“Go Segō ba ba Kileñ Ba nna Ba Ichōka”
1. Ke boemo bofe mo lefatsheng jo bo neng jwa diragatsa Mathaio 24:3-8 fa esale ka 1914, mme ke maiphako afe a Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le Lekgotla la Merafe e e Kopaneng a a neng a palelwa?
MO BUKENG ya gagwe ya The Present Age, Robert Nisbet o bua ka “Ntwa ya Dingwaga di le Masome a Supa le Botlhano e e ileng ya tswelela, e sa kgaotse, fa esale ka 1914.” Ee, “dintwa, le medumō ea dintwa,” go akareletsa le dintwa tsa lefatshe—ke seo Jesu Keresete a neng a se bolelela pele ka metlha eno ya bokhutlo. (Mathaio 24:3-8) Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne la tlhamiwa ka 1920 “go thibela ntwa gotlhelele.” Abo le ile la palelwa jang ne! Go ne ga tlhamiwa Lekgotla la Merafe e e Kopaneng ka 1945 “go golola dikokomana tse di tla latelang mo sebetsong sa ntwa.” Mme buka Fires All Around the Horizon ya ga Max Harrelson e anela jaana: “Ga go ise go ko go nne lefa e le letsatsi le le lengwe le go neng go se gope kwa go lowang gone fa esale Ntwa ya Lefatshe II e khutla.”
2. Batho bangwe ba botsa dipotso dife mabapi le maemo a lefatshe, mme re tshwanetse ra bo re botsa dipotso dife?
2 Borukhutlhi le thubakanyo, ditiro tse di seng kafa molaong le leuba, diokobatsi le dikgogodi tsa malwetsi—tsotlhe tseno di tlatseletsa mo boemong jono jo bo utlwisang botlhoko. Batho ba bangwe ba ka botsa jaana: ‘Batho ba kgona jang go tswelela ba ntse ba itshokela maemo a a utlwisang botlhoko jaana? Lefa go le jalo, se se botlhokwa segolo, re tshwanetse go botsa jaana: ‘Modimo o kgona jang go itshokela go senngwa ga popo ya gagwe e e mo lefatsheng? O tla letla batho ba ba bosula go senya lefatshe le go lere kgobo mo leineng la gagwe le legolo ka lobaka lo lo kae?’
3. (a) Moperofeti Isaia o ne a botsa potso efe, mme ka ntlhayang? (b) Jehofa o ne a mo araba jang, mme seo se supa eng ka motlha wa rona?
3 Moperofeti Isaia o ne a botsa potso e e tshwanang. O ne a romilwe go bolelela baagi ba naga yaabo molaetsa o o tswang kwa go Jehofa. Mme o ne a tlhagisitswe pele gore ba ne ba se kitla ba mo reetsa lefa e le go reetsa Modimo o o mo romileng. Ka jalo Isaia o ne a botsa jaana: “Ka lobaka lo lo kaee, Yehofa?” Ee, Isaia o ne a tla rerela batho ba ba tlhogoethata bano ka lobaka lo lo kae, mme Jehofa o ne a tla itshokela go gana ga bone go reetsa molaetsa wa gagwe ka lobaka lo lo kae? Jehofa o ne a araba jaana: “Ke go tlo go tsamaee metse e kgakgabale hèla e tlhōke monni, le matlo a tlhōke motho, le lehatshe le gokgolèlwe hèla.” (Isaia 6:8-11) Go tshwana fela le gompieno, Modimo o itshokela go kgobiwa go go ntseng jalo go fitlha nako ya gagwe eo a e tlhomileng go tla go diragatsa katlholo ya gagwe mo lefatsheng leo mosotli wa lone yo mogolo e leng La-Bodumedi yo o sa ikanyegeng e goroga.
4. Go itshoka ga ga Jobe go ne ga felela ka eng, mme seo se re tlhomamisetsa eng gompieno?
4 Jehofa ga a bolo go itshokela ditshotlo tsa ga Satane. Jobe yo o ikanyegang le ene o ne a itshoka dingwaga tse di ka nnang 3 600 tse di fetileng, mme a ganetsa kgwetlho ya ga Satane ya gore o ne a ka seka a tshegetsa bothokgami fa a lekwa. Abo seno se ne sa ipedisa pelo ya ga Jehofa jang ne! (Yobe 2:6-10; 27:5; Diane 27:11) Ke fela jaaka Jakobe morwarraagwe Jesu a ne a bua jaana moragonyana: “Bōnañ, rea tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka: lo utlwile kaga bopelotelele yoa ga Yobe, me lo bonye bohèlèlō yoa Morèna yaka Morèna a tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko.” Ka mo go tshwanang, bao ba itshokang le Jehofa gompieno ba tlhomamisediwa boitumelo kwa bokhutlong.—Yakobe 5:11.
5. Jesu o ne a bontsha jang gore batho ba Modimo gompieno ba ne ba tla tlhoka go itshoka, mme ba ne ba tla tlhoka go itshoka ba dira tiro efe?
5 Jesu o ne a bontsha ka phepafalo gore go tla tlhokega gore batho ba Modimo ba motlha wa rona ba itshoke. Fa a ne a bolelela pele sesupo sa “bokhutlō yoa lehatshe,” o ne a bua jaana: “Eo o ichokèlañ bokhutloñ, èna euō o tla bolokwa.” Ba itshoka ba ntse ba dira eng? Mafoko a a latelang a ga Jesu a a araba: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:3, 13, 14) Ke fela morago ga foo ‘bokhutlo bo tla tlang.’—Bona gape Mareko 13:10, 13; Luke 21:17-19.
Lebaka la go bo Jehofa a Itshoka
6. Ke ka ntlhayang fa Jehofa e le sekai se se tlhomologileng sa boitshoko, mme lebaka lengwe la go bo a ile a itshoka jalo ke lefe?
6 Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore “Modimo o rata go shupa bogale yoa ōna, le go utlwatsa nonohō ea ōna, oa iphapaanya ka pelotelele yo bogolo le diyana tsa kgalehèlō tse di etleegetseñ tshenyègō.” (Baroma 9:22) Ke ka ntlhayang fa Jehofa a ile a itshokela go nna gone ga dijana tseno tse di boikepo tsa kgalefo? Lebaka lengwe ke leno: go bontsha gore puso ya batho, ga e kake ya atlega fa motho a sa ikaega ka Mmopi. (Yeremia 10:23) Bolaodi jwa Modimo bo tla golediwa go ise go e kae jaaka a supa gore ke ene fela a le esi a ka tlisetsang lelapa la motho kagiso, kutlwano le boitumelo, ka puso ya Bogosi jwa ga Jesu.—Pesalema 37:9-11; 45:1, 6, 7.
7. Jehofa o ne a itshoka ka lebaka lefe le lengwe gape, mme seno se ne sa leretse dimilione melemo efe fa esale ka bo-1930?
7 Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a itshoka gore a “utlwatsè botlalō yoa kgalalèlō ea ōna ka diyana tsa kutlwèlō botlhoko.” (Baroma 9:23) Dijana tseno tsa kutlwelobotlhoko ke batho ba ba tloditsweng ba ba bolokang bothokgami bao ba ‘rekilweng go tswa mo bathong’ go tla go busa le Keresete Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. Go tshwaiwa ga ba ba 144 000 go ile ga tswelela go tloga ka metlha ya baaposetoloi. Jaanong go lebile kwa bokhutlong. (Tshenolō 7:3; 14:1, 4) Mme bona! Fa esale go tloga ka bo-1930 go tswelela pele ga ga Jehofa a ntse a itshokile go ile ga letla gore go phuthiwe dimilione tsa ba bangwe, “boidiidi yo bogolo . . . e le ba morahe moñwe le moñwe,” bao ba ipelelang tebelelo ya go falola sepitla sa bofelofelo le go rua botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Tshenolō 7:4, 9, 10, 13-17) A o mongwe wa boidiidi jo bogolo joo? Fa go le jalo, a ga o itumelele go bo Jehofa a ile a itshokela go nna gone ga dijana tsa kgalefo go fitlha jaanong? Lefa go ntse jalo, o tshwanetse go tswelela o ntse o itshokile, jaaka Jehofa a ile a itshoka.
Go Duelwa ga Boitshoko
8. Ke ka ntlhayang fa rotlhe re tlhoka go itshoka, mme re tshwanetse go elatlhoko thata sekao sefe sa boitshoko?
8 Rotlhe re tlhoka go itshoka gore re tle re amogele ditsholofetso. Morago ga go bua ka boammaaruri jono jwa motheo mo go Bahebera 10:36, moaposetoloi Paulo o tlhalosa ka botlalo tumelo e e tlhomologileng le boitshoko tsa ‘boidiidi jwa basupi’ ba bantsi ba metlha ya bogologolo. Morago o re kgothatsa gore re “sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele,” a neng a itshoka ka pelo yotlhe mo tirelong, a ntse a lebile fela tuelo ya gagwe. Abo sekai sa gagwe se re nonotsha jang ne gore re itshoke!—Bahebera 12:1, 2.
9. Go ne ga felela jang ka dikao tsa motlha wa segompieno tsa ba ba neng ba itshoka?
9 Dikai tsa motlha wa segompieno tsa boitshoko le tsone di dintsi. O ka tswa o itse, kana o ne wa itse, bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ileng ba itshoka ka mo go tlhomologileng. Abo boikanyegi jwa bone bo ile jwa re tlhotlheletsa jang ne! Mme ngwaga le ngwaga, fa Basupi ba ga Jehofa ba isa pego ya bone ya lefatshe ka bophara go Mokgatlho wa Watch Tower, go amogelwa ditiragalo tse di oketsegileng tse di kgatlhisang tsa boitshoko le go boloka bothokgami. Tšhate e e latelang e e mo ditsebeng tse nnè ke sekai se se bonalang sa tiro e kgolo e e fitlheletsweng ka 1989 ke Basupi bano jaaka ba ntse ba oketsa ‘tumelo ya bone ka boitshoko.’—2 Petere 1:5, 6.
Ngwaga wa Rona o o Molemolemo go Gaisa
10. (a) Ke dinaga le ditlhopha tsa ditlhaketlhake di le kae tseo di ileng tsa nna le seabe mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi ka 1989, mme ke ba bakae ba ba neng ba tsaya karolo mo tirong eno? (b) Go ne ga bega babulatsela ba bakae mo kgweding e e kgethegileng, mme go ne ga dirisiwa palogotlhe ya dioura di le kae mo tirelong ya tshimo?
10 Jaaka tšhate e e fetileng e bontsha, dinaga tse 212 le ditlhopha tsa ditlhaketlhake di ile tsa kopanela mo go rereng Bogosi jo bo tlang jwa ga Jehofa. A wena mmadi yo o rategang wa Tora ya Tebelo, o ne wa nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa ba ba 3 787 188 bao ba neng ba tsaya karolo mo tirong e e molemolemo eno? A o ne o le mongwe wa ba ba 808 184 bao ba neng ba bega jaaka babulatsela ka kgwedi e e kgethegileng ya tirelo eo? O na le lebaka la go ipelela sengwe fela se o neng wa tlatseletsa ka sone mo palogotlheng ya dioura di le 835-426 538 tse di neng tsa dirisiwa mo tirelong ya tshimo mo kgolokweng yotlhe ka 1989.—Pesalema 104:33, 34; Bafilipi 4:4.
11. (a) Ke ba bakae bao ba neng ba nna gone mo Segopotsong ka March 22 ngwaga o o fetileng ba ba lereng boipelo, mme ka ntlhayang? (b) Go ne ga kolobediwa ba le bakae, mme ke dinaga dife tse di mo tšhateng eno tse di neng di tlhomologile mo ntlheng eno?
11 Ipelele, gape, palo e kgolo ya ba ba 9 479 064 ba ba neng ba nna gone, ka March 22 ngogola, mo moletlong wa Segopotso sa loso lwa ga Jesu mo lefatsheng ka bophara! Seno se bontsha gore re ka nna le baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi ba le 5 691 876 fa fela batho ba ba kgatlhegang bao ba sekadinku ba ka kaelwa ka lorato gore ba tle mo letsomaneng, le go nna le seabe ka metlha mo go direleng Jehofa. A re ka ba thusa mo go seno? (Yohane 10:16; Tshenolō 7:9, 15) Bontsi jwa bone bo setse bo arabela, jaaka go bontshiwa ke palogotlhe ya Basupi ba basha ba ba kolobeditsweng mo ngwageng wa tirelo wa 1989 ba ba 263 855.
12. Ke dikarolo dife tseo tšhate e sa di senoleng (a) kaga difeketiri tsa Mokgatlho wa Watch Tower? (b) kaga go tsamaisiwa ga dimakasine le dipeeletso?
12 Go na le dikarolo dingwe tseo tšhate e sa di senoleng. Go nyorelwa dikgatiso—Dibibela, dibuka, diboroutšhara, dimakasine—go ne go sa kgone go kgotsofadiwa. Jalo he, difeketiri tsa Watchtower kwa New York di ne tsa dirisa ditone di le 25 999 tsa pampiri go gatisa Dibibela, dibuka, le diboroutšhara di le 35 811 000 eleng koketsego ya 101 lekgolong go feta ka 1988. Difeketiri tse dingwe tse dikgolo tsa Mokgatlho wa Watch Tower tseo tse di tlhomologileng tsa tsone eleng tsa kwa Jeremane, Italy, le Japane, di ne tsa dira ka go refosana go feta ka tlwaelo ka mo go oketsegileng, go tshegetsa “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mo go abeng ga gagwe ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Mathaio 24:45) Dinaga di le mmalwa di ne tsa bega kabo e kgolo ya dimakasine le dipeeletso ka April le May, go gatelelwa ka mo go kgethegileng go tsamaisiwa ga ditokololo tsa Tora ya Tebelo tse di neng di bua ka “Babelona o Mogolo.” (Tshenolō 17:5) Ga go na pelaelo gore ka April ono, babulatsela ba ba thusang gammogo le Basupi ba bangwe ba tla thologela mo tshimong ya lefatshe eleng seo se tla itshupang go nna tiro e e molemo go gaisa ya go neela bosupi mo ngwageng ono wa tirelo wa 1990.—Bapisa Isaia 40:31; Baroma 12:11, 12.
13. Ke dinaga dife tse di leng mo tšhateng tseo di neng di seo mo ngwageng o o fetileng? Tlhalosa.
13 Leba gape mo tšhateng. A o bona dinaga dingwe tse di neng di sa kwalwa ka maina mo ngwageng o o fetileng? Ebu! Hungary le Poland koo tiro ya rona e sa tswang go dumelelwa kafa molaong gone. Re itumelela go bo balaodi ba dinaga tseno jaanong ba bontsha go akanyetsa Basupi ba ga Jehofa. Mo go seno, dithapelo tsa bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe di ne tsa arabiwa, “gore re kè re tshele mo boiketloñ le mo tidimaloñ, ka poihōmodimo eotlhe le ka tshisimogō.”—1 Timotheo 2:1, 2.
14. Tlhalosa dingwe tsa dilo tse di kgatlhisang ka Dikopano tsa Kgaolo tsa “Poifo-Modimo” tsa kwa Poland.
14 “Poifo-Modimo”! Ebu, Dikopano tsa Kgaolo tsa “Poifo-Modimo” di ile tsa kgona go tshwarwa mo mafelong a le mararo kwa Poland ka August! Abo bakaulengwe ba rona ba ba 91 024 ba kwa Poland ba ile ba itshupa e le baamogelabaeng ba ba molemo jang ne! (Bahebera 13:1, 2, 16) E ne ekete ke dikgakgamatso, fa diketekete tse di masomesome tsa bakaulengwe ba—Ba-Czech, Bajeremane, Ba-Russia le ba bangwe ba ne ba bona ditumelelo tsa go tla ka dibese, diterena, le eleng ka dinao. Diketekete tse dingwe di ne tsa tla ka difofane go tswa Amerika, Yuropa Bophirima, le ditlhaketlhake tse di kgakala tsa Pacific le Japane. Mabala a magolo a metshameko a a neng a phepafaditswe ke bakaulengwe ba rona, a ne a sa kgone go tshola batlakopanong ba ba 65 710 kwa Chorzów, ba ba 40 442 kwa Poznan, le ba le 60 366 kwa Warsaw—palogotlhe ya batlakopanong ba le 166 518! Kwa lefelong lengwe le lengwe, kolobetso e ne ya tshikhinya maikutlo a ba bantsi gore ba lele ka boipelo. Go ne ga kolobediwa mongwe wa dingwaga tse 9 le wa dingwaga di le 90, kwa Poznan, mme palogotlhe ya ba ba kolobeditsweng mo dikopanong tse tharo tseno e e neng e akareletsa basha ba bantsi e ne e le 6 093, bontsi jwa bone e le ba ba tswang kwa dinageng tse go ileng ga bolelwa gore bodumedi bo tla swa le bagolo. Mme ga go a nna jalo ka bodumedi jwa boammaaruri jo bo thailweng mo Lefokong la Modimo! (Bapisa Pesalema 148:12, 13; Ditihō 2:41; 4:4.) Abo boitshoko jwa bakaulengwe ba rona ba kwa Yuropa Botlhaba bo ne jwa duelwa jang ne!
Go Tswelela Pele ba Ntse ba Ikanyega fa ba Lekwa
15. Basupi kwa Lebanon ba ile ba bontsha go tlhomama le boiketleetso jang, mme ba bona melemo efe?
15 Basupi ba ga Jehofa jaaka moaposetoloi Paulo ba tlhoka go bontsha boitshoko jwa bone kafa tlase ga maemo a a farologaneng. (2 Bakorintha 11:24-27) Ntwa ya semorafe e ntse e lowa kwa Lebanon. Bakaulengwe ba rona ba itshwara jang? Ka go tlhomama le ka boiketleetso. Go ne ga nna le go thuntshiwa go gogolo ga dibomo ka ngwaga wa 1989, mme le eleng koo go neng go le maswe le go feta, bakaulengwe ba rona ba ne ba ititeile dihuba gore ga ba kake ba repisa. Phuthego nngwe kwa Beirut e bega jaana: “Go ne go ntse go rulaganngwa ditlhopha tsa tirelo ya tshimo maitseboa mangwe le mangwe a beke. Lefa maemo a tshireletsego a ne a le boima, bakaulengwe ga ba a ka ba kgobega marapo. Re ne ra akaretsa ditshimo tse di oketsegileng go gaisa pele. Re ne ra nna le palo e e kwa godimo ya babulatsela ka April. Re ne ra simolola dithuto tse disha tsa Bibela, ra bo ra tsamaisa dimakasine le dibuka tse di oketsegileng.”
16. Bakaulengwe ba rona kwa Colombia ba ile ba bontsha go itshoka jang mo go iseng mafoko a a molemo kwa ditoropong tse di neng di sena Basupi?
16 Colombia e ile ya begwa mo dikgannyeng ka ntlha ya go rekisiwa ga diokobatsi le bothubaki jo bo leng gone koo. Mme go itshoka ka boikanyegi ga Bakeresete koo le gone go a umakiwa. Bosheng jaana go ne ga romelwa babulatsela ba ba kgethegileng kwa ditoropong tse di neng di sena Basupi di le 31 koo go nnang dikete di le lesome kana go feta tsa baagi. Kwa toropong nngwe, fa batho bangwe ba ba neng ba sa tswa go kgatlhega ba ne ba fitlhela gore babulatsela ba ne ba tlile go nna dikgwedi di le mmalwa fela, ba ne ba ba kopa gore ba nne nabo. Mo go e nngwe, batho bangwe ba le 18 ba ba kgatlhegang ba ne ba saena lokwalo lwa go lebogela thuso ya semoya eo ba neng ba e bona mo loetong lwa dikgwedi tse tharo lwa babulatsela bao mme ba ne ba kopa gore ba ba thuse ka mo go oketsegileng. “Eno ke kgang e e masisi.” ba ne ba bua jalo. Ga go tlhokege gore re bolele gore go ne ga dirwa dithulaganyo tsa go tswelela pele go tlhagolelwa kgatlhego eo mo ditlhopheng tseo tsoopedi. Go dira kwa tshimong e e kwa kgakala jalo go tlhoka boitshoko, mme go dira ka natla ga babulatsela ba ba dirang jalo go segofadiwa fela thata.
17, 18. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba itshokela maemo afe kwa Italy? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira jang go sa kgathalesege maaka a a phatlaladiwang ka bone?
17 Basupi ba ga Jehofa kwa Italy ba lebane le go ganediwa ke baruti, mme ba ile ba itshoka ka ntlha ya nonofo ya ga Jehofa. Mo mafelong a mantsi a batsenakereke, baruti ba ne ba phatlalatsa dipampitshana gore di kgomarediwe mo mejakong go bolelela Basupi ba ga Jehofa gore ba seka ba kokota mo mejakong ya batho ba ba tsenang dikereke tsa bone. Baperesiti ba bantsi ba ne ba thapa basimanyana gore ba kgomaretse dipampitshana tseno mo mejakong yotlhe mo lefelong lengwe—le eleng mo magaeng a malapa a Basupi! Lefa go ntse jalo, Basupi ga ba a ka ba boifa ka ntlha ya seno, ebile gantsi ba dirisa dipampitshana tse di kgomarediwang tseno go simolola puisano. Mo godimo ga moo, babegadikgang le ba thelebishene ya semorafe ba ne ba gasa kgang eno, ba kgala go sa letleng ba bangwe go gololesega mo bodumeding go go neng go supiwa le ditiro tse di tshwanang le eno gore tota di supa bokoa bongwe kafa letlhakoreng la kereke. Moporofesa mongwe wa Unibesithi o ne a galefisiwa ke dipampitshana tse di kgomareditsweng tse di kgatlhanong le Basupi tse go neng go buiwa ka tsone mo e leng gore o ne a dira peeletso ya Tora ya Tebelo le Tsogang!
18 Kereke ya Katoliki kwa Italy e dirisa le eleng batenegi go phatlalatsa maaka ka batho ba ga Jehofa, mme seno ga se atlege ka gonne baboledi ba ba 172 382 ba itsege tota ba bile ba a tlotliwa. Monna mongwe o ne a bolelela Basupi ba ba neng ba mo etetse gore o ne a badile dilo tse di maswe ka rona mo dibukeng tseo di kwadilweng ke batho ba ba kileng ba nna Basupi. Ka gone, fa morwarraagwe a ne a fetoga mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ne a nna kgatlhanong nae tota. Lefa go le jalo, morago ga nakwana, o ne a lemoga kafa go fetola bodumedi ga ga morwarraagwe go neng go mo fetotse ka gone. O ne a ipotsa jaana: ‘Go tla jang gore selo se se maswe mo go kana se nne le matswela a a molemo jaana?’ Ka gone, o ne a kopa Mosupi yo a neng a mo etetse go mo tshwarela thuto ya Bibela.—Bapisa Bakolosa 3:8-10.
Go Dirisana le go Tlhoka Kgatlhego
19, 20. (a) Ke boemo bofe joo bo ileng jwa tlhoka gore Basupi ba kwa Finland ba bo itshokele mme ke eng se se leng botlhokwa ka patlisiso e e neng ya dirwa ke kereke? (b) Ke boitemogelo bofe jo bo bontshang botlhokwa jwa go itshoka mo go boleleng mafoko a a molemo?
19 Kwa dinageng tseo Basupi ba ga Jehofa ba etang kgapetsa kgapetsa kwa go tsone, gantsi go na le go sa kgatlhegeleng mafoko a a molemo. Go ntse jalo kwa Finland. Kereke nngwe kwa nageng eo e ne ya dira patlisiso mme e ne ya fitlhela gore 70 lekgolong ke bao ba sa rateng go etelwa ke Basupi mo magaeng a bone. Lefa go ntse jalo, 30 lekgolong e ne e le bao ba seng kgatlhanong mo go kalo kalo, mme mo go bano, ba banè lekgolong e ne e le bao ba bolelang gore ba rata Basupi ba ga Jehofa. Eno ke palo e kgolo. Baagi ba banè lekgolong mo Finland ke batho ba le 200 000. Bapisa seno le palo ya gone jaanong ya baboledi ba le 17 303!
20 Mmoledi mongwe fa a le mo tirelong o ne a bolelelwa ka patlisiso eno a bo a bodiwa jaana: “A ga o itse gore ba le 70 lekgolong mo go rona ga ba lo rate? Ke ka ntlhayang fa lo ntse lo tla mo go rona?” Mmoledi o ne a araba jaana: “Ee, mme yone patlisiso eo e ne ya bontsha gore re ratwa ke bonè lekgolong mo go lona. Re leka go bona batho bao. Le eleng lefa e ka bo e ne e le bongwe lekgolong fela re ne re ntse re tla tsamaya ka ntlo le ntlo re ba batla.” Mong wa ntlo o ne a akanya ka lobakanyana a bo a re: “A molaetsa wa lona o botlhokwa thata jalo mo go bone?” Mmoledi o ne a mo araba ka go mmotsa a re: “A o ka rata go o utlwa?” Mong yono wa ntlo o ne ka bonako fela a kgatlhegela mafoko a a molemo.
Seo se tla Tlang mo Isagweng
21. (a) Re tshwanetse go lwa ntwa ya mofuta ofe mo tsamaisong eno, mme ka ntlhayang? (b) Re ka nna ra tshwanela go itshokela eng, mme boperofeti jwa ga Habakuke bo re tlhomamisetsa eng?
21 Go tweng ka rona rotlhe gompieno? A re ikemiseditse go itshoka le Jehofa le Jesu Keresete go fitlha kwa bokhutlong? Go ka nna ga se tseye lobaka, mme re tshwanetse go itshoka! Mo tsamaisong eno ya ga Satane, re tshwanetse go lwa ntwa e e batlang nonofo le boitshoko ya tumelo, jaaka re dikologilwe ke boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, bothubaki, le letlhoo mo lefatsheng leno. (Yude 3, 20, 21) Re ka tswa re tshwanetse go itshokela gape le pogiso ya mofuta ope fela. Le eleng jaanong, diketekete tsa bakaulengwe ba rona di bogisiwa mo dikgolegelong, mme ba bangwe ba itewa setlhogo. Bano ba lebogela dithapelo tsa rona. (2 Bathesalonia 3:1, 2) Tsamaiso ya gone jaanong e tla tloga e nyelela! Jaaka Habakuke a ne a bua jaana: “Gonne pōnatshègèlō e sa nntse e na le lobaka lo lo laocweñ, me e be e itlhaganèlèla bokhutlō, ga e ketla e aka: leha e ko e dièga, lo e letè; gonne rure e tla tla, ga e ketla e dièga.”—Habakuke 2:3.
22. Re ka lebelela eng ka tsholofelo fa re bontsha bopelotelele jwa baperofeti le boitshoko jwa ga Jobe?
22 Morutwa Jakobe o re bolelela ka lorato jaana: “Ba ga echo, lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna.” Rona bao gompieno re bolelang leina la ga Jehofa re ka nna baboloka bothokgami kafa tlase ga diteko tse di botlhoko, fela jaaka Isaia, Jeremia, Daniele le ba bangwe ba ne ba dira. Re ka kgona go itshoka, fela jaaka Jobe. Abo a ne a duelwa ka mo go gakgamatsang jang ne ka ntlha ya go itshoka ga gagwe! Boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa le lorato lwa gagwe di tla re leretse tuelo e e tshwanang fa re ka itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Mme a mafoko ano a ga Jakobe a diragadiwe mo go mongwe le mongwe wa rona: “Bōnañ, rea tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka.”—Yakobe 5:10, 11; Yobe 42:10-13.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Jesu o ne a gatelela botlhokwa bofe jwa go itshoka?
◻ Jehofa o ile a itshoka ka mabaka afe?
◻ Ke dilo dife tse di kgatlhisang tse di neng tsa fitlhelelwa mo tirong e kgolo ka 1989?
◻ Boitshoko jwa bakaulengwe ba rona ba Poland bo ile jwa duelwa jang?
◻ Basupi ba kwa Lebanon, Colombia, le Italy ba ne ba supa boikanyegi jang fa ba lekwa?
[Tšhate mo go tsebe 20-23]
PEGO YA BASUPI BA GA JEHOFA LEFATSHE KA BOPHARA YA NGWAGA WA TIRELO WA 1989
(See bound volume)