LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w95 2/15 ts. 27-30
  • Thuto e e Malebana le go Rarabolola Mathata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thuto e e Malebana le go Rarabolola Mathata
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thuto e e Malebana le Kgakololo E e Sa Siamang
  • Kafa re ka Nayang Kgakololo ka Teng
  • Ditsela Tse di sa Eletsegeng Tsa go Itshwara Fa re Le mo Mathateng
  • Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Tuelo ya ga Jobe—Motswedi wa Tsholofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Jobe O ne A Baka Leina la ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Jobe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
w95 2/15 ts. 27-30

Thuto e e Malebana le go Rarabolola Mathata

KE BATHO ba sekae ba ba kileng ba tshwanelwa ke go itshokela mathata otlhe a Jobe a neng a na le one. Mo nakong e khutshwane fela, o ne a kgobiwa marapo ke go latlhegelwa ke khumo ya gagwe e bile a sa tlhole a kgona go itshedisa, a swelwa ke bana ba gagwe botlhe ka tsela e e setlhogo, mme la bofelo a tsenwa ke bolwetse jo bo botlhokotlhoko. Ditsala tsa gagwe le ba losika ba ne ba mo itatola, mosadi wa gagwe a mo rotloetsa gore a “itatole Modimo, mme [a] swe!”—Jobe 2:9; 19:13, 14.

Lefa go ntse jalo, Jobe ke motswedi o o sa tshwaneng le ope o o kgothatsang mongwe le mongwe yo o mo ditekong tse di tshwanang le tseo. Phelelo e e siameng e a nnileng le yone ya teko ya gagwe e bontsha gore go itshokela mathata ape fela go itumedisa pelo ya ga Jehofa, fa e le gore re tlhotlhelediwa ke poifomodimo ya mmatota go na le go ipatlela molemo ka bopelotshetlha.—Jobe kgaolo 1, 2; 42:10-17; Diane 27:11.

Gape pego eno ya Baebele e tshotse dithuto tse di botlhokwa thata tse di malebana le go rarabolola mathata. E neela dikai tse di tlhomologileng tsa kafa mongwe yo o lebaneng le diteko a tshwanetseng go gakololwa ka teng—le kafa a sa tshwanelang go gakololwa ka teng. Mo godimo ga moo, dilo tse di diragaletseng Jobe di ka re thusa gore re itshware ka tsela e e lekalekaneng fa re iphitlhela re le mo mathateng.

Thuto e e Malebana le Kgakololo E e Sa Siamang

Mafoko a a reng “mogomotsi wa ga Jobe” a setse a kaya motho yo o dirang gore bothata bo nnele maswe kwa pele, go na le gore a bontshe kutlwelobotlhoko ka nako ya mathata. Mme go sa kgathalesege gore ditsala tse tharo tsa ga Jobe di itiretse leina le le ntseng jang le le ba tshwanelang, ga re a tshwanela go akanya gore ba ne ba na le maikaelelo a a bosula gotlhegotlhe. Ba ka tswa ba ne ba batla go thusa Jobe go ya bokgakaleng jo bo rileng, go dumalana le dikgopolo tsa bone tse di phoso. Ke ka ntlha yang fa ba ne ba palelwa? Ba ile ba nna didirisiwa tsa ga Satane jang, yo o neng a iketleeditse go senya bothokgami jwa ga Jobe?

Gone mme, kgakololo ya bone yotlhe e ne e theilwe mo go akanyetseng dilo ka tsela e e phoso: ya gore go boga go tlela batho ba ba leofang fela. Elifase o ne a bolela jaana mo puong ya gagwe ya ntlha: “E mang yo o kileng a nyelela a se na molato? Kgotsa bathokgami ba kile ba kgaolwa kae? Ka fa nna ke bonyeng ka teng, ke go re: ba ba lemang boikepo, ba jala bosenyi, ba tle ba robe jone fela.” (Jobe 4:7, 8) Elifase o ne a dumela ka tsela e e phoso gore batho ba ba senang molato ga ba welwe ke matlhotlhapelo. O ne a akanya gore e re ka Jobe a ne a boga mo go setlhogo jaana, o tshwanetse a bo a ile a leofela Modimo.a Bileatate mmogo le Sofare le bone ka mo go tshwanang ba ne ba gatelela gore Jobe a ikwatlhaele dibe tse a di dirileng.—Jobe 8:5, 6; 11:13-15.

Ditsala tsa gagwe tse tharo di ile tsa tswelela pele di kgoba Jobe marapo ka go bolela dikgopolo tsa tsone ka namana go na le gore di bolele ka botlhale jwa bomodimo. Tota Elifase o ile a ba a re ‘Modimo ga o ikanye batlhanka ba one’ le gore tota Jehofa o ne a sa tshwenyege gore a Jobe o ne a siame kana nnyaa. (Jobe 4:18; 22:2, 3) Go thata go akanya ka kakgelo e e kgobang marapo—jalo kana e e seng boammaaruri—go gaisa eo! Ga go gakgamatse go bo moragonyana Jehofa a ne a kgalemelela Elifase le ditsala tsa gagwe tlhapatso eno. “Ga lo a bua se se siameng ka ga me,” o ne a bolela jalo. (Jobe 42:7) Mme puo e e utlwisang botlhoko thata e ne e santse e tla buiwa.

Elifase o ne a ba a feteletsa dilo ka go mo pega melato ka tlhamalalo. E re ka a ne a sa kgone go dira gore Jobe a dumele gore o molato, o ne a itlhamela maleo a a neng a akanya gore Jobe o tshwanetse a bo a a dirile. “Boikepo jwa gago a ga bo bogolo? Le gone ga go na bokhutlo jwa ditshiamololo tsa gago?” Elifase o ne a botsa jalo. “Gonne o tshotse dipeelo mo go ngwana a rraago ka lefela, wa apola ba ba sa ikategang diaparo tsa bone. Ga o a nosa balapi metsi, o timile ba ba bolailweng ke tlala dijo.” (Jobe 22:5-7) Ditatofatso tseno di ne di se boammaaruri gotlhelele. Jehofa ka boene o ne a tlhalositse Jobe jaaka monna yo o neng ‘a itekanetse, a siame.’—Jobe 1:8.

Jobe o ne a itshwara jang ka go tlhaselwa jaana mabapi le bothokgami jwa gagwe ka namana? Go a utlwala gore go ne ga mo galefisa le go dira gore a tshwenyege thata mo maikutlong mme ga dira gore a ititeye sehuba go feta le e leng pele gore a supe gore ditatofatso tseno di ne di se boammaaruri. E bile tota, o ne a simolola go ipuelela thata mo e leng gore, ka tsela nngwe, o ne a simolola go pega Jehofa molato ka ntlha ya mathata a gagwe. (Jobe 6:4; 9:16-18; 16:11, 12) Go ne go sa buiwe ka dikgang tse tota di neng di amega, mme puisano e ne ya nna go ngangisana mo go senang mosola malebana le gore a Jobe e ne e le monna yo o siameng, kana nnyaa. Ke dithuto dife tse Bakeresete ba ka di ithutang mo nakong eno e go neng go ntshiwa kgakololo e e utlwisang botlhoko?

1. Mokeresete yo o lorato o ka se simolole ka go akanya gore mathata a mokaulengwe mongwe a nang le one ke ene a ipaketseng one. Go tshwaya motho diphoso mo go botlhoko ka diphoso tse a di dirileng mo nakong e e fetileng—e ka tswa e le tse a di dirileng tota kana tse go akanngwang fela gore o di dirile—go ka mo kgoba marapo tota fa a ntse a leka go itshoka. Motho yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o tlhoka go ‘nametswa’ go na le gore a omanngwe. (1 Bathesalonika 5:14) Jehofa o batla gore balebedi ba nne “boipoteletso mo phefong,” e seng go nna “bagomotsi ba [ba] lapisang” jaaka Elifase, Bileatate le Sofare.—Isaia 32:2; Jobe 16:2.

2. Le ka motlha ga re a tshwanela go pega motho molato re sena bosupi jo bo tletseng. Magatwe kana go akanyetsa fela—mo go tshwanang le mo go dirilweng ke Elifase—ga se one motheo o o utlwalang wa go neela kgalemo. Ka sekai, fa e le gore mogolwane o pega motho molato o a sa o dirang, mogolwane yo o ka nna a se ka a tlhola a dumelwa mo go sepe mme a bakela motho yoo kgatelelo ya maikutlo. Jobe o ne a ikutlwa jang fa a sena go reetsa kgakololo e e ntseng jalo e e tsietsang? O ne a ntsha tlalelo ya gagwe ka go bua mafoko ano a a sa kayeng se a se bolelang: “Ana o thusitse jang ene yo o se nang thata!” (Jobe 26:2) Molebedi yo o bontshang kamego o tla ‘tsholetsa mabogo a a lepeletseng,’ e seng go dira gore bothata bo nne maswe go feta pele.—Bahebere 12:12.

3. Kgakololo e tshwanetse ya thewa mo Lefokong la Modimo, e seng mo dikgopolong tsa motho ka namana. Dikganetsano tsa ditsala tsa ga Jobe di ne di se boammaaruri e bile e le tse di senyang. Mo boemong jwa gore ba atametse Jobe gaufi le Jehofa, ba ne ba dira gore a akanye fa go na le sekgoreletsi sengwe se se mo kgaoganyang le Rraagwe wa selegodimo. (Jobe 19:2, 6, 8) Mo letlhakoreng le lengwe, go dirisa Baebele ka tsela e e botswerere, go ka tlhamalatsa dilo, go ka naya ba bangwe maatla, le go ba gomotsa ka tsela ya mmatota.—Luke 24:32; Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16; 4:2.

Lefa gone buka ya Jobe e thusa Bakeresete go lemoga mamena mangwe a a rileng, gape e ba neela thuto e e mosola ya kafa ba ka neelang kgakololo e e nang le matswela ka teng.

Kafa re ka Nayang Kgakololo ka Teng

Kgakololo ya ga Elihu e ne e farologane gotlhelele le ya ditsala tse tharo tsa ga Jobe, ka se a neng a se bua le ka tsela e Elihu a neng a dirisana le Jobe ka yone. O ne a dirisa leina la ga Jobe a bo a bua le ene jaaka tsala, e seng jaaka e kete ke moatlhodi wa ga Jobe. “Le fa go ntse jalo wena Jobe, ke a go rapela, utlwa puo ya me, o reetse mafoko a me otlhe. Bona, nna ke ntlheng ya Modimo, fela jaaka wena; le nna ke bopilwe ka letsopa.” (Jobe 33:1, 6) Gape Elihu o ne a itlhaganelela go akgola Jobe ka tsela e a e tsereng e e siameng. “Ke ratile tshiamo ya gago,” o ne a tlhomamisetsa Jobe jalo. (Jobe 33:32, NW) Mo godimo ga mokgwa ono wa bopelonomi wa go gakolola, Elihu o ne a atlega ka ntlha ya mabaka a mangwe gape.

E re ka Elihu a ne a leta ka bopelotelele gore ba bangwe ba fetse go bua, o ne a kgona go tlhaloganya dikgang tseno botoka pele a neela kgakololo. Lefa go ka tsewa gore Jobe e ne e le monna yo o siameng, a Jehofa o ne a ka mo otlhaya? “A go nne kgakala le Modimo, fa o ka dira bosula, le Mothatayotlhe, fa a ka dira boikepo,” Elihu o ne a bolela jalo. “Ga o tlose matlho a one mo basiaming.”—Jobe 34:10; 36:7.

A tota tsela e Jobe a neng a siame ka yone e ne e le yone kgang e kgolo? Elihu o ne a dira gore Jobe a tlhokomele kgopolo nngwe e e sa lekalekaneng. “Kgotsa o ithaya o re: ‘Tshiamo ya me e feta ya Modimo,’” o ne a tlhalosa jalo. “Lelalela magodimong, o bone; leba loapi lo lo godimo bogolo go wena.” (Jobe 35:2, 5) Fela jaaka maru a le kwa godimo ga rona thata, go ntse fela jalo ditsela tsa ga Jehofa di kwa godimo go gaisa ditsela tsa rona. Ga re mo boemong jwa go leba dilo ka tsela e a di lebang ka yone. “Mme batho ba mmoifa ka ntlha ya gone moo; ga a tlhokomele bape ba ba pelo e e tlhalefileng,” Elihu o ne a konela jalo.—Jobe 37:24; Isaia 55:9.

Kgakololo ya ga Elihu e e utlwalang sentle e ne ya dira gore Jobe a ipaakanyetse go amogela taelo e e oketsegileng go tswa kwa go Jehofa ka boene. E bile tota, tlhaloso ya ga Elihu kaga “ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo,” e e mo kgaolong ya 37, e tshwana ka tsela e e tlhomologileng le mafoko a ga Jehofa a a neng a a bolelela Jobe, a a kwadilweng mo dikgaolong tsa 38 go ya go 41. Go bonala Elihu a ne a bona dilo go ya ka tsela e Jehofa a neng a di bona ka yone. (Jobe 37:14) Bakeresete ba ka etsa sekao se se molemo sa ga Elihu jang?

Fela jaaka Elihu, balebedi segolobogolo ba tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko le bopelonomi, ba gakologelwa gore le bone ga ba itekanela. Ba tla bo ba dira sentle fa ba ka reetsa ka kelotlhoko e le gore ba itse dintlha le go tlhaloganya dikgang pele ba neela kgakololo. (Diane 18:13) Mo godimo ga moo, fa ba dirisa Baebele le dikgatiso tsa Dikwalo, ba ka tlhomamisa gore tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone ke yone e laolang.—Baroma 3:4.

Mo godimo ga gore buka ya Jobe e neele bagolwane dithuto tse di mosola, e re ruta le kafa re ka lebanang le mathata ka teng ka tsela e e lekalekaneng.

Ditsela Tse di sa Eletsegeng Tsa go Itshwara Fa re Le mo Mathateng

E re ka Jobe a ne a kgobiwa marapo ke go boga ga gagwe le go tshwenngwa ke bagomotsi ba gagwe ba maaka, o ne a utlwa botlhoko thata le go tshwenyega thata mo maikutlong. “A letsatsi le ke belegweng ka lone le nyelele . . . Mowa wa me o tennwe ke botshelo jwa me,” o ne a fegelwa jalo. (Jobe 3:3; 10:1) O ne a akanya gore ke Modimo a mmakelang matlhotlhapelo ano, a sa lemoge gore ke Satane yo o leng molato. Go ne go lebega go sa tshwanela gore ene—jaaka monna yo o siameng—a boge jaana. (Jobe 23:10, 11; 27:2; 30:20, 21) Boikutlo jono bo ne jwa dira gore Jobe a se ka a sekaseka maemo a mangwe mme jwa mo dira gore a tshwaye Modimo phoso ka tsela e a dirisanang le batho ka yone. Jehofa o ne a botsa jaana: “A o tlaa tsupuetsa le e leng katlholo ya me? A o tlaa mpona molato gore o tle o siamisiwe?”—Jobe 40:8.

Gongwe kgato e re e tsayang ka bonako fela fa re tlhagetswe ke mathata mangwe ke ya go ikutlwa re tsieditswe, jaaka go lebega Jobe a ne a ikutlwa jalo. Karabo e e tlwaelegileng ke go botsa jaana, ‘Ke ka ntlha yang fa go diragalela nna? Ke ka ntlha yang fa ba bangwe—ba ba bosula go feta nna—ba tshwanetse go itumelela botshelo jo bo senang mathata jaana?’ Dikgopolo tseno tse di sa siamang re ka di fenya ka go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo.

Go farologana le Jobe, re ka kgona go tlhaloganya dikgang tse di oketsegileng tse di akarediwang moo. Re itse gore Satane “o potologa jaaka tau e e dumang, a batla yo o ka mo kometsang.” (1 Petere 5:8) Fela jaaka buka ya Jobe e bontsha, Diabolo o ne a tla itumelela gore re robe bothokgami jwa rona ka go re bakela mathata. O iketleetsa go supa boiphako jwa gagwe jwa gore rona Basupi ba ga Jehofa re ikanyega fela fa maemo a re siametse. (Jobe 1:9-11; 2:3-5) A re tla nna pelokgale gore re tshegetse bolaodi jwa ga Jehofa mme ka gone re supa fa Diabolo a le moaki?

Sekao sa ga Jesu, le sa batlhanka ba bangwe ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba le bantsintsi, se bontsha gore go na le mofuta mongwe wa pogo o re ka se kang ra o tila gotlhelele mo tsamaisong eno ya dilo. Jesu o ne a bolela gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ba iketleeletsa go ‘tsaya mokgoro wa gagwe’ fa ba batla go mo latela. (Luke 9:23) “Mokgoro” wa rona ka namana o ka nna bongwe jwa mathata a Jobe a neng a a itshokela kana mangwe a one—bolwetse, go swela ke baratiwa ba gago, go tshwenyega thata mo maikutlong, mathata a ikonomi, kana go ganediwa ke batho ba ba sa dumeleng. Go sa kgathalesege gore re ka tswa re lebane le mofuta ofe wa bothata, go na le sengwe se se siameng ka jone. Re ka leba boemo jwa rona jaaka sebaka sa go bontsha boitshoko jwa rona le go ikanyega mo go Jehofa re sa tshikinngwe ke sepe.—Jakobe 1:2, 3.

Tsela eo ke yone e baaposetoloi ba ga Jesu ba neng ba itshwara ka yone. Go ise go ye kae fela morago ga Pentekosete ba ne ba belediwa go rera ka ga Jesu. Go na le gore ba kgobege marapo, ba ne ba tsamaya ‘ba itumetse.’ Ba ne ba itumetse, e seng ka go bo ba ne ba boga, mme ka gonne “ba kailwe tshwanelo ya go tlotlololwa ka ntlha ya Leina [la ga Keresete].”—Ditiro 5:40, 41.

Le gale ga se gore mathata otlhe a a re tlhagelang a bakwa ke go bo re direla Jehofa. E ka tswa e le rona re ipaketseng mathata—gongwe ka selekanyo se se rileng. Kana gongwe, bothata bo amile tsela e re itsetsepetseng ka yone semoyeng, lefa gone e ne e se molato wa rona. Go sa kgathalesege gore maemo ke afe, fa re ikokobetsa jaaka Jobe re tla kgona go lemoga fa re dirileng diphoso gone. Jobe o ne a bolelela Jehofa seno: ‘Ke buile se ke se kang ka se tlhaloganya.’ (Jobe 42:3) Motho yo o lemogang diphoso tsa gagwe ka tsela eno o ka kgona go tila mathata a a tshwanang mo isagweng. Fela jaaka seane seno se bolela, “motho yo o bonokopela [o] bona bosula mme a iphitlhe.”—Diane 22:3.

Se se botlhokwa le go feta, buka ya Jobe e re gakolola gore mathata a rona ga a tle go nnela ruri. Baebele e bolela jaana: “Re a tle re re, go sego ba ba kileng ba nna ba itshoka; lo utlwile ka ga bopelotelele jwa ga Jobe, mme lo bonye bofelelo jwa Morena jaaka Morena a tletse bopelotlhomogi, a le boutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Re ka tlhomamisa gore Jehofa o tla duela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka tsela e e tshwanang gompieno.

Gape re lebeletse pele go bona nako e mo go yone mathata a mefuta yotlhe—“dilo tsa pele”—a tla bong a fetile. (Tshenolo 21:4) Buka ya Jobe e direla jaaka kaelo e e tlhwatlhwakgolo e e ka re thusang go rarabolola mathata ka tsela e e botlhale le ka go itshoka, go fitlha letsatsi leo le goroga.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Lefa gone Baebele e bolela gore “se motho o se jalang, ke sone se o tlaa se robang,” seno ga se reye gore fa motho a boga o tshwanetse a bo a otlhaiwa ke Modimo. (Bagalatia 6:7) Mo lefatsheng leno le le laolwang ke Satane, gantsi batho ba ba siameng ke bone ba lebanang le mathata go gaisa batho ba ba bosula. (1 Johane 5:19) “Lo tlaa ilwa ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me,” Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jalo. (Mathaio 10:22) Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ka lwala le gone go welwa ke mefuta e mengwe ya mathata.—Pesalema 41:3; 73:3-5; Bafilipi 2:25-27.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“Leba loapi lo lo godimo bogolo go wena.” Ka go rialo Elihu o ne a thusa Jobe go tlhaloganya gore ditsela tsa Modimo di kwa godimo go gaisa ditsela tsa motho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela