Mabaka a a Utlwalang A go Nna le Tsholofelo Gompieno
MOKWALAHISITORI e bile e le moithutaloago e bong H. G. Wells, yo o tsetsweng ka 1866, o ne a tlhotlheletsa thata tsela e batho ba akanyang ka yone mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Ka dikwalo tsa gagwe, o ne a bolela fa a dumela gore e tla re fa motlha wa dingwaga tse di sekete tsa boitumelo o tla, saense le yone e tla bo e gatetse pele thata. Ka gone, Collier’s Encyclopedia e bolela ka “tsholofelo e e sa reketleng” ya ga Wells fa a ne a ntse a dira a sa kgaotse go fitlhelela maikaelelo a gagwe. Mme gape e bontsha gore tsholofelo ya gagwe e ne ya senyega fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e tlhagoga.
Fa Wells a sena go lemoga gore “saense e ka dira se se sa siamang mmogo le se se molemo, o ne a latlhegelwa ke tsholofelo, mme a simolola go itlhoboga,” go bolela jalo Chambers’s Biographical Dictionary. Ke ka ntlha yang fa seno se ne sa diragala?
Tumelo le tsholofelo tsa ga Wells di ne di theilwe fela mo dilong tse batho ba di fitlheletseng. Fa a lemoga gore batho ga ba kgone go fitlhelela Ditoro tsa gagwe, go ne go se na gope kwa a neng a ka leba teng. Tlalelo e ne ya dira gore a itlhoboge ka bonako.
Gompieno, batho ba le bantsi ba diragalelwa ke se se tshwanang ka ntlha ya mabaka a a tshwanang. Ba phophoma ka tsholofelo fa ba sa le basha mme ba bo ba simolola go itlhoboga fa ba ntse ba gola. Tota go na le basha ba ba ineelang mo tseleng ya botshelo e go tweng e tlwaelegile mme ba bo ba tshwakgolwa ke diokobatsi, ba tsenelela mo boitsholong jo bo leswe le mefuta e mengwe ya botshelo e e senyang. Tharabololo ke efe? Sekaseka dikai tse di latelang tsa mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele mme o bone gore re na le lebaka lefe la go nna le tsholofelo—mo nakong e e fetileng, gone jaanong, le mo isagweng.
Go Nna le Tsholofelo ga ga Aborahame Go ne Ga Duelwa
Ka ngwaga wa 1943 B.C.E., Aborahame o ne a tswa kwa Harane, a kgabaganya Noka ya Euferatese, mme a tsena mo nageng ya Kanana. Aborahame o tlhalosiwa e le “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo,” mme a bo a ne a tlhoma sekao se se molemo jang ne!—Baroma 4:11.
Aborahame o ne a tsamaya le Lote, e bong morwa wa ga morwarraagwe Aborahame wa lesiela, le ba lelapa la ga Lote. Moragonyana, fa leuba le tlhasela naga eno, malapa ano a mabedi a ne a fudugela kwa Egepeto, mme fa nako e ntse e tsamaya ba ne ba boa mmogo. Mo nakong eno Aborahame mmogo le Lote ba ne ba setse ba dirile dikhumo di le dintsi, mmogo le matsomane le metlhape. Fa badisa ba bone ba ne ba simolola go lwa, Aborahame o ne a tsaya kgato pele mme a re: “Ke a go rapela, a go se nne kgang fa gare ga me le wena, le fa gare ga badisa ba me le ba gago, gonne re bana ba monna a le mongwe fela. A lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Ke a go rapela, o kgaogane le nna. E tlaa re fa o ya ka fa letsogong la molema, nna ke ye ka fa go le legolo; gongwe fa o ya ka fa letsogong le legolo, nna ke ye ka fa go la molema.”—Genesise 13:8, 9.
Aborahame, e re ka e le ene a neng a le mogolo, o ka bo a ile a dira gore dilo di mo siamele, mme Lote ka go tlotla ramogoloagwe, a ka bo a ile a ineela gore Aborahame a itlhophele pele. Go na le moo, “Lote a tsholetsa matlho a gagwe, a bona lobala lotlhe lwa Joretane fa lo na le metsi sentle ntlheng tsotlhe. E ne e le pele ga Jehofa a senya Sotoma le Gomora, lo ne lo ntse jaaka tshimo ya Jehofa, le jaaka lefatshe la Egepeto, fa go iwa kwa Soare. Jalo Lote a itlhophela lobala lotlhe lwa Joretane.” Ka se a se tlhophileng, Lote o ne a na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo. Mme go tweng ka Aborahame?—Genesise 13:10, 11.
A Aborahame e ne e le sefafalele, a baya boitekanelo jwa lelapa la gagwe mo kotsing? Nnyaa. Boikutlo jo bo siameng jo Aborahame a neng a na le jone le moya wa bopelotshweu o ne wa lere dituelo tse dikgolo. Jehofa o ne a bolelela Aborahame jaana: “Tsholetsa matlho a gago, fa o leng gone, o lebe ntlheng ya Botsheka, le kwa Borwa, le kwa Botlhabatsatsi, le kwa Bophirimatsatsi; gonne lefatshe lotlhe le o le bonang, ke tlaa le naya wena, le losika lwa gago ka bosakhutleng.”—Genesise 13:14, 15.
Go nna le tsholofelo ga ga Aborahame go ne go na le motheo o o siameng. Go ne go theilwe mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o ne a tla dira Aborahame setšhaba se segolo e le gore “ditshika tsotlhe tsa lefatshe di [ne di tla] segofala [ka Aborahame].” (Genesise 12:2-4, 7) Le rona re na le lebaka le le utlwalang la go nna le tshepo, re itse gore “Modimo o dira gore ditiro tsotlhe tsa one di dirisane mmogo molemong wa ba ba ratang Modimo.”—Baroma 8:28.
Ditlhola Tse Pedi Tse di Neng Di na Le Tsholofelo
Dingwaga tse di fetang 400 moragonyana, setšhaba sa Iseraele se ne se eme se letetse go tsena kwa Kanana, ‘lefatshe le le elang maši le dinotshe.’ (Ekesodo 3:8; Duteronome 6:3) Moshe o ne a laela dikgosana tse 12 gore di ye go ‘keleka lefatshe mme di buse lefoko la tsela e di tshwanetseng go e tsaya le la metse e ba tlaa e fitlhelelang.’ (Duteronome 1:22; Dipalo 13:2) Ditlhola tsotlhe tse 12 di ne di bua selo se le sengwe fela gore naga eno e ne e nonne, mme ba le 10 ba bone ba ne ba bega ka tsela e e tlhobosang mo go neng ga dira gore dipelo tsa batho di boife.—Dipalo 13:31-33.
Joshua le Kalebe, mo letlhakoreng le lengwe, ba ne ba neela batho molaetsa o o nayang tsholofelo mme ba dira se ba ka se kgonang go kokobetsa poifo ya bone. Boikutlo jwa bone le pego ya bone di ne di bontsha gore ba tshepa thata gore Jehofa o kgona go diragatsa lefoko la gagwe la gore o tla ba busetsa kwa Nageng e e Solofeditsweng—mme go ne go sa thuse sepe. Go na le moo, “phuthego yotlhe ya laola gore ba kgobotlediwe ka maje.”—Dipalo 13:30; 14:6-10.
Moshe o ne a rotloetsa batho gore ba ikanye Jehofa, mme ba ne ba gana go reetsa. E re ka ba ne ba ganelela mo boikutlong jwa bone jwa go tlhoka tsholofelo, setšhaba sotlhe se ne sa tshwanelwa ke go kgarakgatshega dingwaga di le 40 mo nageng. Mo ditlholeng tse 12, ke Joshua le Kalebe fela ba ba neng ba bona dituelo tsa go nna le tsholofelo. Bothata jo bogolo e ne e le eng? Go tlhoka tumelo, e re ka batho ba ne ba ipatlela botlhale jwa bone fela.—Dipalo 14:26-30; Bahebera 3:7-12.
Go Belaela ga ga Jona
Jona o ne a tshela mo lekgolong la borobongwe la dingwaga B.C.E. Baebele e supa gore e ne e le moporofeti wa ga Jehofa yo o ikanyegang wa bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome, nako nngwe mo pusong ya ga Jeroboame II. Le fa go ntse jalo o ne a gana thomo ya gore a ye kwa Ninefe go ya go tlhagisa batho. Mokwalahisitori e bong Josephus o bolela gore Jona “o ne a bona go le botoka gore a tshabe” mme bogolo a ye kwa Jopa. Koo o ne a palama sekepe se se yang kwa Taresishe, e e ka tswang e le naga ya Spain ya segompieno. (Jona 1:1-3) Lebaka la go bo Jona a ne a se na tsholofelo mo kabelong eno le tlhalositswe mo go Jona 4:2.
Kgabagare Jona o ne a dumela go diragatsa thomo ya gagwe, mme o ne a galefa fa batho ba Ninefe ba ne ba ikwatlhaya. Ka jalo Jehofa o ne a mo ruta thuto e e molemo ya kutlwelobotlhoko ka go dira gore semela sa menamo ya segwana se Jona a neng a itiretse moriti ka sone se swabe le go swa. (Jona 4:1-8) Go hutsafalela ga ga Jona semela seno se se neng sa swa go ne go tshwanetse batho ba ba 120 000 ba Ninefe ba ba neng ba sa ‘itse go farologanya seatla se segolo le sa molema.’—Jona 4:11.
Ke eng se re se ithutang mo go se se diragaletseng Jona? Tirelo e e boitshepo ga e batle re itlhoboga. Fa re lemoga kaelo ya ga Jehofa re bo re e latela re na le tshepo e e tletseng, re tla atlega.—Diane 3:5, 6.
Tsholofelo mo Gare ga Dipitlagano
“O se ka wa itshwenya ka ga badirabosula,” Kgosi Dafide o ne a bolela jalo. “O se ka wa nna pelotshetlha ka ga ba ba dirang tshiamololo.” (Pesalema 37:1) Tota eo ke kgakololo e e botlhale, ka gonne gompieno re potapotilwe ke tshiamololo le boikepo.—Moreri 8:11.
Le fa go ntse jalo, tota le fa re sa eletse badirabosula, go motlhofo gore re ikutlwe re tshwenyegile fa re bona batho ba ba se nang molato ba bogisiwa ke batho ba ba boikepo kana fa rona re sa tshwarwe sentle. Dilo tse di ntseng jalo di ka re dira gore re nne le boikutlo jwa go kgobega marapo kana go tlhoka tsholofelo. Fa re ikutlwa ka tsela eo, ke eng se re tshwanetseng go se dira? Sa ntlha, re ka nna re gakologetswe gore baikepi ba ka se kgotsofalele fela gore tuelo e ka se tle. Pesalema 37 e tswelela pele e re tlhomamisetsa jaana mo temaneng ya 2: “[Badirabosula] ba tlaa akofa ba segwa jaaka bojang, ba tlaa swaba jaaka morogo o motala.”
Mo godimo ga moo, re ka tswelela pele re dira se se molemo, re nne le tsholofelo, le go emela Jehofa. Mopesalema o ne a tswelela jaana: “Tlogela bosula, o dire molemo; mme o nne ka bosaengkae. Gonne Jehofa o rata katlholo; ga a latlhe baitshepi ba gagwe.”—Pesalema 37:27, 28.
Tsholofelo ya Boammaaruri e Tswelela e Ntse e le Teng!
Go tweng he ka isagwe ya rona? Buka ya Baebele ya Tshenolo e re bolelela ka “dilo tse di tshwanetseng go akofa di diragala.” Gareng ga tse dingwe, mopalami wa pitse e khunou, yo o tshwantshetsang ntwa, o senolwa a “tlosa kagiso mo lefatsheng.”—Tshenolo 1:1; 6:4.
Kgopolo e e neng e dumelwa—e bile e naya tsholofelo—kwa Boritane ka Ntwa ya Lefatshe I e ne e le gore e ne e tla nna ntwa ya bofelo e kgolo. Ka 1916, radipolotiki wa Boritane e bong David Lloyd George o ne a leba dilo ka tsela ya mmatota. O ne a re: “Ntwa eno, jaaka ntwa e e tla latelang, ke ntwa ya go fedisa ntwa.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) O ne a bua boammaaruri. Ntwa ya Lefatshe II se e neng ya se dira fela e nnile go oketsa thata mekgwa e e setlhogo ya go ganyaola batho. Re setse re fetile dingwaga di le 50 ka kwa morago ga yone, mme go sa ntse go sa bonale fa ntwa e tla fela.
Mo go yone buka eo ya Tshenolo, re bala ka bapalami ba bangwe ba dipitse—ba ba tshwantshetsang leuba, kgogodi ya malwetse le loso. (Tshenolo 6:5-8) Le bone ba bontsha dikarolo tse dingwe tsa sesupo sa metlha.—Mathaio 24:3-8.
A dilo tseno di re dira gore re tlhoke tsholofelo? Tota nnyaa, ka gonne yone ponatshegelo e gape e tlhalosa ka “pitse [e] tshweu, yo o e pagameng a bo a tshotse bora; mme a newa serwalo, mme a tswa a fenya, a ba a tswelela pele go fenya.” (Tshenolo 6:2) Fano re bona Jesu Keresete e le Kgosi ya selegodimo a tlosa boikepo jotlhe, a palame go ya go tlisa kagiso le kutlwano mo lefatsheng lotlhe.a
Jaaka Kgosi e e Tlhophilweng, Jesu Keresete fa a ne a le mo lefatsheng o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapelela Bogosi joo. Gongwe le wena o rutilwe go rapela “Rraarona,” kana Thapelo ya Morena. Mo go yone re rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle, gore thato ya gagwe e diragale mo lefatsheng jaaka kwa legodimong.—Mathaio 6:9-13.
Go na le go leka go baakanya tsamaiso eno ya gompieno ya dilo, Jehofa, a dirisa Kgosi ya gagwe ya Bomesia, Keresete Jesu, o tla e tlosa gotlhelele. Mo boemong jwa yone, Jehofa o bolela jaana: “Ke tlhola magodimo a maša, le lefatshe le leša; mme dilo tsa pele ga di ketla di gakologelwa, le fa e le go tla mo mogopolong.” Mo pusong ya Bogosi jwa selegodimo, lefatshe le tla nna legae le le kagiso, le le itumedisang la batho, koo botshelo le tiro di tla bong di itumedisa ka dinako tsotlhe. Jehofa o bolela jaana: “Lo itumele ka bosakhutleng mo go se ke se tlholang. . . . Baitshenkedwi ba me ba tlaa ja tiro ya diatla tsa bone ka monate.” (Isaia 65:17-22) Fa o theile tsholofelo ya gago ya isagwe mo tsholofelong eo e e ka se kang ya palelwa, o tla nna le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo—gone jaanong le ka bosakhutleng!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Go bona dintlha ka botlalo tsa ponatshegelo eno, tsweetswee bona kgaolo 16 ya buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 4]
H. G. Wells
[Motswedi wa Setshwantsho]
Corbis-Bettmann