raya ba re: “Fa e le gore Basupi ba tlile go go tlamela, o tshwanetse wa tsamaya mme o ye go nna le bone.” Fa Machaka a sena go sekaseka kgang eno ka kelotlhoko, o ne a tswa mo gae, mme o ne a tsewa ke lelapa lengwe la Basupi mo phuthegong e e mo lefelong leo.

Batsadi ba ga Machaka ba ne ba galefile thata mo ba neng ba swetsa ka gore ba fuduge mo karolong eno gore ba tile go kopana le Basupi. Legale, Machaka o ne a tshwentswe ke seno, mme o ne a gomotsega thata fa bakaulengwe ba buisana le ene ka Pesalema 27:10, e e reng: “Gonne rre le mme ba ntatlhile, mme Jehofa o tlaa ntshola.”

Fa nako e ntse e ya, batsadi ba ga Machaka ba ne ba kokobela mo maikutlong a bone, mme o ne a swetsa ka gore a boele gae. Go bonala go ikemisetsa ga morwaabone mo go direleng Jehofa go ne ga ba tlhotlheletsa thata ka gonne le bone ba ne ba batla go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa! Gape ba ne ba nna gone mo malatsing otlhe a mararo a Kopano ya Kgaolo ya “Barongwa ba Kagiso ya Bomodimo,” morago ga moo ba tlhotlheletsega go bolela jaana: “Tota eno ke phuthego ya Modimo.”

Ee, pogiso e ka nna teko, mme barongwa ba ba ikanyegang ba Modimo ga ba ineele fela. Ba gatela pele ka bopelokgale, ba itse gore “pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko, le jone, boemo jo bo amogelesegang.” (Baroma 5:3, 4) Basupi ba ga Jehofa kwa Malawi ba ka tlhomamisa gore boitshoko bo tlisa masego a Modimo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela