LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • mwbr23 July ts. 1-11
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi
  • Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2023)
  • Ditlhogwana
  • JULY 3-9
  • JULY 10-16
  • JULY 17-23
  • JULY 24-30
  • JULY 31–AUGUST 6
  • AUGUST 7-13
  • AUGUST 14-20
  • AUGUST 21-27
  • AUGUST 28–SEPTEMBER 3
Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi—(2023)
mwbr23 July ts. 1-11

Dikgatiso Tse di Dirisiwang mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi

© 2023 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

JULY 3-9

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESERA 4-6

“Lo se Ka Lwa Kgoreletsa Tiro e e Dirwang”

w22.03 17 ¶13

A o Bona se Sekarea a Neng a se Bona?

13 Tiro ya go aga tempele sesha e ne e thibetswe. Le fa go ntse jalo, banna ba ba neng ba tlhophilwe gore ba etelele pele, e bong Moperesiti yo Mogolo Jeshua (Joshua) le Molaodimogolo Serubabele “ba ne ba simolola go aga ntlo ya Modimo sesha.” (Esera 5:1, 2) Bajuda bangwe ba ka tswa ba ne ba akanya gore eo e ne e se tshwetso e e siameng. Ba ne ba itse gore batho ba ba neng ba ba ganetsa ba ne ba tlile go lemoga fa ba aga tempele e bile ba ne ba tlile go dira sotlhe se ba ka se kgonang go emisa tiro eo. Banna ba babedi ba ba neng ba na le maikarabelo, e bong Joshua le Serubabele ba ne ba tlhoka go kgothadiwa gore Jehofa o ba ema nôkeng. Ba ne ba kgothadiwa. Mme gone, jang?

w86 2/1 29, lebokoso ¶2-3

Leitlho la ga Jehofa “Le Ne le le Mo Bagolwaneñ”

Morago ga go boa ga masalela a Bajuda mo Babelona, go ne ga feta lobaka Iwa dingwaga di le 16 go sa dirwe sepe. Bomoperofeti Hagai le Sekaria ba ne ba kgona go tlhagafatsa Bajuda mo tlhokomologong ya bone, mme tiro ya go aga tempele sesha e ne ya simololwa. Lefa go ntse jalo, ka bonakonyana, tiro eno e ne ya gwetlhiwa ke basimegi ba Baperesia. ”‏Emañ eo o lo neileñ taolō ea go aga ntlo e?”‏ ga botsa baganetsi.—Esere 5:1-3.

Go araba potso eno go ne go le masisi. Fa bagolwane ba ka bo ba iteseleditse go boifisiwa, tsosoloso ya tempele e ne e ta ema ka bofefo. Fa bagolwane ba ka bo ba gakaditse basimegi bano, thibelo e e bofefo mo tirong e ne e ka dirwa. Jalo bagolwane (kwantle ga pelaelo ba eteletswe pele ke Molaodi Serubabele le Moperisiti yo mogolo Joshua) ba ne ba ntsha karabo e e bonolo mme e le e e nang le maduo. Ba ne ba gakolola basimegi kaga taolo e e neng e sale e lebetswe bogologolo ya ga Kuruse yo a neng a neetse Bajuda tumelelo ya segosi go tswelela pele ka tiro eno. Ka go itse tsamaiso ya Seperesia ya go sa fetole molao o o tlhomilweng, basimegi bano ka botlhale ba lemoga gore ba tshwanetse go tila go ganetsa taolo eno ya segosi. Ka gone tiro e ne ya dumelela go tswelela pele go fitlhelela Dario moragonyana a rebola gore go ka tswelelwa pele!—Esere 5:1 1-17: 6:6-12.

w22.03 15 ¶7

A o Bona se Sekarea a Neng a se Bona?

7 Batho ba ba neng ba aga tempele, ba ne ba imologa fa go nna le diphetogo. Ke diphetogo dife tseo? Ka 520 B.C.E., Kgosi Dario I o ne a simolola go busa kwa Peresia. Mo ngwageng wa gagwe wa bobedi a busa, o ne a lemoga gore go thibelwa ga go agiwa ga tempele go ne go se ka fa molaong. Ka jalo, Dario o ne a laela gore Bajuda bao ba wetse tiro eo. (Esera 6:1-3) Tshwetso eo e kgosi e neng ya e dira e ne ya gakgamatsa batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe gape tse kgosi eo e neng ya di dira. E ne ya laela ditšhaba tse di neng di dikologile Bajuda gore di tlogele go ba ganetsa, mme e ne ya naya Bajuda madi le se ba neng ba se tlhoka gore ba kgone go wetsa tiro ya go aga tempele. (Esera 6:7-12) Seo se ne sa dira gore Bajuda ba wetse tiro ya go aga tempele dingwaga di feta di le nnê moragonyana ka 515 B.C.E.—Esera 6:15.

w22.03 18 ¶16

A o Bona se Sekarea a Neng a se Bona?

16 Gape Jehofa o re kaela a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Math. 24:45) Ka dinako dingwe, motlhanka yono a ka re naya kaelo nngwe e re sa e tlhaloganyeng sentle. Ka sekai, re ka nna ra newa ditaelo tse di re thusang go ipaakanyetsa go falola masetlapelo a tlholego a re akanyang gore ga a ka ke a direga mo lefelong la rona. Kgotsa re ka nna ra akanya gore motlhanka o kelotlhoko thata mo nakong ya bolwetse jwa leroborobo. Re tshwanetse go dira eng fa re akanya gore ditaelo tse re di newang ga di utlwale? Re ka akanya ka tsela e Baiseraele ba neng ba solegelwa molemo ka yone fa ba ne ba dira se Joshua le Serubabele ba neng ba ba bolelela gore ba se dire. Gape re ka akanya ka dipego tse dingwe tsa Baebele tse re di badileng. Ka dinako dingwe batho ba Modimo ba ne ba newa ditaelo tse di neng di lebega di sa utlwale, mme gone di ile tsa boloka matshelo a bone.—Baatlh. 7:7; 8:10.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w93 6/15 32 ¶3-5

A O Ka Ikanya Bibela?

Papetlana eno ya ledi e ne ya dirwa kwa Tarsus, motse o o kwa borwabotlhaba jwa se gompieno e leng Turkey. Papetlana eno ya ledi e ne ya dirwa ka nako ya fa go ne go busa molaodi wa Peresia ebong Mazaeus mo lekgolong la bone la dingwaga B.C.E. E mo tlhalosa fa e le molaodi wa kgaolo “E E kwa Moseja ga Noka,” eleng Noka ya Euferatese.

Mme gone ke ka ntlha yang fa polelwana eno e kgatlha? Ke ka gonne o tla fitlhela tlhaloso e e ntseng jalo le mo Bibeleng ya gago. Esere 5:6–6:13 e bolela kaga go kwalelana ga kgosi Dario wa Moperesia le molaodi yo o neng a bidiwa Tattenai. Kgang e ne e le gore Bajuda ba age tempele ya kwa Jerusalema sesha. Esere e ne e le setswerere mo go kwalololeng Molao wa Modimo mme ka jalo o ka solofela gore a tlhalose dilo fela jaaka di ne di ntse ebile a bua boammaaruri mo go se a neng a se kwala. O tla lemoga mo go Esere 5:6 le 6:13 gore o ne a bitsa Tattenai a re ke “molaodi oa kwa moseya ga noka.”

Esere o ne a kwala seno mo e ka nnang ka 460 B.C.E., dingwaga di ka nna 100 pele papetlana eno e dirwa. Ee, go na le batho ba ba ka nnang ba akanya gore maemo a molaodi wa bogologolo ga se sepe. Mme gone fa e le gore motho a ka kgona go ikanya bakwadi ba Bibela le mo dilong tse dinnye jaaka seno, a seno ga se a tshwanela go oketsa kafa o ba ikanyang ka teng mo dilong tse dingwe tse ba di kwadileng?

JULY 10-16

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESERA 7-8

“Tsela e Esera a Neng a Itshwere ka Yone e Ile ya Dira Gore Jehofa a Galalediwe”

w00 10/1 14 ¶8

Go Ithuta—Go Mosola e Bile go Monate

8 Ee, go rata Lefoko la ga Jehofa ga rona go tshwanetse ga tswa pelong, e e leng modi wa maikutlo. Re tshwanetse go itumelela go fetsa nakonyana re akanya ka ditemana tse re sa tswang go di bala. Re tshwanetse go nwetsa megopolo ya rona mo dilong tse di boteng tsa semoya, re bo re tlhatlhanye ka tsone. Seno se tlhoka gore motho a akanye thata a didimetse le go rapela. Fela jaaka Esera, re tshwanetse go etleetsa dipelo tsa rona gore di siamele go bala le go ithuta Lefoko la Modimo. Go kwadilwe jaana ka ene: “Esera ka boene o ne a etleeditse pelo ya gagwe go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le go o dira le go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.” (Esera 7:10) Ela tlhoko dilo tse tharo tse di neng di dira gore Esera a etleetse pelo ya gagwe: go ithuta, go dirisa se a se ithutileng le go ruta. Re tshwanetse go etsa sekao sa gagwe.

si 75 ¶5

Buka ya Bibela ya bo 13—1 Ditihalō

5 Ga go ope yo a neng a tshwanela go gaisa Esere yo a neng a ka kopanya hisitori eno e e boammaaruri le e e tlhomameng. “Gonne Esere o na a itlhōmamisitse pelo go re, o tla batla molaō oa ga Yehofa, a ba a o diha, a ba a ruta batho melaō le dikatlholō mo Iseraela.” (Esere 7:10) Jehofa o ne a mo thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo. Mmusi wa lefatshe wa Moperesia o ne a lemoga botlhale jwa Modimo mo go Esere mme a mo roma a mo neile maatla a magolo a go busa mo kgaolong ya Juda. (Esere 7:12-26) Ka a ne a neilwe taolo ya bomodimo le ya go busa, Esere o ne a ka kwala lenane leno go tswa mo dikwalong tse di neng di tshwanela sentle go gaisa tsotlhe tse di neng di le gone.

it-1-E 1158 ¶4

Boikokobetso

O Naya Kaelo e e Siameng. Motho yo o boikokobetso a ka lebelela gore Modimo a mo kaele. Esera o ne a na le maikarabelo a go etelela pele banna ba le 1 500 ba ba neng ba tswa kwa Babelona ba ya Jerusalema, mo godimo ga palo eo, go ne go na le baperesiti, Banethinime, basadi le bana. Mo godimo ga moo, ba ne ba tshwere gauta le selefera tse ba neng ba tlile go di dirisa go kgabisa tempele kwa Jerusalema. Ba ne ba tlhoka go sirelediwa fa ba ntse ba le mo loetong loo mme Esera o ne a sa batle go kopa kgosi ya kwa Peresia gore e mo neye masole a a tla ba sireletsang ka gonne seo se ne se tla bo se bontsha gore o ikanya maatla a batho. Gape, mo nakong e e fetileng o ile a raya kgosi a re: “Modimo wa rona o tla ema nôkeng botlhe ba ba mo direlang.” Ka jalo, o ile a bolelela batho gore ba itime dijo e le gore Jehofa a tle a bone gore ba ne ba ikokobeditse. Ba ile ba rapela Modimo, mme o ile a ba reetsa a bo a ba sireletsa gore ba se ka ba tlhaselwa ke baba ba bone fa ba ntse ba le mo tseleng, le gore ba kgone go fitlha kwa lefelong le ba neng ba ya kwa go lone ba babalesegile. (Esr 8:1-14, 21-32) Fa moporofeti Daniele a ne a le kwa botshwarwa kwa Babelona, Jehofa o ile a mmontsha gore o a mo rata ka go mo romelela moengele ka ponatshegelo ka gonne Daniele o ne a ikokobeditse fa a ne a kopa Modimo gore a mo kaele.—Dan 10:12.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w06 1/15 19 ¶9

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

7:28–8:20—Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba le bantsi ba ba leng kwa Babelona ba ne ba okaoka go ya Jerusalema le Esera? Go ne go se batho ba le bantsi ba ba nnang kwa Jerusalema le fa go ne go setse go fetile dingwaga di feta 60 fa e sa le setlhopha sa ntlha sa Bajuda se boela kwa nagagaeng ya bone. Go boela kwa Jerusalema go ne go raya gore ba simolole botshelo jo bosha mo maemong a a thata le a a kotsi. Go ne go se na dikhumo dipe mo Jerusalema wa motlha oo mme seo e ne e tla nna bothata mo Bajudeng ba ba neng ba tshela sentle kwa Babelona. Bothata jo bongwe gape e ne e le loeto lo lo kotsi lo ba neng ba tshwanelwa ke go lo tsamaya. Bajuda bano ba ba boetseng gae ba ne ba tshwanetse go nna le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa, ba tlhagafalele kobamelo ya boammaaruri, ba bo ba nne pelokgale go tsaya loeto lono lwa go boela Jerusalema. Tota le Esera o ne a nonotshiwa ke gore seatla sa ga Jehofa se ne se le mo go ene. Esera o ne a kgona go kgothatsa malapa a le 1 500—gongwe batho ba ka nna 6 000—gore ba tsamaye le ene. Fa Esera a sena go tsaya dikgato tse dingwe, Balefi ba le 38 le Banethinime ba le 220 le bone ba ne ba tsamaya le ene.

JULY 17-23

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | ESERA 9-10

“Ditlamorago Tse di Utlwisang Botlhoko Tsa go sa Reetse”

w06 1/15 20 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

9:1, 2—Go nyalana ga Bajuda le batho ba mo nageng eo e ne e le bothata jo bo masisi go le kae? Setšhaba seno se se tsosolositsweng se ne se tshwanetse go sireletsa kobamelo ya ga Jehofa go fitlha Mesia a goroga. Ka jalo go nyalana le baagi ba lefelo leo go ne go ka nna ga senya kobamelo ya boammaaruri thata. E re ka bangwe ba batho bano ba ne ba dirile kgolagano ya lenyalo le batho ba ba obamelang medingwana ya disetwa, kgabagare setšhaba sotlhe se ne se ka feleletsa se tswakane le setšhaba sa baheitane. Kobamelo e e boitshepo e ka bo e ile ya nyelela gotlhelele mo lefatsheng. Mme fa go ne go ka nna jalo Mesia o ne a tla tla kwa go bomang? Ga go gakgamatse go bo Esera a ne a gamaregile tota fa a bona dilo tseno tse di neng di direga!

w09 10/1 10 ¶6

Jehofa o Kopa Eng mo go Rona?

Go ikobela Modimo ka go rata go tla re tlisetsa masego. Moshe o ne a kwala jaana: “Boloka ditaelo . . . tse ke go di laolelang gompieno, gore o solegelwe molemo.” (Temana 13) Ee, ditaelo tsotlhe tsa ga Jehofa—sengwe le sengwe se a re kopang go se dira—di solegela rona molemo. A go ka direga gore di se ka tsa re solegela molemo? Baebele ya re: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ka gone, o re neile ditaelo tseno gore re solegelwe molemo go ya go ile. (Isaia 48:17) Go dira sotlhe se Jehofa a se re kopang go ka re sireletsa mo mathateng a mantsi gompieno le go dira gore re bone masego a mantsi mo isagweng mo Bogosing jwa gagwe.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w06 1/15 20 ¶2

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Esera

10:3, 44—Ke ka ntlha yang fa basadi le bana ba ne ba tsamaisiwa? Fa bana ba ne ba ka sala go ne go ka nna le mabaka a mantsi a gore basadi ba ba tsamaisitsweng ba boe gape ka ntlha ya bana ba bone. Mo godimo ga moo, bana ba bannye ba tlhoka tlhokomelo ya bommaabone.

JULY 24-30

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 1-2

“Ka Yone Nako Eo ke Ne ka Rapela”

w08 2/15 3 ¶5

Baya Jehofa fa Pele ga Gago ka Metlha

5 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tlhoka go rapela ka bonako gore Modimo a re thuse. Nako nngwe, Kgosi Aretaserese wa kwa Peresia o ne a lemoga gore motsholaphafana wa gagwe e bong Nehemia o ne a tlhontse. Kgosi e ne ya botsa ya re: “Ke eng se o batlang go se dira?” ‘Nehemia a akofa a rapela Modimo wa magodimo.’ Nehemia o ne a ka se rapele nako e telele thapelo eno e go lebegang a ne a e rapelela mo pelong. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a e araba, ka gonne kgosi e ne ya thusa Nehemia gore a age dipota tsa Jerusalema sesha. (Bala Nehemia 2:1-8.) Ee, tota le thapelo e khutshwane e e rapelelwang mo pelong e ka nna le matswela.

be 177 ¶4

Go Neela Puo o sa Bale

Fa o bidiwa gore o tle go tlhalosa tumelo ya gago o sa ipaakanyetsa, ke eng se se ka go thusang go bua sentle? Etsa Nehemia, yo o neng a rapela ka tidimalo pele a araba potso e a neng a e boditswe ke Kgosi Aretaserese. (Neh. 2:4) Morago ga moo, itirele aotlelaene ka bonako mo mogopolong. O ka nna wa tlhomaganya dikgato tsa konokono jaana: (1) Tlhopha ntlha e le nngwe kana tse pedi tse tlhaloso ya gago e tshwanetseng ya nna le tsone (o ka nna wa tlhopha go dirisa dintlha tse di mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo). (2) Akanya gore ke ditemana dife tse o tla di dirisang go tshegetsa dintlha tseno. (3) Rulaganya gore o ka simolola tlhaloso ya gago jang ka botlhale gore motho yo o go boditseng potso a tle a batle go go reetsa. Morago ga moo simolola go bua.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w86 2/15 25

Kobamelo Ya Boamaaruri E A Fenya

Nnya, ka go bo boemo jo bo swafetseng jwa Jerusalema e ne e le selo se Nehemia a se rapelelang ka metlha yotlhe ”‏motshegare le bosigo”‏ jaanong e setse e le lobakanyana. (1:4, 6) Fa a ne a neelwa sebaka sa go bolelela Kgosi Aretaserese kaga keletso ya gagwe go aga dithako tsa Jerusalema sesha, Nehemia o ne a boa a rapela gape, ka gone a dira se a neng a setse a ile a nna a se dira nako le nako. Karabo e e molemo ya ga Jehofa e ne ya felela ka thomo ya gore a ye go aga dithako tsa motse sesha.

Thuto Mo Go Rona: Nehemia o ne a leba go Jehofa go bona kaelo. Fa re lebane le diphetso tse di boima, le rona, re tshwanetse ra ‘nnela ruri mo thapelong’ mme ra dira go ya kafa kaelong ya ga Jehofa.—Baroma 12:12.

JULY 31–AUGUST 6

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 3-4

“A o Ipona o le Botlhokwa Thata go ka Dira Tiro ya Diatla?”

w06 2/1 10 ¶2

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia

3:5, 27. Ga re a tshwanela go tsaya tiro ya diatla e e dirwang go tsweletsa kobamelo ya boammaaruri pele e le tiro e e re isang kwa tlase fela jaaka go ne ga dira ‘batho ba ba tlotlometseng’ ba Batekoa. Go na le moo, re tshwanetse go etsa Batekoa ba ba neng ba tsewa e se ba maemo, ba ba neng ba dira ka natla mme ba dira ka go rata.

w19.10 23 ¶11

Jehofa o Tla re Thusa go Diragatsa Thato ya Gagwe

11 Dingwaga di le dintsi moragonyana, bomorwadia Shalume ba ne ba le mo bathong ba Jehofa a ileng a ba dirisa go aga dipota tsa Jerusalema sesha. (Neh. 2:20; 3:12) Le fa rrabone e ne e le kgosana, ba ne ba ikemiseditse go dira tiro eo e e thata le e e kotsi. (Neh. 4:15-18) Ba ne ba sa tshwane le banna ba Batekoa ba ba neng ba sa batle go nna le seabe mo tirong eo! (Neh. 3:5) Ga go pelaelo gore bomorwadia Shalume ba ne ba itumetse thata fa tiro eo e wediwa morago ga malatsi a le 52 fela. (Neh. 6:15) Le gompieno, bokgaitsadi ba le bantsi ba itumelela go thusa mo tirong ya go aga le go tlhokomela dikago tse di dirisediwang go obamela Jehofa. Re tlhoka bokgaitsadi bano ba ba nang le bokgoni, ba ba matlhagatlhaga, le ba ba ikanyegang gore tiro eno e kgone go atlega.

w04 8/1 18 ¶16

Go Nna le Pono ya ga Keresete ka go Nna Mogolo

16 Bakeresete botlhe, bannye le bagolo, ba tshwanetse go leka go nna le pono e e tshwanang le ya ga Keresete ka go nna mogolo. Mo phuthegong, go na le mefuta e e farologaneng ya ditiro tse di tshwanetseng go dirwa. Le ka motlha o se ka wa gana go dira dilo tse di lebegang e le tsa maemo a a kwa tlase. (1 Samuele 25:41; 2 Dikgosi 3:11) Batsadi, a lo kgothaletsa bana ba lona ba bannye le ba bagolwane go dira ka boitumelo tiro epe e ba e newang, e ka tswa e le kwa Holong ya Bogosi, kwa kopanong, kgotsa kwa lefelong le go tshwarelwang dikopano mo go lone? A ba go bona o dira ditiro tse go tsewang e le tsa maemo a a kwa tlase? Mokaulengwe mongwe, yo gone jaanong a direlang kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa, o gakologelwa sekai sa batsadi ba gagwe sentle. A re: “Tsela e ba neng ba leba tiro ya go phepafatsa kwa Holong ya Bogosi le kwa lefelong la kopano ka yone e ne e mpontsha gore ba e tsaya e le botlhokwa. Gantsi ba ne ba ithaopela ditiro tse di neng di solegela phuthego kgotsa bakaulengwe molemo, go sa kgathalesege gore di lebega e le tsa maemo a a kwa tlase go le kana kang. Boikutlo jono bo nthusitse go amogela kabelo nngwe le nngwe ka go rata mono mo Bethele.”

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w06 2/1 9 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia

4:17, 18—Motho o ne a ka kgona jang go dira tiro ya go aga a dirisa seatla se le sengwe? Seno e ne e se bothata mo bathong ba tiro ya bone e neng e le go rwala merwalo. Fa morwalo o sena go bewa mo tlhogong kana mo magetleng a bone, ba ne ba kgona go o tshegetsa ka seatla se le sengwe “fa seatla se sengwe se ne se tshwere sebetsa se se konopiwang.” Mme baagi ba ba neng ba bereka ka diatla tse pedi “ba ne ba ikgatlhile, mongwe le mongwe ka tšhaka ya gagwe mo nōkeng, fa ba ntse ba aga.” Ba ne ba siametse ntwa fa go ne go ka direga gore baba ba bone ba ba tlhasele.

AUGUST 7-13

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 5-7

“Nehemia O ne A Batla go Direla, e Seng go Direlwa”

w02 11/1 27 ¶3

Ba ba Emang Nokeng Kobamelo ya Boammaaruri—Gompieno le mo Nakong e e Fetileng

Nehemia ga a ka a dirisa nako ya gagwe fela le bokgoni jwa gagwe mo go rulaganyeng tiro. Gape o ne a dirisa le madi a gagwe go ema nokeng kobamelo ya boammaaruri. O ne a dirisa madi a gagwe go rekolola bakaulengwe ba Bajuda mo bokgobeng. O ne a adima ba bangwe madi a sa batle morokotso. E re ka e ne e le molaodi, o ne a sa ‘direle Bajuda boima’ ka go batla gore a duelwe madi a a neng a na le tshwanelo ya go batla gore a a duelwe. Go na le moo, o ne a nna a butse ntlo ya gagwe go fepa “banna ba le lekgolo le masome a matlhano, le ba ba tlang kwa go rona ba tswa kwa ditšhabeng tse di neng di re dikologile.” Letsatsi le letsatsi o ne a ntshetsa baeng ba gagwe “poo e le nngwe, dinku di le thataro tse di tlhophilweng le dinonyane.” Mo godimo ga moo, malatsi mangwe le mangwe a le lesome o ne a ba naya “mofuta mongwe le mongwe wa beine e le ntsi”—e le ene a di rekileng.—Nehemia 5:8, 10, 14-18.

w16.09 6 ¶16

“A Diatla Tsa Gago Di se Ka Tsa Repa”

16 E re ka Jehofa a ne a thusa Nehemia le ba ba neng ba na le ene, ba ne ba nna le maatla a go aga dipota tsa Jerusalema. Ba ne ba wetsa tiro eo mo malatsing a le 52 fela! (Neh. 2:18; 6:15, 16) Nehemia e ne e se molebalebi wa tiro fela. Go na le moo, o ne a tsenya letsogo mo tirong eo. (Neh. 5:16) Fela jaaka Nehemia, bagolwane ba le bantsi le bone ba tsenya letsogo mo tirong ya aga mafelo a kobamelo kgotsa mo go phepafatseng le mo go tlhokomeleng Diholo Tsa Bogosi tsa mo mafelong a bone. Gape fa ba dira mmogo le baboledi mo bodireding e bile ba dira maeto a bodisa, ba a bo ba nonotsha ba ba bokoa le ba ba tlhobaelang.—Bala Isaia 35:3, 4.

w00 2/1 32

Jehofa o Tla go Gakologelwa Jang?

Baebele e bontsha gangwe le gape gore mo Modimong, go “gakologelwa” go raya go tsaya kgato e e tlhomameng. Ka sekai, fa lefatshe le sena go khurumediwa ke metsi a morwalela malatsi a le 150, “Modimo wa gopola Noa, . . . . Modimo wa fokisa phefo mo lefatsheng, metsi a kokobela.” (Genesise 8:1) Makgolokgolo a dingwaga morago ga foo, Samesone yo Bafilisitia ba neng ba mo gontse matlho e bile ba mmofile ka dikeetane, o ne a rapela jaana: “Jehofa . . . ke a go rapela, a ko o nkgopole, o nthatafatse, ka lobaka lono fela.” Jehofa o ne a gakologelwa Samesone ka go mo naya maatla a a fetang a motho gore a tle a kgone go ipusolosetsa mo babeng ba Modimo. (Baatlhodi 16:28-30) Nehemia ene, Jehofa o ile a segofatsa maiteko a gagwe mme kobamelo ya boammaaruri e ile ya tsosolosiwa kwa Jerusalema.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w07 7/1 30 ¶15

“Nnang lo Fenye Bosula ka Molemo”

15 La boraro, baba ba ga Nehemia ba ne ba dirisa moeki, Shemaia wa Moiseraele, go leka go dira gore Nehemia a robe Molao wa Modimo. Shemaia o ne a raya Nehemia a re: “A re kopane ka nako e re e beelaneng kwa ntlong ya Modimo wa boammaaruri, mo teng ga tempele, mme a re tswale dikgoro tsa tempele; gonne ba tla tsena ba tla go go bolaya, le bosigo ba tla tsena ba tla go go bolaya.” Shemaia o ne a bolelela Nehemia gore o tla tloga a bolawa mme a re o ne a ka iphalotsa ka go iphitlha mo tempeleng. Le fa go ntse jalo, Nehemia e ne e se moperesiti. O ne a ka leofa fa a ka iphitlha mo ntlong ya Modimo. A o ne a tla roba Molao wa Modimo a leka go iphalotsa? Nehemia o ne a araba a re: “Ke mang yo o tshwanang le nna yo o ka tsenang mo tempeleng mme a tshela? Ga ke na go tsena!” Ke ka ntlha yang fa Nehemia a sa ka a wela mo seraing se a neng a se thaetswe? Ka gonne o ne a itse gore le fa Shemaia e ne e le Moiseraele ka ene, “o ne a sa rongwa ke Modimo.” Aitsane, moporofeti wa boammaaruri o ne a ka se mo gakolole gore a robe Molao wa Modimo. Le fano gape, Nehemia ga a ka a itetla gore a fenngwe ke baganetsi ba ba bosula. Nakwana fela morago ga moo, o ne a ka araba a re: “Lobota lwa wediwa mo letsatsing la bomasome a mabedi le botlhano la Elule, mo malatsing a le masome a matlhano le bobedi.”—Nehemia 6:10-15; Dipalo 1:51; 18:7.

AUGUST 14-20

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 8-9

“Boitumelo jo Jehofa A lo Bo Nayang Bo a Lo Nonotsha”

w13 10/15 21 ¶2

Se re ka Ithutang Sone mo Thapelong e e Baakanyeditsweng Sentle

2 Kgwedi pele ga kokoano e go builweng ka yone fa godimo, Bajuda ba ne ba sa tswa go fetsa go aga sesha dipota tsa Jerusalema. (Neh. 6:15) Batho ba Modimo ba ne ba weditse tiro eo mo malatsing a le 52 fela, mme morago ga foo, ba ne ba tlhoma mogopolo mo dilong tsa semoya. Ka jalo, mo letsatsing la ntlha la kgwedi ya Tishri, ba ne ba phuthega mmogo mo patlelong go tla go utlwa Esera le Balefi ba bangwe ba balela Molao wa Modimo kwa godimo le go o tlhalosa. (Setshwantsho 1) Malapa otlhe, go akaretsa le “botlhe ba ba botlhale go ka reetsa” ba ne ba ema mme ba reetsa “go simolola fa letsatsi le tlhaba go fitlha ka sethoboloko.” Ruri seo ke sekao se se molemo mo go rona ba re tshwarelang dipokano tsa rona mo Diholong Tsa Bogosi tse dintle! Le fa go ntse jalo, a ka dinako dingwe fa o le mo dipokanong, o iphitlhela o eta ka mogopolo o bo o simolola go akanya ka dilo tse di seng botlhokwa? Fa go le jalo, akanya ka sekai sa Baiseraele bao ba bogologolo ba ba neng ba sa reetse fela mme gape ba ile ba dira gore se ba se reeditseng se ame dipelo tsa bone, mo e leng gore ba ne ba simolola go lela ka ntlha ya diphoso tsa bone tsa go sa ikobele Molao wa Modimo.—Neh. 8:1-9.

w07 7/15 22 ¶9-10

A o Tla ‘Nna o Tsamaya ka Moya’?

9 Boipelo ke seemo sa go itumela thata. Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11; Pesalema 104:31) Morwa o ipelela go dira thato ya ga Rraagwe. (Pesalema 40:8; Bahebera 10:7-9) Mme “boipelo jwa ga Jehofa ke kago ya [rona] e e thata.”—Nehemia 8:10.

10 Boipelo jo bo tswang kwa Modimong bo dira gore re kgotsofalele go dira thato ya Modimo tota le ka dinako tsa mathata, mahutsana kgotsa pogiso. A bo “e e leng kitso ya Modimo” e re itumedisa jang ne! (Diane 2:1-5) Re na le kamano e e itumetseng le Modimo ka gonne re na le kitso ya boammaaruri e bile re dumela mo go ene le mo setlhabelong sa ga Jesu sa thekololo. (1 Johane 2:1, 2) Se sengwe se se re itumedisang ke go nna karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jo e leng jone fela jwa boammaaruri. (Sefania 3:9; Hagai 2:7) Tsholofelo ya rona ya Bogosi le tshiamelo e kgolo ya go bolela dikgang tse di molemo e re tlisetsa boipelo. (Mathaio 6:9, 10; 24:14) Mme tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng le yone e a re ipedisa. (Johane 17:3) E re ka re na le tsholofelo e e molemo jalo, re tshwanetse go ‘ipela fela thata.’—Duteronome 16:15.

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w96 5/15 16 ¶2

Bala Lefoko la Modimo Mme o mo Direle ka Boammaaruri

2 Fa dithako tsa Jerusalema di sena go agiwa gape ka 455 B.C.E., moperesiti Esere le ba bangwe ba ne ba balela Bajuta Molao wa Modimo. Seno se ne sa latelwa ke Modiro o o itumedisang wa Metlaagana, go ipolela dibe le go wetsa “kgolagano e e tlhomameng.” (Nehemia 8:1–9:38) Re bala jaana: “Ba bala mo lokwalong, mo molaong wa Modimo, ka thanolo; ba phutholola mafoko, mme batho ba tlhaloganya go balwa ga one.” (Nehemia 8:8) Bangwe ba bolela gore Bajuta ba ne ba sa tlhaloganye Sehebera sentle mme ka jalo ba ne ba tlhalosa mafoko ka Searamaika. Mme mokwalo oo ga o bontshe gore go ne go dirwa fela gore mafoko a puo eo a tlhaloganngwe. Esere le ba bangwe ba ne ba tlhalosa Molao e le gore batho ba ka kgona go tlhaloganya melaometheo ya one le go e dirisa. Dikgatiso tsa Bokeresete le dipokano le tsone di thusa go ‘phutholola’ Lefoko la Modimo. Le bagolwane ba ba tlhomilweng ba dira jalo, ba ba “[di]tswerere go ruta.”—1 Timotheo 3:1, 2; 2 Timotheo 2:24.

AUGUST 21-27

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 10-11

“Ba Ile ba Itima Dilo Dingwe Gore ba Direle Jehofa”

w98 10/15 22 ¶13

Jerusalema o o Tshwanelang Leina la one

13 “Kgolagano e e tlhomameng” e e neng ya kanwa mo motlheng wa ga Nehemia e ne ya thusa batho ba Modimo ba bogologolo go ipaakanyetsa letsatsi la go kgakola lerako la Jerusalema. Mme go ne go sa ntse go na le kgang nngwe e e masisi e e neng e tlhoka go elwa tlhoko. E re ka jaanong Jerusalema e ne e ageletswe ka lerako le legolo le le nang le dikgoro tse 12, e ne e tlhoka palo e kgolwane ya baagi. Le fa go ne go na le Baiseraele ba sekae ba ba neng ba nna gone, “motse o ne o atlhame, o le mogolo; batho ba bo ba le babotlana mo go one.” (Nehemia 7:4) Go rarabolola bothata jono, batho ba ne ba “thela bola, gore go tle go leriwe mongwe wa lesome lengwe le lengwe a tle go aga mo Jerusalema motse o o boitshepo.” Ka bongwe fela jwa pelo batho ba ne ba dumalana le thulaganyo eno mme ba segofatsa “banna botlhe ba ba ineetseng ka pelo fela ba tla go aga mo Jerusalema.” (Nehemia 11:1, 2) A bo seo e le sekao se se molemo jang ne mo baobameding ba boammaaruri ba gompieno, ba maemo a bone a ba letlang go fudugela kwa go tlhokegang thuso ya Bakeresete ba ba nonofileng teng!

w86 2/15 26

Kobamelo Ya Boammaaruri E A Fenya

Go tlogela boswa jwa bone jwa tlholego mme ba fudugela mo Jerusalema go ka nna ga bo go feletse ka nngwe mo melemong e e rileng. Ba ba neng ba nna mo motseng oo ba ka nna ba bo gape ba ile ba lebana le dikotsi tse di farologaneng. Tlase ga maemo a a ntseng jalo, ba bangwe ba ne ba leba baithaopi jaaka ba ba tshwanetseng go bakiwa mme kwantle ga pelaelo ba rapela gore Jehofa a ba segofatse.

w16.04 7 ¶15

Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele

15 Fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ile ra mo solofetsa gore re tla dira thato ya gagwe go sa kgathalesege se se diregang. Re ne re itse gore go dira jalo go ka se nne motlhofo ka dinako tsotlhe. Mme gone, re itshwara jang fa re kopiwa go dira selo se re sa se batleng? Fa re nna pelokgale e bile re ikobela Modimo, re bontsha gore re diragatsa maikano a rona. Go intsha setlhabelo go ka se nne motlhofo mme ka dinako tsotlhe Jehofa o a re segofatsa. (Malaki 3:10) Morwadia Jefetha o ne a ikutlwa jang? O ne a itshwara jang fa a utlwa maikano a ga rraagwe?

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

w06 2/1 11 ¶1

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Nehemia

10:34—Ke ka ntlha yang fa batho ba ne ba tshwanetse go tlisa dikgong? Mo Molaong wa ga Moshe, go ne go se na taelo ya gore batho ba tlise dikgong. Mme seno se ne sa dirwa ka gonne di ne di tlhokega. Go ne go tlhokega dikgong tse dintsi gore go fisiwe ditlhabelo mo sebesong. Go lebega go ne go se na Banethinime ba ba lekaneng ba ba dirang jaaka makgoba a tempele a e seng Baiseraele. Ka gone go ne ga tshelwa bola e le go tlhomamisa gore batho ba nna ba tlisa dikgong.

AUGUST 28–SEPTEMBER 3

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO | NEHEMIA 12-13

“Bontsha Gore o Ikanyega mo go Jehofa fa o Tlhopha Ditsala”

it-1-E 95 ¶5

Baamone

Morago ga gore Tobia a lelekwe kwa tempeleng, molao wa Modimo o o mo go Duteronome 23:3-6 o o neng o thibelela Baamone le Bamoabe go tsena mo phuthegong ya Iseraele, o ile wa balwa o bo o diragadiwa. (Neh 13:1-3) Molao ono o ile wa bewa dingwaga di le 1 000 morago ga gore Baamone le Bamoabe ba gane go thusa Baiseraele fa ba ne ba ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Go ya ka molao ono, Baamone le Bamoabe ba ne ba sa kgone go nna le ditshiamelo dingwe tse Baiseraele ba neng ba nna le tsone. Seno se ne se sa reye gore Baamone le Bamoabe ba ne ba sa kgone go dirisana kgotsa go nna mmogo le Baiseraele le go solegelwa molemo ke masego a Jehofa a neng a a naya batho ba gagwe. Re bona bosupi jwa seno, fa Dafide a ne a tlhopha Seleke gore e nne mongwe wa balaodi ba sesole le ka pego e e buang ka Ruthe wa Momoabe.—Rut 1:4, 16-18.

w13 8/15 4 ¶5-6

Lo Itshepisitswe

5 Bala Nehemia 13:4-9. Re dikologilwe ke tlhotlheletso e e sa siamang, ka jalo, ga go motlhofo gore re nne re le boitshepo. Akanya ka Eliashibe le Tobia. Eliashibe e ne e le moperesiti yo mogolo, mme Tobia ene e ne e le Moamona, e bile go ka direga gore e ne e le modiredimogolo wa maemo a a kwa tlase mo kgaolong ya Judea e e neng e laolwa ke Peresia. Tobia le ditsala tsa gagwe ba ne ba le kgatlhanong le maiteko a ga Nehemia a go aga dipota tsa Jerusalema sesha. (Neh. 2:10) Baamona ba ne ba ileditswe go tsena mo lolwapeng lwa tempele. (Dute. 23:3) Ka jalo, ke eng fa moperesiti yo mogolo a ne a letlile gore monna yo o jaaka Tobia a tsene mo phaposing ya bojelo mo tempeleng?

6 Tobia e ne e le tsala e kgolo ya ga Eliashibe. Tobia le morwawe e bong Jehohanane ba ne ba nyetse basadi ba Bajuda, mme Bajuda ba le bantsi ba ne ba bua dilo tse di molemo ka Tobia. (Neh. 6:17-19) Ngwana wa ngwana wa ga Eliashibe o ne a nyetse morwadia Sanabalate, yo e neng e le mmusi wa kwa Samarea e bile e le mongwe wa ditsala tse dikgolo tsa ga Tobia. (Neh. 13:28) Seno se dira gore re lemoge lebaka la go bo Moperesiti yo Mogolo e bong Eliashibe a ne a letlelela gore monna yono yo e neng e se modumedi mme gape e le moganetsi a mo tlhotlheletse. Le fa go ntse jalo, Nehemia o ne a bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa ka go latlhela thoto yotlhe ya ga Tobia kwa ntle ga phaposi ya bojelo.

w96 3/15 16 ¶6

Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego

6 Fa re le boikanyego mo go Jehofa Modimo, re tla tila go nna ditsala tsa batho botlhe ba e leng baba ba gagwe. Ke gone ka moo morutwa Jakobe a neng a kwala jaana: “Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.” (Jakobe 4:4) Re batla go nna boikanyego ka tsela e Kgosi Dafite a neng a itshupa ka yone fa a ne a re: “Jehofa, a ga ke ile bone ba ba go ilang? A ga ke a tlhokofadiwa ke ba ba go tsogologelang? Ke a ba ila ka kilo e tona thata; ke ba kaya e le baba ba me.” (Pesalema 139:21, 22) Ga re batle go itlosa bodutu le batho ba ba dirang boleo ka boomo ka go bo ga re tshwane le bone gotlhelele. A go nna boikanyego mo Modimong ga go kitla go re thibela go itlosa bodutu le baba ba ba ntseng jalo ba ga Jehofa e ka tswa e le bone ka namana kana mo thelebisheneng?

Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong

it-2-E 452 ¶9

Mmino

Go opela e ne e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo kwa tempeleng. Re bona seno ka gonne baopedi ba nna ba umakiwa mo dikwalong gangwe le gape. Gape ba ne “ba sa dire ditiro tse dingwe” tse di neng di dirwa ke Balefi, e le gore ba kgone go dira kabelo ya bone ka pelo yotlhe. (1Dt 9:33) Go bontsha gore e ne e le setlhopha se se kgethegileng sa Balefi, ba ile ba tlhomololwa mo palong ya Balefi ba ba neng ba boela Jerusalema ba tswa kwa Babelona. (Esr 2:40, 41) Tota le kgosi ya Peresia e bong Aretaserese (Longimanus) o ile a dira gore setlhopha seno le ditlhopha tse dingwe tse di kgethegileng di se ka tsa ‘duedisiwa lekgetho, sehuba le lekgetho la tsela.’ (Esr 7:24) Moragonyana, kgosi e ne ya laela gore go nne le “thulaganyo e e tlhomilweng ya gore baopedi ba newe se ba se tlhokang letsatsi le letsatsi.” Le fa gone Aretaserese e le ene a ntshitseng taelo eno, gongwe ke ene a ileng a naya Esera tetla ya go bolelela setšhaba ka yone. (Neh 11:23; Esr 7:18-26) Le fa gone baopedi botlhe e ne e le Balefi, Baebele e bontsha gore ke setlhopha se se kgethegileng ka go ba tlhomolola fa e re, “baopedi le Balefi.”—Neh 7:1; 13:10.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela